Go Dirisa Thata Kara go sa Tshwanelang—A Go Tla Tsamaya Go Fela?
GO TSWELA thata pelo ke nngwe ya ditsela tseo batho ba ba sa itekanelang ba supang kafa ba leng bogagapa ka gone ka tsone. Mokwadi mongwe yo o itsegeng thata wa Britani ebong Malcolm Muggeridge o ne a supa gore batho ba rata go nna le thata “ka go bo [ba] sa lemoge gore motheo wa botshelo jwa motho ke lorato . . . Mme tota tota tlhotlheletso ya go nna le thata ke e e kotsi thata. Ke e Jesu Keresete a neng a gana go nna le yone.”
Ka ntlha ya ntsifalo eno ya go tswela thata pelo, gammogo le dikotsi tseo go ka di tlhagisang, Borara ba ba Simolotseng United States ba ne ba rulaganyetea motheo wa tsamaiso-puso o o neng o kgaoganya dithata tsa bogoromente ka dikarolo tse tharo: khuduthamaga, peo-molao, le katlholelo. Dikarolo tseno di ne di tshwanetse go tlhokomedisa gore go se nne le motho ope yo o tla dirisang thata kafa go sa tshwanelang.
Go sa kgathalesege maikaelelo a mantle a Basimolodi, go ile ga anama go dirisiwa ga thata kafa go sa tshwanelang mo lefatsheng leo. Mme gongwe o ka ne o itse go tswa boitemogelong jwa gago le tlhokomediso gore thata e ile ya dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Ditiragalo di tletse ka dipego tsa banna bao ba ileng ba dirisa thata kafa go sa tshwanelang gore ba itlotlomatse mme seno se gobatsa bankabone. Ka sekai, akanya ka Alexander the Great, Charlemagne, Napoleon, le Hitlara.
Go Simologile Leng?
Lefa go le jalo, go utlwala sentle gore ke eng fa o ka botsa wa re, mokgwa ono wa go dirisa thata kafa go sa tshwanelang o simologile leng? Karabo e e tlhomamisegang e gone mo bukeng e e tshotseng ditiragalo tsa pelepele tsa motho, ebong Bibela. Mo go yone o ka bala kaga ditiragalo mo tshimong ya Edena. Satane Diabolo, yoo Bibela e supang gore ke sebopiwa sa mmannete, o ne a eletsa thata. O ne a raela lotso lwa motho gore lo simolole go tsamaya mo tseleng ya boleo. Tshupo e nngwe ya boleo jwa motho ke go rata thata, go sa e dirise ka tshwanelo tse di anameng thata. (Genesise 3:1-19; Baroma 5:12) Bogologolo-tala Satane o ne a dira gore merafe e nne tlase ga taolo ya gagwe, mo a neng a kgona go solofetsa Jesu Keresete gore o ka e busa. (Mathaio 4:8-10) Go ka bolelwa gore Diabolo o tsieditse mo e ka nnang batho botlhe, mo go ka tweng “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.”—1 Yohane 5:19; Tshenolo 12:9.
Ono ke mogopolo o o ka nnang wa go gakgamatsa: Gareng ga ba ba kwa pelepele mo go direng boikaelelo jwa ga Diabolo e ile ya nna baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi. Ba dirile jalo jang? Mme kana, ba ile ba seka ba dirisa thata ya bone kafa tshwanelong ka go ruta dithuto tsa motheo tsa maaka, ka gone ba tsenya batho mo bokgobeng. Baeteledipele ba bodumedi ba maaka ba ile ba seka ba dirisa thata ya bone gape ka tshwanelo ka go bogisa batlhanka ba boammaaruri ba Modimo. Setefane, yo o neng a nna moswela-tumelo wa ntlha wa Mokeresete, o ne a supa seemo se se swabisang sa ditiro tsa baeteledipele ba bodumedi ba Iseraele: “Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupan mo dipedun le mo ditseben, . . . Ana ke ohe oa baperofeti eo borra eno ba se kan ba mmogisa? me ba bolaile ba ba supilen gale kaga go tla ga Mosiami: eo lona gompiyeno lo dulen baoki le babolai ba gagwe.”—Ditiho 7:51, 52.
Setefane e ne ya nna mongwe wa Bakeresete ba bantsi bao ba latelanang ba ba ikanyegang ba pele ba ba ileng ba bogisiwa. Mafoko a ga moaposetoloi Paulo eleruri a ile a itshupa a le a boammaaruri: “Botlhe ba ba ratan go tshela ka poihomodimo mo go Keresete Yesu ba tla bona pogisho.” (2 Timotheo 3:12) Rekoto ya Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno e supela seno. Le e leng gone jaanong, mo mafatsheng mangwe a a ka nnang 40 Bakeresete bano ba utlwa matswela a tiriso e e sa tshwanelang ya thata ka go bo bodihedi jwa bone bo kgorelediwa ke babusi.
Mme abo go bile go na le bontsintsi jwa dipaka tsa go dirisa thata kafa go sa tshwanelang! Gongwe le gongwe kwa re lebang gone, re bona batho ba le mo selelong ka ntlha ya gone. Bathapi ba ba dirisang thata kafa go sa tshwanelang ba ile ba baka gore go nne le mokgatlho wa babereki. Mme gompieno go iponatsa gore baeteledipele bangwe ba ba mo mekgatlhong e e rulagantsweng ya babereki le bone ba na le molato wa go dirisa thata kafa go sa tshwanelang. Ditlhopha tse dipotlana tsa batho di a boga ka ntlha ya go dirisiwa ga thata kafa go sa tshwanelang ke bontsi. Mofuta o mongwe gape wa go sa dire kafa tshwanelong ke wa batho bao ba tshwereng maemo a boeteledipele bao ba hepisang basadi ba ba hirilweng, ba ba ka ikutlwang ba patelesega go ineela ka go boifa gore ba tla latlhegelwa ke mebereko ya bone. Ka sekai, sebini sengwe sa balete se ne sa solofediwa ke motlhami wa mmino gore o tla mo fa maemo a a kwa pele mo baleteng fa a ka dumalana go ya go robala le ene.
Ee, lefatshe le tletse ka batho ba ba sa diriseng thata ya bone kafa tshwanelong. Botlhe ba ba dirang jalo ka bogagapa ba supa gore ga ba boife Modimo. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ke ka go bo, jaaka Lefoko la Modimo le bolela, “Go boiha Yehofa ke go ila boshula.” (Diane 8:13; Pesalema 97:10) Go dirisa thata kafa go sa tshwanelang ruri ke selo se se bosula, mme go dirisa thata kafa go sa tshwanelang goo go ntseng jalo ga go kitla go nna jalo ka metlha yotlhe.