Lebaka la Go bo go Tlhomamisega Gore Go Dirisa Thata Kafa go sa Tshwanelang go Tla Fela
KGOSI Solomone wa bogologolo o ne a lemoga seno kaga go dirisa thata kafa go sa tshwanelang mo metlheng ya gagwe: “Ka menoga me ka bōna dipatikō [go dirisa thata kafa go sa tshwanelang] cotlhe tse di dihwan tlhatse ga letsatsi: me bōnañ, dikeledi tsa ba ba patikwañ, me ba bo ba sena mogomotsi; me mo ntlheñ ea bapatiki ba bōnè go no go na le nonohō.”—Moreri 4:1.
O ka nna wa botsa wa re, ‘Ereka jaana go dirisa thata kafa go sa tshwanelang go sale go nnile gone ka lobaka lo loleele jaana, a go tla nnela ruri mo go rona?’ Nnyaa, ga go ne go nna jalo. Ka go bo, jaaka Solomone ka boene a ne a kwala fa a ne a tlhotlhelediwa, go na le Mongwe yo o lebeletseng seno sotlhe: “Ha u bōna patikègō ea bahumanegi, le bapatiki ba tlosa katlholō le tshiamishō mo kgaoloñ ñwe ea lehatshe, u se kai ua gakgamalèla seo seuō: gonne moñwe eo o godimo ga eo o godimo o etse tlhōkō.”—Moreri 5:8.
Lefoko la Modimo, ebong Bibela e e Boitshepo, le bontsha gore Jehofa, Mogodimodimo, o na le thata e e sa khutleng le botlhale, mme ebile gape o itekanetse mo tshiamisong, gape ke mothofatso ya lorato. Ereka a le Modimo yo o ntseng jalo, ga a kitla a leseleletsa ruri maemo a a senang tshiamiso. Mopesalema Dafide o ne a kwala a re: “Bakèla bogale, u lesè kgakalō: u se ka ua ichwenya, ka go ichwenya go tlo go ise kwa boshuleñ. Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe.”—Pesalema 37:8, 9.
Re bona tlhomamisetso e nngwe gape go tswa mafokong a ga moperofeti Isaia: “Ke tla . . . beletsa . . . baikepi boikèpō yoa bōnè; me ke tla khutlisa boikganchō yoa ba ba bopelompe [ba ba dirisang thata kafa go sa tshwanelang], ke tla isa tlhatse boipègō yoa ba ba boitshègan.”—Isaia 13:11.
Mme mafoko ano a setse a na le makgolokgolo a dingwaga a ntse a kwadilwe, jalo ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo o tla akofa a diragatsa tsholofetso ya gagwe go fedisa ba ba dirisang thata kafa go sa tshwanelang? Ke ka go bo mo dinakong tse di fetileng o ile a supa boikemisetso jwa gagwe go dira jalo. Pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, go dirisa thata kafa go sa tshwanelang go ne go le gogolo thata. Re bala go re “lehatshe le ne le tletse thubakanyō.” (Genesise 6:5, 11) Mme thubakanyo ke eng fa e se fela go dirisa thata kafa go sa tshwanelang? Go ne go ntse jalo gape le ka metse e e boikepo ya Sodoma le Gomora mo motlheng wa ga Lote. (Genesise 18:20, 21; 19:4-29) Mo mabakeng ano oo-mabedi Jehofa o ne a khutlisa tiriso e e sa tshwanelang eno. Jalo re bona gore Jehofa Modimo ga se ene yo o tla leseletsang tiriso e e sa tshwanelang ya thata ka bosenabokhutlo.
Lebaka le lengwe gape le le re tlhomamisetsang gore Jehofa o tla tsaya kgato ke gore o fufegelela leina ja gagwe, mme botlhe ba ba dirisang thata kafa go sa tshwanelang ba rogaka bogolo jwa gagwe. Elatlhoko kafa seno se amanang le gone ka gone mo ditemaneng tseno: “Eo o patikañ mohumanegi o kgōba Mmopi oa gagwè.” “Leha e le mañ eo o shotlañ mohumanegi o kgōba Mmopi oa gagwè.”—Diane 14:31; 17:5.
Re ka tlhomamisediwa, he, gore Mogodimodimo ga a kitla a leseleletsa ruri gore a kgobiwe. Seno se sia potso e le nngwe fela: Go sa dirise thata kafa tshwanelong go tla fela leng?
Go Tla Fela Leng?
Lefoko la Modimo le re itsise gore “señwe le señwe se na le motlha wa shōna, le boikaelèló boñwe le boñwe tlhatse ga legodimo bo na le motlha oa yōna.” (Moreri 3:1) Bangwe ba ka nna ba felela thulaganyo ya nako ya Modimo pelo, mme re bolelelwa jaana: “[Jehofa] ga a bonya kaga polèló ea gagwe ea choloheco, . . . me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè.”—2 Petere 3:9.
Tiragatso ya polelelopele ya Bibela e supa gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno le le boikepo, kana tsamaiso ya dilo. Losika lono lo bonye go diragadiwa ga polelelopele e kgolo ya ga Jesu mabapi le go nna gone ga gagwe le bofelo jwa tsamaiso ya dilo: dintwa, dithoromo tsa lefatshe, mauba, dikgogodi tsa bolwetsi, koketsego ya boganana, le thero ya mafoko a a molerao a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:1-35; Luke 21:10, 11) Seo se supa nakong ya rona jaaka yone metlha ya bofelo ya lefatshe leno le le boikepo.
Ereka jaana eno e le metlha ya bofelo, re ka solofela go bona ka bonakonyana polelelopele e e go Sefania 3:8 e diragadiwa: “Ntetañ, go bua Yehofa, go tsamaea letsatsi le hitlha ye ke tla nanogèlañ thopō ka yeōna: gonne boikaèlèlō yoa me ke go phutha merahe, gore ke kokwanyè magosi, go tla ke gorometsa chakgalō ea me mo go aōna, eboñ bogale yoa me yotlhe yo bo hisañ; gonne lehatshe yeotlhe le tla lailwa ke molelō oa lehuha ya me.”
Tota ruri, mafoko ao a tlhomamisetsa gore Jehofa Modimo o tla fedisa go dirisa thata kafa go sa tshwanelang.