LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 8/15 ts. 8-13
  • Go Itumela ba ba Dirisang Thata ka Tshwanelo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itumela ba ba Dirisang Thata ka Tshwanelo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa​—O Na le Thata mme Gape O Botlhale le Tshiamiso
  • Sekao sa ga Jesu Keresete
  • Bangwe ba Bao ba sa Dirisang Thata Kafa go sa Tshwanelang
  • “Jehofa . . . O na Le Maatla a Magolo”
    Atamalana le Jehofa
  • Disa Gore O Se Dirise Thata Kafa Go Sa Tshwanelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Jehofa—Yo o Maatla a a Boitshegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Batlang Jehofa le Nonofo ya Gagwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 8/15 ts. 8-13

Go Itumela ba ba Dirisang Thata ka Tshwanelo!

“Yehofa o bonya go galeha o mogolo mo nonohoñ [mo thateng], me ga a ketla a atiholèla eo o molato gopè.”​—NAHUME 1:3.

1. Ke ka ntlhayang fa go bo motho a na le thata nngwe e e rileng e se lebaka la gore a ikgantshe?

GO NA le mefuta e e farologanyeng ya thata eo batho ba ba botlhale ba ka e dirisang ka tsela e e siameng. Ka ntlha ya neo fela ya tlholego kana ka ntlha ya mabaka, re ka ne re na le thata ya mofuta mongwe kana o sele. A mme seno ke lebaka la go ikgantsha? Nnya le e seng. Ke eng se re se balang go Yeremia 9:23? “A motho eo o botlhale a se ipelahatse ka botlhale yoa gagwè, le motho eo o thata a se ipelahatse ka thata ea gagwè, a mohumi a se ipelahatse ka khumō ea gagwè.” Ka ntlhayang? Moaposetoloi Paulo o neela karabo e e molemo go 1 Bakorintha 4:7: “Mañ eo o gu chwanolotseñ le eo moñwe? me u na le eñ se u se kañ ua se nèwa hèla? me ha u se neilwe, u belahalèlañ, yaka ekete ga ua se nèwa?”

2. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go itisa fa re dirisa thata?

2 Ke ka ntlhayang fa go tlhokafala gore re itise kgatlhanong le go dirisa thata lefa e ka nna efe e re ka neng re na nayo ka tsela e e sa tshwanelang? Ke ka go bo “go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Genesise 8:21) Ereka jaana rotlhe re na le tshekamelo eno e e ruilweng ya bogagapa, re tshwanetse gore ka metlha yotlhe re itise gore thata nngwe le nngwe e re nang nayo re e dirise ka tshwanelo. Ka nako nngwe mmoki mongwe o ne a ntsha maikutlo ano: “Khumo e a pena. Khumo e kgolo e a rema.” Ee, ka ntlha ya go sa itekanelang mo go ruilweng, ka metlha go nna le tshekamelo ya go dirisa thata ka tsela ya bopelotshetlha.

Jehofa​—O Na le Thata mme Gape O Botlhale le Tshiamiso

3. Ke mefuta efe ya thata e Jehofa a nang le yone?

3 Ga go ope kwantle ga Mmopi, Jehofa Modimo, yo o tlhomang sekao se se ntle, ee, se se itekanetseng, mo go diriseng thata. Ga a bofefo mme o bonya go galefa le e leng fa go tlhokafala gore a dirise thata ya gagwe ka tsela e e botlhoko. (Nahume 1:3) Ga go ope yo o fetang Modimo ka thata, mme ka lebaka leo re mmitsa Yo o maatlaotlhe, Yo o maatla go gaisa. Kafa tshwanelong o itirisetsa lereo “Mothata-eotlhe.” (Genesise 17:1) Ga se fela gore o na le thata e e tletseng ka tsela ya go bo a na le nonofo e e senang selekanyo, mme gape o na le thata e e kwa godimodimo ka go bo o na le taolo ka ntlha ya boemo jwa gagwe jwa go nna Morena wa lobopo lotlhe, loo a lo bopileng. Ke sone se go seng ope yo o ka ipagololelang mogodu mme a ‘thiba seatla sa gagwe, kgotsa a mo raya, a re, “U dihan?”’​—Daniele 4:35.

4. Ke ka ntlhayang fa go boifa Jehofa e le tsela e e botlhale?

4 Ka ntlha ya go bo Jehofa Modimo a le mothatayotlhe, go botlhale fa re ka boifa go mo itumolola. Ee, “go boiha Yehofa ke tshimologo ea botlhale: me go itse Moitshepi ke eōna tlhaloganyō.” (Diane 9:10) Paulo o re tlhagisa go sa tlhotlheletse Jehofa Modimo go nna le lefufa ka go tshwarega mo mofuteng lefa e ka nna ofe wa kobamelo ya medimo ya disetwa ka go bo “a re thata bogolo go èna?” Nnya gotlhelele! (1 Bakorintha 10:22) Lefa go le jalo, botlhe ba ba tlolang ditaolo tsa tshiamo tsa Modimo ka bomo ba dira jaaka ekete ba nonofile go feta Jehofa! Mafoko a mangwe gape a ga Paulo a tiisetsa ntlha eno: “Modimo oa rona ke molelō o o lailañ.”​—Bahebera 12:29.

5. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwanela go boifa Jehofa ka mo go feteletseng ka ntiha ya go bo a le mothata-yotlhe?

5 Mabaka ano a ka nna a re dira gore re boife thata thata kana re tlale letshogo fa e ne e se ka go bo Jehofa Modimo a lekalekanya nonofo ya gagwe e e itekanetseng ya bothata-yotlhe le dinonofo tse dingwe gape tsa gagwe tse tharo tsa konokono: botlhale, tshiamiso, le lorato. Go dirisa thata ya gagwe ka tsela e e botlhoko ka metlha yotihe go tsamaelana le dinonofo tseno, kana go kutlwanong le tsone. Ka sekai, Morwalela wa motlha wa ga Noa eleruri e ne e le tshenolo e kgolo ya thata ya ga Jehofa. Lefa go le jalo a fa Modimo a ne a dirisa thata ya gagwe e ne e le ka tshiamololo kana ka go senang lorato? Le eseng! Setho se ne se bodisitse tsela ya sone fela thata mo e leng gore Modimo o ne a utlwa botlhoko mo pelong ka ntiha ya se a neng a se bona. (Genesise 6:5-11) Ereka jaana batho bao ba ba boikepo ba pele ga morwalela ba ne ba sa dirise masego a ga Jehofa ka tshwanelo, o ne a tsaya kgato e e tshwanetseng ka go ba tlosa mo lefatsheng, segolo-bogolo ka ba ne ba tlhokomologa ditlhagiso tsa gagwe tsa “moreri oa tshiamō,” Noa.​—2 Petere 2:5.

6. Go dirisanya ga ga Jehofa le Sodoma le Gomora go supang?

6 Fa baagi ba Sodoma le Gomora ba sena go itshupa e le baleofi ba ba bosula-sula, ka go sa dirise kafa tshwanelong ditshegofatso tseo, jaaka bontlhabongwe jwa setho, ba neng ba di ipelela mo go Jehofa, o ne a laola gore baagi bao ba senngwe. Ka go akanyetsa tsala ya gagwe Aberahame, Jehofa o ne a bolelela monna yoo wa tumelo ka boikaelelo jwa Gagwe mabapi le Sodoma le Gomora. Aberahame o ne a bonala a akanya gore seno e ne e tla bo e le go dirisa thata kafa go sa tshwanelang, jalo a botsa Jehofa a re: “A Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe a ga a ketla a diha tshiamo?” Lefa go le jalo, Aberahame o ne a ikatile tlhogo ka se a neng a sa se tlhaloganye. Kwa bofelong, o ne a tlamega go dumela gore taolo ya ga Jehofa ruri e ne e le tshiamo, ka jaana go ile ga seka ga fitlhelwa le e leng batho bape ba ba some ba ba tshiamo mo metseng eo e mebedi. Tota ruri seno se bontsha kafa Jehofa Modimo a leng kelotlhoko thata ka gone mo tirisong ya thata ya gagwe ka tshiamo.​—Genesise 18:17-33; Isaia 41:8.

7. Ke ka ntlhayang fa go ne go tshwanetse gore Faro a supegediwe thata ya ga Jehofa ka tsela e e botlhoko?

7 Moragonyana, fa nako e goroga ya gore a golole Baiseraela mo bokgobeng jo bo sa siamang mo Egepeto, Jehofa o ne a fa Faro sebaka sa gore a dirisanye le ene. Seno se ne se tla nna kwantle ga gore a gobatse Faro le batho ba gagwe. Mme mmusi yoo ka boikgogomoso le ka bopeloethata o ne a gana go utlwa kopo ya ga Jehofa. Jalo Modimo o ne a neela Faro sesupo se le sengwe fela sa thata ya gagwe ka go latelelana mo Dipetsong tse Some mo Egepeto. (Ekesodo 9:16) Morago ga fa Faro a sena go golola Baiseraele gore ba tsamaye, o ne a tswelela ka botlhogoethata a gwetlha Jehofa ka go leleka Baiseraele. Jalo he, Jehofa o ne a dirisa thata ya gagwe e kgolo ka tshwanelo go nyeletsa Faro le matsholo a gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. (Pesalema 136:15) Mo pakeng nngwe le nngwe, go tshwanetswe ga tlhokomelwa gore, Jehofa o ne a dirisa nonofo ya gagwe e kgolo gape go boloka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang: Noa le bantlo ya gagwe, Lote le bomorwadie ba babedi, le morafe wa Iseraele.​—Genesise 19:16.

8. Jehofa o ne a dirisanya le Senakaribe ka tsela eo a dirileng ka yone ka ntiha ya lebaka lefe le le molemo?

8 Makgolo-kgolo a dingwaga moragonyana, mo motiheng wa ga Kgosi Hesekia, Jehofa Modimo o ne a supa thata ya gagwe e kgolo ka tsela e e gakgamatsang le e e siameng go di feta tsotlhe fa mmusi-mogolo wa Asiria Senakaribe a bōpela Jerusalema. Batho ba ga Jehofa, ba ba neng ba eteletswe pele ke Kgosi Hesekia yo o neng a boifa Modimo le yo o ikanyegang, ba ne ba ikuela kwa go Ene go bona thuso. Ba ne ba mo direla ka boikanyego, jalo Modimo o ne a ba thusa. Mo letlhakoreng je lengwe, moemedi wa ga Kgosi Senakaribe, o ne a ile a ikgantsha a re: ‘Lo seka lwa reetsa Hesekia, lo seka lwa dumela a lo fora ka go lo solofetsa gore Jehofa o tla lo golola. A mongwe wa medimo ya merafe o kile a golola batho ba one mo seatleng sa ga Senakaribe? Ereka go se ope wa medimo eno yo o kileng a dira jalo, ke eng ha e bo nene hano lo gopola gore Jehofa o tla lo golola?’ (Isaia 36:13-20) Ka ntlha ya boikgantsho jo bo ntseng jalo, Modimo ka motlhofo fela o ne a tshwanetse go dirisa thata ya gagwe e kgolo, a bolaya masole a le 185 000 mo bosigong bo le bongwe fela, a supa gore ruri, medimo ya merafe e ne e farologane le Jehofa.

9. Ke dikai dife tse dingwe gape tse di ka kaiwang tse di supang gore Jehofa o kelotlhoko fa a dirisa thata ya gagwe?

9 Akanyetsa dikai di sekae gape mo go tse dintsinyana tse di ka neelwang. Fa Jehofa a ne a otlhaya Meriame ka lepero, seo e ne e le pontsho e e siameng sentle le e e botlhale ya thata ya gagwe. Meriame o ne a tlhoka kotlhao e e ntseng jalo ka ntlha ya go bua ka tsela e e sa siamang eo kgatlhanong le kgaitsadie ebong Moshe, yo o neng a tlhophilwe ke Modimo. (Dipalo 12:1-15) Go ne ga nna fela jalo fa Kgosi Usia ka bopeloethata a ne a tsenelela mo motlaaganeng o o boitshepo wa tempele mme ka go ipagololela mogodu a isa leswalo mo sebesong sa gouda, ka boikgogomoso a gana fa a ne a kganelwa ke baperisiti ba Balefi. Jehofa o ne a bontsha thata ya gagwe ka gore kafa tshwanelong a otlhaye kgosi ka lepero. (2 Ditihalō 26:16-21) Fela jaaka maleo a bone le one a ne a sa lekane, katlholo ya ga Jehofa le yone e ne ya nna jalo: lepero la ga Meriame e ne ya nna la nakwana, mme Usia o ne a swa e le molepero. Re ka bona he gore Jehofa ka dinako tsotlhe o tlhokomela gore thata ya gagwe e dirisiwe ka tsela e e botlhale le e e tshiamo, a kgona go boloka batho ba ba ikanyegang ba ba mo ratang le go senya baikepi.​—Pesalema 145:20.

Sekao sa ga Jesu Keresete

10, 11. Ke ditiragalo dife tse di bontshang gore Jesu o ne a amegile kaga go dirisa thata ya gagwe ka tshwanelo?

10 Morwa Modimo ruri o ne a le moetsi yo o molemo wa ga Rraagwe mo go diriseng thata. Dingwe tsa ditiragalo tsa ntlha ntlha e ne e le ka nako eo Satane a neng a ganetsanya le ene kaga mmele wa ga Moshe ka yone. Lefoko o ne a ka bo fela a ile a mo kgala mo go botlhoko. Go na le moo, Lefoko o ne a ineela, jaaka re ka bolela, a letlelela gore bogolo kgalemelo e tswe kwa go Jehofa Modimo ka sebele.​—Yude 8, 9.

11 Yone fela thaelo ya ntlha eo Satane a neng a e baya fa pele ga ga Jesu a le kwa nageng e ne e amana le kgang eno ya go dirisa thata kafa go sa tshwanelang. Satane o ne a raela Jesu gore a dirise thata ya gagwe e kgolo mo boikaelelong jwa bogagapa, gore a fetole maje a nne dijo. Seno e ne e le thaelo tota ka go bo Jesu o ne a ile a seka a ja ka malatsi a le 40, mme ebile a ‘bolailwe ke tlala.’ Satane o ne a tlisa thaelo eno ka tsela ya gore a direle Jesu serai sa go dira tiro ya bopelotshetlha, ka go bo o ne a simolola ka gore, “A e re ha u le Morwa Modimo, u laolè mayè a, u re, a hetogè dinkgwè.” Kwantle ga pelaelo o ne a gopotse gore Jesu o ne a tla arabela ka go re, ‘Ee, ke morwa Modimo, mme go go supetsa seo ke tla fetola maje ano go nna dinkgwe.’ Go na le moo, mo boemong jwa gore Jesu a raelwe kana a tsenngwe mo seraing sa go dira tiro ya bopelotshetlha kana ya boeleele, o ne a araba ka go re: “Go kwadilwe, ga twe, Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” (Mathaio 4:1-4) O ne a tlhokomologa pelaelo eo e neng e kaiwa ke seo ya gore a o ka ne a le morwa Modimo, mme o ne a gana go dirisa kafa go sa tshwanelang thata e Modimo a neng a e mo file.

12. Jesu o ne a tswelela jang go bontsha gore o ne a sa ikgagapelele thata?

12 Moragonyana, fa Jesu Keresete a sena go fa banna ba le 5 000 dijo mmogo le basadi ba le bantsi le bana, Bajuda ba ne ba batla go mo dira kgosi. Fa a ka bo a ile a amogela mpho eo, seo se ka bo se ile sa nna go dirisa thata ya gagwe kafa go sa tshwanelang gore a tlhotlheletse batho ka dikgakgamatso tsa gagwe. O ne a itse gore o tshwanetse go itlhaola mo dipolotiking tsa selefatshe le go lebelela mo go Jehofa Modimo gore a mo fe Bogosi. (Yohane 6:1-15) Mme moragonyana ga foo, fa segopa se tlile go mo gapa go ya kgolegelong, o ka bo a ile a kopa mephato e le 12 ya baengele mme ka gone a ba thibele gore ba mo tshware. Lefa go ntse jalo, seo e ne e tla bo e le go dirisa thata kafa go sa tshwanelang, ka go bo e ne e le thato ya ga Rraagwe gore a ineele.​—Mathaio 26:39, 53.

Bangwe ba Bao ba sa Dirisang Thata Kafa go sa Tshwanelang

13, 14. (a) Ke sekao sefe se se molemo se se neng sa tlhomiwa ke Gideone, se se bontshang gore o ne a sa ikgagapelele thata? (b) Saulo o ne a tlhoma sekao se se molemo jang fa a ne a simolola go nna kgosi?

13 Moatlhodi Gideone o tshwanetse go umakiwa gareng ga batho ba ba sa itekanelang ba ba neng ba gana thaelo ya go sa dirise thata ka tshwanelo. Morago ga fa a sena go golola Iseraele mo seatleng sa Midiana, batho ba ne ba batla go mo dira kgosi ya bone. Gideone o ne a gana, a tlhalosa jaana ka tshwanelo: “Ga nketla ke lo busa, le morwaake ga a ketla a lo busa: Yehofa o tla lo busa.” Ee, boingotlo jo a neng a bo bontsha kwa tshimologong fela ya botshelo jwa gagwe jaaka moatlhodi bo ne bo santse bo le gone. Mme karabelo ya ga Gideone e ne e bontsha tsela eo Jehofa Modimo ka boene a neng a ikutlwa ka yone kaga gore Iseraele e nne le kgosi e e leng motho. Re ka lemoga seo ka tsela eo Modimo a neng a arabela ka yone fa Iseraele a ne a batla go nna le kgosi mo motlheng wa ga moperofeti Samuele.​—Baatihodi 8:23; 6:12-16; 1 Samuele 8:7.

14 Lemororo kgabagare kgosi e ne ya tlhophiwa, Saulo pele o ne a tlhoma sekao se se molemo sa boikgapo mo go diriseng thata. Banna bangwe ba diramatla ba ne ba re: “Monna eo, o tla re boloka yañ? Me ba mo nyatsa . . . Me èna a didimala hèla.” O ka bo a ile a ba phomesegela, ka thata ya gagwe ya bogosi, mme o ne a seka a dira jalo. Ka mo go tshwanang, morago ga fa Saulo a sena go fenya Baamona, bangwe ba batho ba gagwe ba gopola gore seno se ka nna paka e e molemo ya go ipusolosetsa mo go bao ba neng ba nyaditse Saulo. Jalo ba mo raya ba re: “Eo o rileñ, A Saule o tla re busa, ke mañ? lere banna bauō gore re ba bolaeè.” Lefa go le jalo, Saulo o ne a sa akanye jalo gotlhelele. O ne a ba fetola a re: “Ga go na motho ope eo o tla bolawañ gompiyeno: gonne gompiyeno Yehofa o dihile kgololō mo go Iseraela.” Re ka bona sentlentle gore ruri Saulo kwa tshimologong o ne a siame sentle a bile a le boingotlo. (1 Samuele 9:21; 10:20-23, 27; 11:12, 13) Abo go ne go hutsafatsa jang go bo a ile a simolola go sa dirise thata ya gagwe ya segosi ka tshwanelo mme jalo a felela ka bosula!​—1 Samuele 28:6; 31:3-6.

15, 16. (a) Moatlhodi Samuele o ne a kgona go neela bosupi bofe mabapi le tiriso ya thata ya gagwe ya boatlhodi? (b) Ke sekao sefe se se tshwanang seo se neng sa fiwa ke Kgosi Dafide?

15 Samuele, moperofeti yo gape a neng a atlhola Iseraele, o ne a tlhoma sekao se se molemo. Modimo o ne a mo dirisa thata thata go tswa fela kwa bonyaneng jwa gagwe go ya pele. Samuele o ne a atlhola batho ba gagabo ka tshiamo mme a ba tlisetsa kgololo. A o ne a kile a dirisetsa lesego la maemo a gagwe go bona poelo epe ya bogagapa? Le e seng! Mo puong ya gagwe fa a ne a laelana le batho o ne a re: “Bōnañ, ke reeditse lencwe ya Iona mo go cotlhe tse lo di buileñ le nna, me ke lo dihetse kgosi . . . Ke nna eono: shupañ kaga me hapele ga Yehofa, le ha pele ga motlodiwa oa gagwè: ke gapetse mañ kgomo? kgotsa ke gapetse mañ esela? kgotsa ke tsieditse mañ? kgotsa ke patikile mañ? kgotsa ke chotsè mo go mañ tuèlō ea gore ke iphouhatsè ka eōna?” Batho ba gagabo ba ne ba tshwanelwa ke go dumela gore go ne go sena molato ope o Samuele a neng a na nao mo dikgannyeng tseno tsotlhe. Ga a ka a dirisa thata ya gagwe kafa go sa tshwane­lang mo tirong ya gagwe ya boatlhodi.​—1 Samuele 12:1-5.

16 Mme ebile ga re a tshwanela go lebala sekao se se molemo se se neng sa tlhongwa ke Dafide. Kgosi Saulo o ne a wela gabedi mo thateng ya gagwe mme a ka bo a ile a mmolaya. Dafide o ka bo a ile a akanya ka go re: ‘Saulo o bololetse go mpolaya, jalo e tla nna ene kana nna.’ Kana gongwe ka bogagapa o ka bo a ile a akanya ka gore: ‘Ereka jaana Samuele a ntloditse go nna kgosi e e latelang ya Iseraele, gongwe eno ke yone tsela eo go tla felelang go ntse ka yone. Ke eng go sa nne jalo gone jaanong jaana?’ Nnyaa, Dafide o ne a letela ka bopelotelele go fitlhelela Jehofa a mo neela bogosi ka nako e e leng ya gagwe. (1 Samuele 24:1-22; 26:1-25) Lefa go ntse jalo, ka maswabi, morago ga fa Dafide a sena go nna kgosi, o ne a seka a dirisa thata ya gagwe ka tshwanelo mo dipakeng di le pedi: ka go bolaya Uria le go bala mephato ya Iseraele.​—2 Samuele 11:15; 24:2-4, 12-14.

17. Paulo o ne a bontsha jang gore ga a ise a ke a nne bohula kana a dirise thata ya gagwe kafa go sa tshwanelang?

17 Gareng ga balatedi ba ga Jesu Keresete, moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo mabapi le seno. O ka bo a ile a batla ka kgang gore diphuthego tse a neng a di direla di mo tshegetse. Mme o ne a seka a ipapalela molemo mo go seno. O ne a raya bagolwane ba Efeso a re: “Ga kea ka ka eletsa selefera sa opè, leha e le gouda, leha e le diaparō. Lona ka losi loa itse ha diatla tse di dihetse go tlhōka ga me, le go tlhōka ga ba ke ne ke na nabō.” (Ditihō 20:33, 34) Fa a ne a kwalela phuthego ya Korintha, moaposetoloi yono o ne a tlhalosa ntlha eno ka go e otlelela thata thata. (1 Bakorintha 9:1-18) O ne a na le tshwanelo ya go ka ikitsa go dira tiro epe fela ya boitshediso, ka go bo ke mang yo o ka reng e le lesole a itlamela? A Moshe ga aa ka a re o seka wa bofa kgomo molomo fa e photha mabele? “Me,” Paulo a tlhalosa, “Ga kea ka ka ithusa ka sepè sa diló tse.” Tuelo ya gagwe e ne e le eng? “Go re, e tle e re ha ke rèra Mahoko a a Molemō, ke be ke dihè gore thèrō e ème mo go senañ tuèlō, gore ke se ka ka ithusa ka botlalō ka tshiamèlō ea me mo theroñ.”

18. (a) Re tshwanetse go ikutlwa jang kaga tiriso e e molemo ya thata ya ga Jehofa? (b) Ke ka baka lang fa bao ba mo etsang mo kgannyeng eno go ka tweng ba itumetse?

18 Tota ruri go ka twe, ‘Go itumela ba ba sa diriseng thata ya bone kafa go sa tshwanelang.’ Abo Jehofa Modimo a na le leina le le molemo-lemo jang ne ka go bo a ile a tlhoma sekao se se molemo se se ntseng jalo, a dira gore thata ya gagwe ya go nna mothata-yotlhe ka metlha e lekalekane le dinonofo tse dingwe gape tsa gagwe tsa botlhale, tshiamiso, le lorato! Ka gone, re ka bua jaana le Mopesalema Dafide: “Baka Yehofa, mōea oa me; le cotlhe tse di mo teñ ga me, a di bakè leina ya gagwè ye le boitshèpō.” (Pesalema 103:1) Botlhe ba ba latetseng sekao sa ga Jehofa mo go diriseng ga bone thata ka tshwanelo tota ruri ba itumetse. Dikao tseo re ileng ra di akanyetsa go tswa mo Dikwalong di supa gore, lemororo re le batho ba ba sa itekanelang, le rona, re ka dirisa thata e re nang nayo ka tshwanelo. Go dira jalo, re ka seke re nne fela le segakolodi se se phepa mme gape re ka amogelwa ke Modimo le go tlotlwa ke bagarona.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlhayang fa kgakololo e e mabapi le go sa dirise thata ka tshwanelo e tshwanela?

◻ Ke dikai dife tse di bontshang gore Jehofa Modimo o dirisa thata ya gagwe ka tshwanelo?

◻ Ke ka ntlhayang fa go ka twe Jesu o ne a disitse gore a se dirise thata ya gagwe kafa go sa tshwanelang?

◻ Ke batho bafe ba ba mo Dikwalong tsa Sehebera ba ba bontshitseng gore ba ne ba sa dirise thata kafa go sa tshwanelang?

◻ Moaposetoloi Paulo o ne a supa sekao se se molemo jang mo go diriseng thata?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Dinonofo tsa konokono tsa ga Jehofa di lekalekantswe kafa tshwanelong

Lerato Thata Tshiamiso Botlhale

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Modimo o ne a dirisa thata ya gagwe ka tshiamo:

ka Morwalela

kwa Sodoma le Gomora

kwa Lewatleng je Lehibidu

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela