Dikarabo tsa Mmatota tsa Mathata
Seno ke se makasine wa Tora ya Tebelo o se baakanyetsang. Se se latelang ke sekai sa dikwalo tse di bontshang kanaanelo tse di amogelwang:
“Ke lo leboga thata go tswa botennyeng jwa pelo ya me ka ntlha ya Tora ya Tebelo eo e neng e bua ka boitsholo jwa kafa dikobong. Ke ikutlwa gore e ne e le karabo mo dithapelong tsa me. Ke anaanetse segolo-bogolo tsela eo e tlhamaletseng le e e nitameng ya kafa lo dirisanyang ka gone le mathata ao re a bonang go re dikologa.
“Morago ga go saithuta sentle gore lefatshe ga le na molemo ope o le ka o ntshang, ke ile ka gagamaletsa bana ba me thata. Makasine ono wa ‘boitsholo’ ga o a ka wa ba thusa fela go bona dikotsi tsa ditsela tse di rileng, mme le nna o ne wa nthusa ka jaana o ne wa tiisetsa go tlhatswega pelo ga me go go boteng mo dikgannyeng tse di rileng. Ke lebogela go bo lo re kwalela dilo tseno jaaka batsadi gore bana ba rona ba tle ba bone gore e ne e se gore mmè le rre ke ba ba sa akanyetseng.
“Jalo ke lo leboga thata go bo lo ile lwa tlhamalala fa lo kwala ka maemo ao a leng gone. Rona jaaka batsadi re ka anaanela thata fa re ka nna le ditlhogo tse dioketsegileng tseno.”
Tora ya Tebelo e itebaganya tota-tota le mathata a mmannete a malatsi otlhe—botagwa, tlhalano, go tlhakanela dikobo le wa losika, bomaswe, jalo le jalo—e bontsha kafa Bibela e ka rarabololang mathata ano ka sebele. Se fosiwe ke ditokololo tse dingwe tse di latelang!
Tswee tswee nthomelelang peeletso ya ngwaga otlhe ya makasine wa Tora ya Tebelo. Ke romela dikaelo di le 24, R6,50.