LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Gompieno

Labotlhano, October 16

Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona di fapogela kwa ditseleng tsa gagwe. Lo se ka lwa timelela kwa ditselaneng tsa gagwe.​—Diane 7:25.

Pego e e mo bukeng ya Diane e re bontsha se se ka diragalelang motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa. A ka dira boleo jo bo masisi a bo a re o leofile ka gonne a raelesegile go dira boleo a sa lebelela. Mme gone, fa a ka akanya ka se se diragetseng, a ka nna a lemoga gore o ile a dira ditshwetso tse di sa siamang pele ga foo. A ka tswa a ile a itsalanya le batho ba ba sa rateng Jehofa, a tlhopha boitlosobodutu jo bo sa siamang, a tsena mo di-websaeteng kgotsa a ya kwa mafelong a Bakeresete ba sa tshwanelang go ya kwa go one. Gape a ka tswa a ile a tlogela go rapela, go bala Baebele, go ya dipokanong kgotsa go ya bodireding. Fela jaaka lekawana le go buiwang ka lone mo go Diane, a ka tswa a dirile boleo ka gonne a dirile ditshwetso tse dintsi tse di sa siamang. Re ithuta eng mo pegong eno? Re ithuta gore re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra dira boleo, le gore ga re a tshwanela go dira dilo tse di ka feleletsang di dirile gore re leofe. Buka ya Diane e gatelela kgang eno fa e sena go tlhalosa se se diragaletseng lekawana leo.​—Math. 5:29, 30. w24.07 16 ¶10-11

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026

Lamatlhatso, October 17

Re tshwana le dijana tsa letsopa, re amogetse letlotlo leno.​—2 Bakor. 4:7.

Letlotlo le Paulo a buang ka lone ke eng? Ke tiro e e bolokang matshelo ya go rera molaetsa wa Bogosi. (2 Bakor. 4:1) Dijana tsa letsopa tsone ke eng? Ke batlhanka ba Modimo ba ba bolelelang batho ba bangwe dikgang tse di molemo. Mo motlheng wa ga Paulo, batho ba ba rekisang ba ne ba dirisa dinkgo tsa letsopa go tsenya dilo tsa botlhokwa, jaaka dijo, beine le madi. Ka tsela e e tshwanang, le rona Jehofa o re neile boikarabelo jwa go bolelela batho molaetsa wa botlhokwa wa dikgang tse di molemo. Se se itumedisang ke gore o re naya maatla a re a tlhokang gore re kgone go rera molaetsa oo. Ka dinako dingwe re ka boifa batho kgotsa ra tshaba gore ba tla re ganetsa. Fa go le jalo re ka thusiwa ke eng? Ela tlhoko gore baaposetoloi ba ile ba rapelela eng fa ba ne ba laelwa gore ba se ka ba rera. Go na le gore ba boife, ba ile ba kopa Jehofa gore a ba thuse gore ba tswelele ba bua ka bopelokgale. Jehofa o ile a ba araba ka ponyo ya leitlho. (Dit. 4:18, 29, 31) Fa e le gore go boifa batho go dira gore o se ka wa itumelela go rera, kopa Jehofa gore a go thuse go rata batho gore o kgone go ba rerela. w24.04 16 ¶8-9

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026

Sontaga, October 18

Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.​—Math. 6:9.

Tsela e re ratang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa gore re itshepise leina la gagwe. Re batla go bolelela batho ba bangwe gore dilo tse di sa siamang tse Satane a di buileng ka Jehofa, ke maaka a matala. (Gen. 3:1-5; Jobe 2:4; Joh. 8:44) Fa re rera, re batla go bolelela batho ba ba ka re reetsang gore Jehofa ke mang le gore ke Modimo yo o ntseng jang. Re batla gore mongwe le mongwe a itse gore Jehofa o lorato, o busa ka tsela e e siameng, le gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi jwa gagwe bo tla tlosa mathata otlhe a batho, mme bo tla dira gore ba tshelele ruri ba itumetse. (Pes. 37:10, 11, 29; 1 Joh. 4:8) Fa re bolelela batho dilo tseno ka Jehofa, re itshepisa leina la gagwe. Gape re a itumela ka gonne re dira se Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go se dira. w24.05 18 ¶12

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela