LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 8/15 ts. 13-18
  • Disa Gore O Se Dirise Thata Kafa Go Sa Tshwanelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Disa Gore O Se Dirise Thata Kafa Go Sa Tshwanelang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bagolwane ba Bakeresete
  • Baemedi ba ba Etang
  • Mo Lelapeng
  • Mo Dikamanong Tse Dingwe
  • Go Itumela ba ba Dirisang Thata ka Tshwanelo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • “Etsang Modimo” ka Tsela e lo Dirisang Maatla ka Yone
    Atamalana le Jehofa
  • Go Dirisa Thata Kara go sa Tshwanelang—A Go Tla Tsamaya Go Fela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • “Batlang Jehofa le Nonofo ya Gagwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 8/15 ts. 13-18

Disa Gore O Se Dirise Thata Kafa Go Sa Tshwanelang

“Go boiha Yehofa ke go ila boshula: boikgodishō, le bogōma, le mokgwa o o boshula, le molomo o o leshōkō, ke dilō tse ke di ilañ.”​—DIANE 8:13.

1. Nngwe ya ditsela tseo pelo ya motho e e sa itekanelang e supang ka gone fa e le boferefere ke efe?

GO SA dirise thata ka tshwanelo ka bogagapa kwantle ga pelaelo ke nngwe ya ditsela tse di bosula tseo Jehofa Modimo a di ilang. Lefoko la gagwe le re gakolola kgatlhanong le tshekamelo eno ya batho ba ba sa itekanelang, ka go bo o tlhaloganya pelo ya motho. Re bala jaana: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhè, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ? Nna Yehofa ke hukutsa pelo, ke leka diphilō, e le go naea motho moñwe le moñwe kaha mekgweñ ea gagwè, le kaha louñoñ loa ditihō tsa gagwè.”​—Yeremia 17:9, 10.

2. Thata gantsi e dirang mo go bao ba nang le yone?

2 Lefoko la Modimo ka mo go utlwalang le re tlhagisa kgatlhanong le go sa dirise thata ka tshwanelo. Go na le tshekamelo e kgolo ya go sa dirise thata kafa tshwanelong kana go e gobolola mo e leng gore mokanoki mongwe wa Moesemane o ne a tlhalosa jaana: “Thata e a bodisa, mme thata e e feteletseng e bodisa ka mo go feteletseng.” O ne a tlhalosa gape a re: “Gareng ga dilo tsotlhe tse di nyenyefatsang le go swafatsa batho, thata ke yone e nnelang ruri le e e dirang ka tlhagafalo.” Legale, ga go reye gore thata ka metlha yotihe e a bodisa, jaaka fa re bonye mo setlhogong se se fetileng, mme kotsi ya seo e gone.

3. Thata e ka se ka ya dirisiwa ka tshwanelo mo dikamanong dife tsa batho, mme ke ka ntlhayang fa seno se ka diragala?

3 Ke mang yo o tshwanetseng go itisa kgatlhanong le go dirisa thata kafa go sa tshwanelang? Re ka re ke mongwe le mongwe! Mo e ka nnang kamano nngwe le nngwe ya batho go na le maemo ao go one motho mongwe a nang le lesego le le fetang la ba bangwe ka go bo a humile, a rutegile, a nonofile thata mo mmeleng, a na le maemo, a le montle mo mmeleng, jalo le jalo. Go ya fela kafa motho a leng sego ka gone, ke gone thaelo le yone e leng kgolo ya go ka le dirisa ka tsela ya bogagapa. Ka ntlha yang? Ka go bo “go akanya ga pelo ea motho go . . . boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Genesise 8:21) Ee, pelo e e sa itekanelang ya motho e “boherehere,” e a tsietsa, kana e sokame, le go sekamela kafa bosuleng.​—Yeremia 17:9.

Bagolwane ba Bakeresete

4. Jetherwe o ne a neela Moshe kgakololo efe e e molemo, a bontsha kafa a lemogang ka gone dithaelo tseo di tsamaelanang le go amogela thata le taolo?

4 Selo sa ntlha, akanya ka bagolwane, balebedi mo phuthegong ya Bokeresete. Fa re akanya kaga ditshwanelego tsa bone, re ka gakologelwa mafoko ao Jetherwe a a reileng Moshe mabapi le go tlhopha banna bao ba neng ba tla okamela diketekete, makgolo, masome a matlhano, le masome: “Mo bontsiñ yoa batho u lebalebè banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ.” (Ekesodo 18:21) Banna ba ba ntseng jalo ba ne ba ka ikanngwa go nna balebedi. Ba ne ba se kitla ba dirisa melemo e ba e bonang ka ntlha ya maemo a bone le bolebedi kafa go sa tshwanelang, ka go boifa Modimo go raya go ila se se bosula. Banna ba ba ntseng jalo ka boammaaruri ba ne ba tla ‘ila papadi e e sa siamang’ mo boemong jwa go e batla kana go e rata.

5. Ke ka ntlhayang fa kgakololo e e go 1 Petere 5:2, 3 e tshwanela thata jaana, mme e ka dirisiwa jang?

5 Moaposetoloi Petere o ne a lemoga kotsi ya go sa dirise thata ka tshwanelo ke bagolwane, jalo re mmona a gakolola balebedi mo phuthegong ya Bokeresete jaana: “Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le ka mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:2, 3) Go disa letsomane la Modimo ka boikaelelo jwa go bona papadi e e sa siamang e tla bo e le go sa dirise thata ka tshwanelo. Ka jalo, go rena mo letsomaneng e tla bo e le motho go itirisetsa thata ya gagwe ka tsela e e bogagapa. Ka sekai, mogolwane mongwe o ka ne a na le maikutlo a a gagametseng kaga gore lelapa la gagwe le tshwanetse go apara jang. Mme o tshwanetse go itlhokomela gore a seka a leka go pega dipono tsa gagwe tsa botho tse di ntseng jalo mo letsomaneng; go dira jalo e tla bo e le go rena mo go lone.

6. Go mpampetsa ba-losika ke eng, mme ke ka ntlhayang fa bagolwane ba ka nna le molato wa gone?

6 Fa bagolwane ba sa itlhokomele, ba ka nna le molato wa go mpampetsa ba-losika, selo seo le sone e tla bong e le go sa dirise thata ka tshwanelo. Go mpampetsa ba-losika? Ee, seno se tswa lefokong la Sekgoa “nepotism” le le tswang mo Selatineng, go raya “ditlogolo.” Le ne la tlholega ka ntlha ya tlwaelo e e bosula ya bomopapa le bagolwane ba bangwe ba Kereke go fetisetsa melemo mengwe ya sedumedi le ya dilo tse di bonalang mo go ba masika a bone mme segolo bogolo mo baneng ba barwarraabone kana bokgaitsadiabone. Mopapa Nicholas III o ne a bile a itsiwe jaaka “tlhogo ya bomopapa ba ba mpampetsang ba-losika.” Fa bagolwane ba Bakeresete ba ka se itlhokomele thata, ba ka tlhotlhelediwa kafa go sa tshwanelang ke dikamano tsa lelapa go na le ke melao-metheo ya semoya. Mogolwane mongwe o ne a gagamalela thata gore morwawe a hakiwe jaaka molebedi lemororo bagolwane ba bangwe ba ne ba sa dumalane. Jalo he rre o ne a fudugela kwa phuthegong e nngwe. Dingwaga moragonyana morwa yoo a bo a ise a nne mogolwane. Ka phepafalo, rre o ne a leseletsa bolosika jwa gagwe go mo tlhotlheletsa.

7, 8. Ke dikai dife tse di bontshang gore go mpampetsa ba-losika go ka nna kotsi ya mmatota mo bagolwaneng?

7 Tsela e nngwe ya go sa dirise thata ka tshwanelo ya sebopego sa go mpampetsa balosika e nna gone fa bagolwane ba sa tseye kgato epe fa phoso e dirilwe ke mongwe wa ba-losika lwa bone. (Bapisa 1 Samuele 2:22-25, 30-35.) Dingwaga di sekaenyana tse di fetileng, go ne ga nna le boemo jo bo kgaolang pelo mo diphuthegong dingwe mo Bogare jwa United States. Bosheng jaana seno se ne sa fetela le mo diphuthegong dingwe tsa mo Yuropa. Basha ba le bantsi ba ne ba kopanyelediwa mo boakeng, mo kgobololong ya diokobatsi, le mo go tse di tshwanang. Bontsi jwa bano e ne e le bana ba bagolwane, bao go bonalang gore bangwe ba bone ba ne ba bo ba loba boitshwaro jo bo sa siamang jwa bana ba bone. Fa mabaka a tla go senoga, bangwe ba bagolwane bano, ba ne ba tlosiwa mo bogolwaneng ka ntlha ya go sa dirise ditshwanelo tsa bone jaaka bagolwane ka tshwanelo, mme gongwe thata thata, ka ntlha ya go palelwa ga bone ke go dirisa thata ya bone ka tshwanelo.

8 Ka dinako tse dingwe, tshekamelo e e tshwanang le eno e ka bonala fa mogolwane mongwe kana motlhanka wa bodihedi a tshwere dikarolo tse di batlang tlhakanelo ya bareetsi mo dipokanong. O tshwanetse a disa gore a tile go tlhaola. Balelapa la gagwe le bone ba ka mo thusa mo go seno ka go tlhokomela gore ba akgele fela fa ba bangwe ba sa kgone go arabela mme ba seka ba gagamalela go akgela fa ba bangwe ka bontsi ba ithaopela go akgela.

Baemedi ba ba Etang

9. Ke ka ntlhayang fa go sa dirise thata ka tshwanelo go bidiwa go reka, mme ke ka ntlhayang fa go bidiwa jalo?

9 Bakeresete ba ba nang le maemo a boikarabelo, segolo bogolo baemedi ba ba etang ba Mokgatlho wa Watch Tower, ba tshwanetse go disa gore ba se nne molato, e ka ne e le ka go itse kana ka go sa itse, wa se se itsegeng jaaka go rekwa (kana simony ka puo ya Sekgoa). Lereo leo le tswa go Simone yo o umakiwang go Ditihō 8:9-24, yo o neng a batla go fa baaposetoloi madi gore a tie a kgone go fa moya o o boitshepo ka peo ya diatla tsa gagwe. Luke o kwala jaana: “Petere a mo raea, a re, A selefera sa gago se nyèlèlè nau, ka go bo u gopotse ha u tla bōna nèō ea Modimo ka madi. Ga u na kabèlō, leha e le boshwa mo tihoñ e: gonne pelo ea gago ga ea siama ha pele ga Modimo. Ke gōna, u ikwatlhaèlè boikèpō yo, me u rapèlè Morèna, e tle e re kgotsa kgakologèlō ea pelo ea gago u e ichwarèlwè.” Eno gape e ne e le tlwaelo e e bosulasula e e neng e dirwa ke bagogi ba Kereke ya Roma Katoliki mo dingwageng tse di fetileng. Buka nngwe ya ditlbaloso e bega gore “borukutlhi jono bo ne jwa tlwaelega thata mo Kerekeng mo makgolong a bo-11 le a bo-12 a dingwaga.”

10, 11. Bagolwane ba ka wela jang mo serung sa go nna ba ba rekang?

10 Batlhanka ba ga Jehofa ba ka nna molato jang mo ntlheng eno? Fa ba sa itlhokomele thata, ba ka sekamela mo go hakeleng mogolwane mongwe karolo mo kopanong ya potologo kana mo thulaganyong ya kopano ya kgaolo ka ntlha ya go bo a ile a ba tshola sentle kana a ba file dimpho. Tota, ke selo se se diragetseng lefa se sa tlwaelega koo mogolwane a ileng a ntsha dimpho mme gape a tlhagisitse tsholofelo ya gore o ka amogela tshiamelo nngwe e e kgethegileng. Go bonala fa bao ba ile ba seka ba itshwara jaaka ‘ba babotlana,’ ba tlogelela moya o o boitshepo gore e nne one o tlhotlheletsang bao ba tshwereng maemo a boikarabelo go dira ditlhopho tsa bolegodimo. (Luke 9:48) Dimpho tse di ntseng jalo di ile tsa ganwa ka ntlha ya one mabaka ao, ka gone go tlhomiwa sekao se se molemo sa go sa dirise neo ya thata kafa go sa tshwanelang. Mabaka otlhe a a ntseng jalo a bontsha kafa bagolwane ba maikarabelo a a fa godimo ba tshwanetseng go itlhokomela gore ba tile selabe sepe sa go nna ba ba rekwang!

11 Mme gape, ka dipaka tse dingwe go ka nna ga tlhokafala gore modihedi yo o etang a neele mogolwane mongwe kgakololo e e tiileng. Mme fa e le gore modihedi yo o etang o ile a nna a amogela dimpho go tswa mogolwaneng kana a ile a ipelela tsholo ya gagwe, o ka ketefalelwa ke go mo fa kgakololo e e mo lebaganyeng. A thekegelo e e bogagapa e tla mo kganela gore a diragatse maikarabelo a gagwe a go ntsha kgakololo e e tlhokafalang? A o tla etleetsa dikgatlhego tsa semoya tsa bakaulengwe ba gagwe kwa pele ga melemo ya gagwe ya dilo tse di bonalang? Ee, a o tla batla go itumedisa Modimo kana batho?​—Bagalatia 1:10.

Mo Lelapeng

12. Ke lebaka lefe leo ka lone banna ba tshwanetseng go itisa gore ba dirise thata ya bone sentle?

12 Moteng ga lelapa, le gone go a tlhokafala gore leloko lengwe le lengwe le itise gore e se re gongwe monna kana mosadi a dirisa melemo ya gagwe kana thata kafa go sa tshwanelang. Monna, ka go bo a le tlhogo, kana ka go bo a nonofile mo mmeleng, kana ka go bo e le ene a lereng dijo mogae, o ka nna a itira mmampudi, segagapa, yo o sa akanyetseng, a itshupa fa a sena kutlwelobotlhoko. Paulo o otlelela thata thata gore basadi ba tshwanetse go ineela mo banneng ba bone. Mme ka nako e e tshwanang, o bolelela banna gore ba rate basadi ba bone jaaka mebele ya bone le go ikemisetsa go ba swela, fela jaaka Keresete a swetse phuthego ya Bokeresete. (Baefesia 5:25-33) Kgakololo e e ntseng jalo e tshwanetse go thusa monna go itisa gore a seka a dirisa thata ya gagwe kana melemo kafa go sa tshwanelang. Moaposetoloi Petere, fa a sena go gakolola basadi gore ba ineele mo banneng ba bone, o ne a kgothatsa banna a re: “Hèla yalo le lona banna ba lo nyetseñ, lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ, ka go naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se sen thata, ka lo bile lo le barui mmōgō nabō ba tshegohaco ea botshelo; gore merapèló ea lona e tie e se ka ea kgoreletsèga.” Ee, banna ba tshwanetse go itlhokomela gore ba dirise thata ya bone ka tshwanelo fa ba batla go nna le kamano e e molemo le Jehofa Modimo.​—1 Petere 3:7.

13. (a) Ke tshekamelo efe ya sesadi eo banna ka dinako tse dingwe ba ileng ba e sola molemo kafa go sa tshwanelang? (b) Ke jang basadi ba ba digagapa ba ileng ba supa gore ga ba dirise thata ka tshwanelo, ba tlola tlhagiso efe ya Dikwalo?

13 Ke selo se se tshwaegang gore molekane yo e leng ene a ratang yo mongwe thata o mo kotsing ya go tlhorontshiwa ke yo o tlhaelang lorato. Go bonala fa seo se le boammaaruri ka tsela nngwe. Basadi, ka kakaretso, ke bone ba ba nang le lorato lo logolwanyane go gaisa jaaka banna ba bone ba dira​—lorato le botlhokwa go le gogolwane mo go bone—​mme banna ba le bantsi ba sola seno molemo ka tsela ya bogagapa. Mo letlhakoreng le lengwe, go ile ga tshwaega gore basadi ba tle ba ikgogone go ntsha tshwanelo ya kafa lenyalong fa dikeletso tsa bone di sa diragadiwe. Tota, basadi bangwe ba ile ba bo ba gana ka tshwanelo ya kafa lenyalong gotlhelele. Ka maswabi, seno ka dinako tse dingwe se ile sa baka gore monna a dire boaka. Go palelwa ke go dirisa kgakololo ya ga Paulo mo go ntseng jalo e e go 1 Bakorintha 7:3-5 le gone e santse e le go sa dirise thata ka tshwanelo ka tsela ya bogagapa.

14. Ke bosupi bofe jo bo gone jwa gore batsadi bangwe ga ba dirise thata ya bone ka tshwanelo mo baneng ba bone?

14 Lebaka la go bo bana ba tshwanetse go reetsa batsadi ba bone kafa Moreneng go fa batsadi, segolo-bogolo borrabana, thata mo go bone. Ba tla dirisa thata eno jang? A ka tsela ya go sa akanyetse, ya bopelompe, ya go senang kutlwelobotlhoko? Borre ba le bantsi ba selefatshe, mme le bomme bangwe, ba dira sone seo, ba oketsa ntsifalo ya “bolwetsi jwa go gobatsa bana.” Go ya ka World Health, January/​February 1984, “mo setšhabeng sengwe le sengwe go na le bana ba ba sa tshwarweng sentle,” mme, “go bonala fa mo metlheng ya gompieno bana ba ba oketsegang ba sa tshwarwe sentle, ba amogwa ditshwanelo, ba bidiwa setlhogo le go latlhiwa, mme ga go na gope koo seno se seyong gone mo lefatsheng.” Pego e nngwe e bega kaga gore mo United States kgobololo ya bana e ne ya menagana sebedi mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng. Tota ruri seno sotlhe ke go sa dirise thata kafa tshwanelong. Le e leng motsadi wa Mokeresete yo o ka se keng a gopole ka go sa tshware ngwana sentle ka tsela e e botlhoko o ka nna a nna le molato mongwe wa go gobolola ngwana. O ka bona gore seo ke jang go tswa kgakololong ya ga Paulo: “Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” “Borra bana, se chwenyeñ bana ba lona, gore ba se ka ba shulahala pelo.”​—Baefesia 6:4; Bakolosa 3:21.

15, 16. Bana ba ka nna molato wa go sa dirise thata ka tshwanelo jang, mme seo se tlhokang mo batsading?

15 Lefa gone go ka bonala go gakgamatsa, bana le bone ba ka nna le molato wa go sa dirise thata kafa tshwanelong. Jang? Bana ba ka dirisa batsadi ba bone go sa dirise katlholo ya bone e e molemo ka ntlha ya lorato loo batsadi ba nang nalo mo go bone. Ngwana, ka go itse gore o tshwanetse go itewa, o ka lela selelo se se botlhoko mo e leng gore mmaagwe a bo a sitege go mo neela titeo e e tshwanetseng. Mosadi mongwe yo o ileng a atlega mo papading ya madi o ile a ipelafatsa ka kgono ya gagwe ya go gapa maikutlo a bareki, ka go re: “Basadi ba tsetswe ba ntse jalo. O ka bona fela kafa morwadiake a tshamekang ka maikutlo a ga rraagwe ka gone.”

16 Go ya ka pego ya koranta nngwe, “go na le koketsego e e tshosang ya palo ya ‘bana ba ba belwang ke thata’ mo Amerika Bokone bao ba gatelelang le go laola matshelo a batsadi ba bone.” Lefa go ntse jalo, kalafi ga e mo go layeng bana mme e mo batsading. Batsadi ba tshwanetse go nna maikutlo mangwe fela mo baneng ba bone. Basha ba bofefo go lemoga tlhoka-kutlwano e e leng gone le go lwantshanya motsadi yo mongwe le yo mongwe gore ba bone se ba se batlang. Batsadi gape ba tshwanetse go tiisetsa gore se se siameng ke eng, mme ka nako e e tshwanang ba tiisetsa bana ba bone gore ba a ba rata. Fela jaaka Jehofa, batsadi ba Bakeresete ba ntsha kotlhao ka ntlha ya lorato.​—Bahebera 12:5, 6.

Mo Dikamanong Tse Dingwe

17. Go sa diriseng thata ka tshwanelo go ka nna gone jang mo kamanong ya bahiri le bahiriwa?

17 Kamano ya mohiri le mohiriwa le yone gape e lere dithaelo tsa go sa dirise thata kafa tshwanelong. Ka go gopola seno, Paulo o ne a gakolola beng ba batlhanka, bao ka tsela nngwe ba tshwanang fela le bahiri ba segompieno, balebedi, le baokamedi a re: “Le lona beñ ba batho, . . . lo lesè go bōpa: ka go itse ha muñ oa bōnè le oa lona a le kwa legodimoñ, me go sena tlhaolō epè ea batho mo go èna.” (Baefesia 6:9; Bakolosa 4:1) Bakeresete bao ba nang le maemo a go okamela mo dikgannyeng tsa boitshediso ba tshwanetse go itlhokomela gore ba se dirise thata ya bone kafa go sa tshwanelang. Boase wa bogologolo o ka kaiwa jaaka mongwe yo o neng a na le kamano e e molemo le ba ba neng ba mmerekela.​—Ruthe 2:4.

18. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa amaneng ka gope ba tshwanetse go itlhokomela jang, gore ba seka ba nna molato wa go sa dirise thata ka tshwanelo?

18 Karolo e nngwe e e ka umakiwang eo go yone Bakeresete ba ka itisang kgatlhanong le go sa dirise thata ka tshwanelo, ke mo kgannyeng ya kgatlhegelano ya bong. Seemo seo bokgaitsadi ba babotlana ba bopilweng ka sone se dira gore ba le bantsi mo go bone ba batle go nyalwa le go nna le bana. Ka ntlha ya seo, bakaulengwe bangwe ba ka go fitlhela go le motlhofo fela go tshameka ka maikutlo a bokgaitsadi. Seno ruri ke go sa dirise thata ka tshwanelo. Paulo o ne a gakolola Timotheo a re: ‘O tshware basadi ba ba godileng jaaka e le bommago, basadi ba ba meroba jaaka bokgaitsadio ka boitsheko jotlhe.’ Mo letlhakoreng le lengwe, basadi ba Bakeresete ba gakololwa gore ba “ikgabisè ka diaparō tse di señ maphatsiphatsi, ba le bori le tekanō.” E ka ne ba nyetswe kana ba sa nyalwa, ba tshwanetse go disa gape gore ba bontshe “mokgwa o montlè.”​—1 Timotheo 2:9; 5:2; 1 Petere 3:2.

19. Gammogo le go bontsha botlhale, tshiamiso, le lorato, re tshwanetse go amega gape ka tiriso ya nonofo efe e nngwe?

19 Go builwe thata mo dibukeng tsa rona tsa Bibela kaga gore Bakeresete ba gogiwe ke botlhale jwa bomodimo, gore mo ditirisanong tsotlhe tsa bone ba dirise tshiamiso, le gore ba tlhotlhelediwe ke lorato lwa melao-metheo, ebong a·gaʹpe. Dilo tsotlhe tse di tlhalositsweng di bontsha gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa le bone ba tshwanetse go amega ka boleng, nonofo, kana go nna le thata. Ga ba a tshwanela le ka motlha ba tlhoka go e dirisa ka tshwanelo, mme ka metlha yotlhe ba tshwanetse go e dirisa sentle. Tota ka boammaaruri Lefoko la Modimo le senola botlhale jwa bomodimo mo kgakololong eo le e ntshang mo dintlheng tseno. Ka go reetsa kgakololo eno ka kelotlhoko, re tla tlisa tlotlo mo leineng la ga Jehofa, re nna tshegofatso mo go ba bangwe, mme ebile re tla amogelwa ke Modimo.

Ke Kgakololo Efe E O E Gakologelwang?

◻ Ke ka ntlhayang fa go ka twe re na le tshekamelo e e ruilweng ya go sa dirise thata ka tshwanelo?

◻ Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tshwanetse go itlhokomela gore ba se dirise thata ya bone kafa go sa tshwanelang?

◻ Keditsela dife tseo banna le basadi ba sa tshwanelang go dirisa thata kafa go sa tshwanelang mo go tsone mo dikamanong tsa bone mmogo?

◻ Batsadi mmogo le bana ba tshwanetse go tila eng malebana le go sa dirise thata ya bone ka tshwanelo mo dikamanong tsa bone?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Simone o ne a leka go dirisa mahumo go tlhotlheletsa Petere. Ke dithuto dife tse re ka di ithutang mo polelong eno?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A ngwana wa gago o dirisa thata kafa go sa tshwanelang go go laola?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela