A O ‘Latela Tlwaelo ya go Tshola Baeng’?
ENE e le letsatsi le le bothitho. Setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa bannye le bagolo ba ne ba dira ka ipatla, ba phepafatsa, ba taka le go dira ditiro tse di farologanyeng mo tirong ya go tlhabolola Holo ya Bogosi. Fa go setse go nna motshegare, ba ne ba ntse ba tsenwa ke letsapa, mme bangwe ba ne ba ntse fa fatshe ka lobakanyana go ikhutsa.
Gone fela foo, ga tsena bokgaitsadi ba bone ba Basupi ba le bararo, ba tshotse marotho, diphaphatha, dikuku koii, tee, le dino tse dingwe. Abo e pe ya nna kgakgamatso e e itumedisang ma bathong bao ba ba neng ba lapile! Pontsho ya go ithaopela go tshola baeng le lorato ga bokgaitsadi bao ba bararo e ne ya seka ya lapolosa badiri mo mmeleng fela mme gape e ne ya tlatseletsa mo gontsi mo moyeng o o bothitho le o o lorato mo bokopanong jotlhe jwa bakaulengwe le bokgaitsadi koo mo motshegareng oo.
Lotshwao lwa Bokeresete jwa Boammaaruri
Legale, go tshola baeng le lorato, ga di felele fela mo di akeng tse di kgethegileng tse di ntseng jalo. Mabapi le balatedi ba gagwe ba mmannete, Mosimolodi wa Bokeresete jwa boammaaruri, ebong Jesu Keresete, o ne a kaya ka go re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ka ene a re: “Lo tlwaèlè go chola baeñ.” (Yohane 13:35; Baroma 12:13) Ka mafoko a mangwe, tlwaelo ya go tshola baeng e e tlhotlhelediwang ke lorato lo lo seng bogagapa mo go ba bangwe ke tsela ya botshelo ya Bakeresete ba boammaaruri.
Lefa go ntse jalo, dinonofo tse di ntseng jalo, ga di itlele fela fa motho a nna Mokeresete. Go na le moo, motho o tshwanetse go dira ka natla go di tlhagolela. Seno se ntse jalo segolo-bogolo mo lefatsheng la gompieno, koo lorato lwa batho ba le bantsi lo tsidifetseng gone, fela jaaka Bibela e ile ya bolelelapele. (Mathaio 24:12) Mme abo e le phapaano jang ne koo go nang le dinonofo tse di ntseng jalo! Mo lelapeng le le bopaganeng thata, maloko a ipelela bommogo jwa ba bangwe mme ba itumelela go senya nako mmogo. Ka mo go tshwanang, fa maloko a phuthego ya Bokeresete a kopanela ka metlha mo dipokanong, mo bodiheding jwa tshimo, le mo dipakeng tse dingwe, tota ba tla itsane sentle. Ba nna ditsala tsa boammaaruri, gongwe le e leng go feta maloko a lelapa. (Diane 18:24) Setlamo seno sa botsala magareng ga basupi mmogo ba ga Jehofa se direla jaaka logora lo lo nonofileng kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di seng phepa tsa lefatshe.
Seabe sa Basadi ba Bakeresete
Lemororo Bakeresete botlhe ba kgothalediwa ‘go latela tlwaelo ya go tshola baeng,’ basadi ba Bakeresete ba na le seabe se segolo mo kgannyeng eno. Tota, a gantsi ga se bomme, segolo-bogolo basadi, ba ba dirang bogolo jwa tiro e e amanang le go bontsha go tshola baeng? Fa monna a laletsa bangwe mo phuthegong go tla gae go nna le botsalano jwa Bokeresete, a ga se mosadi yo gantsi a phepafatsang ntlo, a baakanyang dijo le dino, mme e re morago a phepafatse? Lemororo monna le bana ba ka kgona, mme e bile ba tshwanetse go ikemisetsa, go thusa, kwantle ga pelaelo ke mosadi yo o sikarang mokgweleo wa go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya sentle kafa tshwanelong
Ka mo go akgolegang, basadi ba le bantsi ba Bakeresete ka boithatelo ba ikemiseditse go iteka e le gore ba tle ba bontshe go tshola baeng ga boammaaruri mo bakaulengweng le mo bokgaitsading ba bone ba semoya. Ka sekai, akanya ka Dip Yee, modihedi wa mmulatsela wa nako e e tletseng mo Hong Kong yo monna wa gagwe e leng mogolwane mo phuthegong ya lefelo leo. Lemororo go lopa tiro e ntsi mo go ene fa ba laletsa bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi, fa gongwe le e leng setlhopha sotlhe sa thuto ya buka, mo legaeng la bone, ka boitumelo o bontsha go tshola baeng. A re, “Dijo tsa rona e nna tse di motlhofo fela. Go molemo go bona bakaulengwe ba ipelela bokopano thata le go agelelwa ke jone.” Tota ruri, ka ntlha ya go tshola baeng ga bone basadi ba Bakeresete ba na le seabe se segolo mo go agelelang moya o o bothitho mo phuthegong.
Ka ntlha ya sotlhe se se kopanyelediwang mo go bontsheng go tshola baeng, tota ruri go tlhokega bonatla le go intsha setlhabelo go basadi ba Bakeresete. Mme ba ka tlhomamisediwa gore matsapa a bone a lorato a anaanelwa thata ke banna ba bone le baamogedi ba bangwe ba ba lebogang. Legale, ka dinako tse dingwe bangwe ba ka nna ba se ka ba bontsha kanaanelo e e tshwanetseng ya seo ba se diretsweng, mme seo tota ga se lebaka la go kgobega marapo kana go ngala, kana go emisa go tshola baeng. Gakologelwa, lemororo go itumedisa go amogela ditlhaloso tsa malebo go tswa mo go ba bangwe le go lemoga gore maiteko a rona a a anaanelwa, re batla go bontsha go tshola baeng segolo-bogolo ka ntlha ya go bo e le selo se se tshwanetseng le se se lorato go se dira. Go feta tsotlhe, go itumedisa Jehofa Modimo go bo re dira jalo.
Go Nna le Pono e e Lekalekaneng
Mo metlheng eno ya ditlhotlhwa tse di ileng magoletsa, bangwe ba ka nna ba okaoka go bontsha go tshola baeng ka ntlha ya go bo ba ikutlwa gore ba ka seka ba kgona go dira jalo. Fano ke gone go tlhokafalang gore re nne le pono e e lekalekaneng mo kgannyeng eno. Lemororo go nna le sengwe se se kgethegileng jaaka dijo le dino go ka oketsa boipelo jwa paka eo, ga se lone lebaka le le botlhokwa thata. Lefoko la Modimo ka botlhale le bolela jaana: “Go ya diyō tsa merōgō hèla, ha e na le loratō, go molemō bogolo go kgomo e e otlilweñ, ha e na le kilō.” (Diane 15:17) Se re nang naso kana se re se fang ga se selo sa botlhokwa. Se se leng botlhokwa le go anaanelwa ke bokopano jwa bommogo jo bo agelelang le moya wa lorato oo re o bontshang.
Akanyetsa kgang ya ga Fung Hing, kgaitsadi yo o setseng a le mo dingwageng tsa bo-40 yo o nang le monna yo o ganetsang. O nna mo kamoreng e le nngwe e potlana thata mo bonnong jo bogolo jwa botlhe mo Hong Kong. Go raya gore ga aa itsholela le e seng. Tota, o dira tiro ya nakwana go thusa ka madi mo lapeng. Lefa go le jalo, o pelotshweu ka seo a nang naso. Fa Basupi mo phuthegong ba tlile go dira tiro ya ntlo le ntlo ya go rera gautshwane le ene, gantsi o ba laleletsa mo legaeng la gagwe go tla go bona sengwenyana se se yang maleng. Pontsho e e ntseng jalo e e lorato ga e anaanelwe fela ke Bakeresete ka ene mme gape e direla go bontsha gore motho ga se gore o tshwanetse a bo a itsholetse e le gore a tle a supe go tshola baeng ga boammaaruri.
Lefa go ntse jalo, lefa re ka ne re leka go nna ba ba tekanyo mo go tsholeng ba bangwe, re ka nna ra bo re fitlhela gore go a tlhokafala go tlogela dilo tse dirileng e le gore re tle re kgone go tshola baeng. A go na le mosola? Eleruri, fa re tlhotlhelediwa ke lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete. Gonne a lorato lo ka nna gone kwantle ga go intsha setlhabelo? Jehofa le Jesu boobabedi ba ne ba bontsha lorato lwa bone mo sethong ka go intsha setlhabelo mo go golo—Jehofa ka go ntsha Morwawe, mme Jesu botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng.—Yohane 3:16; 15:13.
Bakeresete ba pele le bone ba ne ba latela tsela ya lorato. Mabapi le bakaulengwe mo Makedonia, moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Yaka e rile mo tekoñ e kgolo ea pitlaganō, botlalō yoa boitumèlō yoa bōnè, le khumanègō ea bōnè e kgolo, ga penologa letlōtlō ya go aba ga bōnè. Gonne ke shupa ha ba ntshitse ka pelo tsa bōnè, kaha nonohoñ ea bōnè, E, le go hetisa nonohō ea bōnè. Ba re rapèla ka thapèlō e kgolo kaga tlhōgōnolōhalō e.” (2 Bakorintha 8:2-4) “Khumanègō ea bōnè” le “go hetisa nonohō ea bōnè” go ne ga dira gore bopelotshweu jwa bone bo nne jwa mmatota le jo bo amang.
Lefa go ntse jalo, e ka ne motho a humanegile kana a itsholetse, mme ebile kwantle ga dithuso tsa motlha wa segompieno, go bontsha go tshola baeng go santse go ntse go tlhoka nako, maikatlapelo le nonofo. Jalo he, tota, potso ke ya go re: A re ikemiseditse go iteka thata e le gore ba bangwe ba tle ba ipelele masego ja bokopano jwa Bokeresete? Gakologelwa, seane sa Bibela se re, “motho eo o hañ ka pelontlè o tla nontshiwa, le eo o nosañ le èna lda esi o tla nosiwa.” Re ka gomodiwa gape ke mogopolo wa gore fa re bontsha go tshola baeng e le go utlwa taolo e e tlhalositsweng ke Jehofa le go etsa sekao sa gagwe se se molemo-lemo go rialo re a bo re “adima Yehofa”—Diane 11:25; 19:17.
Ke Bafe Ba Re Ka Ba Laletsang?
Jesu o kile a re, “E re ha u diha modihō oa motshegare, u se ka ua laletsa ditsala tsa gago, leha e le bana ba ga rrago, leha e le ba losika loa gago leha e le ba ga eno ba ba humileñ.” Ka ntlha yang? “E se re kgotsa le bōnè, ba ba ba gu bitsa, me tuèlō e gu dihalèle.” (Luke 14:12) Ntlha eo Jesu a e bontshang fano ga se ya gore ga re a tshwanela go laleletsa ditsala tsa rona le ba losika dijo. O ne a ipelela dijo le ditsala tsa gagwe ka dinako tse dingwe, jaaka mo legaeng la ga Maria le Maratha. Ntlha fano ke gore go bontsha go tshola baeng ga rona ga go a tshwanela go tlhotlhelediwa lele mogopolo wa go boelwa ke sengwe.
Jaaka Jesu a ile a tswelelapele go bontsha, bao re tshwanetseng go ba akanyetsa pele mo go ntsheng taletso ke bao ba ka solegelwang molemo segolo-Bogolo ke bokopano joo. (Luke 14:13) Ba ka nna ba akareletsa bao ba tlhokang kgothatso bao ba leng basha mo boammaaruring bao ba leng boi kana ba ganelelang go nna ditlhong, le bao ba setseng ba godile. Phelelo e e agelelang eo bokopano jo bo ntseng jalo bo ka nnang le yone e bonwa mo dikakgelong tsa ga Oi Yuk, kgaitsadi yo o setseng a godile yo o tlhagafetseng mme a sena botsogo jo bo itekanetseng: “Bakaulengwe gantsi ba ntaleletsa maitisong a bone mme ba mpontsha bopelonomi ka ditsela di le dintsi. Goa intumedisa thata go nna bontlhanngwe jwa lelapa le legolo!”
Ka phepafalo, boikaelelo jwa dikokoano tse di ntseng jalo ke jo bo potang ka kwa go nna mmogo fela. Go na le moo, ke go agelelana le go tiisa sebofo sa lorato gareng ga baobamedi mmogo ba ga Jehofa. Ka gone, kgatelelo e tshwanetse ya nna mo go tshegetseng boemo jo bo agelelang le jo bo kgothatsang go na le mo letlotlong la dijo le dino. Ka mo go tshwanang, go tshwanetswe ga akanyediwa ditiro tse di dirwang mo dipakeng tse di ntseng jalo le metlotlo. Lemororo go sa tlhokafale gore sengwe le sengwe se se dirwang se bo se lebisitswe mo Bibeleng kana gore metlotlo yotlhe e nne mo dikgannyeng tsa Dikwalo, go tla bo go le botlhale le lorato go di boloka ka metlha yotlhe e le tse di agelelang le go kgothatsa. Metshameko ya kgaisano, go loma tsebe, kana dikakgelo tse di nyenyefatsang di tshwanetse go tilwa.—Baefesia 4:29, 31.
Ba Ba Tsholang Baeng Ba Tla Bona Dituelo Tse Dikgolo
Lemororo motho a sa tshwanela go tshola baeng ka mogopolo wa gore o tla boelwa ke sengwe, seno ga se reye gore motho yo o tsholang baeng ga a boelwe ke tuelo epe gotlhelele. Phapaanong le moo, go bontsha go tshola baeng ga boammaaruri go lere dituelo di le dintsi, lemororo di sa lebelelwa. Go thusa motho go nna le ditsala tse disha, mme go nonotsha dibofo tsa bogologolo. Go tlhotlheletsa ba bangwe gape go tlhagolela moya wa bopelotshweu le go tshola baeng. (Luke 6:38; Diane 11:25) Mo godimo ga tsotlhe, Motho yo o tsholang baeng go feta botlhe mo lobopong lotlhe, ebong Mmopi wa rona yo o lorato Jehofa Modimo, o tla dira gore ba ba tsholang baeng ruri ba seka ba tlhoka sepe, ka jaana a anaanela bao ba ‘latelang tlwaelo ya go tshola baeng’ jaaka a dira.