LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/1 ts. 14-19
  • Go Tshola Baeng ga Bakeresete mo Lefatsheng le le Kgaoganeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshola Baeng ga Bakeresete mo Lefatsheng le le Kgaoganeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tlhokomelang Masiela le Batlholagadi”
  • A go Na le Batswakwa mo Gare ga Rona?
  • Abelang Baitshepi
  • Ka Dinako Tse di Kgethegileng
  • ‘Lo Tsholane Kwantle ga go Ngongorega’
  • Go Amogela Baeng go Botlhokwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • A O ‘Latela Tlwaelo ya go Tshola Baeng’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • “Lo Tlwaele go Tshola Baeng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Bontshanang Moya wa go Tshola Baeng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/1 ts. 14-19

Go Tshola Baeng ga Bakeresete mo Lefatsheng le le Kgaoganeng

“Ka jalo, rona re patelesega go amogela batho ba ba ntseng jalo ka tsholo e ntle, gore re nne badirimmogo mo boammaaruring.”—3 JOHANE 8, NW.

1. Mmopi o file batho dimpho dife tse di rategang thata?

“MOTHO ga a na sepe se se molemo fa tlase ga letsatsi bogolo go go ja, le go nwa, le go tlhapelwa; gonne moo go tlaa sala nae mo letsapeng la gagwe ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe, jo Modimo o bo mo neileng tlase ga letsatsi.” (Moreri 8:15) Ka mafoko ano moreri wa Mohebera wa bogologolo o re bolelela gore Jehofa Modimo ga a batle fela gore batho ba a ba bopileng ba ipele le go itumela mme gape o ba tlamela ka dilo tse di ka ba itumedisang. Mo hisitoring yotlhe ya batho go bonala batho gongwe le gongwe ba batla go itumela le go ijesa monate.

2. (a) Batho ba sentse dilo tse Jehofa a neng a di ikaeletse jang? (b) Matswela ke eng?

2 Gompieno re tshela gare ga setšhaba se batho ba sone ba tshwaregileng ka go batla menate le go ijesa monate. Bontsi jwa batho e nnile “baithati, . . . barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo,” jaaka Baebele e boleletse pele. (2 Timotheo 3:1-4) Gone mme, seno se farologane gotlhelele le se Jehofa Modimo a neng a se ikaeletse. Fa go ijesa monate e le selo se se tlang pele mo botshelong, kana fa ba batla go ikgotsofatsa e le sone selo sa konokono, ga go na kgotsofalo ya mmatota mme, ‘gotlhe fela e nna boithamako le go belebetlela phefo fela.’ (Moreri 1:14; 2:11) Ka ntlha ya seo, lefatshe leno le tletse ka batho ba ba jewang ke bodutu le ba ba kgobegileng marapo, mme seo se baka mathata a mantsi gare ga batho. (Diane 18:1) Batho ba a belaelana e bile ba tlhaolana ka merafe, ditso, boemo le maemo a madi.

3. Re ka bona jang boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo?

3 A bo dilo di ka bo di farologane jang ne fa batho ba ka bo ba etsa tsela ya ga Jehofa ya go dirisana le ba bangwe—go nna molemo, pelotshweu, le go tshola baeng! O ne a bontsha ka phepafalo gore senotlolo sa go bona boitumelo jwa mmatota ga se fa re leka go kgotsofatsa dikeletso tsa rona. Go na le moo, senotlolo sa gone ke seno: “Go aba go lesego bogolo go go amogela.” (Ditiro 20:35) Gore re tle re bone boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo, re tshwanetse gore re fenye dikgoreletsi le go sa utlwane e leng dilo tse di ka re kgoreletsang. Mme re tshwanetse go amogela batho ba ba direlang Jehofa mmogo le rona. Go botlhokwa gore re tseye tsia kgakololo eno: “Ka jalo, rona re patelesega go amogela batho ba ba ntseng jalo ka tsholo e ntle, gore re nne badirimmogo mo boammaaruring.” (3 Johane 8, NW) Go bontsha batho ba ba tshwanelang tsholo e ntle ya baeng, go ya kafa maemo a rona a re letlang ka teng, go molemo ka ditsela tse pedi—go solegela batho ba ba abang le ba ba amogelang molemo. Ke bomang he, ba re tshwanetseng go ‘ba amogela ka tsholo e ntle’?

“Tlhokomelang Masiela le Batlholagadi”

4. Dikamano tsa malapa di fetogile go le kana kang mo e bileng go bonala le mo gare ga batho bangwe ba ga Jehofa?

4 Ga go na malapa a mantsi gompieno a a nonofileng le manyalo a a itumetseng. Selekanyo se ditlhalo di oketsegileng ka sone le go oketsega ga bommè ba ba sa nyalwang mo lefatsheng go fetotse thulaganyo e e tlwaelegileng ya lelapa thata. Ka ntlha ya seo, ba le bantsi ba e nnileng Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tsa bosheng jaana ba tswa mo malapeng a a kgaoganeng. Ba ka tswa ba tlhadilwe kana ba kgaogane le balekane ba bone ba lenyalo, kana ke malapa a motsadi a le nosi. Mo godimo ga moo, jaaka Jesu a ile a bolelela pele, boammaaruri jo a neng a bo ruta bo kgaogantse malapa a le mantsi.—Mathaio 10:34-37; Luke 12:51-53.

5. Ke eng se Jesu a neng a se bolela se se tla kgothatsang batho ba ba leng mo malapeng a a kgaoganeng?

5 Go a re itumedisa go bona kafa batho ba ba sa tswang go kopanela ba emelang boammaaruri ba nitame ka gone, mme gantsi re ba gomotsa ka tsholofetso e e kgothatsang ya ga Jesu e e reng: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go motho ope yo o tlogetseng ntlo, kgotsa bomorwa rraagwe, kgotsa bokgaitsadie, kgotsa mmaagwe, kgotsa rraagwe, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ya me, le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, yo o se ketlang a bona ga lekgolo, le jaana mo lobakeng lono, e bong matlo, le bomorwa rraagwe, le bokgaitsadie, le bommaagwe, le bana, le masimo, di na le dipogiso; mme mo lefatsheng le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Mareko 10:29, 30.

6. Re ka nna ‘bomorwarre, bokgaitsadi, bommè le bana’ ba “masiela le batlholagadi” ba ba mo gare ga rona jang?

6 Lefa go ntse jalo, ‘bomorwa rraagwe le bokgaitsadie, le bommaagwe, le bana’ ke bomang? Go bona fela batho ba bantsi kwa Holong ya Bogosi, gantsi ba ba lekgolo kana ba ba fetang moo, ba ba ipitsang bakaulengwe le bokgaitsadi ka bogone fela ga go dire gore motho a ikutlwe gore bano ke bomorwa rraagwe, bokgaitsadie, bommaagwe le bana ba gagwe. Akanya ka ntlha eno: Morutwa Jakobe o re gakolola gore fa re batla gore kobamelo ya rona e amogelwe ke Jehofa, re tshwanetse gore re ‘tlhokomele masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.’ (Jakobe 1:27) Seo se raya gore ga re a tshwanela go letla mekgwa ya lefatshe ya go ikgogomosa ka ntlha ya go huma le boemo jo bo kwa godimo mo gare ga setšhaba, go dira gore re palelwe ke go utlwela “masiela le batlholagadi” ba ba ntseng jalo botlhoko. Go na le moo, e tshwanetse ya nna rona re tsayang kgato pele go dira ditsala le go ba tshola jaaka baeng.

7. (a) Boikaelelo jwa konokono jwa go tshola “masiela le batlholagadi” sentle ke bofe? (b) Ke bomang gape ba ba ka nnang ba nna le seabe mo go tsholaneng ga Bakeresete?

7 Go tshola “masiela le batlholagadi” ga se ka metlha go rayang gore re ba neye dithoto tse ba di tlhokang. Malapa a go nang le motsadi a le nosi kana malapa a a kgaoganeng ka bodumedi ga se gantsi a tlhokang madi. Lefa go ntse jalo, botsalano jo bo siameng, moya wa lelapa, le go tsalana le batho ba dingwaga tse di farologaneng, le go abelana dilo tse di molemo tsa semoya—ke tsone dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong. Ka jalo, fa re gakologelwa gore go nna le kokoano e kgolo ga se sone selo se se botlhokwa mme se se botlhokwa ke go supa lorato le kutlwano, a bo go le molemo jang ne fa ka dinako tse dingwe, tota le “masiela le batlholagadi” ba ka supa moya wa go tshola baeng ka Bakeresetekabone!—Bapisa 1 Dikgosi 17:8-16.

A go Na le Batswakwa mo Gare ga Rona?

8. Ke phetogo efe e e leng teng mo diphuthegong tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa?

8 Re tshela mo nakong e baagi ba bantsi ba fudugang ka yone. “Batho ba ba fetang dimilione di le 100 go dikologa lefatshe ba tshela mo dinageng tse e seng tsa bone mme ba le dimilione di le 23 ba patelediwa go tswa mo dinageng tsa bone,” go bolela jalo World Press Review. Matswela a gone ke gore mo mafelong a mantsi, segolobogolo mo ditoropokgolong, mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa tse ka nako nngwe di kileng tsa bo e le tsa morafe o le mongwe fela kana ba setšhaba se le sengwe, gone jaanong di na le batho ba ba tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Gongwe go ntse jalo mo lefelong le o nnang mo go lone. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go leba jang “batswagosele” le “batswakwa” bano, jaaka ba ka tswa ba bidiwa ke batho ba lefatshe, bao puo ya bone, dingwao tsa bone le tsela ya bone ya go tshela e farologaneng le ya rona?

9. Re ka wela mo seraing sefe se se masisi malebana le tsela e re lebang “batswagosele” le “batswakwa” ba ba tlang mo phuthegong ya Bokeresete ka yone?

9 Fa re tlhamalala fela, ga re a tshwanela go letla boikutlo jwa go boifa le go tlhoa batswakwa go dira gore re ikutlwe e kete ka tsela nngwe re tshwanelwa ke tshiamelo ya go itse boammaaruri go gaisa batho ba ba tswang kwa nageng e e sa tlwaelegang kana e go ka tweng ke ya boheitane; e bile ga re a tshwanela go akanya gore baeng bano ba dirisa Holo ya Bogosi kana dilo tse dingwe ba sa tshwanela. Moaposetoloi Paulo o ne a tshwanela gore a gakolole Bakeresete ba Bajuta ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ba neng ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo gore, tota ga go na ope yo o nang le tshwanelo; ke ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo go bo go kgonega gore motho lefa e le ofe a bolokwe. (Baroma 3:9-12, 23, 24) Re tshwanetse gore re itumele go bo jaanong bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang bo kgona go fitlhelela batho ba bantsi ba ka tsela nngwe ba neng ba se ka ba fiwa tshono ya go utlwa mafoko a a molemo. (1 Timotheo 2:4) Re ka supa jang gore tota re a ba rata?

10. Re ka supa jang gore tota re tshola “batswakwa” ba re nang le bone sentle?

10 Re ka nna ra tsaya tsia kgakololo ya ga Paulo e e reng: “Ke gone tsholanang, fela jaaka Keresete le ene a lo tshotse, go tla lo nna kgalaletso ya Modimo.” (Baroma 15:7) E re ka re itse gore batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe kana ba ba godisitsweng ka tsela e sele gantsi ba le madimabe, re tshwanetse go nna pelonomi mo go bone le go amega ka bone fa re ka kgona. Re tshwanetse gore re ba amogele mo gare ga rona, re tshware mongwe le mongwe wa bone ‘jaaka yo o tsaletsweng mo go rona,’ mme ‘lo mo rate jaaka lo ithata.’ (Lefitiko 19:34) Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dira seno, mme re tla atlega fa re gakologelwa kgakololo eno: “Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.”—Baroma 12:2.

Abelang Baitshepi

11, 12. Batlhanka ba ba rileng ba ga Jehofa ba ne ba tlhokomelwa ka tsela efe e e kgethegileng kwa (a) Iseraele wa bogologolo (b) mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

11 Batho ba re tshwanetseng go ba tlhokomela ka tsela e e kgethegileng mo gare ga rona le go ba tshola jaaka baeng ke Bakeresete ba ba godileng ba ba dirang ka natla go re tlhokomela semoyeng. Jehofa o ne a direla baperesiti le Balefi dithulaganyo tse di kgethegileng kwa Iseraele wa bogologolo. (Dipalo 18:25-29) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete le bone ba ne ba kgothalediwa gore ba tlhokomele ba ba neng ba ba direla dikabelo tse di kgethegileng. Pego e e mo go 3 Johane 5-8 e re sedimosetsa go sekae gore re bone kamano e e lorato e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba na le yone.

12 Moaposetoloi Johane yo o neng a setse a godile o ne a anaanela thata bopelonomi le moya wa go tshola baeng o Gaio a neng a na le one mo bakaulengweng ba ba rileng ba ba etang ba ba neng ba rometswe go etela phuthego eo. Bakaulengwe bano—go akaretsa le Demeterio, yo go bonalang e neng e le ene a isang makwalo—e ne e le baeng botlhe kana ba Gaio a neng a sa ba itse pele. Mme lefa go ntse jalo, ba ne ba tsholana sentle ka gonne e ne e le mo “boemong jwa leina la [Modimo] go bo ba ne ba bolola.” Johane o tlhalosa jaana: “Jalo, rona re patelesega go amogela batho ba ba ntseng jalo ka tsholo e ntle, gore re nne badirimmogo mo boammaaruring.”—3 Johane 1, 7, 8, bapisa NW.

13. Ke bomang mo gare ga rona ba gompieno segolobogolo ba ba tshwanetseng ‘go amogelwa ka go tsholwa sentle’?

13 Gompieno, mo mokgatlhong wa ga Jehofa, go na le batho ba bantsi ba ba direlang bakaulengwe botlhe ka natla. Bano ba akaretsa balebedi ba ba etang, ba ba dirisang nako ya bone le maatla a bone beke nngwe le nngwe ba aga diphuthego; barongwa, ba ba tlogelang ba malapa a bone le ditsala go ya go rera kwa dinageng di sele; ba ba direlang kwa magaeng a Bethele kana kwa diofising tsa makala, ba ba ithaopang go tshegetsa tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe; le ba ba mo tirelong ya bobulatsela, ba ba dirisang nako e ntsi ya bone le maatla a bone mo bodireding jwa tshimo. Totatota, batho bano botlhe ba dira ka natla, e seng gore ba galalediwe kana ba iponele sengwe mme e le ka ntlha ya lorato lwa bokaulengwe jwa Bokeresete lo ba nang le lone le go bo ba rata Jehofa. Re tshwanetse go ba etsa ka ntlha ya poifomodimo ya bone e e tswang mo pelong mme tota re tshwanetse go ba ‘amogela ka go ba tshola sentle.’

14. (a) Re nna Bakeresete ba ba botoka jang fa re amogela batho ba ba ikanyegang ka go ba tshola sentle? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re Maria o tlhophile “kabelo e e molemo”?

14 Fa re “amogela batho ba ba ntseng jalo ka tsholo e ntle,” moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa gore, re ‘nna badirimmogo mo boammaaruring.’ Ka tsela nngwe, re nna Bakeresete ba ba botoka ka ntlha ya seo. Seno ke ka go bo ditiro tsa Bokeresete di akaretsa go direla badumedikarona se se molemo. (Diane 3:27, 28; 1 Johane 3:18) Go na le melemo e e tlang ka ditsela tse dingwe gape. Fa Maria le Maretha ba ne ba amogela Jesu mo ntlong ya bone, Maretha o ne a batla go nna motlamedi yo o molemo ka go direla Jesu “dilo di le dintsi.” Maria o ne a supa moya wa go tshola baeng ka tsela e e farologaneng. O ne “a dutse fa dinaong tsa Morena, a utlwa mafoko a gagwe,” mme Jesu o ne a mo akgola ka go bo a tlhophile “kabelo e e molemo.” (Luke 10:38-42) Gantsi go tlotla le go buisana le batho ba ba nang le maitemogelo a dingwaga tse dintsi ke selo se se monate go feta tsotlhe fa lo itisitse le bone ka maitseboa mangwe.—Baroma 1:11, 12.

Ka Dinako Tse di Kgethegileng

15. Ke dinako dife tse di kgethegileng tse e ka nnang dinako tsa go itumela mo bathong ba ga Jehofa?

15 Le mororo Bakeresete ba boammaaruri ba sa latele dingwao tse di tlwaelegileng kana ba sa keteke malatsi a boikhutso le meletlo ya lefatshe, go na le dinako tse ka tsone ba kopanang go itumelela botsalano jwa bone. Ka sekai, Jesu o ne a ya kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana mme a oketsa boitumelo jwa moletlo oo ka go dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha gone koo. (Johane 2:1-11) Ka mo go tshwanang le gompieno, batho ba ga Jehofa ba itumela mmogo ka dinako tse di kgethegileng tse di tshwanang le tseo, mme fa mekete le meletlo e ketekiwa ka tsela e e siameng go dira gore dinako tseo e nne tse di monate thata. Lefa go ntse jalo, ke eng se se siameng?

16. Ke dikaelo dife tse re nang le tsone malebana le boitshwaro le e leng ka dinako tse di kgethegileng?

16 Go ya ka se re se ithutileng mo Baebeleng, re ithuta gore boitshwaro jo bo siameng jwa Bakeresete ke eng, mme re latela seno ka metlha. (Baroma 13:12-14; Bagalatia 5:19-21; Baefeso 5:3-5) Dikokoano tsa botsalano, e ka tswa e le tse di amanang le manyalo kana sengwe se sele fela, ga di re neye tetla ya go itlhokomolosa ditekanyetso tsa rona tsa Bokeresete kana go dira sengwe se re neng re se kitla re se dira kafa tlase ga maemo a a tlwaelegileng; e bile ga re patelesege go latela dingwao tsotlhe tsa naga e re nnang mo go yone. Bontsi jwa tsone bo theilwe mo ditirong tsa bodumedi jwa maaka kana mo tumelobotlhoding, mme tse dingwe di akaretsa boitshwaro jo tota bo sa tshwaneleng Bakeresete.—1 Petere 4:3, 4.

17. (a) Ke dilo dife tse di supang gore moletlo wa lenyalo kwa Kana o ne o rulagantswe sentle e bile o okametswe sentle? (b) Ke eng se se supang gore Jesu o ne a itumelela moletlo oo?

17 Fa re bala Johane 2:1-11, ga go thata gore re bone gore e ne e le moletlo o mogolo o go neng go na le balalediwa ba bantsi mo go one. Lefa go ntse jalo, Jesu le barutwa ba gagwe e ne e le ba ba neng ba “lalediwa”; ga ba a ka ba itlela fela, lefa gongwe bangwe ba bone ba ne ba amana le molaletsi. Gape re ela tlhoko gore go ne go na le “batlhanka” le “molebalebi,” yo o neng a kaela gore batho ba fiwe eng le gore go dirwe eng. Seno sotlhe se supa gore moletlo oo o ne o rulagantswe sentle e bile o okametswe sentle. Pego eo e konela ka go bolela gore se Jesu a neng a se dira kwa moletlong, se ne se “bonatsa kgalalelo ya gagwe.” A o ka bo a ile a tlhopha moletlo oo go dira seo, fa e ne e le phati e e tlhakatlhakaneng le e e sa laolesegeng? Tota le e seng.

18. Ke eng se se tshwanetseng sa akanyediwa ka tsela e e masisi malebana le kokoano epe fela ya botsalano?

18 Go tweng he, ka dinako dipe tse di kgethegileng tse e tla bong e le rona re laleditseng batho? Re batla go gakologelwa gore lebaka la go bo re amogela batho ba bangwe ka go ba tshola sentle ke gore rotlhe re “nne badirimmogo mo boammaaruring.” Ka jalo, ga go a lekana go bitsa tiragalo nngwe re re ke kokoano ya “Bosupi.” Re ka nna ra ipotsa gore, A tota re supa gore re bomang le gore re dumela eng? Le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya dinako tse di ntseng jalo e le sebaka sa go bona gore re ka kgona go etsa lefatshe go le kana kang, ka go bontsha “thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo.” (1 Johane 2:15, 16) Go na le moo, dinako tseno di tshwanetse go supa sentle seabe sa rona jaaka Basupi ba ga Jehofa, mme re tshwanetse go tlhomamisa gore se re se dirang se tlotla le go galaletsa Jehofa.—Mathaio 5:16; 1 Bakorinthe 10:31-33.

‘Lo Tsholane Kwantle ga go Ngongorega’

19. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘tsholana ka go phumisetsanya re sa ngongorege’?

19 Jaaka fa maemo a lefatshe a ntse a senyegela kwa pele mme batho ba nna ba ntse ba kgaogana le go feta, re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go nonotsha kamano e e kitlaneng e e leng teng fa gare ga Bakeresete ba boammaaruri. (Bakolosa 3:14) Ka ntlha ya seno, Petere o re kgothaletsa gore ‘go ratana ga rona go tuke.’ Morago ga foo, ka mafoko a a tshwanelang o ne a oketsa jaana: “Lo tsholane ka go phumisetsanya lo se na ngongorego.” (1 Petere 4:7-9) A re iketleeditse go dira gore e nne rona pele re tsayang kgato ya go tshola bakaulengwe ba rona, re dira gotlhe mo re ka go kgonang gore re nne pelonomi le go ba thusa? Kana a re a ngongorega fa re tshwanetse go dira jalo? Fa e le gore re dira jalo, re senya boipelo jo re neng re ka nna le jone e bile re ka se bone boitumelo jo re ka bo newang fa re dira se se molemo.—Diane 3:27; Ditiro 20:35.

20. Ke masego afe a re tla a bonang fa re tshola baeng mo lefatsheng la gompieno le le kgaoganeng?

20 Go dira gaufi thata le Bakeresetekarona, go nna molemo le go tsholana, go tla re leretse masego a mantsi. (Mathaio 10:40-42) Jehofa o solofetsa ba ba ntseng jalo gore o tla “tsharololela motlaagana wa gagwe godimo ga bone. Ga ba ketla ba tlhola ba bolawa ke tlala gope le fa e le lenyora.” Go nna mo motlaaganeng wa ga Jehofa go raya gore o tla re sireletsa le go re tshola sentle. (Tshenolo 7:15, 16; Isaia 25:6) Ee, re lebeletse pele gore Jehofa a re tshole sentle ka bosakhutleng mo bogautshwaneng.—Pesalema 27:4; 61:3, 4.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Ke eng se re sa tshwanelang go se itlhokomolosa fa re batla go nna le boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo?

◻ “Masiela le batlholagadi” ke bomang, mme re tshwanetse go “ba tlhokomela” jang?

◻ Re tshwanetse go leba jang “batswagosele” le “batswakwa” ba re nang le bone?

◻ Ke bomang ba ba tshwanelwang ke go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng gompieno?

◻ Go tshwanetse ga supiwa jang moya o o tshwanetseng wa go tshola baeng ka dinako tse di kgethegileng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Ka dinako tsa meletlo re ka tshola sentle batswakwa, masiela, batho ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng le balalediwa ba bangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela