LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 1/15 ts. 15-20
  • Go Bona Nonofo, E Seng Go Idibala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bona Nonofo, E Seng Go Idibala
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa​—Ke Motswedi wa Nonofo E Kgolo
  • Jehofa O Ka Go Tlhagafatsa
  • Tlhabantsha Letsapa La Semoya
  • Bagolwane​—Nnang ‘Kgomotso’
  • Kafa Babulatsela Ba Ka Bonang Nonofo ka Gone
  • Jehofa o Nonotsha yo o Lapileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Bona Motswedi wa Maatla Otlhe
    Tsogang!—2005
  • Jehofa o Naya yo o Lapileng Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dinaledi di Senola Maatla a Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 1/15 ts. 15-20

Go Bona Nonofo, E Seng Go Idibala

“O naea baidibadi thata; le èna eo o senañ thata o mo totisetse nonohō.’​—ISAIA 40:29.

1, 2. O ka tshwantshetsa jang seo Bakeresete ba leng mo go sone botlhe le batabogi ba lobelo lwa marathone?

MO MOSONG mongwe wa October ka 1984, boidiidi jwa batho ba ka nna 16 000 ba ba phadisanang bo ne jwa tshologela mo mebileng go simololola Lobelo lwa Marathone lwa Motse wa New York. Moralo wa go feleletsa o ne o le bokgakala jwa dimmaele di le 26,2 (42,2 km). Letsatsi leo la letlhabula le le neng le le bothitho jo bo sa tlwaelegang mo pakeng eo le ne le na le mogote o o hupetsang le bongola jo bo kwa godimo tseo di neng di tsenya batabogi letsapa le go leka boitshoko jwa bone. Lobelo lo ne lwa nna kgaratlho e e remang ditokololo le e leng mo bataboging ba ba gaisang. Batabogi ba le bantsi ba ne ba felelwa ke nonofo mme ba lesa lobelo; ba ba ka tshwarang 2 000 ba ne ba se ka ba le digela. Bao ba neng ba le wetsa ba ne ba fentse maemo a a bokete thata.

2 Bakeresete le bone, ba mo lobelong. Mokgele ke eng? Botsbelo jo bo sa khutleng. Mme ka go tshwana fela le motabogi wa lobelo lwa marathone, ba tshwanetse go kgaratlha go ya go fitlha fela kwa tigelong ya lone. Bopelotelele bo a tlhokafala. Nonofo e tshwanetse ya nna gone mme ga tilwa letsapa lepe. Lobelo lwa rona lwa botshelo ga lo tshwane le lobelo lo lokhutshwane, mme go na le moo, lo tshwana le lobelo lwa sekgala se seleele. Paulo o ne a raya Bakeresete-ka-ene mo Korintha a re: “A ga lo itse ha ba ba sianañ ba tle ba siane botlhe, me moñwe hèla a phamole sekgèlè? Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè.” (1 Bakorintha 9:24) Mokgwa o Bakeresete ba sianang ka one ke wa go iteka ka tlhoafalo.​—Luke 13:24.

3. Ke jang fela Bakeresete ba ka tsamayang ka mosepele o o tlhoafetseng go fitlhelela ba digela lobelo?

3 Mme gongwe o ka nna wa ipotsa: ‘Ke mang yo o ka itshokelang mosepele oo gore a digele lobelo?’ Ga go ope wa rona yo o ka dirang jalo ka nonofo ya gagwe. Go bona sekgele, re tshwanetse ra dirisa Motswedi wa nonofo e kgolo, ebong Jehofa Modimo.​—Yobe 36:22; Pesalema 108:13.

Jehofa​—Ke Motswedi wa Nonofo E Kgolo

4. Go ya ka moperofeti Isaia, ke ka ntlha yang fa re ka ikanya mo kgonong ya ga Jehofa go tshegetsa batlhanka ba gagwe?

4 Kwantle ga pelaelo Jehofa o ka tshegetsa batlhanka ba gagwe. Ka mafoko a moperofeti wa gagwe Isaia, Mothatayotlhe o ne a bua ka dikgono tsa Gagwe tse di senang selekanyo le ditiro tsa Gagwe tse di nonofileng tse di ka se bapisiweng le sepe. “Kalèlañ matlhō a lona godimo, me lo bōnè,” a bolela. “Eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina; ke ka bogolo yoa nonohō ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ, ha go se sepè se se tlhōkahalañ. . . . A ga o ise o itse? A ga u ise u utlwe? Modimo o o sa khutleñ, Yehofa Motlhodi oa dikhutlō tsa lehatshe, ga a idibale, ga a lape; tlhaloganyō ea gagwè ga e na go tlhotlhomisiwa gopè.”​—Isaia 40:26-28.

5, 6. Neela dikai tsa bosupi jwa nonofo e kgolo ya ea Jehofa.

5 Go tswa fela kwa tshimologong go ya kwa bosenang bokhutlo, tshupo ya nonofo e kgolo ya ga Jehofa ya popo ke e e boitshegang! Ka sekai, akanyetsa dilo tse di bopang tseo sere (matter), go akareletsa le rona se dirilweng ka tsone​—diatomo. Di dipotlana fela thata mo e leng gore lerothodi le le lengwe la metsi le tshotse dibilione tsa dibilione di le 100 tsa diatomo (tsela ya Amerika ya go bala). Lefa go le jalo, ka mo go gakgamatsang mo bogareng jwa diatomo go na le maatla a a lekanyeng mo go e le nngwe, go ka thunya mo go golo mo go bileng go lekanye go ka epa namane e tona ya molete o o boteng jwa matlhatlaganyane a le 32 fa fatshe le kwatara ya mmaele boatlhamo jwa one.

6 Kafa ntlheng e nngwe ya selekanyo, akanyetsa letsatsi. Leubelo lono lwa nuklea lo logolo, lo lo bokete jwa ditone di le dibilione, lo gotetsa tsamaiso ya rona ya dipolanete. Lo gotediwa ke maatla ao a tswang mo diatomong tse dipotlana thata. Lemororo botshelo jotlhe mo lefatsheng​—ditlhatshana, diphologolo, le batho—​di ikaegile ka maatla ano a a tswang mo madirelong ano a motlakase a magolo a selegodimo, ke maatla fela a sekae a letsatsi a tota tota a fitlhang mo lefatsheng. Lefa go le jalo, seno se lekanetse go ka tshegetsa botshelo. Mo bukeng ya gagwe ebong Astronomy, moithutadinaledi Fred Hoyle o ne a kwala a re: “Selekanyo se sebotlana thata sa maatla a Letsatsi a a tlang mo Lefatsheng​—ao a hopholediwang go dikarolwana di le tlhano go tse di dimilione tse di lekgolo gabedi—​a feta maatla otlhe a a dirisiwang mo madirelong a lefatshe mo e ka nnang ga makgetlho a le 100 000.”

7. Re tshwanetse go ikutlwa jang kaga Jehofa morago ga go akanya kaga nonofo eo e bonalang mo popong ya gagwe?

7 Lefa go le jalo, letsatsi ke nngwe fela ya dibilione tsa dinaledi tseo di leng mo Lesomong la rona la Dinaledi​—mme ke naletsana ya selekanyo se se fa gare lefa go le jalo. Mme gape, baithuta-dinaledi ba hopholetsa gore go na le masomo-somo a dinaledi a a ka nnang 100 000 000 000 mo loaping lo lo itseweng. Selo seno ke se se jesang kgakge go ka se akanyetsa, a ga go jalo? Ga go gakgamatse go bo monna Jobe morago ga go ja tlhogo kaga tsela eo Jehofa “o phuthololañ magodimo” ka gone, a neng a re Modimo ke “o o dihañ dilō tse dikgolo tse di senañ botlhotlhomishō; E, dilō tse di gakgamatsañ tse di senañ palō.”​—Yobe 9:8-10.

Jehofa O Ka Go Tlhagafatsa

8. (a) Ke mang fela yo o ka dirisang ka botlalo nonofo ya ga Jehofa, mme ka ntlha yang? (b) Ke jang tsholofetso e e go Isaia 40:29-31 e leng e e nonotshang tumelo?

8 Baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba ka dirisa ka kgololesego le ka botlalo Motswedi ono wa maatla a magolo o o bopileng le go tshegetsa lebopo. Batlhanka ba ga Jehofa ba ka ‘thatafadiwa ka nonofo ka moya wa gagwe o o boitshepo,’ ba sa boife go ka tlhaelelwa ke maatla. (Baefesia 3:16; Pesalema 84:4, 5) Tota ruri go fenya ga rona lobelo lwa botshelo go ikaegile ka boikanyo jo bo feletseng jwa gore seatla se segolo sa Modimo se ka re kgarameletsa go ya kwa moralong o o digelang. O ka re tlhagafatsa. Ke fela jaaka moperofeti Isaia a bua jaana ka Jehofa: “O naea baidibadi thata; le ena eo o sena thata o mo totisetse nonohō. Ba e leñ makau ba tla idibala, ba lapa le makolwane a tla phuaganèla rure: Me ba ba lebèlèlañ mo go Yehofa ba tla shahatsa thata ea bōnè; ba tla tlhatloga ka diphuka yaka boncwi ba ba tona; ba tla siana, ba sa lape; ba tla tsamaea ka dinaō, ba sa idibale.” (Isaia 40:29-31) Aitsane, gone go bala mafoko ao fela go ka tlhotlheletsa moya wa rona!

9. Jehofa o ka go ithusa jang mo mathateng a gago a a tshwanang le ‘dithaba’?

9 Fa o lebane le mathata a go bonalang a le magolo thata thata a a tshosetsang go emisa tlhagafalo ya gago mo kobamelong ya boammaaruri, o ka nna wa ikutlwa o le mmotlana e bile o se botlhokwa. O se ka wa kgobega marapo. Retologela kwa go Rrago wa selegodimo yo o maatlaotlhe. O thatafatsa ‘botlhe ba ba lebeletseng mo go ene.’ A Mmopi wa atomo o ka se tsenye maatla a gagwe a magolo mo bathong ba gagwe ao a lekanyeng go ka sutisa ‘dithaba’ tseo? Ruri ka dira!​—Mareko 11:23.

10. (a) Ke dilo dife tse di ka lapisang batabogi ba Bakeresete? (b) Ke eng seo Satane a batlang go se dira go wena?

10 Mo letlhakoreng je lengwe, Bakeresete bangwe ba ka nna ba bo ba lapisiwa thata ke go tlhabantshanya ga malatsi otlhe le dikgatelelo tsa lefatshe leo le itshupang fa le tlhokomologa melao-metheo ya Bokeresete mo ba ikutlwang ekete ba ka nyahala kana le e leng go emisa mo lobelong lwa botshelo. Bolwetsi, ditlhaelelo tsa madi, mathata a lelapa, bodutu, kana mathata a mangwe le tsone di ka lere kgobego-marapo. Mme kgobego-marapo e ka tsaya nonofo ya Mokeresete ka bofefo, fela jaaka letsatsi je le mogote le ka gapa maatla a motabogi wa lobelo lwa marathone ka bofefo. Mmaba yo mogolo, ebong Satane Diabolo, o dirisa dilo tse di ntseng jalo go leka go roba bothokgami jwa gago jaaka motlhanka wa ga Jehofa. (1 Petere 5:8) Se dumelele Diabolo go dira jalo! Leba go Mmopi wa didikadike tseo tsa masomosomo a selegodimo go busetsa nonofo ya gago ya semoya. Jehofa o ka go tshegetsa.​—Pesalema 37:17; 54:4.

11. Re ka ithutang go tswa tseleng eo Dafide a neng a lebana le dikgoreletsi ka yone?

11 Fa a ne a lebane le dikgoreletsi, Dafide ka metlha yotlhe o ne a fitlhela Jehofa e le motswedi wa nonofo e ntšha. A tsosolositswe ke moya o o boitshepo, Dafide o ne a kgona go ‘tlola’ kganetso lefa e ka nna efe. O ne a re: “Gonne ke shōtlhōmèla leshomō ka wèna; ke ba ke tlola lorakō ka Modimo oa me.” Dafide gape o ne a bolela a re: “Re tla diha senna ka Modimo, ka e le ōna o o tla gatakañ baba ba rona.” (Pesalema 18:30; 60:12) Jehofa o ka go direla se se tshwanang.

Tlhabantsha Letsapa La Semoya

12. (a) Ke ka ntlha yang fa go lapa ga semoya go tshwanetse ga fedisiwa ka bonako? (b) Dikai tsa letsapa la semoya ke dife? (c) Ke dipaakanyetso dife tseo Jehofa a di dirileng go tsosolosa bao ba lapileng kafa semoyeng?

12 Re tshwanetse ra potlakela go lemoga ditshupo tsa letsapa la semoya mme re nne bofefo ka mo go tshwanang go lwantshanya le tsone. Ka ntlha yang? Gonne ke ba sekae fela ba ba ‘itekang ka tlhoafalo ba ba tla tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng,’ kana batabogi bao ba kgabaganyang moralo o o digelang, ba ba tla bonang sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng. (Luke 13:24; Bafilipi 3:12, 13) Tlhatlhoba lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “Dingwe tsa Ditsela tsa go Lwantsha Letsapa la Semoya.” A o lemoga dingwe tsa dikai mo go wena kana mo lelokong lengwe la lelapa? Fa go ntse jalo, tsaya dikgato ka bofefo go dira dipaakanyo. Tsosolosa bomoya jwa gago ka go bona nonofo mo dipaakanyetsong tse di rulagantsweng tsa ga Jehofa.

13, 14. (a) Ke dikai dife tse dika re thusang go ntšhafatsa nonofo ya tona ya semoya? (b) Ke jang kgakololo go tswa motlhankeng mongwe yo o sa leng a dira ka nako e telele wa ga Jehofa e re thusang go nna mo lobelong?

13 O ka ganana le tshekamelo ya go lapa ka go etsa dikao tsa batlhanka ba ba fentseng ba Modimo ba ba kwadilweng mo Bibeleng. Go ne go na le banna ba le bantsi le basadi, bannye le bagolo, bao ba neng ba itshoka go ya bokhutlong. Bala ka bone mo dikwalong tse di jaaka Bahebera 11:4-40. Ka mo go tshwanang, mo metlheng ya segompieno re na le bakaulengwe ba le bantsi ba ba rategang le bokgaitsadi ba ba ntseng ba tsweletse ka go direla Jehofa kwantle ga go lapa.

14 George, yo o nnang kwa borwa jwa United States, ke sekao sa motabogi wa Mokeresete yo o sa lapang. Morago ga dingwaga tse di fetang 50 a ntse a le mo lobelong lwa botshelo jo bo sa khutleng, o santse a ntse a nonofile. Ke kgakololo efe eo a e re fang?

“Ke ka bua jaana ka maatla, ngaparela phuthego. Gakologelwa gore Jesu Keresete, jaaka Yo o Tlhophilweng ke Jehofa, ke ene motsamaisi wa phuthego. Jalo o se ka wa kgobega marapo fa mongwe yo o gautshwane le wena a sa ikanyege. Fa go na le sengwe se o sa se tlhaloganyeng ka botlalo kana se o fitlhelang go le thata go se amogela, tshepa gore e tla te morago ga lobakanyana se phepafadiwe. Phuthego ya ga Jehofa e re letile go tla go ntlha fano. Ikanye gore e tla re goga go ya Tsamaisong e Ntšha.”​—Yohane 6:66-68.

15. E le gore dikao tse di molemo di tle di tlhagafetse moya wa rona, ke eng seo re tshwanetseng go se dira?

15 Go ka nna ga nna le ba le bantsi ba bano ba ba tlhokegang thata mo phuthegong ya ga eno, kana o ka kopana le bone mo dikopanong tsa potologo. Bua le bone. Ithute mo go bone. Mme gape, dikao tsa ha bangwe ba ha ikanyegang di fitlhelwa go Yearbook, Tora ya Tebelo le mo dikgatisong tse dingwe tsa Watch Tower. Bala dipolelo tseno. Bona kafa o ka bapalang nonofo ka gone mo maitemogelong ao.

Bagolwane​—Nnang ‘Kgomotso’

16. (a) Bagolwane ba ka thusa jang Bakeresete ka bone go bona nonofo? (b) Ke boitiso bofe jo bagolwane ba tshwanetseng go bo bontsha fa ba neelana ka kgothatso le kgakololo?

16 Bagolwane ba phuthego segolo bogolo ba tshwanetse go nna pudimatseba go thusa maloko ao a bontshang dikai tsa go reketla. Isaia 35:3 e neelana ka kgakololo e e molemo fa e re: “Thatahatsañ diatla tse di bokōa, lo lomaganye mañōlè a a kgwètlhañ.” Mme ke jang lona bagolwane lo ka dirang karolo ya lona mo go seno? Selo sa ntlha, nnang kelotlhoko. Lemogang se tota se bakang go nyahala. Neelanang ka dikakantsho tse di dirang, le tsa Dikwalo tseo di baakanyeditsweng motho yoo. Mme nnang kelotlhoko. Lo batla go kgothatsa, e seng go kgoba mokaulengwe wa lona marapo.a Ka gone, lo seka lwa dirisa digakolodi tsa lona mo go mongwe, kana lwa patelela motho yoo go sala morago tharabololo ya lona, kana go mo kaya jaaka Mokeresete yo o sa golang fa a okaoka go ya le gono ya lona ya botho. Bagolwane ba tshwanetse go thaya kgakololo ya bone le kgothatso mo Bibeleng. Ga ba ne ba batla go nyahatsa batabogi ka bone ka go ba imetsa ka ditaolo tse di a tlhokafaleng tsa phuthego.​—Bapisa Mathaio 11:28, 29 le Mathaio 23:2-4.

17. Bagolwane ba ka tlhabantshanya jang le maano a ga Satane ao a rulaganyeditsweng go nyahatsa Bakeresete mmogo?

17 Bagolwane ba ka nna dikao tse di molemo jaaka balatedi ba ga Keresete ka go nna bofefo go akgola maloko a phuthego. Ba direng gore ba ikutlwe fa ba batlega le go tlhokafala ka mmatota! Tsamaiso ya ga Satane ka metlha ke eo e iketleeditseng dira gore Bakeresete ba ikutlwe ba tlhaela. Mo ntlheng eno mo lobelong lwa bone lwa botshelo, bakaulengwe ba rona ba tlhoka, e seng banyatsi, mme e leng ditsala tsa go ba nametsa gore ba ye phenyong. Ka sekai, e ne ya re fa kgaitsadi mongwe yo o sa leng monana a tlamega go khutlisa go bulatsela, pelo ya gagwe ya tuka ka keletso ya go boela gape mo tirelong ya nako e e tletseng. Mme o ne a ka seka a dira jalo ka ntlha ya maemo a tsa madi. Lemororo a ne a na le maikaelelo a a molemo, mogolwane o ne a mmotsa potso e e neng e bonala e nyatsa: “O tla boela leng gape mo bobulatseleng?” Karabo ya gagwe e khutshwane le e e tlhamaletseng e ne ya mo gakgamatsa: “Fa monna wa me a ka kgona go duelela rente ya ntlo.” Seo mogolwane a neng a paletswe ke go se lemoga, mme e neng ya re moragonyana a se lemoga, e ne e le gore go bulatsela ga gagwe go ne go tswelela ka ntlha ya go thusiwa thata thata ke madi ao a neng a amogelwa ke monna wa gagwe. Mme e ne ya re fa mothapi wa gagwe a nnela go amogela tiro eo e neng e lebega e sa siamela Mokeresete, segakolodi sa monna wa gagwe sa mo tlhotlheletsa go senka tiro e nngwe gape. Mo dingwageng tsa gagwe, ditiro di ne di sa bonwe motlhofo. Jalo a tshwanelwa ke gore a tsenelele tiro e e duelang madi a a kwa tlase; jalo, ga tlhokafala gore mosadi wa gagwe a bereke ka nako e e tletseng.

18. Ke ka tsela efe bagolwane ba ka nnang ‘kgomotso’?

18 Go tswa boitemogelong jo re bo utlwileng jono, a re tshwanetse ra tsaya gore bagolwane ba ikgogone go neela Bakeresete ka bone kgakololo? Nnya. Go na le moo, fa kgakololo kana kgothatso e tlhokwa, bagolwane ba tshwanetse go lemoga maemo a mmatota a bakaulengwe ba bone e seng go a leba fela kafa a bonalang ka gone fa godimo. (Yakobe 2:15, 16) Ka tsela eno, bagolwane ba ka nna “kgomoco” mo diphuthegong tsa bone.​—Bakolosa 4:11.

19. Ke eng se o ka se dirang go thusa babulatsela gore ba seka ba lapa?

19 Palo e e ntseng e oketsega ya baboledi ba Bogosi e ile ya fefosa mosepele wa bone mme jaanong ke babulatsela ba ka metlha. Mokgosi o mogolo wa morafe o ka kgothatsa batabogi ba lobelo lwa marathone go bona nonofo gape. Jalo he ke eng se o se dirang go dudueletsa babulatsela ba ba mo phuthegong ya ga eno go ya phenyong? Doug le Joanne ba ile ba dira tirelo ya nako e e tletseng tsela ya bone ya botshelo. E ka nna selo se se ka kgobang marapo fa ba bangwe ba ka ba botsa ba re, “Lo tla nna le bana leng?” kana, “Lo tla aga motse leng?” Lefa go ntse jalo, go ka diragalang fa Basupi ka bone ba ka ba neela tshegetso ya botswelelopele ka go re, “Tswelelang pele lo dira sentle. Re ipelela go bo re na le lona jaaka babulatsela mo phuthegong ya rona”? Aitsane, ga ba tile letsapa la semoya fela mme gape ba thusiwa go fofa jaaka bontswi mo tirelong ya bone ya bobulatsela! ​—Bapisa Isaia 40:31.

Kafa Babulatsela Ba Ka Bonang Nonofo ka Gone

20, 21. Ke jang bangwe mo tirelong ya nako e e tletseng ba ileng ba bona nonofo?

20 Reetsa banyalani bano, Frederick le Marian. Ba itse kafa ba ka bonang nonofo ka gone. Boo-babedi ke barongwa ba ba direlang mo nageng nngwe ya Bogare jwa Amerika, mme botlhe ba mo dingwageng tsa bo-70. Mokaulengwe o ne a simolola tirelo ya gagwe ya bobulatsela ka 1946, mme kgaitsadi ka 1950. Ke eng se se ba bolokang ba ntse ba tsweletse mo tirelong ya ga Jehofa? Frederick o araba ka go re: “Mo godimo ga go rata Jehofa le keletso ya go thusa batho ba bangwe, ke go nna ke gopotse ka mokgele wa botshelo jo bo sa khutleng.” Mosadi wa gagwe o araba ka go re ‘ditsholofetso tsa Modimo di ile tsa re boloka re tsweletse.’ Ba itshireletsa jang mo go lapeng? “Lefa kabelo ya gago e ka nna efe,” mokaulengwe o a gakolola, “nna o tshwaregile mo go yone.” Kgaitsadi ene o haka ka go re “nna wa ka metlha mo tirong ya bolegodimo” mme a oketsa: “Fa o ntse o gola, o ka se ke o dire gotlhe mo o batlang go go dira. Seo se ne se ka ntshwenya, mme ke bua le Jehofa ka gone mo thapelong.” Frederick o digela ka mafoko ano a mantle a kgakololo: “Re rapela bosigo bongwe le bongwe le go kopa Jehofa go re thusa.”​—1 Petere 4:7.

21 Lavonia o dingwaga tse 67 mme o ile a nna mmulatsela mo dingwageng tse 20 tse di fetileng. Mo ngwageng o o fetileng, o ne a senya malatsi a le 15 mo sepateleng mme gone jaanong o santse a tsaya kalafi ya pelo. Go swa ga maloko a le mmalwa a ba lelapa, go akareletsa le monna wa gagwe le rraagwe, di ile tsa mo ama thata mo maikutlong. Lefa go le jalo o santse a ntse a iteka. O ile a bona nonofo jang? “Go kgona go arola ka botlalo mo tirong ya go rera tota go ile ga nthusa,” o a bolela, “ka go bo fa ke kgona go bua le ba bangwe kaga Jehofa, go tlosa mogopolo wa me mo mathateng a me mme go ritibatsa tlhaloganyo ya me le boipelo joo bo dirang botshelo go nna le mosola.” Ga a rulaganyetse ka gope go tlogela bobulatsela mme go na le moo a re: “Fa ke bona ba bangwe ba ithuta kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe a a molemo-lemo seo se nneela boipelo jo bogolo joo bo dirang gore ke seka ka gopola kaga go emisa tirelo ya bobulatsela.”​—Ditihō 20:35.

22. Go fenya lobelo lwa botshelo jo bo sa khutleng, see eng se re tshwanetseng go tswelelapele go se dira?

22 E ka ne re kgona go iteka jaaka babulatsela mo ntlheng eno mo botshelong kana nnyaa, rotlhe re ka atamalana gaufi-ufi le Motswedi wa nonofo e kgolo, ebong Jehofa, le phuthego ya gagwe. A re tsweleleng go bona nonofo ka go direla Modimo wa rona ka boikanyegi. Mme he, jaaka Habakuke, re ka re: “Yehofa, Morèna, ke thata ea me, o diha dinaō tsa me di nna yaka maoto a tshèphè.” (Habakuke 3:19) Jalo ga re kitla re idibala kana re lapa. Gakologelwa gore lobelo lo setse lo fela. Re gaufi le mokgele!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka mo go kgatlhisang, lefoko le le rayang kgothatso go Bafilipi 2:1 le Bahebera 6:18 le tswa lediring la Segerika le le rayang “go dirisa tlhotlheletso e e bonolo ka mofoko” kana “go bua le mongwe, ka tsela e e tlhamaletseng, le e e molemo.”

Dipotso tsa Poeletso

◻ Ke mang fela yo o ka dirisang nonofo e kgato ya ga Jehofa ka kgololesego?

◻ Dingwe tsa dikai tsa letsapa la semoya ke dife?

◻ Ke dipaakanyetso dife tsa ga Jehofa tse di ka fe thusang go bona nonofo?

◻ Bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba ka thusa babulatsela jang go nna ba ntse ba le mo “lobelong”

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Dingwe tsa Ditsela tsa go Lwantsha Letsapa la Semoya

Dikai tsa Letsapa

◻ Tlhaelo ya boikgapo mo go jeng, mo go nweng, le mo ditelekisong tsa menate

◻ Go latlhegelwa ke tlhagafalo mo boammaaruring, moya wa boikgotsofalelo

◻ Go nnela ruri le dipelaelo tse di masisi le tse di ganelelang

◻ Go tlhokomologa ga kopanela mo dipokanong tsa phuthego

◻ Go tlhaela tlhagafalo le boipelo mo bodiheding jwa tshimo

◻ Go nyatsa bagolwane ka mo feteletseng le phuthego

Dithuso tsa go Itshoka

◻ Go rapelela thuso ya moya o o boitshepo.​—Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23; 1 Peter 4:7

◻ Thuto ya botho​—Pesalema 1:1, 2

◻ Go tlhatlhanya ka dikgang tsa Dikwalo​—Pesalema 77:12

◻ Go nna gone ka metlha mo dipokanong le mo dikopanong​—Nehemia 8:1-3, 8, 10; Bahebera 10:23-25

◻ Go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo​—Ditiho 20:18-21

◻ Thuso ya semoya go tswa mo bagolwaneng ba phuthego, balebeding ba ba etang​—Baroma 1:11, 12; Bahebera 13:17

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jehofa, Mmopi wa lobopo lotlhe, o thusa basupi ba gagwe go bona nonofo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho sa NASA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela