LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 1/15 ts. 24-25
  • Basamaria Ba Le Bantsi Ba a Dumela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basamaria Ba Le Bantsi Ba a Dumela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Ruta Mosadi wa Mosamaria
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Ruta Mosadi wa Mosamarea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Mosadi Kwa Sedibeng
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Go Ruta Mosadi wa Mosamaria
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 1/15 ts. 24-25

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Basamaria Ba Le Bantsi Ba a Dumela

FA BA goroga ba tswa mo Sikara ka dijo, barutwa ba fitlhela Jesu a le fa sedibeng sa ga Jakobe se ba mo tlogetseng fa go sone. Mme jaanong o bua le mosadi wa Mosamaria. O a tsamaya fa barutwa ba goroga, a tlogela nkgwana ya gagwe ya metsi, mme a ya mo motseng.

Ka go kgatlhegela thata-thata dilo tse Jesu a di mmoleletseng, o bolelela banna ba ba mo motseng a re: “Tlaañ, lo bōnè monna eo o mpoleletseñ dilō cotlhe tse ke nntseñ ka nna ka di diha le bogologolo.” Go tswa foo, e le ka tsela ya go tsosa kgatlhego ya bone, o a botsa: “A e ka nna èna Keresete?” Potso e diragatsa boikaelelo jwa yone​—banna ba ya go iponela ka bobone.

Fa go ntse go ntse jalo, barutwa ba kgothaletsa Jesu gore a je dijo tse ba di mo tliseditseng go tswa mo motseng. Mme o ba araba ka go re: “Ke na le seyō se ke se yañ, se lo sa se itseñ.”

“A moñwe o tsile a mo choletse diyō go ya?” barutwa ba a botsana. Jesu o a tlhalosa: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè. A ga lo re, Go sa na le dikgwedi di le nnè, me go tle thōbō ea mabèlè?” Mme a lebisitse thobong ya semoya, Jesu o re: ‘Yo o robang o setse a tshola tuelo, mme a phuthele botshelo jo bo sa khutleng loungo.’

Gongwe Jesu o ne a setse a kgona go bona phelelo e e molemo-lemo ya go neela bosupi ga mosadi wa Mosamaria​—gore ba le bantsi ba ne ba baya tumelo mo go ene ka ntlha ya bosupi jwa gagwe. Fa banna ba Sikara ba tla kwa go ene fa sedibeng, ba mo kopa gore a name a ntse le bone go bua le bone mo go oketsegileng. Jesu o amogela taletso mme o nna gone ka malatsi a le mabedi.

Fa Basamaria ba ntse ba reeditse Jesu, ba le bantsi ba a dumela. Go tswa foo ba raya mosadi ba re: “Yanoñ rea dumèla, eseñ ka ntlha ea go bolèla ga gago hèla: gonne ka rosi re mo ikutlwetse, me rea itse ha rure motho eo e le Mmoloki oa lehatshe.” Tota ruri mosadi wa Mosamaria o baakanyetsa ka sekao se se molemo sa kafa re ka neelang bosupi kaga Keresete ka gone ka go tsosa kgatlhego e le gore bareetsi ba tle ba batlisise mo go oketsegileng!

Gakologelwa gore jaanong e setse e le dikgwedi di le nne pele ga thobo​—ka phepafalo e leng thobo ya barele, eo mo Palasetine e diragalang ka dikgakologo. Jalo he go bonala fa e le kgwedi ya Mosetlhe kana Morule. Seno se raya gore morago ga Tlolaganyo ya 30 C.E., Jesu le barutwa ba gagwe ba senya dikgwedi di ka hera bobedi mo Judea ba ruta le go kolobetsa. Go tswa foo jaanong ba leba kwa kgaolong ya legaeng la bone ya Galilea. Ke eng seo ba tla se bonang koo? Yohane 4:27-42.

♦ Ke bosupi bofe jo mosadi wa Mosamaria a bo neelang mme ka diphelelo dife?

♦ Dijo tsa ga Jesu di amana jang le thobo?

♦ Re ka tlhomamisa jang boleele Jwa bodihedi jwa Jesu mo Judea morago go Tlolaganyo ya 30 C.E.?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 25]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela