Abela ba Bangwe “Dilo Tse di Molemo” ka go Amogela Baeng (Math. 12:35a)
Ga go pelaelo gore rotlhe re batla go abela ba bangwe “dilo tse di molemo” ka go ‘latela mokgwa wa go tshola baeng.’ (Bar. 12:13) Bagolwane ba ne ba newa kaelo ya go etelela pele mo go direng seno ka go duelela ditshenyegelo tsa sepalangwa tsa sebui se se etileng le go mo rulaganyetsa dijo. Le fa go ntse jalo, re ka tswa re okaoka go amogela baeng ka gonne re se na mo gontsi kgotsa re tshaba go laletsa batho kwa magaeng a rona. Go akanya ka kgakololo e Jesu a neng a e naya Maratha go ka re thusa go fenya boikutlo joo. (Luke 10:39-42) O ne a gatelela gore “karolo e e molemo” ya go amogela baeng ke go nna mmogo le go kgothatsana e seng dijo tse dintsintsi kgotsa ntlo ya magasigasi. Fa re dirisa kgakololo eno, rotlhe re ka abela bakaulengwe ba rona “dilo tse di molemo” go dumalana le Lefoko la Modimo.—3 Joh. 5-8.