LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 11/1 ts. 27-30
  • A Bogagaru Bo A Tle Bo go Tshware?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bogagaru Bo A Tle Bo go Tshware?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogagaru jwa go Tlhakanela Dikobo le Matswela a Jone
  • Bogagaru jwa Madi le Matswela a Jone
  • Re Ka Thibela Serai sa Bogagaru Jang?
  • Tila Seru sa Bogagapa O Bo O Atlege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tswelela O Tila Serai sa Bogagaru
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Akanya Fela ka Lefatshe le le Senang Bogagapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Motlha wa Bogagapa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 11/1 ts. 27-30

A Bogagaru Bo A Tle Bo go Tshware?

A O KILE wa nna teng kwa moletlong o go neng go tletse dijo tse di monate le dinotagi mo go one mme wa raelesega go ja bobe? Ba bantsi ba tla dumela gore mokgwa wa bogagaru o a tle o ba tshware ka dinako dingwe. A o ka emelana le one ka metlha? Kana o a tle o go fekeetse, o bake go opiwa ke tlhogo kana tlhogo ya bojalwa kana go feta moo? Matswela a mangwe a bogagaru ke afe? Re ka fenya go tshwara ga jone go go tsietsang jang? Eno ke kgang ya botlhokwa, gonne Bibela e bolela gore ga go yo o ‘bohula yo o tla ruang bogosi jwa Modimo.’​—1 Bakorintha 6:10.

Bogagaru bo tlhalositswe jaaka keletso e e feteletseng, kana bogagapa, keletso e e feteletseng ya se se fetang se motho a se tlhokang kana se se mo tshwanetseng. Bo ka nna ka mekgwa e e farologaneng, go akareletsa le: lorato Iwa madi, keletso ya maatla le go tuma, keletso e e feteletseng ya dijo, dino, go tlhakanela dikobo, le dikhumo. Ke lebaka la motheo la boikepo jo bo re senyang gompieno. Ke ka ntlhayang fa go tlhakanela dikobo go go sa letlelelwang le bokebekwa jwa mefuta yotlhe di oketsega? Ke ka ntlhayang fa dimilione tsa batho di ja go feta tekanyo mme dimilione tse dingwe di bolawa ke tlala? Ke ka ntlhayang fa madi a mantsi jaana a senngwa mo go tshamekeng ka madi le mo go itekeng lesego? Ke eng se se tlhotlheletsang bogodu jwa matlole a batho le a morafe, bopelotshetlha jwa kgwebo, le go se ikanyege ga badiredi-puso? Mme ke eng se se tlhotlheletsang dintwa le matswela a tsona a a boitshegang a tshenyo le tshotlego? Go tshwara go go leswefatsang ga bogagaru.

Bogagaru jwa go Tlhakanela Dikobo le Matswela a Jone

Bogagaru bo ka tsaya dibopego tse di maswe-maswe mme jwa tlontlolola botshelo jwa motho ka mo go masisi. Ka sekai, monna mongwe yo o nyetseng yo o nang le lelapa le le molemo o ne a na le bogagaru jo bo feteletseng jwa go tlhakanela dikobo. Letsatsi lengwe, a tlhotlhelediwa ke nno-tagi, o ne a sala basetsana ba babedi morago go fitlha kwa legaeng la bone, a ikaeletse go ba tsietsa gore ba robale le ene. Mme rrabona le wa-losika ba ne ba tswa mme ba mmetsa. O ne a isiwa bookelong a phanyegile logata, a robegile lotlhaa, mme leitlho le gobaditswe mo go maswe. Morwadie yo mmotlana o ne a swabile thata mo a neng a leka go ipolaya. Lelapa la gagwe lotlhe le ne le gakgametse ebile le tshogile le tlontlolotswe. Abo go mo duedisitse jang ne go ineela ga gagwe mo bogagarung jwa go tlhakanela dikobo!

Boitemogelo jwa Kgosi Dafide wa Iseraele bo tlhomamisa ntlha eno. Dafide o ne a setse a na le basadi ba le mmalwa. Mme ka letsatsi lengwe a le mo godimo ga ntlo ya gagwe a bona mosadi yo montle Bathesheba a tlhapa. Go na le gore a retologe le go fedisa mogopolo oo ka bonako, a letlelela keletso e e feteletseng ya go tlhakanela dikobo go tlhoga mo pelong ya gagwe. Ka gone ba akafala fa monna wa gagwe, Uria, a ne a le kwa ntweng mo mophatong wa ga Dafide.

Fa Bathesheba a ima, Dafide lantlha o ne a leka go bipa go akafala ga gagwe ka go dira gore Uria a tle gae mme a lale le mosadi wa gagwe. Lefa go ntse jalo, fa leano leo le palelwa, mme a lebane le tshwetso e e thata ya gore Bathesheba a kgobotlediwe ka maje jaaka seaka, o ne a tlhopha go baya Uria mo maemong a a neng a ka seka a falola mo go one kwa ntweng. Mme ga go sepe se se ka diregang Jehofa a sa se lemoga. A romela moperofeti wa gagwe Nathane go kgalema Dafide ka maleo a gagwe a a maswe-maswe ​—go akafala le go baka loso lwa monna wa mosadi yoo. Dafide o ne a kgaoga pelo mme a amogela kgalemelo. Lefa go ntse jalo, o ne a duela tlhotlhwa e kgolo. Morwawe wa ntlha le Bathesheba o ne a swa e sa le lesea, mme lelapa la gagwe la bediwa ka matshwenyego go tloga ka nako eo.​—2 Samuele 11:1–12:23; kgaolo 13.

Sekai seno se se tlhagisang sa go ineela mo thaelong se tlhalosa sentle ditiragalo tse di tlhomaganeng tsa boleo tse di kwadilweng mo Bibeleng: “Moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thato ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.” (Yakobe 1:14, 15) Phoso e Dafide a e dirileng e ne e le go letlelela peo ya keletso e e bogagaru ya go tlhakanela dikobo go tlhoga le go gola mo pelong ya gagwe. Gangwe fela fa keletso ya boleo e sena go tshegediwa, o ne a letlelela bogagaru jwa gagwe jwa go tlhakanela dikobo go mo tlhotlheleletsa boitsholo jo bo maswe.

Abo go ne go farologane jang ne le Josefa kwa Egepeto fa a ne a raelwa ke mosadi wa ga Potifaro go lala nae! Josefa o ne a arabela jang mo thaelong eno? Pego e re bolelela jaana: “Me ga dihala ea re a nntse a bua le Yosefe ka malatsi go tlhōmagana, a se ka a mo reetsa go rapama ha go èna, leha e le go nna naè.” Tota le kwantle ga kaelo ya boitsholo ya Melao e e Lesome, e e neng e ise e neelwe, o ne a araba go gapeletsa ga gagwe ka gore: “Hoñ boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?” Mme labofelo ka letsatsi lengwe o ne a mo tshwara, a re, “Lala le nna!” A Josefa o ne a nna fatshe mme a leka go tlhalosa kana go fa mabaka? O ne a “tshaba, a cwèla kwa ntlè.” O ne a seka a neela le eleng bogagaru jwa go tlhakanela dikobo sebaka sa go tlhoga mo pelong ya gagwe. O ne a sia.​—Genesise 39:7-16.

Ga go Mokeresete ope yo o pelo-e-phepa yo tota a ka logang maano a go latelela tsela e e bontshang bogagaru jwa go tlhakanela dikobo. Mme, he, Dafide o ne a sa rulaganya go leofa jaaka a dirile. Jalo sekao sa gagwe se tshwanetse go re tlhotlheletsa botlhe go nonotsha boikaelelo jwa rona jwa botho go emelana le tlhotlheletso epe ya bogagaru mabapi le dikgang tsa boitsholo jo bo feteletseng jwa go tlhakanelo dikobo. Re tshwanetse go ikemisetsa gotlhelele go ganetsa epe ya dithaelo tse di ntseng jalo ka bonako fela fa di simolola​—go sa kgathalesege gore a re nyetse kana ga re a nyala, re basha kana bagolo.​—Baroma 13:13, 14.

Bogagaru jwa Madi le Matswela a Jone

Sekao se se masisi sa motho yo o bogagaru e ne e le motsietsi yo o tlhabisang ditlhong go gaisa mo historing ya motho​—Judase Isekariota. Fa a ne a tlhophiwa ke Jesu jaaka moaposetoloi, o tshwanetse a bo a ne a ikanyega mme a se bogagaru go fitlha mo nakong eo. Tota, Jesu o ne a mo dira ra-matlotlo wa letlole la bone. Mme morago Judase o ne a simolola go utswa madi a mangwe. “A le legodu; me ereka a chotse kgetsana ea madi, a itsèela mo go tseñwañ mo go eōna.”​—Yohane 12:6.

Go phepafetse gore, Judase e ne e setse e le legodu, segagaru. Fa Paseka e e kwa setlhoeng ya 33 C.E. e ne e atamela, morago ga go kgalemelwa ke Jesu, Judase, a dirisana le baperisiti ba bagolo ba babolai go oka Morena ka dipapetlana di le 30 tsa selefera. Moragonyana, Judase a utlwa bomasisi jwa tiro ya gagwe mme a ipolaya. Serai se se bolayang sa bogagaru sa tshwara motswa-setlhabelo yo mongwe.​—Luke 22:3; Mathaio 26:14-16.

Matswela a a bosula a bogagaru a mantsi. Ba bantsi ba ba lelekisang madi a mantsi ba dirisetsa bontsi jwa one mokgwa wa botshelo jo bo manobonobo. Ba ka tlogela dijo tsa maemo a a kwa tlase mme ba batla fela dijo tse di phepafaditsweng thata tse di turang. Lefa go ntse jalo go ja dijo tse di humileng tse madi a ka di rekang go feta tekanyo gantsi go ipusolosetsa ka go se silege ga dijo kana mathata a a feteletseng a a ka akofisang loso. Moitseanape wa tsa Kalafi a re: “Ke boammaaruri jo bo tlhomameng jwa kgwebo mo go tsa insorense gore go ja go feta tekanyo le boima jwa mmele jo bo feteletseng mo mothong yo mogolo ga di a siamela dingwaga tse di solofetsweng tsa botshelo.”

Se se masisi thata-thata mo Mokereseteng ke kotsi ya semoya e eleng mo bogagarung. Go rata dikhumo go baketse basadi bangwe ba Bakeresete, bao banna ba bone ba amogelang madi a a lekanyeditsweng, go senka tiro lefa matswela e le go tlhokomologa bana ba bone le masego a le mmalwa mo tirong ya go rera. Go baketse Bakeresete ba basha go ineela mo kgogeding ya ditiro tse di duelang madi a mantsi kwantle ga go akanyetsa le eleng go tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng. Go tlhokomela nama, e ka ne e le boitsholo jo bo feteletseng jwa kafa dikobong kana bogagaru jwa madi (le menate le dithoto tse a ka di rekang) go ka isa mo maleong a a masisi tota le go latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng. “Gonne maikutlō a nama ke losho, . . . gonne ha lo tshela kaha namen, lo na le go shwa.”​—Baroma 8:6, 13.

Re Ka Thibela Serai sa Bogagaru Jang?

Go boima go ikgolola fa motho a tshwerwe ke bogagaru. Ka gone go thibela go botoka go na le go alafa. Batsadi ba tshwanetse go fedisa ditshekamelo tsa bogagaru mo go bone Iwantlha mme morago mo baneng ba bone. Bontsi jwa bana bo na le tshekamelo ya go nna pelotshetlha. Re bolelelwa kgang nngwe gore tsatsi lengwe Abrabam Lincoln o ne a tsamaya le bomorwawe ba bannye ba le babedi, mme ba ne ba lela. “Basimane ba jewa ke eng,” ga botsa jalo moagisani, “Ke se se tshwenyang lefatshe lotlhe. Ke tshotse diwalnut di le tharo, mme mongwe le mongwe o batla tse pedi,” ga araba jalo Lincoln.

Batsadi ba tshwanetse go “thapisetsa” basimane le basetsana mo tseleng ya go se nne pelotshetlha le ya go akanyetsa ba bangwe, ka tlhomamo le ka lorato. (Diane 22:6) Seno se tla ba thusa thata mo nakong ya bokau fa dikeletso tsa go tlhakanela dikobo le tse dingwe tsa bopelotshetlha di ka nonofa. Mo metlheng eno basha ba gatelelwa ke tlhotlheletso ya boitsholo jwa kafa dikobong ka metlha. Lefa go ntse jalo, Bibela e re: “Me boaka, le maswè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse eleñ dilō tse di sa chwanèlañ . . . ha go se seaka, leha e le motho eo o mashwè, leha e le moiphetlhi, eo e leñ moōbamedi oa medimo ea disètwa, eo o ka dihañ le boshwa bopè mo bogosiñ yoa ga Keresete le Modimo.”​—Baefesia 5:3-5.

Tlhokomela gore “moiphetlhi” gape ke “moōbamedi wa medimo ea disetwa.” Jang jalo? Ba ba gateletsweng ke keletso ya go tlhakanela dikobo, lorato lwa madi (tse di jaaka tse di bontshiwang ka go utswa, go tsietsa, le go tshameka ka madi), keletso e e feteletseng ya dijo le dino, kana keletso ya maatla le ya go tuma, ba nna makgoba a dikeletso tseo mme ba di dira medimo ya bone ya disetwa, jaaka go ne go ntse. Boikaelelo jwa bone jo bogolo mo botshelong ke go kgotsofatsa keletso ya bone ya bogagaru. Bakeresete ba ba dirang dilo tseo ka mokgwa wa go obamela ditshwantsho kwantle ga pelaelo ke ‘baiphetlhi,’ ka lefoko la Bibela; mme ba ka nna ba ntshiwa mo phuthegong. Ba beile kobamelo ya “medimo” ya bona mo godimo ga kobamelo ya ga Jehofa, yo e leng “Modimo o o lehuha.”​—Ekesodo 20:3-6, 17.

Go tlhokomela dithulaganyo tsa radio le TV kana dibuka le dimakasine tse di tlhotlheletsang bogagaru jwa dilo tse di gobatsang go kotsi thata mo Bakereseteng​—ba bagolo le ba babotlana. Gakologelwa gore Dafide o ne a palelwa ke go tila go leba Bathesheba fa a tlhapa mme, mo sebakeng sa beke, a tshwarega mo bogagarung jwa boikutlo. A o tima TV kana o tswa mo baesekopong fa go bontshiwa boitsholo jo bo maswe?

Dafide, go sa kgathalesege phoso ya gagwe, o ne a rata Jehofa ka mo go boteng. Seno se ne sa mo thusa go sokologa mo tlolong ya gagwe. Ka mo go tshwanang, Mokeresete wa kgale mo Afrika o ne a kgona go sokologa mo kgetseng e e maswe ya bogagaru jwa madi. O ne a tsena mo sekolotong ka ntlha ya mathata a a rileng. Ka a ne a na le boikarabelo jwa dikgang tsa madi mo khampaneng e a neng a bereka mo go yone, o ne a raelesega go “ikadima” madi kwantle ga tetla. O ne a letlelela “peo” eo ya bogagaru go tlhoga, mme a utswa madi a mantsi. Fa bathapi ba gagwe ba simolola go batlisisa kgang, o ne a tshoga mme a ngwega mo nageng, a tlogela mosadi wa gagwe le bana kwa morago. Mme ka bonako segakolodi sa gagwe sa mo tlhorontsha, mme a lemoga gore o dirile phoso e tona. O ne a boela gae mme labofelo a busetsa madi otlhe. O ne a kgalemelwa ke bagolwane ba Bakeresete mme jaanong o dira kgatelo-pele e e akgolegang.

Ke eng se se mo thusitseng go ikwatlhaya? Thapelo le go bala Bibela. O ne a fitlhela gore dipolelo tse dintsi mo dipesalemeng tsa ga Dafide di ne di ama pelo ya gagwe mo go botlhoko, di mo thusa go rapela thata ka tlhoafalo le ka mo go nang le bokao. Dikai tse di mmalwa tsa dipesalema tseo ke tseno: “Nkutlwèla botlhoko Modimo, kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō: kaha bontsiñ yoa mautlwèlō botlhoko a gago, u phimolè ditlolō tsa me. Modimo, bopa pelo e e itshekileñ mo go nna; u bo u shahatsè mōea o o siameñ mo teñ ga me.” “U bo o kganèlè motlhanka oa gago mo maleuñ a boitaleco; a a se nne le taolō mo go nna.”​—Pesalema 51:1, 10; 19:13.

Fa o batla go fenya serai sa bogagaru, ‘atamela mo go Modimo, mme o tla go atamela.’ (Yakobe 4:8) Fa pelo ya Mokeresete e tladitswe ka go rata Jehofa, bakaulengwe ba Bakeresete, le ba bantsi ba ba tlhokang thuso mo dipakeng tseno tse di tlhokofatsang, “peo” e e maswe ya bogagaru e ka se tlhoge motlhofo. Go feta moo, moya o o boitshepo ke sebolaya-bogagaru se se molemo-lemo! Jalo letlelela maatla ao a a nonofileng go tsena mo pelong ya gago, go phepafatsa dikeletso tse di leswe, mme a e tlatse ka go tlhologelelwa go direla Jehofa go go boteng. Ka gone maatla a a ferosang dibete a bogagru gaa kitla a go tshwara.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Judase Isekariota o ne a tshwarwa ke bogagaru

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

‘Ke boammaaruri jo bo tlhomameng jwa kgwebo mo go tsa inšorense gore go ja go feta tekanyo le boima jwa mmele jo bo feteletseng ga di a siamela nako e e solofetsweng ya botshelo’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela