Bontle jwa Botho jwa Bokeresete
“Me lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”—BAEFESIA 4:24.
1. Ke bontle bofe jo re eletsang go bo tlhalosa fano?
GO NA le polelo e e reng ‘bontle bo mo matlhong a yo o bo lebileng,’ go raya gore bontle bo na le fa bo tlhaelelang teng. Bontle jwa monna wa Mokeresete kana mosadi wa Mokeresete ke eng? Seo ke sone se re batlang jaanong go se tlotla.
Go Tlhalosa Bontle mo Monneng wa Mokeresete
2. Ke ka baka lang fa dipopego tsa mmele ka botsone fela di ka se ka tsa dira monna wa Modimo?
2 A re simololeng ka go akanyetsa dinonofo tse di neelang monna wa Mokeresete ponalo e e kgatlhang e e tla dirang gore ba bangwe ba itumelele gore a ba a le gareng ga bone. Dinonofo tsa mmele ka botsone fela ga di dire “monna oa Modimo.” (1 Timotheo 6:11) Ponalo ya ka kwantle ya monna, lefa e ka tswa e le molemo, ga e reye sepe fa e le gore mo go akanyeng ga gagwe ga a botlhale. Fa a le boikgogomoso, a se na maitseo, a le makgwakgwa, le go nna seeleele, ga a kgatlhe—o a tshabisa. Fa botho jwa gagwe bo mo supa e le yo o se nang kanaanelo, eleruri a ka diga ba bangwe. Fa e le gore o amegile fela kaga gagwe le kafa a lebegang ka teng kana gore o kgatlha ba bangwe jang, ga a ketla a nna mofuta wa motho yoo ba bangwe ba ka batlang go nna le ene.
3, 4. (a) Dingwe tsa dinonofo tsa monna wa Modimo tse di neng tsa sutswa ke Jesu Keresete ke dife? (b) O ne o ka tlhalosa jang dingwe tsa dipopego tsa monna wa Modimo?
3 Go na le moo, monna wa Modimo o tla tlhagolela dinonofo tsa tshiamiso, kutlwelo botlhoko, lorato le bopelonolo. Jesu Keresete o ne a sa itsiwe ka bontle jwa mmele o o itekanetseng mme ka boikanyegi jwa gagwe mo tshiamong le mo boammaaruring. Tsela ya gagwe ya go ruta e ne e mo kgetholola jaaka yo o neng a bua ka taolo e e tswang mo Modimong. (Mathaio 7:28, 29; Yohane 7:46) Monna wa Modimo ga a ketla a boduhadiwa ke keletso ya bothwadi kana tlotlomalo. Melemo ya boemo bongwe jo bo rileng ga e ka ke ya mo reka. Ke monna yo o tshotseng iketleetso e e natlafetseng. O rata boikokobetso ebile ga a ketla a aka. O supa poifo e e peloephepa ya ga Jehofa. (Diane 22:4) Tse ke dingwe tsa dinonofo tseo di tla fitlhelwang mo monneng wa Modimo.
4 Monna wa Modimo o na le segakolodi, pelo e e molemo, le tlhotlheletso e e siameng. (1 Timotheo 1:5; Diane 4:23) Ga a ketla a dira dilo tseo di tla tlontlololang segakolodi sa gagwe, a tlhokomologa melao-metheo e e tshiamo. Go nna ga gagwe le pelo e e molemo le tlhotlheletso e e siameng, ga a ketla a dirisa mekgwa e e boferefere mo ditirisanong tsa gagwe le ba bangwe. (Bahebera 13:18) Ga a ketla a dumelela ditlhotlheletso tsa gagwe tse di molemo go nyadiwa ke boitshwaro le ditiro tse di leswe. (Hosea 4:11) Ka metlha o a itaya go boloka pelo ya gagwe mo goreng e se ka ya nna boferefere. Ka lefoko le ka tiro o ema a tlhomologile jaaka monna wa tshiamo.—Pesalema 15:1, 2.
5. Bobelotlhomogi bo na le seabe sefe mo botshelong jwa monna wa Modimo?
5 Monna wa Modimo o tlhomogela ba bangwe pelo, o a itshwarela ebile o pelonolo. Monna yo o pelotlhomogi ke monna yo o kutlwelo botlhoko. O ka bontsha kamego le kutlwisiso fa ba bangwe ba na le mathata a a bokete go dirisana le one mme a ka tlisa tlhobaelo. Go feta moo, o ka itshwarela fa yo mongwe a mo diretse phoso. O potile ka kwa keletso ya tlholego ya go ipusolosetsa bosula ka bosula le kgobo ka kgobo. Eleruri o tshwanela mafoko a ga 1 Petere 3:8, 9. Ka go segofatsa go na le go re a hutse, o itshupa ka boene fa a le pelonolo ebile a laola dikeletso tseo tse di bosula tseo di tshwayang monna yo o seng kakanyetso, monna yo o sa kgoneng go tlhomogela pelo, yo o sa itshwareleng, le yo o seng pelonolo mo go ba bangwe.—Baefesia 4:31, 32.
6. (a) Ke dinonofo dife tse dingwe tse di tlhomologileng ka monna wa Modimo tse di leng teng, mme di raya eng? (b) Mosadi le bana ba monna yo o ntseng jalo ba tla nna le pono efe kaga gagwe?
6 Nonofo e nngwe e e tlhomologileng e e tshwayang monna wa Modimo ke bopelotshweu jwa gago. Mme fa a nyetse, ke monna wa boammaaruri le rre yo o ikanyegang. Mo nonofong ya gagwe jaaka motho yo o nyetseng, monna wa Modimo o na le sebaka se segolo go nna tlhotlheletso le motlhala o o molemo ka bobedi mo mosading le mo baneng ba gagwe. (Bakolosa 3:19, 21) Mo kgannyeng ya go nna pelotshweu, monna yo o ntseng jalo o latela kgakololo e e molemo ya ga Morena Jesu Keresete, yo o neng a re: “Naeañ, me lo tla nèwa; selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se tsikitledicweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.” (Luke 6:38) Mo dikamanong tsa gagwe tsa lelapa, monna yo o ntseng jalo eleruri o tlhokomela ba e leng ba ntlo ya gagwe. Mme gape o tla latela tlhagiso e e molemo ya ga Baefesia 4:28, go ‘dira tiro e e molemo, go re a tle a nee ba bangwe se ba se tlhokang.’ Jaaka monna wa boammaaruri, monna wa Modimo o tla boloka boikanngo mo thulaganyong ya lenyalo. Mosadi wa gagwe o tla kgona go nna le ikanyo le tshepo tse di feletseng mo go ene jaaka monna yoo eleruri a nang le ene mo setlamong sa lenyalo. (Diane 5:18, 19) Mo godimo ga moo, fa go na le bana, o tla itshupa ka boene go nna rre yo o ikanyegang, e se motsietsi kana yo o sa ikanyegeng mo ditirisanong tsa gagwe le ba bangwe. Ka gone, o tla tlhagolela melao-metheo ya boikanyegi mo baneng ba gagwe. (Diane 4:1-5) Abo monna yo o ntseng jalo e le sekao se se molemo jang mo megopolong e e tlhotlheletsegang motlhofo ya bana ba gagwe! Ba tla leba go ene jaaka monna yo o ikanyegang, mmoloka-bothokgami.—Diane 11:3, 4.
7. Ke pono efe e e tekatekano e e tlamang e e tla tsewang ke monna wa Modimo?
7 Mo ntlheng eno gape, monna wa Modimo o tla lebela gore ene le lelapa la gagwe ga ba ikokoanyetse dikoloto go nna mokgweleo, ba itse gore tseno di ka gogela mo mathateng a a lekang. Seno, tota, se tla raya gore o tla itumelela ene le lelapa la gagwe go tshela ka se ba nang le sone. Ke motho yo o tla sekasekang seemo pele ga a ka tsenelela mo tirong nngwe e e rileng. (Luke 14:28-30) O ka iitatola mo nakong ya gompieno ka ntlha fela ya isagwe mme a kgone go latofatsa tse di bonalang ka ntlha ya tse di sa bonaleng, jaaka go ka bo go ntse. (Bapisa Bahebera 11:8-10.) Go tshela ka tsela eno go tla thusa monna wa Modimo go boloka segakolodi sa gagwe sa Bokeresete mo go tsheleng ga gagwe ga letsatsi lengwe le lengwe.
8. Monna yo o ntseng jalo o tla lebana jang le maemo a a sa itumediseng mo botshelong jwa gagwe?
8 Mo matshelong a batho botlhe, ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang, go a tlhokafala go lebana le maemo a a sa itumediseng ka dinako tse dingwe. Mme monna wa Modimo o tla nna pelokgale le go tia mo maemong a a ntseng jalo, a setse morago motlhala o o tlhomilweng ke Jesu. (Yohane 16:33) Ka nonofo ya Modimo wa gagwe, ebong Jehofa, o tla lebana le mathata a a makete ka bopelokgale, a ikaegile ka Jehofa go mo thusa le go mo kaela.—Diane 18:10.
9. O ka tlhalosa jang botshelo jwa boitsholo jwa monna yo o senkang go itumedisa Jehofa?
9 Monna wa boammaaruri wa Modimo o laola mmele wa gagwe. Ke gore, o boloka dikeletso le ditlhotlheletso tsa gagwe di laolesegile, a itse gore mmele wa gagwe e ka nna motlhanka yo o tshwanetseng mme gape e ka nna mong yo o bosula thata. O gakologelwa ka metlha mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Paulo: “Me ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ.” (1 Bakorintha 9:27) Ka gone, o senka ka metlha go tlhagolela loungo lwa “Mōea . . . boikgapō,” a tila dilo tseo di ka mmoduhatsang. (Bagalatia 5:22, 23) O botlhale ka go itse gore go ineela mo go akanyeng ka boitsholo jo bo sa siamang go ka gogela mo tirong ya boitsholo jo bo sa siamang. Gape, ikanyo ya gagwe e mo Modimong wa gagwe, ebong Jehofa, le nonofo e A e baakanyetsang.—Bafilipi 4:13.
10, 11. (a) Ke nonofo efe e e imololang e e supiwang ke monna wa Modimo fa a dira diphoso mo katlholong? (b) Ditlhogo tsa malapa di tla latela motlhala ofe malebana le thuto ya lelapa?
10 Mme sa bofelo, monna wa Modimo a ka dumela diphoso tsa gagwe, a bolela gore o maswabi, a supa tshwabo e e ntseng jalo go molekane wa gagwe wa lenyalo le mo go ba bangwe ba a ka tswang a ba kgopisitse kana a ba utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe e sele kana e le ka ntlha ya go sa itekanela ga gagwe. O ka ya go Jehofa mme ka peloephepa a kopa go itshwarelwa maleo a gagwe ka go bo a ile a kopa mosadi wa gagwe jalo, le mongwe ka ene, le bana ba gagwe, go mo itshwarela. Go kgona gore “ke maswabi, ke phoso” eleruri ke lotshwao lwa monna wa boammaaruri, segolo bogolo la monna wa Modimo.—Mathaio 18:21, 22; Mareko 11:25.
11 A o ne o ka se ke wa dumela gore monna, rre, rra bana, wa mofuta o o ntseng jalo o ne a tla thusiwa ke Jehofa? (Pesalema 54:4) Eleruri, o ne a tla tlhomelelwa go emelana le mathata ao lefatshe leno la segompieno le tla a tlisang mo go botlhe ka ntlha ya maretshwa le maikaelelo a ga Satane go senya sengwe le sengwe se se molemo, go akareletsa le lenyalo le setheo se se itumetseng sa lelapa. O tla tlhokomela bomoya jwa maloko a lelapa, a ba gogela mo thutong ya ka metlha ya Lefoko ja Modimo le thapelo, a setse morago motlhala wa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo mo metlheng ya Bibela.—Duteronome 11:18-21; Diane 7:1-3.
12. Ke seabe sefe se se botlhokwa se jaanong re tla se akanyetsang?
12 Mme go na le mo gontsi go go sekaseka. Mosadi le ene o na le seabe gape mo go emelaneng le mathata mo lelapeng. A jaanong re neeleng tlhokomelo ya rona go dinonofo tseo a tla batlang go di tlhagolela mo botshelong jwa gagwe.—Diane 19:14.
Go Tlhalosa Bontle mo Mosading wa Mokeresete
13, 14. Ke dikgato dife tse mosadi o ka di tsayang go gapa kamogelo ya ga Jehofa mme, fa a nyetswe, ya lelapa la gagwe, mme kgakololo ya ga Petere ke efe mo go 1 Petere 3:1-5 mo basading?
13 Buka ya ga Diane e re bolelela sengwe ka mosadi wa Modimo: “Boeletsègō ke tsieco, le bontlè ke boithamakō: me mosadi eo o boihañ Yehofa, èna o tla bakwa.” (Diane 31:30) Ka jalo he, mosadi o ipapalela jang dinonofo tseo di dirang gore monna wa gagwe le bana ba gagwe ba mo rate, kana ba bangwe fa e le gore ga a ise a nyalwe, mme tsa mo dira yo ba bangwe ba ipelelang go nna gaufi le ene? Santlha-ntlha fela mosadi wa Modimo ke motho yo o pelonamagadi, go raya gore o pelotshweu, o eletsa go thusa ba bangwe ka ditsela dife fela tse a ka di kgonang, ka dilo tse di bonalang kana ka tsa semoya. Fa go na le bao ba tlhokang, o gareng ga ba ntlha ba ba batlang go thusa, a supa kgatlhego ya mmatota mo ditlhokafalong tsa ba bangwe. Mme, legale, o lekalekanya kgatlhego e e ntseng jalo le tlhokomelo le pabalelo tse a tshwanetseng go di naya lelapa la gagwe, fa a nyetswe.—Tito 2:3-5.
14 Gape, mosadi yo o ntseng jalo o bori, e seng boikgodiso; o pelonomi, e seng go nna kgopo; o phepa, e seng go nna leswe; o kutlwelo botlhoko, e seng go nna ntwa-dumela. Mme, fa a nyetswe, o lekela go latela kgakololo e moaposetoloi a e neelang mo go 1 Petere 3:1-5.
15. (a) Ke mokgele ofe o mosadi wa Modimo a tshwanetseng go nna le one, mme a ka o fitlhelela jang? (b) O ema monna wa gagwe nokeng jang? (c) Ke ka baka lang fa a tswelela a ratiwa mo sedikong sa lelapa?
15 Mo godimo ga moo, mosadi wa Modimo ga se wa selefatshe, mme o leka go tlhagolela bomoya. Ke mmadi yo o tlhaga wa Bibela mme o kgatlhegela go dirisa melao-metheo ya yone mo botshelong jwa gagwe. (Pesalema 119:66) Seno ga se dirwe ka go ikgatlha, a ipatlela kitso fela, mme, go na le moo, o gopotse go abalana dilo tse di molemo tse a di ithutang, ka bobedi mo bodiheding jwa Bokeresete le mo go bonaneng ga letsatsi le letsatsi le baagelani ka ene, balosika, le ditsala. Monna wa Mokeresete o ipelela mosadi yo a ka tlotlang le ene mo dikgannyeng tsa semoya, jaaka mothusi wa gagwe, mongwe yo o anaanelang dilo tsa semoya le go batla go abalana le ene mo go itseng Jehofa botoka. (Diane 9:9, 10) Jalo mosadi wa Modimo o kelotlhoko le go tlhaloganya. Fa a nyetswe, o lemoga seabe sa gagwe jaaka mothusi wa monna wa gagwe. O tshegetsa monna wa gagwe mo go neeleng bana tao ya semoya, segolo bogolo fa a se gone mo lapeng. (Bapisa 2 Timotheo 1:2, 5; 2 Yohane 1, 2.) O tla tswelela go rata le go ratiwa ke ba ba mo sedikong sa lelapa le eleng fa bontle jwa bokgarejwana bo sa bolo go nyelela. Monna wa gagwe o ka ikaega ka ene mo ditebelelpng tse di molemo le tse di tshiamo, diponong tse di utlwalang, le kgothatso ya mmaanete, ka go bo o bori ebile o botlhale. (Diane 25:11) Dafide o ne a re: “A go bakwe botlhale yoa gago,” fa Abigaile a ne a dira ka temogo le ka matsetseleko.—1 Samuele 25:32, 33.
16. Mosadi wa Modimo o kgethololwa ke mafoko le ditiro tsa mofuta ofe?
16 Tlhotlheletso e e boikobo eo mosadi a nang le yone mo go tshegetseng monna wa gagwe ga e ketla e nna ya mafoko a a bogale, a kgalo, kana a tshotlo. Go ratwa go tla ka go lebaleba mo go pelontle, mafoko a a buiwang ka tshwanelo, ditiro tse di boetlaetlana tsa lorato, bonatla, bopelonolo jo bo pelontle le kutlwisiso e e tiileng. (Bapisa Diane 25:11; 31:10-28; 1 Bathesalonia 2:7.) Bopelonomi, tumelo, boikobo, tseno ke dilo tseo di gapang go ratiwa ga go ya go ile ga mosadi wa Modimo.—Pesalema 37:11; Bahebera 11:11, 31, 35; Diane 11:2.
17. Nonofo ya lorato mo mosading wa Modimo e mosola go le kana kang?
17 Nonofo e nngwe e e tlhomologileng ya mosadi wa Modimo ke kgono ya gagwe ya go bontsha tlhomogelo pelo le bopelonamagadi. (Baroma 12:10) Mokgabo wa gagwe o o di fetang tsotlhe ke lorato, o o tla mo thibelang mo go sa dumalaneng le eleng mo dilong tse dipotlana. Abo lorato loo lo tlhalosiwa bontle jang mo go 1 Bakorintha 13:4-7. Go ya ka The New English Bible, e balega ka go re: “Lorato lo pelotelele, lorato lo pelonomi ebile ga lo oelotshetlha. Lorato ga lo ko lo ikgantsha, ga o belafale, le gone le botho, le ka motlha ga lo co lo nna bogagapa, ga lo gakatsege ka bofefo. Lorato ga lo boloke diphoso dipe, ga lo kgatlhwe ke maleo a batho ba bangwe, mme le kgatlhwa ke boammaaruri. Ga go sepe se lorato lo ka se lebaneng naso; tumelo ya lone, tsholofelo ya lone, le boitshoko jwa lone, ga di na melelwane.”
Re Eng?
18. Ke dipotso dife tsa botho tse mongwe le mongwe wa rona jaanong a lebaneng le tsone, mme boitlhatlhobo jwa sebele bo tla dirang?
18 Potso e kgolo jaanong ke e: A mongwe le mongwe wa rona a ka kgethololwa jaaka motho wa Mokeresete, boo re nyetse (nyetswe) kana ga re a nyalwa (nyala)? A go na le dikarolo dingwe tseo go tsone re bonang tlhokafalo ya go dira diphetogo tse dingwe gape jaaka re batla go itumedisa Jehofa le bangwe ka rona? Mme kgang kgolo ke go re, boitlhatlhobo bope fela jwa botho jo re ka bo dirang bo tla supa dikarolo dingwe tseo go tsone re ka tokafatsang. Mme abo e le boipelo go lebelela tokafatso e e ntseng jalo mo go rona mme, go feta seo, go bo ba bangwe ba tla lemoga le go akgela ka diphetogo tseo re di dirang ka ntlha ya go latela ka kelotlhoko Lefoko ja Modimo le dithuto tsa lone!—2 Bakorintha 13:5; 1 Timotheo 4:15, 16.
19. Ke dikgato dife tse re tshwanetseng go di tsaya mo go rarabololeng mathata a re lebaneng le one mo go senkeng botshelo jo bo kagiso, jwa bomodimo?
19 Mo go lateleleng botshelo jwa go sa nyale, motho a ka lekela go tlhagolela dinonofo tseno. (1 Bakorintha 7:32) Mme fa letsatsi le ka tla la fa motho a fetsa ka gore a nyale, dinonofo tse di ntseng jalo eleruri di tla direla molemo go yo o ileng a di tlhagolela. Gareng ga bao ba nyetsweng (nyetseng), go tlhagolela ka metlha melemo ya Bokeresete go tla felela ka boitumelo le boipelo jo bogolo. (Bafilipi 4:8, 9) Go rarabolola mathata go tlhoka boiteko jwa balekane ba babedi mo thulaganyong ya lenyalo. Boiketleeletso jwa go lemoga le go fetola mekgwa ya go sa dumalane ya mongwe di ka tlatseletsa ka bogolo malebana le go apara botho jwa Bokeresete jo bo itumedisang. (Bakolosa 3:8-10) Gakologelwa, gape, lotshwao lwa monna wa Mokeresete kana mosadi wa Mokeresete ke gore a kgone go ka re, “Ke maswabi, tswee-tswee intshwarele.” Rotlhe re dira diphoso. Fa re di dumela, re neela bosupi jwa gore re tlhagoletse dinonofo tse di humisang tsa boikobo le boikokobetso.—Mika 6:8; Yakobe 3:2.
20. Ke mafoko afe a a tshwanelang a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Bakolosa 3:12-17 a a thuso le a a tshwanelang botlhe?
20 Abo mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo go phuthego ya mo Kolosa a tshwanela jang ne: “Ke gone aparang diaparo tse di tshwanelang batho ba ba ikgethetsweng ke Modimo, ba eleng ba gagwe, ba ba rategang: ba ba bopelotlhomogi, bopelonomi, boikokobetso, bopelontle, bopelotelele. Itshokelaneng, le go itshwarelana, koo mongwe a nang le ngongorego teng: lo tshwanetse go itshwarelana fela jaaka Morena a lo itshwaretse. Go di feta tsotlhe, go tshwanetse ga nna le lorato, go tlama botlhe le go nna pope gotlhelele. A kagiso ya ga Keresete e atlhole mo dipelong tsa lona; lo bileditswe kagisong eno jaaka maloko a mmele o le mongwe. Mme tlalang ka tebogo. A molaetsa wa ga Keresete o age ka botlalo jwa one mo go lona. Rutanang lo bo lo laane ka botlhale jotlhe fela. Opelelang Modimo ka tebogo mo dipelong tsa lona, ka dipesalema le ka difela le dipina tsa semoya. Lefa e ka bo e le eng se lo se dirang, boo lo a bua kana lo dirang, dirang tsotlhe ka leina la Morena Jesu, lo neele Modimo Rara malebogo ka ene.”—Bakolosa 3:12-17, NEB.
21. Boitshwaro le tiro ya rona di ka kgothatsa ba bangwe jang?
21 Dikao tse di molemo mo Bibeleng, mme le gape mo phuthegong ya Bokeresete mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20, di tshwanetse go nna kgothatso mo go rona rotlhe go tswelela re apara botho jo bosha. (Baefesia 4:22-24) Ka go dira seno, re tla nna lesego mo go botlhe bao re tsalanang le bone. Mo godimo ga moo ba bantsi bao re isang molaetsa wa Bogosi kwa go bone ba tla kgatlhiwa le go kgothala, e seng fela ka mafoko a rona mme gape ka tlhagafalo le boitshwaro jo bo molemo tseo ba di bonang mo lelapeng la kgolokwe la Basupi ba ga Jehofa.—Yohane 13:34, 35.
Fa re soboka tse di fa godimo, o ne o ka reng?
◻ Ke dinonofo dife tse di tshwanetsweng go tlhagolelwa ke monna wa Modimo?
◻ Monna wa Mokeresete o tla tlhokomela mosadi wa gagwe le lelapa la gagwe jang?
◻ Mosadi wa Mokeresete o farologanngwa ka melemo efe?
◻ Batho ba ba iseng ba nyale (nyalwe) ba agelela isagwe jang ka botlhale?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Monna wa semoya o supa dinonofo tse di gogelang ba bangwe mo go ene
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Mosadi wa Modimo o rata ba bangwe ebile o a ratiwa
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Bakeresete ba ba iseng ba nyale (nyalwe) ba ka tlhagolela botho jo bosha go tshela botshelo jo bo tletseng le jo bo ipedisang