LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 11/1 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Nna le Maikutlo a a Siameng ka Lenyalo le le Nang le Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Leba Lenyalo le le Boitshepo?
    Tsogang!—2004
  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 11/1 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ A “Polelo ya go Tlhomamisa Boikanyego” mo kamanong ya lenyalo leo lo leng mo go lone e nnela ruri fela jaaka ya lenyalo le le kwadisitsweng?

Seno se malebana le thulaganyo e e kgethegileng eo e dumelelwang fela mo dinageng tseo go tlhala molekane wa gago wa ntlha go sa letlelelwang mo molaong. Bakeresete ba kgatlhegela kgang eno ka tshwanelo, gonne Lefoko la Modimo le bontsha ka moo a lebang thulaganyo ya lenyalo ka masisi ka teng. Tota, moaposetoloi Paulo o kwadile jaana: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Bahebera 13:4) Ka gone, a re boneng mofuta wa boemo jo bo tsosang potso eno:

Balekane bao ba nang le kamano ya lenyalo leo le ka se kwadisiweng semolao ba amogela boammaaruri, mme lefa go ntse jalo a le mongwe kana ka bobedi jwa bone ba batla kolobetso ya Bokeresete. Polelo eno ke go tlhomamisa boikanyego mo kamanong eno ya lenyalo go fitlhela nako eo go kgonegang ka yone gore go kwadisiwe kamano eo semolao go ya ka molao wa naga eo. Tora ya Tebelo ya August 1, 1978, tsebe 20, e ne ya akantsha ka moo polelo eno e ka kwalwang le go bolelwa ka gone jaana: “Polelo e e ntseng jalo e lebiwa jaaka e e tlamang fela motho jaaka e e dirilweng fa pele ga mosimegi yo o nyadisang yo o emelang mmuso wa ga ‘Kaesare’ wa lefatshe.”​—Bona mafoko a ga Jesu go Mathaio 22:21.

Lefa go ntse jalo, boemo e nna bofe fa “Kaesare” a fetola molao wa tlhalo, jaaka go ile ga diragala bosheng kwa Italy? Ereka jaanong go kgonega gore o bone tlhalo go tswa go molekane wa ntlha, Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o nang le kamano ya lenyalo jaaka e tlhalositswe ke “Polelo e e Tlhomamisang Boikanyego” o tshwanetse go tsaya dikgato ka yone nako eo fela, go ya ka polelo eo, “go bona tumelelo ya semolao ya kamano eno.” Kgato ya ntlha e tla nna go bona tlhalo go tswa go molekane wa ntlha. Kgato e e latelang e tla nna go kwadisa lenyalo la gago semolao le molekane wa gago wa ga jaanong. Esita lefa molekane wa ga jaanong a sa dumela, yoo o tla tshwanela go dumelela go kwadisiwa gono ga lenyalo semolao. Fa yo o sa dumelang a ne a gana go dira jalo, molekane wa Mokeresete o ne a tla tshwanela go kgaogana le ene gore a tle a bolke boemo jo bo amogelesegang mo phuthegong. Lebaka la seno ke gore “Polelo e e Tlhomamisang Boikanyegi” ga e kitla e tlhola e amogelwa ke phuthego jaaka e e utlwalang ka gonne jaanong lenyalo le le kwadsitsweng semolao le bultswe sebaka.

Lefa go ntse jalo, fa sebaka seo se bulega mme bao ka bobedi ba nyalana, lenyalo le le ntseng jalo la semolao ke sebofo se se nnelang ruri, go farologana le “Polelo e e Tlhomamisang Boikanyegi” eo e neng e le thulagano e e masisi ya nakwana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela