Akanya Fela ka Lefatshe le le Senang Bogagapa
AO KA akanya ka lefatshe leo batho ba dirisanang mmogo gone ba sa gaisane? Koo batho ba tshwarang ba bangwe fela kafa bone ba ratang gore ba bangwe ba ba tshware ka gone? Seno ke ka moo lefatshe le le senang bogagapa le ntseng ka gone. Abo e tla bo e le lefatshe le le molemo jang ne! A le tla nna gone? Ee, le tla nna gone. Mme bogagapa—ka bo medile medi mo mothong jaana—bo ka tlosiwa jang?
Go bona karabo, re tshwanetse go tlhaloganya pele gore bogagapa bo simolotse jang. Bibela e bontsha gore motho gaa tlholega a ntse jalo. Moperofeti Moshe o re gakolola gore bokoa jo bo tshwanang le bogagapa bo ne bo seyo mo monneng wa ntlha, eleng sebopiwa se se itekanetseng sa Mmopi yo o seng bogagapa fa a re: “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō.” Ka jalo he, bogagapa bo simologile kae? Batho ba babedi ba ntlha ba ile ba bo letla gore bo mele mo go bone—Efa fa ka bogagapa a ne a eletsa seo a neng a tla se bona fa a jele loungo loo Modimo o lo ileditseng, Adame fa ka bogagapa a ne a sa batle go latlhegelwa ke mosadi wa gagwe yo montle. Moshe o ne a oketsa ka mafoko ano a a neng a le boammaaruri ka Adame le Efa: “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwè, me ke sechubaba mo go bōnè.”—Duteronome 32:4, 5; 1 Timotheo 2:14.
Ka nako ya Morwalela wa kgolokwe yotlhe ka motlha wa ga Noa, bogagapa le bohula bo ne bo setse bo godile mo eleng gore ‘boikepo jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe go ne go le bosula ka metlha yotlhe.’—Genesise 6:5.
Boikutlo jono jo bo bonalang gongwe le gongwe jwa bogagapa jwa motho bo ile jwa tswelela go fitlha jaanong, mme go lebega bo fitlhile kwa setlhoeng sa bone mo losikeng lwa motlha wa rona le le sa lebogeng le le le bogagapa.
Go Tlosa Bogagapa ka Thuto
Fela jaaka bogagapa bo ile jwa gola mo bathong, bo ka tlosiwa. Bogagapa bo ka fenngwa. Lefa go le jalo, gore seno se diragale, go tlhokega thuto e e siameng le katiso, go latelwa dikaelo kana melao e e gagametseng ya boitsholo. Seno se utlwala se ka dumelwa, mme ke mang yo o ka kgonang go naya thuto e e ntseng jalo a bo a tlhomamisa gore seo se ithutiwang se a dirisiwa—le eleng lefa se ka patelediwa?
Thuto e e ntseng jalo e tshwanetse go tswa mo motsweding o o seng bogagapa ka boone. Go tshwanetse ga bo go sena maikaelelo ape a a bosula kana go lebelela tuelo nngwe mo katisong eo. Mo godimo ga moo, go tshwanetse go rutiwa le go supiwa botlhokwa le bomosola jwa go sa nneng pelotshetlha. Yo o ithutang o tshwanetse go tlhatswega pelo eseng fela gore tsela e e ntseng jalo ya botshelo e a kgonega mme le gore ke yone tsela e e botoka, eo e tla mo solegelang molemo le botlhe ba ba leng mo tikologong ya gagwe.
Ke Modimo wa legodimo fela yo a ka re nayang thuto ya mofuta oo, ka go bo ke motho ofe kana ke setlhopha sefe seo se ka tshwanelang se bile se na le boitemogelo jwa go dira jalo? Batho botlhe ga ba tshwanelege ka ntlha ya boammaaruri jono jwa motheo jwa Bibela: “Botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.”—Baroma 3:23.
Seo se itumedisang ke gore Jehofa, ebong Modimo wa legodimo, o re naya thuto e e ntseng jalo mo bukeng ya gagwe eo a e kwadileng, kana buka ya gagwe ya kaelo, Bibela e e Boitshepo. Morwawe, Jesu Keresete, o ne a itsise mofuta ono wa thuto fa e ne e le motho mo lefatsheng. Mo bogareng jwa seo se itsiweng jaaka Thero ya kwa Thabeng ya ga Jesu, o ne a bua ka tsela ya botshelo eo e neng e utlwala e sa tlwaelega mo bontsing joo bo neng bo reeditse, ka go bo e ne e supa gore motho o tshwanetse go se nne bogagapa le eleng mo babeng ba gagwe kana baganetsi. Jesu o ne a re: “Ratañ baba ba lona, lo rapèlèlè ba ba lo bogisañ; Gore lo nnè bana ba Rra eno eo o kwa legodimoñ: gonne èna o tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula. Ha e bo ne ne lo rata ba ba lo ratañ, lo bo lo na le tuèlō ehe? bakgethisi le bōnè a ga ba dihè yalo?”—Mathaio 5:44-46.
Karolo ya thomo ya ga Jesu mo lefatsheng e ne e le go kaela bakatisi ba ba seng bogagapa gore le bone ba tle ba rute ba bangwe tsela e e seng bogagapa eno ya botshelo. Nakonyana morago ga loso lwa ga Jesu le go tsoga ga gagwe mo baswing, moaposetoloi Paulo o ne a nna mongwe wa bakatisi bao. Mo dikwalong di le mmalwa tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng, Paulo o ne a rotloetsa go tlosiwa ga bogagapa. Ka sekai, o ne a kwalela Baefesia jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi.”—Baefesia 5:3.
Ka mo go tshwanang gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ruta banna le basadi go laola ditshekamelo tsa bogagapa. Fa nako e ntse e tsamaya, bano le bone ba tshwanelegela go ya go ruta ba bangwe ditsela tse di ntseng jalo tsa bomodimo.
Tiro e e Dirwang ke Boammaaruri jwa Bibela
Mme o ka nna wa botsa jaana: ‘A batho ba ba sa itekanelang, ba ba tletseng bogagapa, ba ka kgona go bo ntsha ka medi mo bothong jwa bone?’ Ee, ba ka kgona. Legale, eseng ka botlalo, mme ka selekanyo se se bonalang. A re sekasekeng sekai sa seno.
Go ne go na le senokwane sengwe seo se neng se tlhobosegile kwa Spain. Ntlo ya sone e ne e tletse ka dithoto tse di utswilweng. O ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Ga felela ka gore, segakolodi sa gagwe se simolole go mo tshwenya, ka jalo a swetsa ka go re o tla busetsa batho dilo tsa bone tseo a di utswileng. O ne a ya kwa mohiring wa gagwe wa pele mme a mmolelela gore o ne a kile a utswa motšhine o o tlhatswang diaparo o mosha mo go ene. Mohiri yoo, ka a ne a kgatlhilwe ke boikutlo jwa gagwe jo bo fetogileng, o ne a fetsa ka go re ga a kitla a bolelela mapodise mme a letla motho yo o neng e le legodu yono pele go duela tlhwatlhwa ya motšhine oo o o tlhatswang.
Morago, legodu leno le le fetogileng le ne la swetsa ka go re le tla etela motho mongwe le mongwe yoo le gakologelwang le kile la mo utswela mme le buse dithoto tse di utswilweng. Mongwe le mongwe yo a neng a mo etela o ne a gakgamalela go bo phetogo eno e kgolo mo boikutlong jwa gagwe e ne e le gone ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Bibela.
Jaanong o ne a lebagane le bothata jo bogolo. O ne a sa itse beng ba dilo tse dintsi tseo a neng a santse a di tshotse. Ka jalo, morago ga go rapela Jehofa, o ne a ya kwa ntlokgolong ya mapodise mme a ba naya diradio di le thataro tseo a neng a di utswile mo dikoloing. Mapodise a ne a gakgametse, ka a ne a sena rekoto epe ka ene mo go bone. Ba ne ba swetsa ka gore a duele fela madi a a rileng mme a nne kwa kgolegelong ka lobaka lo lokhutshwane.
Yo e neng e le legodu yono pele jaanong o na le segakolodi se se phepa, ka go bo o tlogetse botshelo jwa gagwe jwa bonokwane le bogagapa gore a nne karolo ya phuthego ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa.
Go na le diketekete tsa dikai tseo di ka neelwang malebana le seno. Lefa bao ba dirileng diphetogo tseno e le palo e nnye fela ya baagi ba lefatshe, ntlha ya gore ba le bantsi ba dirile seo e supa maatla a go dira molemo ao a nnang gone ka ntlha ya go itse le go dirisa melaometheo ya Bibela.
Fa dingwaga di ntse di feta, batho ba le bantsi ba latela tsela eno ya botshelo. Kaelo ya Bibela e neelwa mo diphuthegong tse di fetang 60 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe lotlhe. Mme Basupi ga se gore ba lebeletse gore ba ka fetola lefatshe lotlhe jaanong, ba tlosa bogagapa mo diketeketeng tsa dimilione tse di tshelang jaanong. Lefa go ntse jalo, boperofeti jwa Bibela bo bolela gore go ise go ye kae, go tla nna le tsela ya botshelo e e seng ya bogagapa mo lefatsheng ka bophara!
Lefatshe je Lesha je le Senang Bogagapa
Bogagapa le bopelotshetlha ga di kitla di nna gone mo lefatsheng je lesha je le tlang. Moaposetoloi Petere o re tlhomamisetsa gore tshiamo e tla nna selo se se tlhomologileng eseng fela kwa ‘magodimong a masha’ mme gape le mo ‘lefatsheng je lesha.’ (2 Petere 3:13) Bogagapa bo tla nna gareng ga “dilō tsa pele” tseo di tla bong di fetile, gammogo le bolwetsi, kutlobotlhoko, le eleng loso.—Tshenolō 21:4.
Ka gone, fa o tshwenyegile mo mogopolong ka go oketsega ga bogagapa le tsela ya botshelo ya bopelotshetlha eo re e bonang go re dikologa gompieno, se kgobege marapo! Simolola jaanong go tshelela lefatshe je lesha leo le tla tlogang le tla. Ka thuso ya Modimo, leka go tlosa bogagapa mo botshelong jo e leng jwa gago. Nna le seabe mo go thuseng ba bangwe go bona melemo e e ka ipelelwang mo botshelong jwa Bokeresete jaanong. Bontsha tumelo mme o ikanye tsholofetso ya ga Jehofa Modimo ya gore go ise go ye kae bogagapa bo tla nna gareng ga dilo tse di sa itumediseng tseo ‘di se kitlang di gakologelwa, lefa e le go tla mo mogopolong.’—Isaia 65:17.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Jesu o ne a bua ka tsela ya botshelo eo e tlhotlheletsang go sa nneng pelotshetlha, eseng go nna bogagapa
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go ise go ye kae—lefatshe le le senang bogagapa le tla nna gone