“Motlha wa Bogagapa”
FA MOTHO a palelwa go thibela mofikela fela o o tlwaelegileng, a ka kgona jang go tlosa bolwetsi jo bo raraaneng thata jwa bogagapa?
Go bile go bonala gore bogagapa le bopelotshetlha ga di ithutiwe—di nna gone fela go tswa kwa bonyaneng. O ka bona seo fela ka go lebelela bana ba babotlana fa ba ntse ba tshameka ka ditshamekisi tsa bone.
Bogagapa jwa motho ka bongwe bo tlwaelegile bo bile bo maswe thata, mme fa go tla mo bogagapeng jwa bomorafe kana jwa bomoraferafe, dimilione tse dintsi di amega ka mo go utlwisang botlhoko. Tsaya ka sekai, kgwebo ya diokobatsi ya merafe yotlhe. Makasine mongwe wa puo ya Sepanishe o bolela gore eno ke kgwebo e kgolo go gaisa mo lefatsheng—ya diranta di le dimilione di le dikete tse 780 ka ngwaga. Dimilione tsa matshelo di a senngwa, mme go na le dintsho tsa tshoganetso tse di bakwang ke go sa diriseng diokobatsi sentle. Mme ke eng seo se bakang kgwebo eno e e tletsetletseng ya diokobatsi? Kwantle ga pelaelo, ke bogagapa.
World Press Review e tlhomolola bogagapa jaaka tlhotlheletso ya seno. E tsopola makasine wa dikgang wa Madrid Cambio 16, oo o tlhomamisang gore “ke 10 go ya go 20 lekgolong fela ya merokotso e e bonwang mo thekisong ya diokobatsi e e yang kwa dinageng tse di di ntshang. Mme 10 lekgolong e nngwe e busediwa gape mo dithekisong tsa boferefere ka go a dirisa mo dilaborotaring, dikoloi, le dibetsa. . . . A a salang a felela mo dinageng tseo di dirisiwang kwa go tsone mme a bo a tsenngwa mo dibankeng.”
Seno se ganetsa mogopolo wa gore lehuma ke lone le bakang bogagapa, le gore bogagapa ke mokgwa o o fitlhelwang fela mo bathong ba ba humanegileng kana ba ba kobo dikhutshwane. Ka phepafalo fela, bogagapa ke go palelwa ga motho ka kakaretso goo go kopanyeletsang batho botlhe go akareletsa le bao ba sa tlhokeng sepe. Sengwe sa ka moo bogagapa bo ntseng ka gone ke gore ga o kake wa bo lemoga—le eleng batho bao ba kgotsofetseng ka dilo tse ba nang le tsone mo botshelong gantsi ba bontsha bogagapa fa ka tshoganetso fela ba ka atlanegelwa ke sengwe.
Mokwadi mongwe wa dikgang Meg Greenfield o bua jaana ka kutlobotlhoko: “Fa o tsaya pampiri ya dikgang ka letsatsi lepe fela o bala ka ditlhopha tsa batho bao ba tlhatlhobang kgetsi ya motho yo o dirileng molato le basekisi ba ba kgethegileng le melaetsa ya dithelefono e e belaetsang, go gatelela le go tsietsa le go batla go fenya mme tsotlhe tseno di tshwenya mogopolo thata. Le eleng lefa re ka dumela gore mengwe ya melato eno ke e e seng ya sepe le gore e mengwe e godisitswe fela thata, mo go nna go lebega gore nako le nako batho ba dira dilo ba bo ba letlelelwa go tsamaya fela ba sa bonwa molato ka dilo tseo di neng di sa tshwanelwa go bo di letleletswe. . . . Jaaka re fitlhile mo bokgakaleng jono: le eleng fa re kgatlhegela ba bangwe re a bo re ipatlela fela go bona sengwe, mme seo ke bogagapa.”
Bo Aname go le Kana Kang?
Bogagapa ga se selo se sesha mo bathong, lefa kwantle ga pelaelo bo ile jwa ntsifala ka ntlha ya dikgatelelo tsa botshelo mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga. Bogagapa bo aname fela thata mo eleng gore pampiri nngwe ya dikgang The Christian Century e naya ngwagasome wa bo-1980 maina a e akanyang gore a tsamaelana le a a reng “Motlha wa Tlhobaelo” wa bo-1950 kana “Ngwagasome wa Boithati” wa bo-1970. Mme ngwagasome wa bo-1980 e o bitsa “Motlha wa Bogagapa”!
Gompieno, bogagapa bo ka bonwa mo mafelong otlhe a batho ba phuthegelang kwa go one—kwa mafelong a ba direlang gone, kwa dikolong, le mo tikologong ka kakaretso. Go senya ga jone go ile ga tsenelela mo kgwebong, mo dipolotiking, le eleng mo ditumelong tse dikgolo tsa lefatshe.
Gantsi, bogagapa bo felela ka ditiro tse di seng kafa molaong kana go tsietsa. Ka sekai, The Canberra Times, e bolela gore Australia e di goga kwa pele mo lefatsheng ka go tsietsa mo diinshorenseng tsa dikoloi. Law Society Journal ya Australia e bonala e tshegetsa seno, ka go bua jaana: “Go batla madi a inshorense ga batho ba ba nang le tsone go dira gore dikhamphani tsa diinshorense le batho ba ba sa ikwadisang ka tlhamalalo mo diinshorenseng, ba duele dimilione tsa didolara ngwaga le ngwaga.” Lokwalopaka loo lo oketsa ka go re “seno ke bothata jo bo masisi jo bo ntseng bo gola, segolo bogolo mo go tshubiweng ga dithoto, mo go utswiweng ga dithoto tsa dikepe, diinshorense tsa dikoloi le tsa dithoto tsa ntlo.”
Ka jalo go motlhofo go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa batho ba bantsi ba kgala kgopolo ya gore bogagapa ka nako nngwe bo tla tlosiwa. Ebu, ba akanya gore bogagapa bo tla nna bo ntse bo le gone le gore lefatshe le le senang bogagapa ke toro fela e e ka sekang ya diragala.
Bogagapa bo tla Fedisiwa
Polelo eno e e utlwalang e ka seka ya kgonega e ka dirwa mo motheong ofe? E thailwe mo ntlheng ya gore botshelo jwa go tshela go sena bogagapa bo setse bo ntse bo fitlhelelwa. Lefa seno se ka seka sa fitlhelelwa ka botlalo, seno se supa se se ka diragalang fa batho ba fiwa thuto e e tshwanetseng le fa tlhotlheletso e le e e siameng. Setlhogo se se latelang se tla bontsha ka moo lefatshe lotlhe le ka nnang le sena bogagapa ka gone.