LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 12/1 ts. 3-8
  • Nna O Lekela Mekgele ya Semoya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna O Lekela Mekgele ya Semoya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘A Re Nneng Maikutlo A A Ntseng Jalo’
  • Go Itshikinya mo Poihongmodimo
  • ‘Gagamalela-pele’—Ga o ise o Itekanele
  • Maemo a a Farologana
  • ‘Go Lekela ka Thata kwa Mokgeleng’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Gatelang Pele go Fitlha kwa Mokgeleng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Latelelang Poifomodimo Jaaka Bakeresete ba ba Kolobeditsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Sebaka se se Molemo-lemo sa Basha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 12/1 ts. 3-8

Nna O Lekela Mekgele ya Semoya

“Ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō, ke gagamalèla kwa dilōñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgèlè.”—Bafilipi 3:13, 14.

1, 2. Bao ba neng ba gaisanya mo bothuba-lobelong jwa metlha ya bogologolo ba ne ba tsenya nonofo e e kana kang, mme ka ntlhayang? (1 Bakorintha 9:24)

“MOTHUBA-LOBELO yo o molemo o akantse fela ka go ya kwa pele go tloga nakong ya fa thibedi e wa, o tlhoma mogopolo wa gagwe kwa bokhutlong le go baya fela mo maotong a gagwe go mo fa phenyo.” Ke ka moo ra-ditiragalo wa lekgolo la ntlha la dingwaga Lucian a ileng a tlhalosa natla ya bao ba leng mo lobelong lwa dinao. Tshika nngwe le nngwe le nama di ne di gagamadiwa go fitlhelela kwa mokgeleng pele. Tuelo, gantsi e le serwalo sa matlhare, e ne gantsi e tlisetsa mofenyi “dipako tse di kgethegileng thata” mo botshelong jotlhe, ka jaana mongwe le mongwe a ne a itse gore mofenyi “one a tsere matsapa otlhe” go fitlhela ‘a bona sekgele.’a

2 Ka go dirisa mothuba-lobelo go tshwantshetsa se se tlhokafalang go fenya jaaka Mokeresete, moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa bao ba neng ba lekela tsela ya botshelo jo bo sa khutleng a re: “Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè [tuelo].” (1 Bakorintha 9:24) Paulo o ne a re o “gagamalèla kwa . . . pele” (jaaka mothuba-lobelo yoo mmele wa gagwe o neng o sekametse kwa pele, go ya fela kwa pheletsong) mme a “lekèla ka thata ”. . . [go] ea go tsaea sekgèlè sa pilecō-godimo ea Modimo.” (Bafilipi 3:13, 14) Gore “mothuba-lobelo” wa Mokeresete a tle a amogele tuelo, sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng, ga go telekiso epe e nngwe e a tshwanetseng go leba go yone, kana sengwe se se kwa pele, seo a lebagantseng botshelo jwa gagwe jotlhe le sone. A go ntse jalo ka botshelo jwa gago?

‘A Re Nneng Maikutlo A A Ntseng Jalo’

3. Go ya ka Bafilipi 3:13, ke boikutlo bofe joo Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetseng go bo bontsha?

3 Ka go “tlhokomologa dilō tse di kwa moragō,” moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore tuelo eno e ne e le mokgele o o botlhokwatlhokwa wa gagwe. O ne a bitsa “dilō tse di kwa moragō” “malele hèla,” “matlakala,” kana “motshotelo.” (Beck; Authorized Version) Eno e ne e le polelo e e nonofileng fa go akanyediwa seo Paulo a neng a se tlogetse kwa morago fa a ne a tsena mo lobelong lwa botshelo. (Bona tsebe 4.) Fa a lebisa mo sekaong sa gagwe, Paulo o ne a kgothatsa a re: “Me ke gōna, botlhe ba ba itekanetseñ mo go rona, a re nneñ maikutlō a a nntseñ yalo.”—Bafilipi 3:5-8, 15, 17.

4. Ke mokgele ofe o o tlang pele o o tshwanetseng wa fitlhelelwa ke (a) bakgatlhegi ba ba santseng ba ise ba kolobediwe? (b) ba ba sa tswang go kolobediwa bosheng?

4 Bao moaposetoloi a neng a lebisitse ditlhaloso tsa gagwe go bone ba ne ba setse ba tsene mo lobelong mme ba fitlhile boitekanelong jwa Bokeresete. Mme go ka tweng fa o ise o kolobediwe mme o santse o tshwanetswe ke go tsena mo lobelong? He o tshwanetse wa direla tebang le seno jaaka mokgele wa ntlha, ka go bo bao ba palelwang ke go siana ga ba kitla ba amogela sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng. Lefa go ntse jalo, fa o sa tswa go simolola lobelo lwa botshelo, he, jaaka mokgele wa ntlha, o tshwanetse wa fitlhelela kgolo ya Bokeresete. Seno se tla raya go lekela go amogela kakaretso yotlhe ya boammaaruri jwa Bokeresete le go nna le ‘maikutlo a a tlwaeditsweng go lemoga molemo le bosula.’—Bahebera 5:14; 6:1.

5. Ke dipotso dife tse re ka di dirisang go lemoga boikutlo jwa mogopolo wa rona kaga mokgele wa botshelo?

5 Mme gone mafoko a ga Paulo a a reng, “Botlhe ba ba itekanetseñ mo go rona, a re nneñ maikutlō a a nntseñ yalo,’’ a supa gore le eleng bao ba godileng ba tlhoka go tlhatlhoba “maikutlō” a bone, ka go bo bangwe ba ka nna le “maikutlō a sele.” (Bafilipi 3:15) Ka sekai, ke dilo dife tse o di tlogetseng kwa morago? A o santse o di leba fela jaaka Paulo? Kana a dilo tse di bonalang tse o di bapetseng le tsa boemo jo bo kwa godimo mo lefatsheng di go tseetse nako e ntsi le tlhokomelo? Gone ee, Mokeresete o tshwanetse go baakanyetsa ditlhokafalo tsa gagwe le tsa bantlo ya gagwe. Paulo o ne a dira mo tirong e e boima ya go dira ditante—ruri seo e ne e le phetogo mo mokgweng o o kwa godimo wa botshelo jo a neng a bo tshela pele. Mme jaanong “sekgèle” e ne e le selo se segolo mo botshelong jwa gagwe, e seng tiro ya gagwe ya boitshediso. A go ntse jalo le ka wena?—Ditiho 18:3; 20:33, 34.

Go Itshikinya mo Poihongmodimo

6. Go ya ka 1 Timotheo 4:7, 10, ke thapiso efe e e tlhokafalang go fitlhelela mokgele wa botshelo jo bo sa khutleng?

6 Fa a ne a gakolola Timotheo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhokomedisa nonofong e e botlhokwatlhokwa go botlhe ba ba batlang go bona “sekgèlè.” Ka kwantle ga pelaelo a ne a gopotse ka dingwaga tse dintsi tsa thapiso e e gagametseng tseo di neng di tlhokafala mo bataboging o ne a kwala a re: “O itshikinyè mo poihoñmodimo: . . . gonne re a diha e bile re a leka.”—1 Timotheo 4:7, 10.

7. Poifomodimo ke eng, mme re ka tlhatlhoba tlhotlheletso ya rona jang?

7 Poihomodimo e raya go kgomaragana le Jehofa ka sebele. Ke seo re leng sone mo pelong, mme thatathata ga e tlhomamisiwe ka ditiro tsa rona tse di ka kwantle tsa bodumedi.b Ka gone, re tshwanetse ka metlha ra tlhatlhoba gore ke ka ntlhayang fa re tshwarega mo tirelong e e boitshepo. A ke ka go bo bangwe ba ka akanya jang fa re sa dire jalo? A ke ka go itirela leina je le kwa godimo fapele ga batho? A ke fela ka go bo batsadi ba rona ba re patelela? Kana a ke ka go bo re batla go itumedisa Modimo? Ka dinako tse dingwe rotlhe re a tle re tlhoke kgothatso e se kaenyana mo go ba bangwe. Boiteko jwa sebele kana thulaganyo ya phuthego di ka dira jaaka tlhotlheletso, mme se se dirwang ruri se tshwanetse sa nna ‘go tshela gotlhe ka poihomodimo.’—2 Petere 3:11.

8. Go oketsa poifomodimo, ke eng se se tlhokafalang gammogo le thuto ya Bibela?

8 Fa motho e le yo o “otlwañ ka mahoko a tumèlō” ka thuto ya Bibela ya botho le ya phuthego, o ka oketsa poihomodimo. (1 Timotheo 4:6) Mme go tlhokafala mo go oketsegileng go na le go akaretsa ditsebe fela. Ipotse: Seno se mpolelelang kaga Jehofa? Seno se tshwanetse go ama botshelo jwa me jang kana pono yame ka ba bangwe? A ke tla dirisa seo ke se ithutileng? Leng? Jang? Tlhatlhanyo e e ntseng jalo ke bontlhanngwe jwa thapiso ya rona tebang le poifomodimo.

9. Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang tlhokafalo ya go ithapisa ka metlha ka boitlhomo jwa poifomodimo?

9 Motabogi, fa a ntse a le mo thapisong, o nna a ntse a batlisisa kafa a ka tokafalang ka teng. Jaaka bathuba-lobelo ba lobelo lwa Bokeresete re tshwanetse ra itisa gore re se tseye bogodi jwa rona jwa semoya ga motlhofo fela. Mosadi mongwe yo o neng a sale a tsena dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa go tswa bonyaneng, gammogo le go direng ka metlha mo tirelong ya tshimo, o ne a fitlhela gore go ne go tlhokafala mo go oketsegileng go na le go nna fela tiro ya gale le gale ya Bokeresete, ka jaana moragonyana a ne a kopanyelediwa mo boitsholong jo bo sa siamang jwa bonna le bosadi. Fa a sena go tokafala, o ne a re: “Ke ne ke ithaya ke re ke motho wa semoya, mme ka tla go lemoga gore ke ne ke ya le maikutlo fela. Fa ke sena go wa mo moyeng ke ne ka simolola go dira thuto ya botho e e oketsegileng thata-thata mme ka e dirisa mo go nna. Ke ne ka lopa thuso ya ga Jehofa. Ka jalo, ka simolola go gola mo moyeng, e le la ntlha ke godisa kamano ya botho le ene.”

10. Leitlho je le anaanelang le ka re thusa jang go atamela gautshwane le Jehofa?

10 Gape, kanaanelo e a tlhokafala. Ka sekai, fa o ntse o ipelela kungwa e e monate, o ka nna wa gopola ka seno: ‘Abo re na le Rre yo o re baakanyeditseng sengwe se se itumedisang thata jang ne!’ Kana, fa o leba marang a bophirimo jwa letsatsi a a mebalabala, o ka nna wa re ebu: “Abo Rraarona e le setswerere sa diatla jang ne!’ Mo dikgannyeng tsa malatsi otlhe itlwaetse go iponela ka bowena tlhokomelo ya ga Jehofa. Ka gone o tla atamalana le ene.—1 Bathesalonia 5:18; Yakobe 4:8.

‘Gagamalela-pele’—Ga o ise o Itekanele

11. A Mokeresete o tshwanetse a repisa, ka ntlha ya dingwaga tse dintsi mo boammaaruring?

11 Bangwe mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Filipi, ka go bo ba ne ba setse ba na le lobakanyana mo tseleng ya boammaaruri, ba ka ne ba ile ba simolola go repisa, ba gopola gore ba ne ba setse ba fitlhile selekanyong se se kgotsofatsang sa semoya. Paulo o ne a tlhokomedisa sekaong sa gagwe, ka go re: “Ga se gore ke [moaposetoloi, le Mokeresete wa dingwaga tse di fetang 25] setse ke hitlhile, [sekgeleng sa selegodimo] leha e le gore ke setse ke itekanetse mme ke lekela kwa [go sone] . . . Bagaecho, ga ke ikaee go re, ke setse ke chwere.”—Bafilipi 3:12, 13.

12. Ke ka ntlhayang fa Mokeresete a tshwanetse go tswelela ka go lekela go apara motho yo mosha?

12 Botshelo jwa Mokeresete ga bo ke bo ema. “Bocwèlèlō pele” jo bo sa emeng bo a tlhokafala mo go apareng motho yo mosha. Makoa a a tlhaetsang a tshwanetse a ganediwa. (1 Timotheo 4:15; 1 Bakorintha 9:27) Mosupi mongwe o ne a senola gore gantsi o ne a le boikgogomoso mme e bile a kgopisiwa ga motlhofo fela ke ba bangwe. Fa a sena go gakololwa, a lemoga gore seno se ne se ka mo senyetsa go ka bona botshelo jo bo sa khutleng. “Kefa ke leka ka thata go akanya sentle ka ba bangwe. Fa ke sena go ipatelela ka lobakanyana, ga nna motlhofo,” a bolela. “E ne e tle e re fa ke gakadiwa, ke rapele ke re: ‘Ga ke rate go nna jaana, Jehofa. O itse fa ke ketefalelwa, jalo nthusa tsweetswee!’ Ruri a dira jalo!” Mokgele wa gagwe e ne ya nna go senka go fenya bokoa jo bo kgethegileng le go bontsha maungo a a oketsegileng a moya wa Modimo. O ne a segofadiwa, a ba a tshwanelegela le go direla jaaka morongwa. A go na le mekgele ya mofuta ono e o tlhokang go e lekela?—Bagalatia 5:22-26.

13. Ke mokgele ofe o o neng wa fitlhelelwa ke lelapa lengwe, mme ke eng seo se neng sa ba tlhotlheletsa?

13 Ka go lemoga gore ga se gore o “setse [a] itekanetse” kana gore o setse a bone sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng, Mokeresete o nna a ntse a disitse boikutlo jwa gagwe tebang le tirelo. Banyalani bangwe mo United States ba ne ba tlhatlhoba maemo a bone. Ka nako eo (bogologolo ka 1958) mosadi e ne e le moruta-bana wa sekolo se se botlana mme monna, jaaka rapapadi wa maemo a a kwa godimo, o ne a amogela go feta R46 ka oura. “Go tswa foo ra simolola go akanya ka bangwe ba bao ba neng ba direla kwa ntlo-kgolong ya lefatshe jotlhe ya Basupi ba ga Jehofa bao ba neng ba tlogetse ditiro go ya go direla koo kwantle ga tuelo, e le fela go tlisetsa batho ba ba tshwanang le rona boammaaruri,” mosadi a bolela. Ka go tshikinngwa ke sekao se, banyalani bano ba rekisa legae ja bone mme, ka bobedi jwa bone le bana ba bone ba babedi, ba fudugela kwa go neng go na le tlhokafalo e e oketsegileng ya baboledi ba Bogosi. Botlhe ba ne ba ritibetse ka tiro e e kwa tlase go tlhokomela lelapa la bone. Botshelo jwa bone jotlhe bo ne jaanong bo bofeletswe mo go thuseng ba bangwe, jaaka mongwe le mongwe wa bone a ne a tloga a tshwara kakaretso ya dithuto tsa Bibela di le 15 beke le beke, le batho ba ba kgatlhegang. “Re ne ra bona boipelo jo bogolo thata jo madi a neng a ka se bo reke. Mme re ne ra itumelela segolo go bona bana ba rona ba golela mo loratong lo lo tshwanang lwa ga Jehofa,” ga tlhalosa monna jalo.—Bafilipi 4:12, 13.

14. Ke mekgele efe ya botho eo ba le bantsi ba e leketseng?

14 Ee gone, ga se lelapa lengwe le lengwe je le ka tsayang kgato e e ntseng jalo. Mme palo e e oketsegileng e ile ya dira dipaakanyo go nna le karolo e kgolwane mo tirong ya go rera, gongwe le eleng go nna babulatsela ba ba thusang kana ba ka metlha. Mo ngwageng wa tirelo wa 1981, mo kgweding nngwe le nngwe, palo-gare ya batho ba ba 151 180 ba ne ba tshwarega mo tirong ya bobulatsela—koketsego e kgolo ruri mme e bile e le 10 lekgolong go feta ngwaga o o fetileng! Ba le bantsi ba dirile tirelo ya Bethele kana ya borongwa mokgele wa bone. Ka go bulwa ga bosheng ga dikolo tsa Gilead mo Mexico le Federal Republic of Germany, ba le bantsi ka mo go oketsegileng ba ile ba kgona go fitlhelela mekgeleng e mesha e e atolositsweng mo matshelong a bone a botho. Mme le ba bangwe ba ile ba dira ka thata go godisa lorato lo lo boteng lwa ga Jehofa mo baneng ba bone. Banna ba ba ineetseng ba ile ba itekela tirong ya motlhanka wa bodihedi, mogolwane, le eleng ya molebedi yo o etang, ka go godisa ditshwanelego tse di tlhokafalang tsa semoya.—1 Timotheo 3:1-13.

15. Basadi ba Bakeresete ba ka thusa banna ba bone jang go boloka mokgele wa botshelo o le kwa pele-pele?

15 Basadi ba Bakeresete ba thusa ka go baya “sekgèlè” kwa pele. “Ga ke kitla ke lebala seo mosadi wa me a neng a se bua fa e rile ke bala ka utlwalela fa banna ba bararo bao ke neng ka ba ruta tiro ya me fa ke ne ke tsamaya go ne go twe ba ne ba sa tswa go nna le dimilione tsa madi,” ga bolela jalo Mosupi yo o umakilweng mo serapeng sa 13. “Mosadi a re: ‘madi a nna gone gompieno mme kamoso a ile. Seo re se dirang ka go thusa batho semoyeng se na le molemo o o nnelang ruri.’ Mosadi o ne a nkgothatsa ka metlha gore ke seka ka kopanyelediwa mo go bapaleng madi a mantsi gape. Ka thuso ya gagwe re ne ra tsena mo tirong ya potologo fa bana ba rona ba sena go gola.” Ee, basadi bao ba emang banna ba bone nokeng semoyeng ba ka ba thusa go “bōna botsalanō mo go Yehofa.”—Diane 18:22.

Maemo a a Farologana

16. (a) Fa moaposetoloi Paulo a ne a raya phuthego ya Filipi a re, “Loa tlhōka lobaka,” o ka ne a ne a rayang? (b) Re itse jang gore Jehofa ga se motho yo o sekeng a kgotsofadiwa ke maiteko a batlhanka ba gagwe?

16 Phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Filipi e ne e tlhomologile ka go abela Paulo ka bopelotshweu, mme go ne ga feta lobaka lo lo rileng ba sa mo fe sepe sa dilo tse di bonalang. E le ka ntlhayang? “Loa tlhōka lobaka,” Paulo a kwala jalo. (Bafilipi 4:10) Gongwe dipaka tse di boima, e ne e le tsone tse di fetotseng maemo, kana gongwe ba ne ba sa itse kwa Paulo a neng a le teng go ne ga ba kganela go ka dira kafa ba neng ba eleditse ka teng mo dipelong. Maemo a rona le one a ka re lekanyetsa seo re ka se dirang. Jehofa o lemoga seno. Ka sekai, go ya ka molao wa ga Moshe Jehofa o ne a amogela fela jaaka tshupelo ya molato seo motho a neng a ka se kgona, le fa e ne e ka nna dikopi tsa boupe di hera bobedi! (Lefitiko 5:5-11) Gotlhe mo Modimo a neng a go lopa fela e ne e le gore ditlhabelo e nne tse di botoka thata.—Ekesodo 23:19; Bahebera 13:15, 16.

17. Ke eng se se tshwanang le matshwao a a supang sekgala mo lobaleng lwa bathuba-lobelo fa re ntse re lekela mokgeleng wa rona wa bofelo, ebong sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng?

17 Lefa go ntse jalo, a ka boammaaruri re neela Jehofa gotlhe ga rona? A ka malatsi otlhe re nna re lebile tuelong e kgolo ya botshelo jo bo sa khutleng? (Bapisa Bahebera 12:1, 2.) Re ka thusiwa mo go golo go dira jalo fa re na le mekgele ya semoya eo re lekang ka thata go e fitlhelela fa re le mo tseleng. Eno e nna matshwao a a supang sekgala mo lobaleng lwa bathuba-lobelo. Jaaka fa re bone, longwe lwa matshwao ano ke kolobetso. A o fitlhile mo sekgaleng seo? Go ka tweng kaga kgolo ya Bokeresete—ka mmannete o amogela thulaganyo yotlhe ya boammaaruri jwa Bokeresete, o sa tlhole o belaela sepe, o tsosa kgang, o gwetlha thuto nngwe le nngwe e ntšha? Mme e bile a o ithutile go dira diphetso tsa malatsi otlhe go ya ka melao-metheo ya Bibela? Fa go ntse jalo, o fetile lotshwao lo longwe lwa sekgala. A maungo a moya a tseneletse kwa teng mo bothong jwa gago? A tirelo ya tshimo e na le botlhokwa jo bo tshwanang mo go wena jaaka go ne go ntse ka motlhoma-sekao wa rona, Jesu Keresete? Mme go ka tweng ka lebaka le o dirang dilo ka lone? A o tlhotlhelediwa ke poifomodimo ya boammaaruri? Lefa Timotheo e ne e le mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a gakololwa gore o ne a tlhoka go ithapisa ka boitlhomo jono. A re fitlhelela mengwe ya mekgele eno le go lekela e mengwe, re lebile-pele sekgeleng se segolo sa botshelo jo bo sa khutleng? A ruriruri re “gagamalèla kwa . . . pele”?

18. Ke dituelo dife tseo re di amogelang ga jaanong ka go oketsa poifomodimo?

18 Dituelo tsa boiteko jo bo ntseng jalo di dintsi. Fela jaaka Paulo a ile a re poifomodimo, “e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno.” (1 Timotheo 4:8) O ne a akaretsa sentle kgotsofalo eo re ka nnang le yone gone jaanong ntle le mathata: “Yaka ba ba hutsahalañ, le morōrō re itumèla ka metlha eotlhe. . . . re humisa batho bantsi; yaka ba ba senañ sepè, le morōrō re ruile dilō cotlhe.—2 Bakorintha 5:10.

19. Ke ka ntlhayang fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go itlhokomela kafa a sianang ka teng fa re lekela botshelo jo bo sa khutleng?

19 Re tloga re tshwara mokgele wa rona wa bofelo—‘botshelo jo bo tla tlang.’ Paulo o ne a kgona go bua jaana fa a ntse a lebeletse tuelo ya gagwe ya selegodimo: “Ke kaea ha dipogishō tsa motlha ono di sa chwanèla go chwantshiwa le kgalalèlō e re tla e senolèlwañ.” (Baroma 8:18) Ee, boiteko jotlhe mo lobelong ga bo na go ba bo tshwantshiwa le masego a tuelo e e kwa godimo ya botshelo jo bo sa khutleng, e ka ne e le kwa legodimong kana mo lefatsheng. Jalo a leitlho ja gago le nne le tlhomilwe mo mekgeleng ya semoya. Sianela go fenya. Siana jaaka ekete jone botshelo jwa gago tota bo ikaegile mo go yone—ka gone mme go ntse jalo!—Pesalema 37:3, 4, 11, 29.

◻ Mokgele o o botlhokwatlhokwa o o Mokeresete a tshwanetseng go gagamalela kwa go one ke ofe, mme ebile ke “maikutlō” afe a mogopolo ao re tshwanetseng ra nna le one kaga go o fitlhelela?

◻ Re ka ithapisa jang re na le boitlhomo jwa poifomodimo?

◻ Mengwe ya mekgele e e tlang pele ke efe fa re ntse re gagamaletse mokgeleng wa bofelo-felo wa botshelo jo bo sa khutleng?

◻ A Jehofa ga a ke a kgotsofadiwa ke maiteko a rona mo tirelong ya gagwe e e boitshepo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ditlhaloso tsa mmoki wa bogologolo wa Mogerika Pindar go Isthmian Odes ya gagwe, I 40-50.

b Lefoko la pele la Segerika, eusebeia, le ne le dirisiwa ka nako eo ke ra-matlhale Philo go tlhalosa modumedi wa mmannete fa a mmapisa le moobamedi wa ”‏boitshemo” yo o neng fela a supa ditiro tsa bodumedi tse di ka kwantle ka mo go feteletseng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela