LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 8/15 ts. 11-16
  • Sebaka se se Molemo-lemo sa Basha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sebaka se se Molemo-lemo sa Basha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nonofo le Katlego Di A Tlhokafala
  • Sebaka se se Molemo-lemo
  • Tsela ya Botshelo e e Tsholetsegileng
  • Thethebalo le Segakolodi se se Phepa
  • Nonofo ya Moteng
  • Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Latelelang Poifomodimo Jaaka Bakeresete ba ba Kolobeditsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Mo Boitshokong jwa Lona Lo Tsenye Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Latela Sekao sa ga Jesu sa Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 8/15 ts. 11-16

Sebaka se se Molemo-lemo sa Basha

“Poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ. Go boikaño polèlō e, e bile e chwanecwe ke kamogèlō eotlhe.”​—1 TIMOTHEO 4:8, 9.

1, 2. (a) Basha ba bantsi ba akanyetsa dipaka dife tse di botlhokwa, mme ke dipotso dife tse di bodiwang? (b) Ke ka baka lang fa go na le dikgatelelo tse di kgethegileng mo basheng ba gompieno?

BOTSHELO bo go tsholetse sebaka sefe se se molemo-lemo? Dikanoko tsa bosheng tsa mefuta e e farologaneng ya batho ba banana di senola gore bontsi bo akanyetsa “go bona tiro e e intumedisang” le “go itsetsepela sentle kafa mading” e le yone mekgele ya bone e e botlhokwa-tlhokwa segolo. Dipalo tse di oketsegang tsa basha ba sekametse mo mekgeleng ya botshelo, mme mo mafelong a mangwe ba tsenelela diunibesithi ka dipalo tse dikgolo thata mo patlong ya ditiro tse di duelang tota. Bantsi ba leba go dipaka tse di ntseng jalo tsa dilo tse di bonalang go bona polokesego, nonofo, le katlego mo botshelong. Fa e le gore o mosha, a o ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo? Mme lona ba eleng gore lo bagodi lo ikutlwa jang, segolo bogolo batsadi, a tota lo akanyetsa dipaka tse di ntseng jalo? A tseno ke sone sekopololo sa “botshelo jo bo molemo”?

2 Fa e le gore batho ba banana go na le nako e ba kileng ba tlhoka nonofo le katlego, ke gone jaanong jaana mo “metlheñ ea bohèlō” eno fa dipaka e le tse “di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1-5) Batho ba banana ba gompieno ba ile ba golela kafa tlase ga ditlalelo tse di neng di ka se ka tsa akanngwa mo kokomaneng e e kwa moragonyana. Diphetogo tse di potlakileng mo mokgatlhong, jaaka kwelo tlase ya botshelo jwa lelapa le maitsholo, di ile tsa dira gore go nne le phereetsego e kgolo ya maikutlo.

Nonofo le Katlego Di A Tlhokafala

3, 4. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore basha ba bantsi ba tlhaela nonofo ya ka moteng, mme ke ka baka lang fa dikhumo tsa dilo tse di bonalang di sa baakanyetse ka yone?

3 Batho ba banana ka bontsi-ntsi thata ba ile ba bona gore ba tlhaela nonofo ya ka moteng ya go lepalepana le dikgatelelo tsa botshelo. (Bapisa Baefesia 3:16.) Pego ya bosheng jaana ya ba National Institute of Mental Health e feleletsa ka gore mosha a le mongwe mo go ba le batlhano o tlalelwa mo go botlhoko thata.a Go tloga ka 1961 go ya go 1975, dipalo tsa boipolao tsa thaka e tshesane mo United States di ne tsa menagana go feta thata! Mo lefatsheng leo le le nosi fela basha ba ba ka nnang 8 000 ba swa ka ntlha ya go ipolaya ngwaga le ngwaga, lefa go le jalo palo e e fetang eo ka makgetlo a le 50 e leka go ipolaya. Bagolwane bangwe ba puso ba bitsa bothata jono ba re ke “leroborobo.” Dipego gape di bontsha gore palo e e gakgamatsang ya basha ba amogelwa mo dipateleng tsa tlhaloganyo.b

4 Legale, ga se batho ba banana botlhe ba ba tshelang tlase ga maemo ao a dirang gore ba atlege mo dilong tse di bonalang. Lefa go ntse jalo, fa o akanyetsa gore dipego tse di umakilweng go le pele di kopanyeletsa naga e kgolo fela thata koo go nang le letlotlo la dilo tse di bonalang, go phepafetse gore seo ka bosone fela ga se thuse batho ba banana go ‘tlosa bohutsana mo pelong ya bone le bosula mo nameng ya bone.’ (Moreri 11:9, 10) Go atlega mo dilong tse di bonalang go neela nonofo e potlanyana go motho yo pelo ya gagwe e raraeditsweng ke dipelaelo tsa botho tse di kgobang marapo, go sa babalesege, kana melato. Bibela e etse tlhoko ka gore: “Ha u idibala mo motlheñ oa pitlaganō, nonohō ea gago e be e le pōtlana.”​—Diane 24:10.

5, 6. A go bapala dilo tse di bonalang go tla tlisa “botshelo jo bo molemo” mo isagweng? Tshwantsha.

5 A mme go ngangatlela ka thata mo dilong tse di bonalang e tla re kgabagare go tsise kgotsofalo, “botshelo jo bo molemo”? Kgosi Solomone yo o neng a humile o ne a dumela ka go re: “Hoñ ka leba ditihō cotlhe tse diatla tsa me di di dihileñ, le letsapa ye ke ne ke ineile letsapa ya go le diha: me bōnañ, gotlhe e ne e le boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.” (Moreri 2:3-11) Lemororo dikhumo tsa gagwe di ile tsa mo tlisetsa menate mengwe, o ne a sa ntse a ntse a ikutlwa a le lolea fela, a ithamaka.

6 Bantsi gompieno ba baka thutego e e kwa godimo jaaka nngwe ya dikopololo tsa “botshelo jo bo molemo” jwa mo isagweng. Mongwe yo pele e neng e le molaodi wa kgaolo nngwe ya U.S. o ne a bitsa le eleng thutego e e ntseng jalo “patlafalo ya nonofo, katlego le phalolo.” A mme go ntse jalo tota? Gone, baalogi ba le 846 ba unibesithi e e tlotlegang thata ba ne ba sobokanya “pego ya tlelase” ya kafa ba neng ba tswelela ka teng mo dingwageng tse di lesome morago ga go aloga. “E re ntswa go na le ditlhaloso tse di molemo tsa boitumelo tse di fitlhelwang mo pegong yotlhe,” go ne ga bolela jalo leloko le lengwe la tlelase, “go na le boitlhobogo jo bontsi thata, kgadikego le eleng go felelwa ke tshepo.” Morago ga dingwaga tse 25, mongwe wa baalogi o ne a fitlhelela “mekgele e e rileng ya madi,” mme o ne a dumela ka gore: “Go palelwa mo botshelong jwa me ka sebele go fekeetsa fela thata dikatlego dipe tseo di ka tsamayang ka maswabi di sa begwa.” A seno ke sone se se molemo se botshelo bo se neelang?

Sebaka se se Molemo-lemo

7. Timotheo o ka bo a ile a ithapisetsa ditsela dife tsa botshelo, mme Paulo o ne a mo rotloeletsa eng?

7 Mo dikwalong tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng go morutwa wa Mokeresete Timotheo, moaposetoloi Paulo o ne a supela go sengwe se se botoka thata. Lekawana leno le ne le abetswe go direla mo Efeso, lengwe la mafelo a magolo thata thata a papadi mo metlheng ya bogologolo. Abo a ile a bona lohumo lo logolo lwa botshelo ne! Ene ka boene o ka bo a ile a gakalela go nna morekisi yo o atlegileng kana go ipatlela tlotlo e ka tswa e le ka go tsena mo sekolong sa ga Turano kana mo kagong ya botshamekelo ya koo. (1 Timotheo 1:3; Ditihō 19:1, 9, 29) Timotheo o ka bo a ile a ithapisetsa kwantle ga pelaelo mokgwa mongwe wa botshelo o o humisang fela thata wa selefatshe, mme Paulo o ne a kwala ka go re: “Me u itshikinyè mo poihoñmodimo: Gonne go itshikinya mmele go molemō mokhutshane; me poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” Ee, poifomodimo e “molemō kaga dilō cotlhe.” Mo e ne e se go kapa dintsi fela, ka go bo Paulo o ile a oketsa ka gore: “Go boikaño polèlō e, e bile e chwanecwe ke kamogèlō eotlhe.” Go tswa boitemogelong jwa botho, Paulo o ne a itse seo se neng se tla bulela tsela e e molemo-lemo ya botshelo.​—1 Timotheo 4:7-9; 2 Bakorintha 6:10.

8, 9. (a) Poifomodimo ke eng? (b) Sebaka sa gago se se molemo-lemo ke sefe, mme ke ka baka lang fa boiteko bo tlhokafala gore se go solegele molemo?

8 Poifomodimo eno ke eng? Ke kgomaragano ya botho le Modimo e e tswang mo pelong e e tlhotlhelediwang ke kanaanelo e e boteng ya dinonofo tsa gagwe tse di ikuelang. E re ntswa ‘tshisimogo Modimo’ (Bahebera 12:28) e raya segolo bogolo tshabo e e tshwanetseng ya go sa dire sepe se se ka itumololang Modimo, “poihōmodimo” ke karabelo ya pelo eo e tla go tlhotlheletsang go tshela ka tsela eo e itumedisang Modimo ka go bo o mo rata.c Nonofo e e ntseng jalo ya pelo e gogela kwa ‘tsalanong le Modimo,’ kamano ya botho koo o lemogang kamogelo le thuso tsa gagwe. (Yobe 29:4) Sebaka sa go nna le botsalano jono jwa botho le Modimo se botlhokwa fela thata thata go na le eng fela seo o ka se neelwang.​—Bapisa Yeremia 9:23, 24.

9 A go nna le batsadi ba ba boifang Modimo kana go kolobediwa jaaka Mokeresete go tlisa motlhofo fela kamano eno le Modimo? Nnyaa, ka go bo tlhoafalo ya pelo e tshwanetswe go tlhagolelwa ga mmogo le dinonofo tse dingwe tsa Bokeresete. (2 Petere 1:5-8) O tshwanetse gore o nne motho yo ‘pelo ya gagwe e mo kgoromeletsang’ go neela ‘ditiro tsa poifomodimo.’ (Bapisa Ekesodo 36:2; 2 Petere 3:11; Bakolosa 3:22.) Lemororo a ne a godisiwa go tswa bonyaneng mo tseleng ya boammaaruri, Timotheo o ne a tshwanelwa ke go tlhagolela poifomodimo. Gompieno, ka mo go tshwanang, boiteko jo bogolo thata bo a tlhokafala, lefa go le jalo poifomodimo eno e tla itshupa e le “papadi e kgolo.” (1 Timotheo 6:6) Jang jalo?

Tsela ya Botshelo e e Tsholetsegileng

10, 11. Poifomodimo e ne ya tsholetsa botshelo jwa ga Timotheo jang?

10 Mo Efeso, Timotheo o ne a lekela poifomodimo fa gare ga batho bao ba neng ba ‘sepela mo megopolong ya bone ya boithamako ya go tlhoka loungo.’ (Baefesia 4:17) Seo se neng sa tlatsa megopolo ya bone se ne se se na poelo ya sepe mme e ne e le boithamako. “A namane e tona ya tlhaloso!” go tlhalosa jalo moithuti wa Bibela R. C. H. Lenski kaga Baefesia 4:17. “Banna ba ba akanyang, ba megopolo e e tlhanaselang, dibopiwa tse di botlhale, ba tsamaya tsamaya le go ralala botshelo, ba setse morago ditlhotlheletso tsa mogopolo o o tla ba gogelang kwa kgatong nngwe le nngwe mme e re kwa bofelelong e bo e se sepe, fa e se go palelwa ga matlhabisa ditlhong, mo go swabisang ruri!”

11 Timotheo o ne a ka bona gore tsela ya botshelo ya Baefesia e ne e le boithamako ebile e le leswe. Bantsi ba bone ba ne ba obamela modimo wa sesadi Aretemise, mme kobamelo ya bone e e ba ileng kwa tlhogong e ne e lebisitswe kwa setshwantshong se se se nang botshelo. Go ne go akareletsa meletlo ya boatla ya kafa dikobong le boitlhapediso le mediro ya go ipapatsa mo mebeleng. (Ditihō 19:23-34) Legale, tsela ya botshelo ya ga Timotheo, e ne e tsholeditswe godimo ga merafe eo, ba ba neng ba “sa itse botshelō yoa Modimo . . . [mme] ba helecwe ke maikutlō.” (Baefesia 2:6; 4:18, 19) Tsela ya gagwe ya bomodimo mo go tsheleng “botshelō yoa Modimo” e ne ya dira gore a nne le Tsala e kgolo thata thata mo lobopong! Sebaka sa go tlhagolela kamano eno le Modimo o o tshelang ka poifomodimo se eletsega eleruri! A o ka kgona go se ngangatlela?

12. Mosha mongwe wa Mokeresete o ne a reng kaga “papadi e kgolo” ya poifomodimo? O ikutlwa jang kaga yone?

12 Bantsi gompieno ba obamela tlhakanelo dikobo, menate, mahumo, le thutego e e kwa godimo ka tshisimogo e e tshwanang fela le eo Baefesia ba bogologolo ba neng ba e dira go Aretemise. (Mathaio 6:24; Baefesia 5:3-5; Bafilipi 3:19) Lefa go ntse jalo, bao ba lekelang poifomodimo ba ipelela nonofo ya botshelo jo bo kwa godimo. “Ke leba bana ba ke neng ke a tle ke taboge taboge le bone pele ga ke simolola go ithuta Bibela,” go bega jalo Mokeresete mongwe wa dingwaga tse 24. “Halofo ya bone e mo kgolegelong. Bontsi jwa bone ba ja diokobatsi, mme basetsana ba bantsi ba na le bana ba dikgora. Matshelo a bone ke madubedube. Bantsi tota ebile ba sule. Ke itumela fela thata go bo ke ka kgona go re ke lebe botshelo mme ke kgone go ka itumelela seo ke se bonang.” Basha ba bangwe ba Bakeresete ba dumalana ka peloyotlhe tota!

13. Ke ka baka lang fa go latela taolo e e mo go 2 Timotheo 4:5 go oketsa bokao mo botshelong?

13 Bao ba tshelang ka poifomodimo e e ntseng jalo ba na le lehumo la bodihedi. (2 Bakorintha 4:1, 7; 2 Timotheo 4:5) Seno se baakanyetsa ka boikaelelo jwa mmatota le kgwetlho. Go na le monatenyana wa maikaketso wa metshameko mengwe ya TV kana motshameko mongwe wa dibaesekopo, Bakeresete ba ba kopanyelediwang mo bodiheding ba etela magae a batho ba mmatota go ba thusa. Gape ba dirisana le mathata a mmatota. Abo ba bona boipelo jo bo se nang bolekanngo jang jaaka ba bona batho ba ba neng ba tshela boitsholo jo bo maswe, jwa thubakanyo, kana matshelo a boithamako fela ba arabela tao ya Bibela mme le go latlha mekgwa ya pele e e bosula, ba tlhagolela boitlotlo, le go direla Jehofa. Ga go tsela epe e nngwe ya botshelo e e nang le bokao jalo kana e e tlisang molemo o o ntseng jalo wa bosakhutleng!

Thethebalo le Segakolodi se se Phepa

14, 15. Thethebalo ya bomodimo malebana le madi e dira botshelo jo bo botoka jang?

14 “Me poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ ke papadi e kgolo . . . Me e re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna. Me ba ba eletsañ go huma . . . ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Timotheo 6:6-10) Mo kanokong ya 1981 ka Psychology Today e ne ya senola gore batho ba banana ba akanya “thata-thata” kaga madi go na le setlhopha sepe fela. Lefa go ntse jalo, halofo ya setlhopha sa baarabedi ba ba neng ba amegile thata kaga madi (go akareletsa le bahumi le bahumanegi) ba ne ba ngongorega kaga “tshwenyego le tlhobaelo ya ka metlha.”

15 Lekawana lengwe mo Japane le ne la atlega go tswa mo ‘khumanegong go ya kwa letlepung,’ mme ka go dira jalo o ne a gobatsa botsogo jwa gagwe. Moragonyana, ka thuso ya thuto ya Bibela, o ne a tlhagolela poifomodimo. “Fa ke akanyetsa kwa morago ka mokgele wa me o mogolo mo botshelong e ne e le go batla go huma, ga go na papisego epe ya kafa ke itumetseng ka teng thata fa e sa le ke fetola mokgele wa me,” o ne a fetsa jalo. “Ammaaruri ga go na sepe seo se ka lepalepanang le thethebalo le kgotsofalo tse di tlang ka go dirisa botshelo jwa mongwe mo tirelong ya Mmopi yo Mogolo.”d​—Diane 10:22; Moreri 5:10-12.

16. Matswela e nna eng kaga bao ba palelwang ke ‘go tshegetsa segakolodi se se molemo’?

16 Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo go ‘tshegetsa segakolodi se se molemo.’ Jang? Tsela e nngwe e ne e le go re a tshware basadi ka “boitshèkō yotlhe.” (1 Timotheo 1:19; 5:2) Lefa go ntse jalo, boitsheko jotlhe bo nyeletse mo basheng ba bantsi jaaka digakolodi tsa bone di ile tsa baboga. (1 Timotheo 4:2) Mme boitsholo jo bo sa siamang ga bo tlise kagiso le kgotsofalo tsa moteng. Kanoko e nngwe e ne ya akanyetsa maikutlo le boitshwaro jwa kafa dikobong jwa makgarejwana le makau a le makgolo a le mmalwa. Malebana le bao ba neng ba le boatla fela thata kafa dikobong pego e bolela gore: “Ba dumela go re ba dira jalo go se na boikaelelo jwa sepe le thethebalo ya sepe.” Ba e batlang e nna halofo ya bano ba ne ba ikutlwa jaana: “Tsela e ke tshelang ka yone jaanong jaana, bontsi jwa dikgono tsa me di senyega mahala.”

17. Ke ka baka lang fa ‘lorato lo lo tswang mo segakoloding se se molemo’ le re thusa go bona se se molemo-lemo mo botshelong?

17 Fa, nako e ntse e ya, banyalani ba lekela lenyalo le le tlotlegang, ba tla solegelwa molemo ke go bontsha “loratō lo lo cwañ mo peloñ e e itshekileñ, le segakolodi se se molemō.” (1 Timotheo 1:5) Ka 1984 ba Journal of Marriage and the Family ba ne ba bega gore mo kanokong ya banyalani ba ba leng bosha go nyalana ba ba 309 ba ne ba bontsha gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go ne go nyalana le “kgotsofalo e potlanyana e e seng botlhokwa thata ya tsa lenyalo ka bobedi mo balekaneng.” Mme abo go na le phapaang jang he ka bao ba leng boitsheko! “Ke boikutlo jo bo kgatlhisang fela thata go leba morago mme o bo o itse gore o phepa,” go tlhalosa jalo mosadi mongwe wa Mokeresete yo monana yo jaanong a nyetsweng dingwaga tse supa. Ee, segakolodi se se phepa ke tuelo e e humileng go basha bao ba nnang “sekaō . . . mo boitshekoñ.”​—1 Timotheo 4:12.

Nonofo ya Moteng

18, 19. (a) Timotheo o ne a tshwanelwa ke go dirisana le dikgatelelo dife? (b) Modimo o ne wa mo thusa jang?

18 Kwantle ga pelaelo Timotheo o ne a kopana le dikgatelelo tse dintsi kwa Efeso. Diphepiso tsa motse o o atlegileng le wa boitsholo jo bo maswe ka kotlelelo ya one mo ‘menateng le metshamekong’ di ka bo di ile tsa tlisa kgatelelo e e ka kwa ntle. Go bo ekete Timotheo o ne a le boi ga mmogo le “makoa a [gagwe] a mantsi” eleruri di ne tsa tlisa dikgatelelo moteng ga gagwe. (1 Timotheo 5:23) Mme Paulo o ne a mo gakolola ka gore: “Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla.”​—2 Timotheo 1:7.

19 Ammaaruri, abo balekane ba gago ba le bantsi-ntsi ba eletsa nonofo e e ntseng jalo jang ne! Mosadi mongwe yo monana o ne a fenya ka botlalo botshelo jwa boaka le jwa go tshwakgolwa ke diokobatsi. “E ne e le ka thuso ya ga Jehofa fela,” o ne a rialo. “Go na le dinako tse dingwe tseo ke neng ke a tle ke tlelwe ke maikutlo ao a bogologolo, mme ke bo ke simolola go rapela​—gone fela foo. Kgono ya go fenya mathata ano e kgatlhisa fela thata go na le se ke kileng ka se fitlhelela mo botshelong jwa me!” Ga go na pelaelo epe kaga gone, Modimo o ka ‘shafatsa nonofo’ mo go wena mme a go neela nonofo ya moteng go emelana le kgatelelo epe le go dira diphetso tse di utlwalang.​—2 Timotheo 4:17.

20, 21. (a) Nankola melemo mengwe ya poifomodimo. (b) Go tla akanyediwa eng mo setlhogong se se latelang?

20 Jalo poifomodimo e tlisa melemo e e se nang palo. ‘Tsela ya gago ya botshelo’ e ka nna le boikaelelo jo bo ntshang tlhogo mo mekgeleng ya bao ba fitlhelelang fela dipaka tsa dilo tse di bonalang. (2 Timotheo 3:10) Jaaka Mokeresete mongwe yo mosha yo a neng a tlogela go ntshediwa madi ga kholetšhe mme a nna moefangedi wa nako e e tletseng a ne a tlhalosa jaana: “Ke na le tsela e e molemo-lemo ya botshelo e mongwe le mongwe a ka e batlang, go nna morutisi wa mafoko a a molemo le go thusa ba bangwe go ithuta kaga Rraarona yo o lorato! Mme ‘molemo o mosesanyane’​—botho jwa me jo bo tokafaditsweng—​bo botoka fela thata go na le jo motho o ka bo nneelang. A ke o oketse mo godimo ga moo tuelo ya go tshelela ruri mo paradaiseng kwantle ga mahutsana. Jaanong ipotse: Tota motho o ka batla botshelo bofe jo bo botoka go na le jo?”

21 O ka nna wa botsa, ‘Ke ka tlhagolela poifomodimo jang?’ Go bona karabo, bala setlhogo se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Batlhalefi ba le mmalwa ba kgolo le boitshwaro jwa makau le makgarejwana ba bona tlalelo e e ntseng jalo e le lebaka le legolo le le tlatseletsang mathata a dingwageng tsa bosheng a a masisi jaaka go lofela sekolo le bothata kwa sekolong, kgobololo ya diokobatsi le tagi, tlhakanelo dikobo, boithwalo, go thoba mo gae le go ipolaya,” go bega jalo mokwadi Kathleen McCoy go Coping with Teenage Depression.

b Lemororo mo United States palo ya ditlhopha tsotlhe tse di amogelwang mo dipateleng e ile ya wela tlase mo lobakeng lwa dingwaga tse 13, setlhopha sa dingwaga tse 15-24 se ile sa oketsega ka diphesente tse 19, mme setlhopha se se kafa tlase ga dingwaga tse 15 se ile sa oketsega ka diphesente tse 158!

c “Tlhotlheletsego ya boithatelo ya boikutlo jwa pelo [malebana le Modimo]” ke kafa Lexicon ka Edward Robinson a tlhalosang tshimologo ya lefoko la Segerika eu·seʹbei·a. J. A. H. Tittmann, mo go Remarks on the Synonyms of the New Testament, e oketsa ka gore: “[Poifomodimo] e supa poifo ya Modimo eo e itshupang ka boyone ka ditiro, . . . mme [tshisimogo Modimo] e supa boemo joo, jo bo tshabang le go tila go dira sepe seo se fapaaneng le tshiamo, . . . [poifomodimo] ke nonofo ya go boifa Modimo mo botshelong.”

d Bala ka polelo ya botshelo ya ga Shozo Mima, “Finding Something Better Than Wealth,” go The Watchtower ya March 1, 1978.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka baka lang fa dikhumo tsa dilo tse di bonalang di na le mosola o mmotlana?

◻ Sebaka sa gago se se molemo-lemo ke sefe?

◻ Ke eng se poifomodimo e se baakanyetsang se se go thusang go bona se se molemo-lemo mo botshelong?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke eng seo se tla go itumedisang fela thata-thata?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Timotheo o ne a ithapisa ka poifomodimo. Seno se ne sa tsholetsa botshelo jwa gagwe godimo ga Baefesia ba ba boitsholo jo bo maswe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela