Latelelang Poifomodimo Jaaka Bakeresete ba ba Kolobeditsweng
“Me wèna monna oa Modimo, . . . u latèlè tshiamō; le poihōmodimo.”—1 TIMOTHEO 6:11.
1. O ne o ka araba jang potso e e reng, Ke letsatsi lefe le le botlhokwa go gaisa mo botshelong jwa gago? Ke ka ntlhayang fa o araba jalo?
KE LETSATSI lefe le le leng botlhokwa go gaisa mo botshelong jwa gago? Fa o le Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, ga go belaetse gore o tla araba o re, ‘Ebu, ke letsatsi le ke kolobeditsweng ka lone!’ Totatota, kolobetso ke kgato ya botlhokwa go gaisa mo botshelong jwa gago. Ke sesupo se se bontshang gore o ineetse mo go Jehofa go dira go rata ga gagwe o sa sadisa sepe. Kolobetso ya gago e supa letsatsi leo o neng wa tlhomamisiwa ka lone jaaka modihedi wa Modimo Mogodimodimo, Jehofa.
2. (a) Go ka bontshiwa jang gore kolobetso ga se kgato ya bofelo e o e tsayang mo tseleng ya Bokeresete? (b) Ke dikgato dife tsa ntlha tsa botlhokwa tseo o ileng wa di tsaya pele ga o kolobediwa?
2 Lefa go le jalo, a kolobetso ke kgato ya bofelo e o e tsayang mo botshelong jwa Bokeresete? Ga go a nna jalo! Go tshwantsha seno: Mo dinageng tse dintsi moletlo wa lenyalo o supa go wediwa ga nako ya go rulaganya le go baakanya (le gantsi ya go beelelana.) Ka nako e e tshwanang, e tshwaya go simolola go tshela mmogo jaaka batho ba babedi ba ba nyalaneng. Ka mo go tshwanang, kolobetso ya gago ke setlhoa sa nako ya go ipaakanya eo mo go yone o neng wa tsaya dikgato di le mmalwa tsa botlhokwa tse di simololang. O ne wa itse Modimo le Keresete. (Yohane 17:3) O ne wa simolola go dumela mo go Jehofa jaaka Modimo wa boammaaruri, le Keresete jaaka Mogolodi wa gago, le Bibela jaaka Lefoko la Modimo. (Ditihō 4:12; 1 Bathesalonia 2:13; Bahebera 11:6) O ne wa bontsha tumelo eo ka go ikotlhaela tsela e o neng o dira dilo ka yone pele mme wa sokologela mo tseleng ya tshiamo. (Ditihō 3:19) Morago o ne wa dira tshwetso ya go ineela go dira go rata ga ga Jehofa. (Mathaio 16:24) Kwa bokhutlong o ne wa kolobediwa.—Mathaio 28:19, 20.
3. (a) Re ka bontsha jang gore kolobetso ya rona e supa go simolola botshelo mo tirelong ya Modimo jaaka ba ba ineetseng? (b) Ke dipotso dife tse di tsogang mme ke ka ntlhayang fa dikarabo tsa tsone di tshwanetse go nna tseo re di kgatlhegelang thata?
3 Lefa go le jalo, kolobetso ya gago, ga se bokhutlo mme ke tshimologo ya botshelo jwa go ineela go neela Modimo tirelo e e boitshepo. Ke fela jaaka mokanoki mongwe wa Bibela a ne a akgela ka gore botshelo jwa Mokeresete ga bo a tshwanela go nna ‘go tseega maikutlo fela ka bonako me go bo go latelwa ke go nna fela o sa dire sepe.’ Mme he o ka bontsha jang gore mo go wena, go kolobediwa ga gago ga se fela go ‘tseega maikutlo ka bonako’? Ke ka go latelela tsela ya poifomodimo mo botshelong jwa gago jotlhe. Poifomodimo eno ke eng? Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go e latelela? O ka e tlhagolela ka botlalo mo botshelong jwa gago jang? O tshwanetse wa kgatlhegela go bona dikarabo tsa dipotso tseno, ka gonne re tshwanetse go nna batho ba ba tla bonwang ka ‘ditiro tsa poifomodimo’ gore re tle re falole letsatsi le le atamelang la katlholo ya ga Jehofa.—2 Petere 3:11, 12.
Seo se Kaiwang ke Poifomodimo
4. Paulo o ne a gakolola Timotheo go dira eng, mme ke eng seo se neng se le boammaaruri ka Timotheo ka nako eo?
4 Nako nngwe fa gare ga 61 le 64 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha lo lo tlhotlheleditsweng a kwalela morutwa Timotheo. Morago ga go tlhalosa dikotsi tseo go rata madi go ka felelang ka tsone, Paulo o ne a kwala jaana: “Me wèna monna oa Modimo, tshaba dilō tse; me u latèlè . . . poihōmodimo.” (1 Timotheo 6:9-11) Se se kgatlhisang ke gore ka nako eno gongwe Timotheo o ne a setse a simolotse dingwaga tsa bo-30. O ne a setse a tsamaile maeto a mantsi le moaposetoloi Paulo mme o ne a bile a setse a neilwe nonofo ya go tlhoma balebedi le batlhanka ba bodihedi mo diphuthegong. (Ditihō 16:3; 1 Timotheo 5:22) Lefa go le jalo, Paulo o ne a gakolola monna yono wa Mokeresete yo o ineetseng le go kolobediwa, ebile e le monna yo o godileng go latelela poifomodimo.
5. Polelwana “poihōmodimo” e kaya eng?
5 Paulo o ne a kaya eng ka lefoko “poihōmodimo”? Lefoko la ntlhantlha la Segerika (eu·seʹbei·a) le ka ranolwa jaaka “go tlotla ka tshwanelo.” Malebana le bokao jwa lone, re bala jaana: “Eusebeia fa gongwe le tlhagelela ka tlhaloganyo e e akantshang go ineela ga motho mo dikwalong tsa bodumedi . . . mme seo le neng le se raya ka kakaretso go ya ka Segerika se se tlwaelegileng sa nako ya puso ya Roma e ne e le ‘go ikanyega.’ . . . Mokereseteng eusebeia ke boineelo jwa mofuta o o kwa godimo mo Modimong.” (Christian Words, ya ga Nigel Turner) Ka jalo jaaka le dirisiwa mo Dikwalong, lefoko “poihōmodimo” le kaya go tlotla kana go ineela ka bowena ka boikanyego mo go Jehofa.
6. Mokeresete o supa jang gore o na le poifomodimo?
6 Lefa go le jalo, poifomodimo eno ga se fela go ikutlwa o batla go obamela. Fela jaaka “tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule,” fela jalo, motho o tshwanetse go supa poifomodimo mo botshelong jwa gagwe. (Yakobe 2:26) William Barclay o ne a kwala jaana mo go New Testament Words: “[Eu·seʹbei·a le mafoko a mangwe a a amanang le yone] ga a tlhalose fela boikutlo jwa go boifa kana tlotlo, mme gape a kaya kobamelo eo e tshwanelang poifo eno, le botshelo jwa go nna kutlo joo bo tshwanelang tlotlo eo.” Mo godimo ga moo eu·seʹbei·a e tlhalosiwa jaaka “go nna o akantse ka Modimo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.” (The Second Epistle General of Peter and the General Epistle of Jude, ya ga Michael Green) Ka gone he, Mokeresete o tshwanetse go neela bosupi jwa gore o atamalane le Modimo ka tsela eo a tshelang botshelo jwa gagwe ka yone.—1 Timotheo 2:2; 2 Petere 3:11.
Go Tlhokega Maiteko a Magolo
7. Paulo o ne a raya jang fa a ne a kgothaletsa Timotheo gore a “latèlè” poifomodimo lemororo a ne a kolobeditswe?
7 Ka gone he, go godisa poifomodimo le go e tshegetsa go kopanyeletsa eng? A ke go kolobediwa fela? Gakologelwa gore Timotheo, lefa a ne a kolobeditswe, o ne a laelwa gore a e “latèlè [seo totatota se rayang gore, ‘nna o latelele’]”.a (1 Timotheo 6:11, Kingdom Interlinear) Go phepafetse gore Paulo o ne a sa reye gore morutwa Timotheo o ne a sena poifomodimo. Go na le moo o ne a gatelela mo go ene botlhokwa jwa go tswelela a e latelela ka tlhoafalo le ka botlhaga. (Bapisa Bafilipi 3:14.) Go phepafetse he gore seno e ne e tshwanetse go nna selo seo a neng a tla se latelela botshelo jwa gagwe jotlhe. Timotheo, jaaka Bakeresete botlhe ba ba kolobeditsweng, o ne a ka tswelela a supa botswelelopele mo go bontsheng poifomodimo.
8. Petere o ne a bontsha jang gore go tlhokega boiteko jo bogolo gore Mokeresete yo o ineetseng le go kolobediwa a latelele poifomodimo?
8 Mokeresete yo o ineetseng le go kolobediwa o tshwanetse go dira maiteko a magolo go latelela poifomodimo. Fa a ne a kwalela Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba ba neng ba lebeletse go nna “baabedwi ba tlhōlègō ea semodimo,” moaposetoloi Petere o ne a re: “E, ka ntlha ea gōna mouō, le lona lo ko lo oketsè ka tlhōahalō, ke go re, mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go diha molemō, le mo go diheñ molemō ga lona lo tsenyè kicō; Le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō; le mo boikgapoñ yoa lona lo tsenyè pelotelele; le mo peloteleleñ yoa lona lo tsenyè poihōmodimo.” (2 Petere 1:4-6) Go phepafetse he gore re tlhoka tumelo e e nonofileng gore re kolobediwe. Lefa go ntse jalo, morago ga go kolobediwa ga re kake ra tsamaya fela re sa dire maiteko ape, re kgotsofalela fela go bo re le Bakeresete. Go na le moo, jaaka re ntse re tswelela pele mo botshelong jwa Bokeresete, re tshwanetse go tswelela re godisa dinonofo tse dingwe tse di molemo, go akareletsa le poifomodimo, eo e ka nonotshang tumelo ya rona. Seno, jaaka Petere a bolela, se tlhoka gore re iteke ka tlhoafalo.
9. (a) Lefoko la Segerika ‘go tsenya’ le bontsha jang maiteko a a tlhokegang go godisa poifomodimo? (b) Petere o re kgothaletsa go dira eng?
9 Lefoko la Segerika leo Petere a le dirisetsang ‘go tsenya’ (e·pi·kho·re·geʹo) le na le modi o o kgatlhisang le bile le bontsha gore go tlhokega boiteko jo bo kana kang. Le tswa mo leineng (kho·re·gosʹ) leo ka mmatota le rayang “moeteledipele wa setlhopha sa baopedi.” Le ne le raya mongwe yo a neng a duela ditshenyegelo tsotlhe tsa go katisa le go tshegetsa setlhopha sa baopedi fa ba opela mo seraleng. Banna ba ba ntseng jalo ba ne ba itseela boikarabelo jono ka boithaopo ka ntlha ya go rata metse ya bone mme ba duela ditshenyegelo tseo ka madi a bone. Banna bao ba ne ba ikutlwa ba le motlotlo ka go duela madi a mantsi ao ba duelela seo se neng se tlhokega mo tirong e e kwa godimo eo. Lefoko leo le ne la felela le kaya “go tsenya, go naya ka bontsi.” (Bapisa 2 Petere 1:11.) Ka jalo Petere o re kgothatsa gore re tsenye mo go rona, eseng fela go boifa Modimo ka selekanyo se se rileng, mme ka go supa poifomodimo ka botlalo.
10, 11. (a) Ke ka ntlhayang fa go tlhokega boiteko go tlhagolela le go supa poifomodimo? (b) Re ka fenya ntwa eno jang?
10 Lefa go le jalo, ke ka ntlhayang fa go tlhokega maiteko a a ntseng jalo go tlhagolela le go supa poifomodimo? Ntlha ke gore, re tshwanetse go lwa kgatlhanong le nama ya rona e e oleng. Ereka “go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè” ga go motlhofo gore a latelele tsela ya botshelo eo mo go yone a ikobelang Modimo ka tlhoafalo. (Genesise 8:21; Baroma 7:21-23) “Botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Yesu ba tla bōna pogishō,” moaposetoloi Paulo o ne a bua jalo. (2 Timotheo 3:12) Ee, Mokeresete yo o lekang go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo o tshwanetse go farologana le lefatshe. O na le ditekanyetso tse di farologaneng le maikaelelo a a farologaneng. Fela jaaka Jesu a ne a tlhagisa, seno se tsosa kilo mo lefatsheng leno le le boikepo.—Yohane 15:19; 1 Petere 4:4.
11 Lefa go ntse jalo, re ka fenya ntwa eo, ka go bo ‘Jehofa o kgona go golola batho ba ba boifang Modimo mo ditekong.’ (2 Petere 2:9) Lefa go le jalo, re tshwanetse go dira karolo ya rona ka go tswelela re ganelela mo poifomodimong.
Go Tlhagolela Poifomodimo
12. Petere o bontsha jang gore ke eng seo se tlhokegang go godisa poifomodimo ka selekanyo se segolwane?
12 Jalo he, o ka tlhagolela poifomodimo eno ka botlalo jang? Moaposetoloi Petere o re naya karabo. Fa a ne a bua ka dinonofo tse di tshwanetseng go tsenngwa mo tumelong ya rona mo go 2 Petere 1:5, 6, o ne a bua ka kitso pele ga a bua ka poifomodimo. Pelenyana mo go yone kgaolo eo o ne a kwala jaana: “Ka go bo thata ea gagwè ea semodimo e re neile dilō cotlhe tse e leñ tsa botshelō le tsa poihōmodimo, ka go itse èna eo o re biditseñ.” (2 Petere 1:3) Ka gone Petere o amanya poifomodimo le go itse Jehofa ka tlhomamo.
13. Ke ka ntlhayang fa re tlhoka kitso e e tlhomameng go godisa poifomodimo?
13 Mme tota, ga re kake ra kgona go tlhagolela poifomodimo fa re sena kitso e e tlhomameng. Ka ntlhayang? Ebu, gakologelwa gore re boifa Jehofa ka boene, mme re supa seno ka tsela e re tshelang matshelo a rona ka yone. Ka gone go nna le kitso e e tlhomameng kaga Jehofa go botlhokwa, ereka go kopanyeletsa go mo itse ka namana, go mo itse tota, re tlwaelane ka botlalo le dinonofo tsa gagwe le ditsela tsa gagwe. Mo godimo ga moo, e kopanyeletsa go leka go mo etsa. (Baefesia 5:1) Fa re ntse re tswelela pele go ithuta ka Modimo le go supa ditsela tsa gagwe le dinonofo mo matshelong a rona, re kgona go mo itse botoka. (2 Bakorintha 3:18; bapisa 1 Yohane 2:3-6.) Seno gape se felela ka go anaanela dinonofo tse di molemo tsa Modimo thata, seo eleng go mmoifa ka botlalo jaaka Modimo.
14. Go bona kitso e e tlhomameng, thulaganyo ya rona ya thuto ya botho e tshwanetse go akareletsa eng, mme ka ntlhayang?
14 O ka bona kitso e e tlhomameng eo jang? Ga go na gore o ka tlhabaganyetsa. Go bona kitso e e tlhomameng, re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng ka botlhaga. Thuto e e ntseng jalo ya botho e tshwanetse go akareletsa thulaganyo ya ka metlha ya go bala Bibela, e rulagantswe jaaka e e mo thulaganyong ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. (Pesalema 1:2) Ereka Bibela e le mpho e e tswang kwa go Jehofa, seo re se dirang mo thutong ya rona ya botho ya Bibela se bontsha ka moo re anaanelang mpho eo ka gone. Mekgwa e o dirang thuto ya gago ya botho ka yone e senola eng kaga go anaanela ga gago dipaakanyetso tsa ga Jehofa tsa semoya?—Pesalema 119:97.
15, 16. (a) Ke eng se se ka re thusang go godisa keletso ya dilo tsa semoya gore re dire thuto ya Bibela ya botho? (b) Gore thuto ya rona ya Bibela e felele ka gore re kgone go godisa poifomodimo, re tshwanetse go dira eng fa re bala karolo nngwe ya Lefoko la Modimo?
15 Re tshwanetse go dumela gore ga go motlhofo mo go ba bangwe go bala le go ithuta. Mme o ka kgona go godisa keletso ya go nna le thuto ya botho ya Bibela ka go tsaya nako le go dira maiteko. (1 Petere 2:2) Fa o akanya ka kanaanelo dilo tsotlhe tse Jehofa Modimo a di dirileng, tseo a di dirang, le tseo a santseng a tla di go direla, pelo ya gago e tla go tlhotlheletsa go ithuta sotlhe se o ka se kgonang kaga gagwe.—Pesalema 25:4.
16 Mme fa e le gore thuto e e ntseng jalo ya botho ya Bibela e tla dira gore o nne le poifomodimo, boikaelelo jwa gago ga e kake ya nna fela go bala ditsebe tse di rileng kana go tlatsa tlhaloganyo ya gago ka tshedimosetso. Go na le moo, fa o bala karolo nngwe ya Lefoko la Modimo, o tshwanetse go tsaya nako go akanya ka seo o se balang, o ipotsa dipotso tse di jaaka: ‘Seno se nthuta eng ka dinonofo tsa Modimo le ditsela tsa gagwe tsa lorato? Nka etsa Jehofa jang mo dilong tseno?’
17. (a) Re ithuta eng ka boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa go tswa mo bukeng ya ga Hosea? (b) Go akanya ka boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa go tshwanetse ga re ama jang?
17 Tlhokomela sekai seno. Mo nakong e e fetileng mmalo wa rona wa Bibela mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo o ne o le mo bukeng yotlhe ya ga Hosea. Morago ga go fetsa buka eno, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Ke ithuta eng kaga Jehofa jaaka Motho—dinonofo le ditsela tsa gagwe—mo bukeng eno?’ Tsela eo e dirisiwang ke bakwadi ba bangwe ba Bibela moragonyana ka yone e bontsha gore re ka ithuta go le gontsi ka boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa jo bo lorato mo bukeng eno ya ga Hosea. (Bapisa Mathaio 9:13 le Hosea 6:6; Baroma 9:22-26 le Hosea 1:10 le 2:21-23.) Go batla ga ga Jehofa go utlwela Baiseraele botlhoko go ne ga supiwa ke tsela eo Hosea a neng a dirisana le mosadi wa gagwe Gomera ka gone. (Hosea 1:2; 3:1-5) Lefa go ne go tletse tshololo ya madi, go utswa, kgokafalo, le go obamela medimo ya disetwa kwa Iseraele, Jehofa o ne a ‘bua le pelo ya Iseraele.’ (Hosea 2:13, 14; 4:2) Jehofa o ne a sa patelesege go ba bontsha boutlwelobotlhoko jo bo ntseng jalo mme o ne a ka dira jalo ka ‘go rata ga gagwe,’ fa fela Baiseraele ba ne ba bontsha go ikotlhaya go tswa mo pelong mme ba sokologa mo tseleng ya bone ya boleo. (Hosea 14:4; bapisa Hosea 3:3.) Fa o akanya ka tsela eno ka go bontsha kutlwelobotlhoko ka mo go tlhomologileng ga ga Jehofa, go tla tlhotlheletsa pelo ya gago, go nonotshe kamano ya gago ya botho le ene.
18. Morago ga go akanya ka boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa jaaka bo gatelelwa mo go Hosea, ke dipotso dife tseo o ka nnang wa di ipotsa?
18 Lefa go le jalo, go tlhokega mo go oketsegileng. “Go segō ba ba kutlwèlō botlhoko: gonne ba tla utlwèlwa botlhoko,” Jesu o ne a bua jalo. (Mathaio 5:7) Ka gone, morago ga go akanya ka boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa jaaka bo supiwa mo bukeng ya ga Hosea, ipotse jaana: ‘Nka etsa boutlwelobotlhoko jwa Modimo botoka mo ditirisanong tsa me le ba bangwe jang? Fa mokaulengwe kana kgaitsadi a nteofetse kana a nkutlwisitse botlhoko mme a kopa maitshwarelo a ke mo itshwarela ka “pelo e e thamileñ”?’ (Baroma 12:8; Baefesia 4:32) Fa o tlhopilwe go direla jaaka mogolwane mo phuthegong o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Mo dikgannyeng tsa katlholelo, ke ka etsa Jehofa botoka jang, yoo ka metlha a a bong a “iketleeditse go ichwarèla,” segolo bogolo fa motho yo o dirileng phoso a neela bosupi jwa mmatota jwa gore o ikotlhaile go tswa mo pelong?’ (Pesalema 86:5; Diane 28:13) ‘Ke tshwanetse go supa kutlwelobotlhoko mo motheong ofe?’—Bapisa Hosea 5:4 le 7:14.
19, 20. (a) Re ka bona melemo efe fa re dira thuto ya rona ya Bibela ka botlalo? (b) Re na le thuso efe e nngwe gape ya go tlhagolela poifomodimo?
19 Abo thuto ya gago ya botho ya Bibela e ka go solegela molemo jang ne fa o e dira ka tsela e e ntseng jalo! Pelo ya gago e tla tlala ka go anaanela dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa. Mme fa o tswelela o ntse o leka go etsa dinonofo tseno mo botshelong jwa gago, o tla nonotsha kamano ya gago ya botho le ene. Ka gone o tla bo o latelela poifomodimo jaaka motlhanka yo o ineetseng, le yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa.—1 Timotheo 6:11.
20 Thuso e nngwe ya go tlhagolela nonofo eno e e tlhwatlhwakgolo e ka bonwa mo go Jesu Keresete—sekao se se itekanetseng sa poifomodimo. Go latela sekao sa ga Jesu go tla go thusa jang mo go tlhagoleleng le mo go bontsheng poifomodimo? Setlhogo se se mo go tsebe 18 se tla tlotla ka potso eno le tse dingwe tse di amanang le yone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Malebana le lefoko la Segerika di·oʹko (‘go latelela’), The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhalosa gore mo mekwalong ya Segerika lefoko leo “ka mmatota le raya go leleka, go ganelela, go latelela, go siana fa morago ga . . . mme ka [tshwantshetso] go raya go latelela selo sengwe ka tlhoafalo, go leka go fitlhelela sengwe, kana go leka go nna le sengwe.”
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa kolobetso e se kgato ya bofelo e o e tsayang mo tseleng ya Bokeresete?
◻ “Poihōmodimo” e kaya eng, mme o ka e supa jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa go tlhokega boiteko jo bogolo go godisa poifomodimo?
◻ O ka tlhagolela poifomodimo mo gogolwane jang?