LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 12/1 ts. 8-15
  • Go sa Nyala—Melemo le Ditshiamelo tsa Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go sa Nyala—Melemo le Ditshiamelo tsa Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshiamelo tse di Oketsegileng
  • Keletso e e Nonofileng Eno e tswa Kae?
  • Ithuse ka go Abalana Kgothatso
  • Ithuse ka Thata e e tswang Kwa Modimong
  • Boikgapo
  • Boiteko bo na le Molemo!
  • Solegelwa Molemo Ke go Nna O se Mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go sa Tsene mo Lenyalong—Sebaka sa go Dira o sa Akgaakgege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le go Se Nne mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Fa go Seng mo Lenyalong e le Mpho
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 12/1 ts. 8-15

Go sa Nyala—Melemo le Ditshiamelo tsa Gone

1. Ba le bantsi ba ikutlwa jang kaga go sa nyala, mme ke ka ntlhayang fa bangwe ba ikutlwa jaana?

MORUTA-BANA wa dingwaga tse 21 o ne a bodiwa ke mosetsana wa tsala ya gagwe yo mogolwane a re: “A wena ga o batle go nyalwa?” Moruta-bana yo mmotlana yono, yo o neng a anaanela thata melemo ya go sa nyalwa ga gagwe, o ne a araba ka go re: “Ke itlhomane gore ke ne ke sa ka ka akanya thata ka gone.” Ka go gakgamadiwa ke phetolo ya gagwe, tsala ya re: “Gone mme e tla re fa o gola o tla eletsa ekete o ka bo o ne o nyetswe. Mongwe le mongwe o tshwanetse go nyalwa.” Fa o akanyetsa ka bontsintsi jwa batlhanka ba Modimo ba ba nyetseng o ka tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa ba le bantsi, jaaka tsala eno e e lorato, ba ikutlwang gore go sa nyala ga se boemo jo bo eletsegang, bo dira botshelo jwa motho go sa felele.

2. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ba sa nyalang le ba ba nyetseng ka bobedi ba tshwanetse go kgatlhegela kgang eno ya rona?

2 Motho o ka nna yo o sa nyalang ka ntlha ya go bo a sa le mmotlana thata kana gongwe a sa kgone go sikara maikarabelo a lenyalo. Bangwe ba latlhegetswe ke molekane ka tlhalano kana ka loso. Mo United States ntlo e le nngwe mo go tse tharo ga jaanong ke e e eteletsweng pele ke motho yo o sa nyalang. Go nnile le koketsego ya 64 lekgolong ya batho ba ba tshelang ba le bosi mo dingwageng tse 10 fela. Jalo go ka direga gore lefa o le motho yo o nyetseng, mongwe yo o gautshwane le wena ga a a nyala. Wena jaaka Mokeresete yo o nyetseng o ka nna le “pelotlhomogi” jang mo bathong ba ba sa nyalang ba ba bopang karolo e kgolwane mo ntlong ya Modimo? Gone ruri fa o sa nyala o itse kafa go leng thata ka teng go itumela ka bojosi jwa gago koo go nang le batho bao ba tsayang lenyalo jaaka selo sa tlholego. Tota o tshwanetse wa leba go sa nyala jang?—1 Petere 3:8.

3. (a) Mo motlheng wa ga Jesu, go sa nyala go ne go lejwa jang? (b) Jesu o ne a tsaya go sa nyala “ka ntlha ea bogosi” jang?

3 Jesu Keresete o ne a senola gore go sa nyala “ka ntlha ea bogosi” e ne e le mpho e e tswang kwa Modimong. Ruri seno e ne e le mogopolo o mosha, ka jaana gareng ga Bajuda ba motlha wa gagwe lenyalo le ne le tsewa jaaka “tlamego ya mongwe le mongwe” fa go sa nyala go tsewa jaaka mokgobo. Borabi ba Bajuda ba ne ba e tle ba re: “Yo o senang mosadi ga se monna tota.” Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go “chola” neo ya go sa nyala le go sa ikutlweng ba tlamegile go nyala.—Mathaio 19:10-12.

4. Tsela e e tserweng ke Bakeresete ka bontsi ke efe, mme bano ba ikutlwa jang kaga maemo a bone?

4 Jalo go nyala le go sa nyale tsotlhe ke dineo tsa Modimo. Mo metlheng ya tshimologo ya Bokeresete, gammogo le mo motlheng wa rona, ba le bantsi ba ile ba ineela mo botshelong jwa go sa nyala, “ka ntlha ea bogosi.”a Go na le go hutsafalela maemo a bone, ba le bantsi go bano ba ikutlwa fela jaaka mosadi wa Mokeresete wa dingwaga tse 41 yo a iseng a ko a nyalwe yo bosheng jaana a neng a re: “Ga go na sepe se ke ka se eletsang go na le dingwaga tse ke di feditseng ke ntse ke sa nyalwa.” Ke ka ntlha yang fa ba le bantsi ba ikutlwa ka tsela eno?

Ditshiamelo tse di Oketsegileng

5. Bakeresete ba ba sa nyalang ba ka iponela molemo jang mo ditshiamelong tseo maemo a bone a di ba bulelang?

5 Dikao tsa Bakeresete ba ba nyetseng jaaka baaposetoloi ba ga Jesu, gammogo le Akwila le Peresila, di bontsha gore banyalani ba ka nna le seabe se se botlhokwatlhokwa mo tirelong ya Modimo. (Ditiho 18:26-28; 1 Bakorintha 9:5) Mme gone moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore motho yo o sa nyalang o na le tshiamelo e e oketsegileng ya tirelo. O ne a kwala a re: “Eo o sa nyalañ [kana yo o sa nyalwang] o tlhokometse dilō tsa Morèna, kaha o ka kgatlhañ Morèna ka gōna: Eo o nyetseñ [kana yo o nyetsweng] o tlhokometse dilō tsa lehatshe, kaha o ka kgatlhañ mosadi [kana monna] oa gagwè ka gōna. Go bile go na le chwanologō [kana kgaogano].” (1 Bakorintha 7:32-34) Motho yo o sa nyalang ga aa ‘kgaogana’ mo nameñ, mme ka gone o ka ‘tlhokomela’ kana a tlhoafalela dikgang tsa semoya. Elatlhoko mo lebokosong bogolo joo ditiro tse di boitshepo di neng di bo tsaya mo matshelong a bao ba rulagantsweng. Kgono ya go tshwarega mo tirelong ya Modimo ‘kwantle ga kakgaakgego,’ eo kwa pele-pele e akaretsang tiro ya go rera, ke letlotlo je legolo. Batho ba ba sa nyalang gantsi ba na le nako e e oketsegileng ya go ithuta le go tlhatlhanya. Seno se ka tokafatsa “mōea,” kana tlhotlheletso ya kafa teng, e atametsa motho yoo gautshwane le Jehofa jaaka fa a tlhoma mogopolo mo go nneng “boitshèpō mo mmediñ le mo moeñ.” Ka go bo ba sena molekane wa lenyalo, ba le bantsi ba ithuta go ikaega thata-thata mo Modimong, ba batla gore a ba kaele le go ba gakolola. Bakeresete ba ba sa nyalang gantsi ba kgona go amogela ditshiamelo tsa tirelo tseo di sa kgonweng ke banyalani. Ruri ke sone se Jesu a neng a bitsa tshiamelo eno ya go nna Mokeresete yo o sa nyalang a re ke ‘neo.’!—Mathaio 28:19, 20: 1 Bakorintha 7:28, 35.

6, 7. (a) A go nna le neo ya go sa nyala go raya gore motho ga a sa tlhole a ka kgatlhegela motho wa bong jo bo fapaaneng le gore ga a kitla a nyala? (b) Ke eng se se bolelwang ka ‘go tlhomama mo pelong ga motho’? (c) Ke potso efe e e ka neng e le mo megopolong ya batho bangwe ba ba sa nyalang?

6 Bao ba kgonang go ‘tshola mpho eo’ ga go reye thata-thata gore ke batho ba ba nang le ‘neo’ e e kgethegileng mo boikutlong jwa bone mo go rayang gore ga ba tlhole ba ka kgatlhegela batho ba bong jo bo fapaaneng. Ga se gore bano ba dirile maikano a go ikitsa basadi kana banna, jaaka ekete ba ne ba ise ba ko ba ikaelele go nyala, mme ba “tlhomamisitse [dirile phetso],” kana katlholo, mo dipelong tsa bone go atlegisa boemo jwa bone jwa go sa nyala.b (1 Bakorintha 7:37) Batho bano ba ile ba lekanya melemo ya go sa nyala mo dipelong tsa bone. Mo motheong wa ‘bosupi’ jono dipelo tsa bone di simolola go ‘atlhola’ fa go sa nyala e le ‘neo’ me ba a go “chola.”—1 Bakorintha 7:38.

7 Mme go ka tweng fa o na le keletso e e nonofileng ya go nyala? A Paulo ga aa ka a re go molemo go nyala go na le go babalelwa?—1 Bakorintha 7:9.

Keletso e e Nonofileng Eno e tswa Kae?

8. (a) Ke ka ntlhayang fa batho bangwe ba basha ba ba iseng ba nyale ba ka nna le keletso e e nonofileng ya go nyala? (b) Ke melemo efe e e leng gone ya go nama o seegetse lenyalo kwa thoko go fitlhela motho a ‘tlodilwe ke lobaka lwa go nyalwa’?

8 Ke tlholego go batla go nyala. Modimo o re bopile ka keletso eo. (Genesise 2:18) A mme keletso eno e e nonofileng e gone ka ntlha ya ‘lobaka lwa go nyalwa,’ fa go tsoga kgogomogo ya kgotelo ya bonna le bosadi? Paulo o ne a akantsha gore motho a name a diegisitse lenyalo go fitlhela lobaka loo lo ‘tlola.’ Tetelo e e ntseng jalo e ka bonala e sa kgonege mo mothong yo mmotlana. Bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba ikutlwa ka gore ba ne ba tshwanetse fela go nyala. Mme lefa etswa bano ba ne ba ‘batla mosadi’ ba bangwe bao ba neng ba nyetse ba ne ba “batla go gololwa” mo boemong jwa bone! Lefa lenyalo le ka direla jaaka tshireletso mo boitsholong jo bo sa siamang, ga le rarabolole mathata otlhe. Mokeresete mongwe wa dingwaga tse 35 yo o neng a sa nyala o ne a re: “Fa nna jaaka mogolwane ke bona matshelo a batho a senngwa ke lenyalo je le sa itumediseng, go tsibosa maikutlo. Ga ke kgatlhanong le lenyalo mme ke ikutlwa gore go potlaka ga go tlhokafale.” Dithuto tsa patlisiso di bontsha gore basadi ba Maamerika bao ba neng ba nyalwa pele ga dingwaga tse 18 e nna ga makgetlo a mararo ba ka nnang ba kopanyelediwa mo tlhalong go na le bao ba ileng ba leta go fitlhela ba le 24! Selekanyo sa go tlhala ga banna ba ba sa leng basha mo dingwageng mo United States se kwa godimo ka makgetlo a le mararo go feta batho ka kakaretso. Dingwaga tsa bosha tsa motho a ise a nyale di ka dirisiwa ga botlhale ka go godisa kamano e ntle le Jehofa gammogo le mo dinonofong le mo bothakgeng jo bo tlhokafalang go nna molekane yo o molemo.—1 Bakorintha 7:27, 36.

9. (a) Bangwe ba ile ba dirang ka ntlha ya keletso ya bolekane, mme gantsi ka diphelelo dife? (b) Ke potso efe fano e e lebanang le batho ba ba sa nyalang?

9 Bakeresete ba le bantsi ba ile ba gola kwantle ga go bona nyalo. Fa go ntse go ya, bangwe ba bano, ka ntlha ya keletso e e nonofileng ya bolekane, ba ne ba potlakela go nyalwa ke motho yo o sa dumeleng, ba akanya gore molekane lefa e ka nna ofe o botoka go na le go mo tlhoka. Mme gongwe o ka ne o itse ka bao ba ileng ba dira seo mme ba iphitlhetse ba ntse ba bolawa ke bodutu fela le ene molekane yoo ka ba sa kgone go buisana. Lefa go ntse jalo, motho yo o sa nyalang o ka nna yo o “tlhōmameñ mo peduñ” jang?—1 Bakorintha 7:28, 37, 39.

Ithuse ka go Abalana Kgothatso

10. Go ya ka Baroma 1:11, 12, keletso ya ga moaposetoloi Paulo e ne e le eng, mme o ne a solegelwa molemo jang?

10 Bakeresete ba ba sa nyalang ba ba atlegileng ba utlwana le batho. Moaposetoloi Paulo ka boene, jaaka motho yo o sa nyalang, o ne a kwala a re: “Ke tlhologelecwe go lo bōna, gore ke lo abèlè nèō ñwe ea semōea, gore lo tlè lo nitamisiwè; Ke go re, nna le Iona mmōgō re gomotsègè mmōgō.” (Baroma 1:11, 12) Paulo ruri o ne a na le kgatlhego mo bathong mme e bile a ne a batla go fetisetsa go badumedi-ka-ene “nèō ñwe ea semōea.” Morago le ene o ne a bona kgothatso. Go ntse fela jalo le gompieno.

11. Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang kafa motho a ka kgothadiwang ka teng ka go fetisetsa go ba bangwe “nèō ñwe ea semōea”?

11 Mosadi mongwe yo o sa nyalwang wa Mokeresete wa dingwaga tse 28 o ne a tle a laletse bokgaitsadi ba babotlana ba le bantsi mo phuthegong go tla go nna le maitisonyana mo legaeng ja gagwe, a eleditse go abalana “nèō ñwe ea semōea” ka bokopano jo bo phepa le bone. Mo letsatsing je le latelang mosha mongwe o ne a tlamparela kgaitsadi yono ka mabogo mme a re: “Tota ruri ga o itse kafa maitiso ale a neng a nkama ka gone le kafa ke neng ke tlhoka kgothatso ele ka teng. Ke ne ke bona ke sa tlhole ke ka itshokela mathata a mo gae a mohumagadi wa ga rre. Mme jaanong ke ikutlwa gore ke ka kgona.” Fa kgaitsadi yono a ne a anela maitemogelo ano, o ne a bua jaana a itshekile dikeledi: “Ga nke ke lebala seo. Fa go ntse go ya o ne a ntlisetsa molemo, ka jaana ke ne ka itumedisiwa thata ke seo a neng a se bua.” Go tlhagolela kgatlhego ya botho mo go ba bangwe ba ‘lelapa la semoya’ la rona, kafa tshwanelong, go ka thusa mo go fenyeng bodutu. Mme gone, boiteko bo a tlhokafala go godisa botsalano jo bo nang le mosola.c—Mareko 10:29, 30.

12. Ke ditshiamelo dife tseo tiro ya go dira barutwa e di bulelang?

12 Lefa go ntse jalo, le eleng godimo ga ditshiamelo tse di moteng ga phuthego ya Bokeresete tse di ka lereng ‘dineo tsa semoya,’ go na le tseo di nnang gone ka tiro ya go dira barutwa. Yo o abang gantsi o tiisiwa moko ke go bona botswelelo pele jwa moithuti le go bona kgomotso e e nnelang ruri eo boammaaruri jwa Bibela bo ka e tlisang. Jalo fa o etelela pele mo go bontsheng lorato mo go ba ba moteng ga ntlo ya Modimo le ba ba kwantle ga yone, botshelo jwa gago bo tla ipedisa segolo mme go tla go tlhofofalela go ‘tlhomama mo pelong.’—Baroma 12:2; Moreri 11:1; Luke 6:38.

Ithuse ka Thata e e tswang Kwa Modimong

13. Ke jang 2 Timotheo 4:17 e ka kgothatsang Bakeresete ba ba sa nyalang segolo?

13 Fa moaposetoloi Paulo a ne a le mo kgolegelong mo Roma, o ne a tshwanelwa ke go lebana le boemo jo bo bokete a le nosi. O ne a kwala ka go re: “Me Morèna o na a èma ha go nna, a ba a nnaea thata.” (2 Timotheo 4:17) Paulo o ne a ikanyega a ba a gololwa ka sebele kana ka tshwantshetso mo “molomuñ oa tau” ka thata eo. Fa ‘ditau’ tsa tshwantshetso di ka tla mo botshelong jwa gago, a o retologela go Rrago yo o bonolo go bona thuso? A o mmulela pelo ya gago yotlhe, o itse gore lefa go sena ope yo mongwe, ene o tlhaloganya ditlhokafalo tsa gago mme o tla ema fa go wena?—1 Petere 5:6-9.

14. (a) Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalang o ne a kopana le kgatelelo efe, mme o ne a segofadiwa jang? (b) Ke ikanyo efe eo 1 Bakorintha 10:13 e tshwanetseng go e re neela?

14 Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang wa dingwaga tse 53 o ne a utlwa botlhoko thata ke go latlhegelwa ke tiro. “Ke ne ka lopa Jehofa thuso gore a nthuse go bona tiro gore ke tle ke totobe fela le botshelo. Pele ga beke e fela ke ne ka bona tiro e ntšha! Go tloga letsatsing leo go ya pele ke ne ka ikemisetsa gore ke iiphe letsatsi lengwe le lengwe go ikaega ka tlhokomelo ya ga Jehofa. Ga a ise a ko a ntshwabise.” Ka 1982, morago ga dingwaga tse 26 a ntse a bula tsela, thapelo ya gagwe ya go bona molekane yo o tshwanelegang sentle mo moyeng e ne ya arabiwa ka go bo a ile a nna mosadi wa molebedi wa potologo yo o neng a tlhokafaletswe ke mosadi. Ruri, ga se ka metlha Jehofa a arabang dithapelo tsa rona ka mokgwa o o tshwanang le o, mme o tla re thatafaletsa go dirisana le mathata lefa e ka nna afe a a ganelelang mo go rona.—1 Bakorintha 10:13.

Boikgapo

15. (a) Go kgonana le dikeletso tsa bonna le bosadi motho o tshwanetse a lemoga eng? (b) Seno se tshwantshediwa jang go Diane kgaolo 7?

15 “Ke ikutlwa gore ke ka se tlhole ke kgona ke le nosi,” ga kwala jalo mosadi mongwe wa Mokeresete. “Ke ikutlwa ke na le kgotelo e e nonofileng ya bonna le bosadi mme e bile go fetile dingwaga ke sa kgone go bona monna yo o tshwanetseng wa Mokeresete. Ke nnile ka tewa ga twe ke ye gae mme ke ikgape. Mme jang?” Go dirisana le maikutlo a a ntseng jalo ga go motlhofo. Go kgonana le dikeletso tsa bonna le bosadi motho yo o sa nyalang kana yo o sa nyalwang o tshwanetse a lemoga gore ke leng a tshwanetseng go tlhoafalela go itshokela boikgapo. Ka sekai, mo go Diane 7:6-23, lekawana lengwe je le tlhakantsweng tlhogo ke keletso ya bonna le bosadi le latlhegelwa ke boikgapo mme le’sala seaka morago.’ Lefa go ntse jalo, le ne la seka la fitlha boemong jo bo ntseng jalo ka bofefo fela. Dikgato tsa ntlha di ne tsa akaretsa (1) go tsamaya bosigo mo mmileng o o gautshwane le sone, (2) go iteseletsa gore se mo sune, le (3) go reetsa dithaelo tsa gagwe tsa boitsholo jo bo sa siamang. Kgato nngwe le nngwe e ne e ntse e ketefaletsa boikgapo kwa pele go fitlhela go sena gore o ka tlhola a retologa. O ka bo a ile a ema gone fela foo fa a ipona a tsaya kgato ya ntlha!—Bagalatia 5:22, 23.

16. Lefa go sena Mokeresete ope wa mmannete yo o ka latelang tsela ya monna yole yo o senang boitsholo, ke eng se gone a ka se dirang?

16 Ga go na Mokeresete ope wa mmannete yo o ka latelang dikgato tsa sebele tsa monna yono, mme go ka tweng kaga megopolo ya motho? A motho ka tlhaloganyo ya gagwe o ka simolola go ‘feta le mmila ka tsela e e yang kwa ntlong ya gagwe’ ka go nna a akanya kaga boitsholo jo bo sa siamang? Gone fela foo gata maboriki! Go palelwa ke go dira jalo go ka felela ka gore tlhaloganyo e fetele dikgatong tse di oketsegileng tse di tshwanang le go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi kana go felela ka boitsholo jo bo sa siamang jwa bonna le bosadi.

17. (a) Ke ka ntlhayang fa go tlhokafala go bapola nama le dikgotelo tsa yone? (b) Mokeresete o dira seno jang?

17 Ka jaana dikeletso tse di bosula di itumedisa nama ya rona e e sa itekanelang, ga di motlhofo go tlosiwa. “Ba e leñ ba ga Keresete Yesu ba bapotse nama, le dikgotèlō le dithatō tsa eōna.” (Bagalatia 5:24) Papolo e ne e le polao e e setlhogo, e e botlhoko. Jalo itseele dikgato tsa bosetlhogo go koafatsa kana go ‘bolaya’ dikeletso tse di ntseng jalo tse di sa tshwanelang—gone fela mo tshimologong pele ga di ka ikepela. Fa thulaganyo ya TV e ka simolola go go tsosetsa kgotelo ya bonna le bosadi, e tswale kana o bulele thulaganyo e nngwe gona fela foo. Tlhalefela dibaesekopo tse o di lebelelang kana dibuka tse o di balang. Disa motlotlo wa gago le kafa o lebang ka teng batho ba bong jo bo fapaaneng.—Mathaio 5:28-30; Bakolosa 3:5.

18. Ke eng seo Bakeresete bangwe ba ba sa nyalang ba se dirileng go bolaya dikeletso tse di sa tshwanelang tsa bonna le bosadi, mme ka diphelelo dife?

18 Fa e le nako ya thuto ya Bibela ya botho kana ya phuthego, a re ganetsa tlhotlheletso epe fela ya go di tlhokomologa? Mokeresete mongwe, fa a ntse a le mo boitekong jwa go bapola dikgotelo tse di sa tshwanelang mme le fa maikutlo ano a ne a gotetse thata, o ne a ipatelela go tsoga mo bolaong bosigo le go balela Bibela kwa godimo le go akaretsa serapa sengwe le sengwe ka molomo go fitlhela ditlhotlheletso tseo di ritibala. Ka dinako tse dingwe Bakeresete ba ile ba ipateletsa go rapelela thuso ya ga Jehofa ka tlhoafalo gone fela foo. Fa fela Mokeresete ka peloyotlhe a lekela go bapola “dithatō [keletso ya bonna le bosadi]” ga se gantsi a ka fetela mo boakeng.—Bahebera 4:16.

Boiteko bo na le Molemo!

19. A kamano ya rona le Modimo e ikaegile ka gore re batho ba ba nyetseng kana ba ba sa nyalang?

19 Go sa nyala ‘ka ntlha ya Bogosi’ le go nyala-—tsotlhe ke dineo tsa Modimo. Mme gone ka bobedi jwa tsone di tlhoka boiteko gore Mokeresete a tle a atlege. Go sa tlhokomelege boemo jwa rona, re ka godisa kamano e e atamalaneng le Modimo wa rona le go bona kgotsofalo mo botshelong. Le eleng fa o ka “chola” neo ya go sa nyala ka nakwana fela, se se batlegang fela ke gore o e dirise ka botlhale.

20. (a) Bakeresete botlhe ba ba godileng ba tshwanetse ba leba go sa nyala jang? (b) Ke tlhomamisetso efe e batho ba ba sa nyalang ba ka nnang le yone kaga isagwe?

20 Lemoga gore Jesu o ne a baya mpho eno ya go sa nyale ka boithatelo mo boemong jo bo tlotlegang. Mokeresete mongwe le mongwe yo o godileng o tshwanetse a ikutlwa fela jaaka Jesu mme a seka a go tsaya e le boemo jo bo tlhomolang pelo. Jehofa o tsaya ditlhabelo tse di dirwang ke batho ba ba sa nyalang bao ba ikgethetseng go dira seo se mo itumedisang di le botlhokwatlhokwa. (Bapisa Isaia 56:4, 5) Jehofa ga a kitla a ba lebala. Bangwe ba bao ba tla falolelang mo lefatsheng je lesha ba ka nna ba tla go ipelela ditshiamelo tsa lenyalo, mme jaaka bana ba ga Noa morago ga morwalela wa lefatshe, ba nne le dipaka tsa go nna le seabe mo taolong ya Modimo ya go ‘tlatsa lefatshe.’ (Genesise 9:1) Seo e ka nna lesego je le oketsang ao a setseng a ipelelwa ke Bakeresete ba ba sa nyalang. Mo thulaganyong e ntšha ya gagwe Modimo o tla ‘kgorisa keletso ya ditshedi tsotlhe’ le go fa botlhe ‘dikeletso tsa dipelo tsa bone.’ Jalo tlhomamisega gore botlhe ba tla bona boitumelo jo bo tletseng tumalanong le thato ya Modimo ka nako eo.—Pesalema 37:3, 4; 145:16.

21. (a) Moruta-bana yo o umakilweng kwa tshimologong o ne a dirisa botshelo jwa gagwe jwa go sa nyalwa jang? (b) Bakeresete ba bangwe ba ba sa nyalang ba ka ikutlwa jang ka tsela e e tshwanang?

21 Kgaitsadi yole yo o umakilweng mo serapeng sa ntlha sa setlhogo seno yo pele e neng e le moruta-bana, jaanong o dingwaga tse 83 mme o santse a sa nyalwa. O ile a senya dingwaga tse 57 mo tirelong ya nako e e tletseng ya Bogosi, go akaretsa le dingwaga tse 56 kwa ntlongkgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. O ikutlwa jang kaga botshelo jwa gagwe? “Ke kgotsofaditswe ka botlalo ke botshelo jwa me le tiro ya me. Jaanong ke tshwaregile thata go feta le e leng pele mo tirong eo ke e ratang thata-thata,” ga bua jalo mosadi yono yo o tlhagafetseng wa Mokeresete. “Ga ke ikotlhaele seno. Ke ka ipoeletsa gape mo phetsong eno.” Ee, mme le wena, fa o sa nyala kana o sa nyalwa, o ka nna le kgotsofalo e e ntseng jalo ka go atlega mo go nneng o sa nyala—o bapala ka botlalo melemo ya gone le ditshiamelo.

◻ Go sa nyala “ka ntlha ea Bogosi” go tshwanetswe ga lejwa jang?

◻ Ke ditshiamelo dife tse di oketsegileng tse di leng gone tsa Bakeresete ba ba sa nyalang?

◻ Ke ka ntlhayang fa go se molemo go kgaogana le go sa nyala ka potlako?

◻ Go ‘tlhomama mo pelong,’ motho yo o sa nyalang o tlhoka dilo dife tse tharo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mokwadi yo o bolelwang wa Mokeresete Athenagoras o ne a kwala tikologong ya bo 175 C.E. a re: “O tla fitlhela ba le bantsi mo go rona, banna le basadi ka go tshwana, ba gola ba sa nyala kana go nyalwa, ka tsholofelo ya go tshela katamalanong le Modimo.”—A Plea for the Christians, kgaolo 33.

b Lefoko la pele la Segerika je le ranoletsweng ka go re “Tlhōmamisitse,” krino, le raya “go atlhola, go ntsha maikutlo.” Lefoko le dirisiwa go Yohane 7:51 koo Nikodemo a reng pele ga motho a ka atlholwa [sekisiwa], go tshwanetswe go utlwiwe bosupi. Seno se ne se tla tsaya nako.

c Tsweetswee bona ditlhogo “But What Do I Say?—Developing the Art of Conversation” le “How Can I Make Real Friends?” Mo tokololong ya January 22 le ya March 22, 1982, ya makasine o o patang ono wa Awake!

[Lebokoso mo go tsebe 9]

BANGWE BA BATHO BA BA NENG BA SA NYALA MO BIBELENG

Jesu: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.”—Yohane 4:34.

Paulo: ‘Ke direla Morena ke supetsa. Botshelo jwa me ga ke bo kae sepe ekete ke bo rata thata.’—Ditiho 20:19-24.

Jeremia: “Yehofa, thata ea me, le kagō ea me e e thata, le botshabèlō yoa me mo metlhèñ ea patikègō.”—Yeremia 16:19.

Morwadia Jefetha: ‘O ne a sa itse monna. Ngwaga le ngwaga, basadi ba Iseraele ba ye kwa go morwadia Jefetha go mo akgola.’—Baatlhodi 11:39, 40. (NW)

Ana: ‘Abo a ntse motlholagadi yo o dinyaga e kane e le di le masome a a herang e le mebedi le bone, yo o sa tlogeleng tempela, mme a dire, a Modimo ka go ikitsa go ja, le ka mekokotlelo bosigo le motshegare.’—Luke 2:37.

Dorekase: “O na a tletse ditihō tse di molemō, le dikacō tse o di dihañ.”—Ditiho 9:36.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

GO TLHOMAMA MO PELONG

1. Ikabele ba bangwe semoyeng

2. Ithuse ka thata e e tswang kwa Modimong fa mathata a ntsifala

3. Ganetsa dikeletso tse di sa tshwanelang gone fela foo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela