Mabaka a Go Bo Wena o Tshwanetse wa Ya KOPANONG YA KGAOLO YA “BOAMMAARURI JWA BOGOSI”
O emetswe ke thulaganyo ya malatsi a le mane ya tao ya Bibela kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Boammaaruri jwa Bogosi” ya Basupi ba ga Jehofa. Kaelo ya Bibela e tla neelwa ka dipontsho tse di motlhofo, metshameko ya diterama le dipuo tse di layang. Gape o tla amogela sengwe se se tla tlhotlheletsang thata tiro eo Bakeresete ba tla e dirang mo malatsing a a kwa pele.
Nna gone ka Labone thapama ka 1:20 p.m., fa thulaganyo ya kopano e simolola. Go botlhokwa gore o itebanye sebele le potso ya puo ya setlhogo e e reng: “O Eme fa Kae mo Kganetsanong ya Bogosi?” Kwantle ga pelaelo ka Labotlhano o tla itumelela dilo tseo o di amogelang thata-thata mo e leng gore o tla tlhotlheletsega go di abalana le ba bangwe mo lefelong leo.
Thulaganyo ya Matlhatso e tletse ka tao e e thusang ebile e tlhokega mo go tsheleng mo lefatsheng la gompieno le le bogagapa la boitsholo jo bo maswe. O tla utlwa dipuo tse di etsang “Go Lwantsha Boithatelo ka Melaometheo ya Bibela” le “Itise mo Mminong o o Bodisang Maitsholo.” O se ka wa ba wa latlhegelwa ke motshameko o o tla konelang thulaganyo ya Matlhatso—o tla bo o na le boikitsiso jo bo tla amang tiro ya go rera ka Bogosi lefatshe ka bophara go ya go ile.
Ka Sontaga motshameko wa metlha ya Bibela ebong “Mmoledi yo o Pelokgale wa Molaetsa o o Sa Rategeng” o tla go tlhotlheletsa gore o tshwane le Jeremia moperofeti wa Modimo. Morago ga moo ga o ne o batla go latlhegelwa ke puo ya phatlalatsa e e reng “Boammaaruri jo Bo Ka Go Gololang.”