Poifo—A Ke Sesupo sa Bokhutlo?
A RE TSHELA kwa bowelong jwa motlha wa ketsaetsego le tlhobaelo fa “batho ba tla [bo] ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ”? Tlhatlhobiso e khutshwane fela ya ditiragalo tsa lefatshe le ditlhotlheletso tsa poifo fa e sale 1914 di tla shafatsa kgakologelo le go re thusa go bona bo re atamela “bokhutlō” jo bo boleleletsweng pele.—Luke 21:9, 25, 26.
Poifo le Ntwa
Dihikantswe tsa baswi ba Ntwa ya Lefatshe I mo Fora di na le mafoko a a reng “la Grande Guerre.” Ee, se jaanong re se bitsang ntwa ya ntlha ya lefatshe (1914-18) kwa tshimologong se ne se bidiwa Ntwa e Kgolo. E ne e le kgolo fela thata ebile e boifisa mo dintshong le mo tshenyong mo batho ka tsholofelo ba neng ba e bitsa gore ke ntwa ya go fedisa dintwa. Morago ga boitemogelo jo bo tsitsibanyang jo bo ntseng jalo, eleruri go ne go akantswe gore batho ba ba tlhabologileng ba ne ba ‘se ketla ba ithuta ntwa gope.’ (Isaia 2:4) Go ne go tlhokafala fela dingwaga tse dingwe tse 18 gore tsietso eo e phatlakanngwe ka go tlhagoga ga Ntwa ya Selegae ya Spain e e boitshegang (1936-39) eo mo go yone Masepanishe a a fetang halofo ya milione a neng a a swa. Majeremane le Mantadiana a ne a nna le seabe mo thulanong eo, eo e neng e direla jaaka poeletso ya seo se neng se bidiwa ntwa ya lefatshe ya bobedi (1939-45). Matlhotlhapelo ao a ne a felela ka masetlapelo a Hiroshima le Nagasaki.
Ka dithunyo tseo tsa bomo ya atomo mo Japane motswedi o mosha wa poifo le tlhobaelo o ne wa thunyetsa mo godimo ga lefatshe—poifo ya ntwa ya atomo. Abo mafoko a ga Professor Albert Einstein a ne a le boammaaruri jang ne ka December 1945: “Lefatshe le ne la solofediwa kgololesego mo poifong, mme tota poifo e ne ya oketsega ka selekanyo se se tsitlisang marapo fa e sale go khutlisiwa ga ntwa”! Mme he a oketsa ka gore, “Ponalo ya lefatshe la rona la morago ga ntwa ga e phatsime mo go kalo.”
Poifo e e tlhatlogelang godimo eo e supelwa ke dimilione tsa batho godimo ga lefatshe lotlhe gompieno bao ba ntseng ba dira dipopelelo ba le kgatlhanong le dibetsa tsa nuclear. Le eleng baruti tota ba a kopanyelediwa mo kgannyeng eno. Ee, dibetsa tsa nuclear di fetotse dipolotiki tsa lefatshe le sebopego sa sesole. Jaaka raditiragalo E. P. Thompson a ile a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Beyond the Cold War: “Dibetsa tseno di dira mo seemong sa bopolotiki, mogopolo le sebopego; di lemogiwa di le bolau ebile go ikaeletswe gore di nne jalo; di tlhotlheletsa poifo ebile ka nako e e tshwanang di oketsa le go tlatseletsa maikutlo a borumolang.—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Poifo eno ya ntwa ya nuclear ke ya lefatshe lotlhe. Bukana ya bosheng jaana ya Russia e ne e tlhalose ka gore: “Soviet Union e dumela gore ntwa ya nuclear go bonala tota e tla raya bokhutlo jwa tlhabologo. E ka gogela tshenyegong ya setho sotlhe.” Jaanong ditlhopha tse pedi tse di sa tshwaneng ka mogopolo di shenelane meno mo puisanong e e rileng kgo! mo go seo se itsiweng jaaka “Mutual Assured Destruction”—MAD ka bokhutshwane. Ga go gakgamatse go bo setho se le mo ‘poifong le mo tebelelong ya dilo tse di tlang mo lefatsheng’—fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele.
Poifo le Bokebekwa
Go na le mofuta o mongwe wa poifo o o kgatikanyang gaufinyana le fa gae. Oo ke ofe? Poifo ya bokebekwa mo lefelong la gaeno. Pele-pele leepa-ntlo, kana mokgothotshi, o ne a tsaya dithoto tse di tlhokegang fela. Jaanong ba setse ba bolaya le batho. Ga go sa tlhole go boifiwa molao mo go kalo, mme bokebekwa bo duela fela thata-thata go bantsi. Ka gone poifo e kgolo e kgatikanya ko tengteng mo ditoropong-dikgolo le ditikologong tse di humileng. Ka sekai, palo ya batho ba ba dirisang bofeto jwa kafa tlase mo New York e wetse kwa tlase thata fa e sale 1917. Ka ntlha yang? Lengwe la mabaka a konokono ke go boifa go kgothotshwa kana go bolawa. Pego e e tswang Britani e bolela ka gore: “Moya o o tlhokafalang fela thata wa go aga mmogo o senngwa ke poifo ya bokebekwa eo e kganelelang bontsi jwa batho kwa gae.” Le eleng ditoropo tse dikgolo tse di neng di babalesegile pele jaaka Barcelona, mo Spain, go rekisiwa ga mabati a a timpetseng go oketsegile, ebile magae a mantsi jaanong a na le bobotlana diloto tse pedi kana tharo le mabati a a kurufelelwang. Mo United States basadi ba bantsi ba ithuta go dirisa ditlhobotswana tsa diatla go iphemela. Kanoko e nngwe e supa gore diphesente tse 52 tsa malapa a Maamerika a na le ditlhobolo! Pego e e tshwanang eo e tlhagisa ka gore, “Poifo ya bokebekwa ka iketlo e golafatsa mokgatlho wa Amerika.”
Bakwadi ba Bibela ba ba tlhotlheleditsweng ba ne ba itse gore maemo a a ntseng jalo a a maswe-maswe a ne a tla kgatikanya mo motlheng wa bokhutlo. Ka gone moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka gore: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè , le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ. Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè.” (2 Timotheo 3:1-3) Abo bokebekwa jo bontsi bo tlhotlhelediwa ke se moaposetoloi a se tlhatlhamisang fano! Mme ke poifo e e kana kang e e anamisiwang ke palo e e nnetseng go golela-pele ya disinyi!
Poifo le Go Tlhoka Mmereko
Lebaka le lengwe le le jalang poifo le tlhobaelo mo lekgolong la dingwaga la bo-20 ke go sa tlhomamang ga itsholelo ya lefatshe, se se felela ka letlhogonolo le le kwa godimo le le lekanyeditsweng le dikgatelelo tseo di tlogetseng dimilione di tlhoka mmereko. Le eleng bao ba nang le mmereko ba ikutlwa ba sa bolokesega. ‘Ke mang yo o tla tlogang a jewa ke mmereko?’ ke potso e e tshwenyang thata. Ereka bontsi jwa batho ba tshelela mo dikolotong, matshosetsi ano a mmatota a tsala tlhobaelo ya letsatsi le letsatsi. Go na le dimilione tse di fetang 30 tse di senang mmereko mo mafatsheng a Bophirima a le nosi. Moakgedi mongwe o ne a neela le eleng tlhagiso a menne phatla gore bontsi jwa ba ba sa berekeng bo ka nna jwa se tlhole bo bereka gape!
Baboloka madi mo dibankeng tsa mafatshe-fatshe ba tshwere mala ka diatla jaaka ba bona mafatshe ka go latelelana a ntse a humanega gotlhe-gotlhe. Jaaka go boletswe ke The Guardian, “Mafatshe a a ka nnang 25 otlhe mo dingwageng tse tharo tse di fetileng a ne a tshwanelwa ke go kopa dibanka le bogoromente gore a fiwe sebaka se se oketsegileng sa go duela dikoloto tsa one, bontsi jwa one a ipoeletsa gangwe le gape mo kopong e.” Ka gone seemo sa itsholelo ke lebaka le lengwe gape mo tiragatsong ya mafoko a ga Jesu gore “batho ba tla idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”
Poifo le Lefaufau
Dipoifo tsa motho le ditlhobaelo ga se gore di itlhagela go tswa mathateng a lefatshe fela. Fa e sale 1914 dibolai tse di diphatsa le tse di senyang di ile tsa phothosela go tswa godimo kwa marung mo dintweng tse pedi tsa lefatshe le dithulanong tse dingwe tse dikgolo. Mme jaanong matshosetsi a tswa kwa godimonyana thata ga maru—a ratela go tswa lefaufaung. Koranta ya letsatsi le letsatsi ya Spain ya El País bosheng jaana e ne ya tshola setlhogo se se reng “Lefaufau, Le Tloga le Fetolelwa Go Nna Lefelo la Botlhabanelo jwa Sesole.” Setlhogo seo se ne sa tswelela ka gore: “United States ka go tshwana le Soviet Union ka gone di tsaya kgato e nngwe mo kgaisanong ya lefaufau, boemo jwa one jwa sesole bo ile jwa tlotlomadiwa ka tsela e e gakgamatsang thata mo dikgweding tsa bosheng jaana. Go ka bolelwa ga twe motlha wa tlhaselo ya tsa bosole mo lefaufaung o simologile.”
Matshosetsi a tsa lefaufau a rurifadiwa ke mafoko a a neng a buiwa ke Lieutenant General Richard C. Henry, seatla sa molaodi wa sesole sa Taolelo ya tsa Lefaufau sa Amerika, yo o neng a re: “Lefaufau ga se boetelo, ke lefelo. Ke lefelo la botlhabanelo. Ke nako jaanong ya gore re le tsee jaaka lefelo la botlhabanelo.” Mme General Robert T. Marsh, molaodi wa Tsamaiso ya Taolelo ya Difofane tsa Ntwa, o ne a tlhomamisa ka gore: “Kolotsana ya sesutlha-lefaufau e tla fetola tsela eo ka yone re dirang dilo. Re tla ikaega ka yone gotlhe-gotlhe mo go tlhaseleng re le mo itshireletsong ya rona ya setšhaba ka dibolao [elatlhoko fano, dibetsa tsa sesole].” Dikakgelo tseno di supa gore lefaufau ga le sa tlhole le lejwa jaaka sebaka se se senang sepe fela se se ka gobatsang. Jaaka mokwaledi mogolo wa UN a ne a tlhagisa ka gore: “Re tshwanetse ra tlhabantsha ka tlhoafalo koketsego ya bosole jwa lefaufau. Re na le nako—mme ga e kae-kae.” Ke nako fela e e tla bolelang gore ke ditshupo dife tse dingwe tse di tla bonalang mo sebakeng sa ‘letsatsi le ngwedi le dinaledi’ go tlisa poifo le tebelelo.—Luke 21:25.
A E Farologanye le Dikokomana tsa Pele?
Bangwe ba ganeletse mo go nyatsiseng ditlhagiso tsa Bibela, ba bolela gore dikokomana tsa pele di ne tsa itemogela dipharagobe tse di tshwanang le gore poifo le tlhobaelo ya jaanong ga se sesupo sa bokhutlo jaaka Jesu a ne a se bolelela pele. Gone go boammaaruri gore dikokomana tsa pele di ne tsa itemogela masetlapelo. Lekgolo la dingwaga la bo-14 e ne e le nako ya Sebetso se se Ntsho koo batho go kgabaganya Yuropa ba neng ba tshelela mo theregong ya leroborobo la bolwetsi, mauba le dintwa. Mme a ke o lekanye bogolo jwa dilo mo lekgolong la rona la dingwaga.
Moitseanape René Dubos bosheng jaana o ne a kwala ka gore: “Ke tshwenyegile fela jaaka mongwe le mongwe ka ntlha ya dipharagobe tsa botshelo jwa batho jwa jaanong, tsa boranyane le dikotsi tsa tikologo. . . . Ke lemoga gape gore ditsela di le mmalwa tsa mathata a lefatshe a jaanong di a dira gore a farologane ka go sobokana ga one le ka boleng jwa one. Ka sekai: . . . Mathata a gompieno ga a sa tlhole a tlhaola le go ikgara fela mo ditlhopheng tsa palo e potlana ya batho.” (Mokwalo o o sekameng wa rona.) O ile gape a tlhatlhamisa matswela a dibetsa, dikhemikhale tse di tswang mo madirelong le dibolaya-diji. Lebaka le lengwe gape ke go ikaegana ga ditšhaba mo e leng gore botlhe ba angwa ke bomadimabe jaaka jo bo neng jwa wa ka 1973 ka koketsego ya tlhotlhwa ya lookwane. Go ne go sa nna jalo mo dikokomaneng tse di fetileng.
Ka gone tota ga go boammaaruri go re dikokomana tsa pele di ne tsa tlhaselwa ke poifo le tlhobaelo ka go tshwana, le mabaka a a tshwanang ao Jesu a neng a a tlhalosa mo go Luke kgaolo 21. Ga go na losika lope lwa pele ga 1914 le ka motlha lo lo kileng lwa itemogela ntwa ya lefatshe, re sa umake sepe ka tse pedi. Ga go na losika lope lo lo kileng lwa lebana le ka motlha le botsenwa jwa “tshenyo e e dumalanweng ka bomo” ka dibetsa tsa nuclear. Ga go na losika lope lo lo kileng lwa senya kgolokwe ya lefatshe ka leswe le kgotlelo e e kalo.—Tshenolō 11:18.
Mme ebile lebaka le lengwe le le botlhokwa-tlhokwa—ga go na losika lope lwa pele lo lo kileng le ka motlha lwa rerelwa mo go kana ‘mafoko a a molemo a, a bogosi, mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo.’ (Mathaio 24:14) Basupi ba ga Jehofa ba dira jalo ka mo go tswelelang jaanong mo mafatsheng a a fetang 200, mo morafeng mongwe le mongwe koo Modimo o neng wa go kgonisa. Leo ke lone lebaka leo ka lone o balang makasine ono jaanong. Molaetsa wa Modimo wa tsholofelo le katlholo o bolelwa ka nako e e leng yone. Eo ke yone tshupo e e tlhomamisegang ya gore bokhutlo bo tla tloga bo tla. He jaanong se se salang ke eng? Jesu o araba ka gore: “Ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Luke 21:29-33.
Fa e le gore o ka batla boikitsiso jo bo oketsegileng mo kgannyeng eno e e kgatlhisang, gololesega fela o kwalele bagatisi ba makasine ono kana o bonane le phuthego ya lefelo la gaeno ya Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya bone. Kwantle go tefa epe, dipotso tsa gago di tla arabiwa.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Motlha wa tlhaselo ya tsa bosole mo lefaufaung o simologile”
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go ya ka kanoko nngwe, diphesente tse 52 tsa malapa a Maamerika ba na le ditlhobolo
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
‘Lefaufau ga se boetelo—ke lefelo la botlhabanelo’