Go Bona Polokesego ya Mmaanete mo Ireland Bokone
FA O okomela ka difensetere tsa sepatela, mo boikalong jwa sone mo godimo ga toropo kgolo ya Londonderry mo kgokgotshwaneng e e kwa bokone bophirima ya Ireland Bokone, o bona bontle fela. Mme legale lekawana la nnese le ne le sena nako ya go ka tlhatlhanya ka bontle jwa popo. Kgopolo ya gagwe e ne e le mo dilong tse dingwe, tse di boifisang segolo bogolo. O ne a iponela ka matlho matswela a bogalaka le bobatana joo bo tshwayang dikgaruru tsa sedumedi le tsa sepolotiki tseo di tlhasetseng kgaolo eo.
“Go ne go boifisa tota,” a bolela jalo, “go bona makawana ba kgaoganngwa ditoki. Jaaka setlhopha sa tsa kalafi, re ne re sa ba tseye jaaka Maporosetanta kana Makatoliki, fa e se fela jaaka matshelo a a tshwanelang go bolokwa. Go ne ga nna ga dira gore ke akanye ka gore, ‘Ga twe gare go tsene eng? Ke ka ntlha yang fa Modimo o go letlelela gore go diragale?’”
Tiragalo e e Tswang Bogologolong
Fela jaaka lekawana la nnese, bontsi jwa batho ba Ireland Bokone ba itse sentle go tswa dithutong tsa bone tsa ditso kwa sekolong gore jono ga se bothata jwa maabanyane fela jaana. Go tloga lekgolong la dingwaga la bo-12 go ya pele go ile ga nna le dintwa tsa sedumedi le tsa sepolotiki magareng ga Maesemane le Ma-Irish.
Fa nako e ntse e ya Maporosetanta a ne a ikganelela mo kgaolong e e kwa bokone mo nageng eo. Kgabagare, ya re mo tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga naga eo ya kgaoganngwa; Seno se ne sa felela ka gore go nne le Repaboliki ya Ireland eo go renang Roma Katoliki mo borwa le mo bophirima, le kgaolo eo thata go leng Boporosetanta ya Ireland Bokone. Mono ke mo bontsi bo batlang go tshwaragana le British Isles ka kakaretso.
Batshegetsi ba Pele ba Polokesego ya Mmaanete
Charles Taze Russell, ebong mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Bible and Tract Society, o ne a etela Ireland Bokone makgetlo a le mane—ka 1891, 1903, 1908 le ka 1911. Mo loetong lwa gagwe lwa bofelo mo toropong ya Belfast “setlhopha,” kana phuthegonyana, ya Baithuti ba Bibela ba le 40 ba ne ba kopana le ene. Tiro ya bone ka iketlo e ne ya ntsha maungo, pele pele segolo mo dikgaolong tsa Maporosetanta. Kwa bofelong jwa Ntwa ya Lefatshe II ka 1945 go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 120 mo Ireland Bokone.
Mongwe wa badiri ba ntlha ntlha ba nako e e tletseng e ne e le mosadinyana fela wa mmelenyana, yo o sekoanyana. Mo malatsing a pele bao a neng a ba rerela ba ne ba a tle ba dire matshosetsi a go ka mo ja ka meno. Ka sekai, mosadi mongwe o ne a mo leleka ka haraka, mme monna mongwe a leka go mo phamola kakgokgotsho morago ga go mmitsa Delila.
“Gone go ne go se maswe maswe mo go kalo,” o ne a tlhalosa bosheng jaana pele ga a fetsa botshelo jwa gagwe jwa selefatshe. “Re ne re setse re tlwaetse go re goa-goa ga bone. Fa o rapelela tshireletsego ya Morena o a e go neela.” Mosupi yono yo o ikanyegang o ne a simolola go tlwaelega jaaka a ne a ntse a tsena a bo a tswa go ralala Ireland Bokone fela ka baesekele ya gagwe.
Modiri yo mongwe wa pele o bolela kafa ene le tsala ya gagwe nako nngwe ba neng ba tseelwa gore ke Maporosetanta fa ba ne ba rera mo kgaolong ya popota ya Katoliki. Ba ne ba simolola go ologelwa ke matlapa le dikonopiwa tse dingwe. Ya re ba sena go tsena mo koloing ya bone, ka bofefo ba retologa mme ba leba mo mmileng o o neng o na le kgoro ya botso e le nngwe fela, fa ba ntse ba leka go ralala mo batlhaseding ba ba neng ba atamela. Jaaka koloi ya bone e ne e re e a feta batlhasedi ba phatlakanya fensetere e e fa pele ka matlapa mme ba tšhwetla koloi ka meotlwana ya ditshipi. Lefa go ntse jalo, kwantle go letshogo, go ne go sena dikgobalo dipe tse di masisi tse di neng tsa bonwa.
Ka ntlha ya dikao tse tsa pele tsa boemo jo bo kwa godimo tsa boikemisetso, go na jaanong le batho ba le 778 ba ba abalanang mo tirong ya go thusa ba bangwe go bona tharabololo ya Bibela mo tlhoka-pabalesegong e e tsentseng Ireland Bokone mo botlhokong jo bogolo. Go diragalang gareng ga diphuthego tse 30 le ditlhotšhwaneng tsa Basupi ba ga Jehofa mono?
Maitemogelo a Motlha wa Segompieno
Ka 1979 morutabana wa lekawana wa ditso, yo o neng a itse ka botlalo ka masetlapelo a pele, o ne a thulana le sekaelo sa Tora ya Tebelo mo legaeng la tsala. Ya re ka a ne a kgatlhilwe fela thata ke se a neng a se bala, o ne a ipatlela dibuka tse dingwe tse di oketsegileng. “Ereka ke ne ke le mmadi yo mogolo ka e kometsa fela ka ponyo ya leitlho,” a tlhalosa, “nako le nako ke ntse ke kgatlhwa ke kafa dilo di neng di momagana mmogo ka gone mme, se se botlhokwa jo bogolo, di ne di utlwala tota.”
Lefa go ntse jalo, lelapa la monna yoo le e leng la Maporosetanta le ne la se ka la rata seo a neng a se ithuta mme ba mo thuthuntsha ka dibuka tse di kgatlhanong le Basupi. “Ke ne ka batla ke heheutlelwa kwa morago ke kganetso e ke neng ke thulane le yone,” a bolela jalo, “go fitlhelela fa ke ne ke bala Mathaio 10:36, eo e bolelang gore ‘baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagwe.’ Ka jalo dibuka, ka dikakgelo tsa tsone tse di fapogileng, le tse di bogalaka, tsa nna le matswela a a fapaaneng. Di ne tsa ntlhotlheletsa fela gore ke tlhatswege pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba na le boammaaruri.”
Kgabagare, monna yoo o ne a nyala mme keletso ya gagwe ya nna gore ekete mosadi wa gagwe o ne a ka anaanela seo a neng a se ithuta. O ne a tlhalosa ka gore: “Sontaga mongwe, morago ga go ya pokanong e ruri e neng e agelela, ke ne ka rapela Jehofa ka pelo yotlhe ya me. Kwa lapeng, ke ne ka gakgamadiwa ke go bona mosadi wa me a bala Bibela ya gagwe ya King James Version. Ke ne ka simolola go bua le ene ka se ke neng ke se ithutile kwa Holong ya Bogosi mme ka gakgamadiwa ke gore o ne a reetsa ka kelotlhoko. Mme he a nkgakgamatsa le eleng go feta fa a ne a mpolelela gore o ne a batla go ya dipokanong le nna. Ke ne ka lemoga gore e ne ya re go le pele mo letsatsing leo, fa a ne a ntse a bula Bibela ya gagwe e le la ntlha fa e sale re sena go nyalana, e ne ya nna jaaka ekete Pesalema 83:18 e ne ya mo ipulela ka bogayone: ‘Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.’ Seno se ne sa goga kgatlhego ya gagwe.”
Banyalani bano ba basha jaanong ke batlhanka ba ba ineetseng le go kolobediwa ba ga Jehofa, jaaka ba tlhalosa, ka “boitlhomo jo bo nonofileng gore ga go ope yo o tla ba amogang mokgele wa boitumelo jwa boammaaruri jaanong le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng je le phepafaditsweng.”
Lefa e ne ya re pele ya bo e le Maporosetanta fela a a neng a amogela boammaaruri jwa Bibela, ga go sa tlhole go ntse jalo. Fa e sale tshimologong ya matshwenyego a gompieno go nnile motlhofo go neela bosupi mo dikgaolong tsa Roma Katoliki. Bangwe ba bao go neng ga kopanwa le bone ba ne ba ile ba tlhamukela thata mo tshukatshukanong mono.
Ka sekai, thubakanyo e ne e se selo sepe se sesha go bana ba motho ba basetsana ba babedi mo dingwageng tsa bone tsa bo-20. Fa ba ne ba sa le bana, ba ne ba bona mosimanyana mongwe a thuntshiwa ke masole a ba a swa. Lelapa la bone le ne la patelediwa go tlogela legae la bone ke setlhopha sa basha ba ba galefileng ba Maporosetanta. Mo pakeng nngwe go ne ga bewa bomo e e thaisang mo fensetereng ya fa legaeng la bone. Jaaka basha, ba ne ba leka go baakanya seo ba neng ba akanya gore e ne e le ditshiamololo tsa sepolotiki le tsa loago.
Mongwe wa basetsana o ne a inaakanya le mokgatlho wa digogela-thoko. E ne ya re a le dingwaga tse 16 a latlhelwa mo kgolegelong dibeke tse tharo ka ntlha ya go tshola tlhobotswana eseng kafa molaong. Basetsana bao ka bobedi ba ne ba nna le seabe mo dipopelelong tsa go ema mekgatlho ya digogela-thoko nokeng. Ba ne ba a tle ba ye kwa dibareng gangwe le gape, ba apere dikobo, go ya go bapalela magolegwa a Ma-Republican bao ba neng ba batla gore ba fiwe ditshwanelo tsa sepolotiki madi.
Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, jaaka basetsana bao ba ne ba elatlhoko letlhoo mo dipelong tsa bangwe bao ba neng ba kopanela le bone, ba itlhoboga gotlhelele. Ka 1979 motho mongwe o ne a etela kwa legaeng ja bone go abalana le bone kitso ya Bibela. E ne e re fa ba ntse ba reeditse ka kelotlhoko ba thaakanye ditsebe thata. Gore puso e e molemo e ne e tla baakanyetsa ka polokesego ya mmaanete go bonala fa e le dinoolwane fela. Mme ka iketlo ba ne ba simolola go lemoga gore ka puso ya Bogosi jwa Modimo polokesego e e ntseng jalo ya boammaaruri e ne e tla nna selo sa mmaanete.—Mathaio 6:9, 10; Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44.
Go ne go le bokete ka basetsana bao go ka dumela gore ope mo toropong e e tshwanang le ya Belfast o ne a ka itlhaola mabapi le boemo jwa sepolotiki. Lefa go le jalo jaaka ba ne ba ntse ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bona kutlwano ya mmatota le ikanyo ya mmaanete mo Bogosing jwa Modimo tseo di leng gone gareng ga Bakeresete ba boammaaruri. “Ga go na polelo ya sepolotiki kwa Holong ya Bogosi,” ba tlhalosa. Basetsana bao ba ne ba tswelela ka pele ba tsaya kemo e e tiileng ya Bogosi jwa Modimo go sa kgathalege pogiso e e mahehe.
Boitlhaodi bo Tlisa Tshireletsego
Modihedi yo mmotlana wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa o ne a ntse a etela batho bangwe ba ba kgatlhegang mo toropong e potlana ya Newry gaufi le molelwane wa borwa magareng ga Repaboliki ya Ireland le Ireland Bokone. Fano e ne e le boremelelo jo bogolo jwa ditlhopha tsa digogela-thoko.
Ka bofefonyana fela kara e ne ya tla go bapa le ene. Mongwe wa bapalami a tshotse tlhobolo ka seatla, a mo laela gore a tsene mo setilong se se kwa pele. “Ke ne ka akanya lwa ntlha gore ke ile go thuntshiwa,” Mosupi yo mmotlana a tlhalosa, “ereka ke ne ke gopolelwa gore ke lesole le le apereng diaparo tse eseng tsa sesole. Lefa go ntse jalo, ke ne ka kgweelediwa kwa ntlong nngwe mme ka lotlelelwa mo sekhuruthwaneng se se beelang magala ka kwa motsheo. Morago ga se se neng se bonala e le gore ke tla swela koo, ke ne ka ntshiwa moo ke bofilwe matlho go isiwa kwa ntlong.
“Ya re ke le koo ka kgona go utlwa batho ba fenena kgetsi ya me ya dibuka le go e tla ba akgela ka direkoto tseo ke neng ke di kwadile mabapi le batho bao ke neng ke kile ka ba etela. Ba ne ba mpotsa gore ke mang ebile ke eng seo ke se dirang mo kgaolong eo. Gangwe le gape, ke ne ka bolela gore, jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke thusa batho go tlhaloganya Bibela, le gore bao ke neng ke ba etetse ba ne ba rata go bala dimakasine tsa rona.
“Mongwe wa bao o ne a tlogela kamore eo, mme a laela ka gore: ‘Mo supe fela jalo ka tlhobolo mme fa a ka itshikinya o phamphamolole tlhogo ya gagwe!’ Gone rra, ka sala ke ntse ke timpetse mme ka tswelela ka go rapela Jehofa. Kgabagare monna yole wa ntlha a boa mme a bolelela ba bangwe gore ke ka gololwa. O tshwanetse a bo a ile a bonana le mongwe yo o neng a mo tlhomamisetsa se ke neng ke se bua. Ke ntse ke supilwe ka tlhobolo, ke ne ka busediwa kwa kareng mme ka ya go gololwa gautshwane le bogare jwa toropo.”
Go ile ga nna le maitemogelo a le mmalwa a a tshwanang koo boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ileng jwa direla jaaka sesireletsi sa mmatota. Boitlhaodi jono tebang le dikgang tsa sepolotiki bo ile jwa ba kgonisa gore ba tsenelele mo tirong ya bone ya thuto ya Bibela mo kgaolong le fa e ka nna efe mo nageng eo.
Go Agiwa ga Diholo tsa Bogosi
Diphuthego mo nageng eno gantsi ke tse dipotlana ka palo, bontsi ga di fete batho ba ba 60 go ya go 70. Lefa go ntse jalo, baboledi ba Bogosi ke ba moya otlhe le ba ba natlafetseng mo tirong ya bone. Bosupi jo bongwe jo bo molemo jwa seno e ile ya nna go agiwa ga Diholo tsa Bogosi tse disha tse dintsi. Ka sekai, mo Belfast le mo kgaolong e e dimmaele tse 20 (32 km) mo toropo-kgolong eo, diphuthego di roba bongwe di ikagetse Diholo tsa Bogosi tsa tsone.
Tiro e e ntseng jalo ya go aga e ile ya seka ya nna fela kwantle ga kganetso le bothata. Leloko lengwe la motsofe la Phuthego ya Londonderry o ne a tlhalosa ka gore: “Ke gakologelwa bangwe mo phuthegong ba ba neng ba tle ba re, ‘Ga re ketla re nna le lefelo la rona.’ Fa e le gore ba ka bo ba ne ba tshela gompieno ba ne ba tla bona gore moya wa ga Jehofa o na le rona mo Holong ya Bogosi e ntšha ya rona.”
Le eleng ditlhopha tse di potlana di iponela mafelo a dipokano tsa bone, jaaka seo sa phuthego ya Enniskillen, eo e neng e na le baboledi ba Bogosi ba le 14. Ka lobaka lo lo leele ba ne ba renta lefelo le ba neng ba kopanela go lone, mme ba tloga ba lemoga gore ba ne ba tlhoka holo e e leng ya bone. Lemororo ba ne ba na le ditsompelo di se kae, ba ne ba tswelela pele ka tumelo e e tletseng mo maatleng a ga Jehofa a go baakanyetsa.
Phuthego e ne ya bona didirisiwa tsa kago e e lomaganyeditsweng ruri, ba e bonela setsha se sentle thata mme ba bona mathata a ntse a nyelela ka go latelelana. E ne ya re jaaka diphuthego tse dingwe di utlwalela kaga tlhokafalo ya bone, meneelo ya goroga. Leloko le le tsofetseng la phuthego eo le ne la tlhalosa ka gore: “Thuso eno e e tswang kwa go ba bangwe e ne ya re dira gore rona mono Enniskillen eleruri re ikutlwe re le karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe ka bophara.”
Polokesego ya Mmaanete Ga Se Toro Fela
Go sa kgathalege mathata a ka metlha le bogalaka le kgaogano tse di agang di le gone mo lefatsheng leo, bontsintsi jwa batho bo bona polokesego ya mmaanete jaaka bo ithuta ka dipaakanyetso tsa ga Jehofa ka go tlhamalatsa dilo. Ka sekai, gongwe o ka tswa o ile wa ipotsa, kaga lekawana lele la nnese leo le neng la itemogela dilo tseo tse di rerisang.
E ne ya re fa Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba Maesemane ba ne ba mo etela, boikutlo jwa gagwe jwa kwa tshimologong e ne e le: “Ga go na baeng bape ba ba tshwanetseng ba tla go re ruta bodumedi mo Ireland.” Mme legale boikutlo jwa gagwe bo ne jwa fetoga jaaka a ne a bona gore sengwe le sengwe seo ba neng ba se bolela se ne se itshetlegile mo Bibeleng. Monna yoo jaanong o direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong ya ga gabo. Ene, le bontsi jo bo jaaka ene, jaanong ba na le tsholofelo e e tiileng ya gore re tshela mo nakong eo fa Jehofa a tla diragatsang ditsholofetso tsa gagwe tse di gakgamatsang go fedisa maemo otlhe a a hutsafatsang le go opisa tlhogo mme o tla tlhomamisa gore ka nako e e leng yone, maemo a Paradaise a tla tlhongwa gongwe le gongwe mo lefatsheng.—Pesalema 37:9-11, 29.
[Dimmapa/Setshwantsho mo go tsebe 10]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
NORTHERN IRELAND
LONDONDERRY
BELFAST
Newry
Enniskillen
[Mmapa]
IRELAND
GREAT BRITAIN