LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 1/1 ts. 3-4
  • A Poifo Ea Go Ama?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Poifo Ea Go Ama?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Poifo—A Ke Sesupo sa Bokhutlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Metlha ya Bofelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Baebele e a Reng ka Ntwa ya Nuklea?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditshupo tsa Metlha—Di Go Lemosa Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 1/1 ts. 3-4

A Poifo Ea Go Ama?

“GO NA LE dikotsi tse dikgolo mo lefatsheng gompieno.” Go ne ga kwala jalo René Dubos, moitseanape le ra-maboko, mo bukeng ya gagwe ya bosheng jaana ya Celebrations of Life. O ne a tswelela ka gore: “Lefa go ntse jalo, ka mo go sa tlwaelegang, bogolo jwa therego e e diragalang ga jaanong ga e tlhage mo mathateng ao tota re a itemogelang, mme e leng mo dikudumeding tseo di iseng di diragale, ebile gongwe di se ketla di diragala.” Ka mantswe a mangwe, motho o boifa isagwe ka go bo a tshela ka tebelelo ya seo se sa tlhomamang le se se sa laolesegeng.

Go ya ka Dubos, dingwe tsa dikudumedi tseo di kukunyang jaaka dikgonego tsa isagwe ke dife? “Re tshwenyegile fela thata thata ka kgonego ya tlhabano ya nuclear le gape ka dikotsi tse di maswe tsa dibolao tsa nuclear . . . Re tshwenyegile rotlhe ka ntlha ya go lebelela gore maemo a lefatshe a tla senyegela pele fa e le gore palo ya batho le tsa boranyane di tla tswelela di gola ka selekanyo se di golang ka sone jaanong. Lefatshe le tla re gautshwane le bo le penologa ka batho fela mme le meamuso ya lone e tla nyelela; go tla nna le ditlhaelo tsa dijo tse di tlhomolang pelo fela thata.” Lefa ene ka boene a lebeletse tokafalo ya dilo, René Dubos o lemoga gore re tshela mo “sebakeng se se lotobo seo ga jaanong se renang mo karolong e ntsi ya lefatshe.”

Alvin Toffler, moithuta matshelo a batho le mokwadi, o ne a senya dingwaga tse tlhano a botsolotsa palo e ntsi ya batho ba ba farologaneng ka matswela a go fetoga le isagwe ya matshelo a bone. “Bagapa-dikgele tsa Nobel, mahipi, dingaka tsa balwala-tlhaloganyo, dingaka tsa mmele, bagwebi, batlhalefela-isagwe, bora-maboko-boko, le bora-dikitso ba ne ba neela kamego ya bone kaga phetogo, ditlhobaelo tsa bone mabapi le go feto-fetoga, dipoifo tsa bone mabapi le isagwe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Tlhotlhomiso ya gagwe e ne ya supa gore tlhobaelo le poifo kaga isagwe di tlwaelegile.

Boikutlo jono jwa go tshoga se se tlang joo bo ileng jwa nna boitemogelo jo bo tlwaelegileng jwa setho mo lekgolong leno la dingwaga bo ne jwa bolelelwa pele ka tlhamalalo ke Jesu Keresete dingwaga tse di batlileng di nna 2 000 tse di fetileng. O ne a bolelela pele gore tempele eo e neng e le kwa Jerusalema e ne e tla senngwa mme barutwa ba gagwe ba ne ba shagashagela go itse gore “ana dilō tse di tla dihala leñ? le seshupō e tla nna sehe sa ha dilō tse di tloga di dihala?”​—Luke 21:7.

Mo karolong ya ntlha ya karabo ya gagwe Jesu o ne a tlhatlhamisa ditiragalo tseo bontsi mo losikeng loo bo neng jwa di bona. Mme o ne a tsaya sebaka se se neng sa tlhagisiwa ke potso ya bone go akareletsa ditiragalo mo selekanyong sa kgolokwe tseo di neng di tla bonwa, eseng ke losika loo lwa bofelo lwa baobamedi ba Bajuda kwa tempeleng, mme segolo bogolo, ke bao ba neng ba tla bo ba tshela go fitlhelela bofelo jwa tsamaiso ya lefatshe leno la jaanong. O ne a tlhagisa ka gore: “Me go tla nna dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ; le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ: gonne dinonohō tsa legodimo di tla reketlisiwa.”​—Luke 21:25, 26, 32.a

Ka phepafalo, batho ba ba neng ba tshela mo dikokomaneng tse di fetileng ba ne ba tshelela gape le bone mo poifong​—poifo ya dintwa tsa selegae, dibetso, matlhotlhapelo le diphetogo tsa matshelo a batho. A mme losika lwa 1914 lo ne lwa bona sengwe se se farologaneng? Eleruri, ka ntlha ya gore ‘lefatshe’ lotlhe, merafe yotlhe, e ile ya amega fa e sale ka nako eo e e botlhokwatlhokwa. (Luke 21:25, 26) Dilo di le dintsi di ile tsa kgobelelwa mo dingwageng tse 69 tse di fetileng mo e leng gore batho ba ba godileng ba ba ileng ba go itemogela ba tsenwe ke tsebetsebe le go nna mo poifong. Mme jaanong, ka ntlha ya matshosetsi a nuclear, batho ba dingwaga tsotlhe, le eleng bana, ba tshwenyegile fela thata ka tebelelo ya botshelo jwa bone. Go ile ga bolelwa sentle fa go ne go twe kgopolo e e renang fela thata, kana maikutlo a konokono, a lekgolo la dingwaga la bo-20 ke POIFO.

Mme ka gongwe o ikutlwa gore re a feteletsa. A poifo ya ditiragalo tsa ga jaanong le tsa isagwe e aname mo e leng gore re ka dumela gore e diragatsa boperofeti jwa ga Jesu? A eleruri ke karolo ya tshupo ya gore re mo nakong ya bofelo? A eno ke nako ya fa “batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ”?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bibela ya Sepanishe ya Katoliki ya Cantera-Iglesias e neela tlhaloso kwa tlase ga mokwalo wa yone ka tiragalo e e tshwanang mo kgaolong 24 ya Mathaio. E tlhalosa gore: “Bontle jwa tempele bo neela Jesu sebaka sa go bolelela pele ka tshenyego ya yone; barutwa ba botsa gore tshenyego eo e tla nna leng (Mat 24 temana 3), mme ka potso eo a ntsha ketapele ya matlhotlhapelo a lefatshe, motlha wa one le ditshupo tse di tlang pele.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela