Go Ithuta go Itumelela go Boifa Jehofa
“Ntlong lo ntheetseng bana ke lona, ke tlaa lo ruta poifo ya ga Jehofa.”—PESALEMA 34:11.
1. Bogosi jwa Modimo bo tla nyeletsa poifo jang, a mme seo se kaya gore bo tla nyeletsa poifo yotlhe?
BATHO gongwe le gongwe ba eletsa go nna ba sa boife—ba sa boife bokebekwa le thubakanyo, ba sa boife go tlhoka ditiro, ba sa boife malwetse a a maswe thata. A bo e tla nna letsatsi le le molemolemo jang ne fa kgololesego eo e setse e le teng mo Bogosing jwa Modimo! (Isaia 33:24; 65:21-23; Mika 4:4) Lefa go ntse jalo, ga se poifo yotlhe e e tla nyelelang ka nako eo, le gone ga re a tshwanela go batla go tlosa poifo yotlhe mo matshelong a rona gone jaanong. Go na le poifo e e molemo e bile go na le poifo e e bosula.
2. (a) Ke mofuta ofe wa poifo o o leng bosula, mme ke ofe o o eletsegang? (b) Poifo ya bomodimo ke eng, mme dikwalo tse di umakilweng di bontsha seo jang?
2 Poifo e ka tshela tlhaloganyo botlhole, ya golafatsa tsela e motho a kgonang go akanya ka yone. E ka dira gore o se ka wa nna pelokgale o bo o tlhoke tsholofelo. Poifo e e ntseng jalo e ka tsena motho yo mmaba mongwe a batlang go mo utlwisa botlhoko mo mmeleng. (Jeremia 51:30) E ka nna ya tsena motho yo o akanyang gore go botlhokwa thata gore a amogelwe ke batho bangwe ba ba nang le tlhotlheletso nngwe. (Diane 29:25) Mme gape go na le poifo e e siameng, e leng mofuta wa poifo o o re thibelang go dira dilo ka bofafalele, le go ikgobatsa. Poifo ya bomodimo e akaretsa se se fetang seo. Ke go sisimoga Jehofa, go mo tlotla thata, go kopane le go tshaba mo go siameng go mo dira gore a se ka a itumela. (Pesalema 89:7) Tsela eno ya go boifa go dira gore Modimo o se ka wa itumela e bakwa ke go anaanela ga rona bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato le bomolemo jwa gagwe. (Pesalema 5:7; Hosea 3:5) Gape go akaretsa gore re lemoge fa Jehofa e le Moatlhodi yo Mogolo e bile e le Mothatayotlhe, yo o nang le nonofo ya go otlhaya, tota le e leng go bolaya, bao ba ganang go mo utlwa.—Baroma 14:10-12.
3. Go boifa Jehofa go farologana jang le go boifiwa ga medimo e mengwe ya seheitane?
3 Poifo ya bomodimo e siame, ga e utlwise botlhoko. E tlhotlheletsa motho gore a nitame mo go se se siameng, a sa ineele go dira phoso. Ga e tshwane le go boifiwa ga modimo wa Segerika wa bogologolo e leng Phobos, o o tlhalosiwang jaaka modimo o o neng o tshosa. E bile ga e tshwane le go boifiwa ga modimo wa sesadi wa Sehindu e bong Kali, o ka dinako tse dingwe o tshwantshiwang o batla go tsholola madi, o kgabisitse ka ditopo, dinoga, le magata. Poifo ya bomodimo e a gogela; ga e kgaphele batho kgakala. E tsamaya mmogo le lorato le kanaanelo. Ka gone, poifo ya bomodimo e re atametsa gaufi le Jehofa.—Duteronome 10:12, 13; Pesalema 2:11.
Lebaka La go Bo ba Bangwe Ba na Le Yone Mme ba Bangwe ba Sena Yone
4. Jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa, batho ba ile ba iphitlhela ba le mo boemong jo bo ntseng jang, mme seo se bakiwa ke eng?
4 Ga se batho botlhe ba ba tlhotlhelediwang ke nonofo eno ya poifo ya bomodimo. Mo go Baroma 3:9-18, moaposetoloi Paulo o tlhalosa selekanyo se batho ba ileng ba tlhaela boitekanelo ka sone go tswa kwa tshimologong. Fa Paulo a sena go bolela gore rotlhe re leofile, o nopola mo go Dipesalema, a re: “Ga go ope yo o siameng, le fa e le yo mongwe fela.” (Bona Pesalema 14:1.) Go tswa foo o ntsha dintlha ka go umaka dilo tse di tshwanang le gore batho ba itlhokomolosa go batla Modimo, ga ba pelonomi, ba fora batho, ba bua matlhapa, le go tsholola madi. A bo seo se tlhalosa lefatshe la gompieno sentle thata jang ne! Bontsi jwa batho ga ba kgatlhegele Modimo le maikaelelo a gagwe. Bopelonomi bope jo e seng jone gantsi bo beelwa dinako tse di rileng fa go na le sengwe se o ka se bonang ka jone. Go bua maaka le puo ya matlhapa di gongwe le gongwe. Go tshololwa ga madi ga go bontshiwe fela mo dikgannyeng mme gape le mo boitlosobodutung. Ke eng se se bakang boemo jo bo ntseng jalo? Ke boammaaruri gore rotlhe re ditlogolwana tsa ga Adame wa moleofi, mme fa batho ba setse ba tshela go ya ka dilo tse di tlhalositsweng ke moaposetoloi Paulo, sengwe se se fetang seo se a amega. Temana ya 18 e tlhalosa gore seo ke eng fa e re: “Ga go na poifo epe ya Modimo fa pele ga matlho a bone.”—Bona Pesalema 36:1.
5. Ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba na le poifo ya bomodimo, fa ba bangwe ba sena yone?
5 Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba na le poifo ya bomodimo, fa ba bangwe ba sena yone? Karabo e motlhofo fela, ke ka gonne batho ba bangwe ba a e tlhagolela fa ba bangwe ba sa e tlhagolele. Ga go ope wa rona yo o tsholwang a na le yone, mme rotlhe re ka kgona go nna le yone. Poifo ya bomodimo ke sengwe se re tshwanetseng go se ithuta. Go tswa foo, re tlhoka gore re e tlhagolele gore e kgone go tlhotlheletsa matshelo a rona thata.
Taletso e e Gogelang
6. Ke mang yo o re laletsang ka taletso e e kwadilweng mo go Pesalema 34:11, mme temana eno e bontsha jang gore poifo ya bomodimo e tshwanetse ya ithutiwa?
6 Re beetswe taletso e e gogelang ya gore re ithute poifo ya ga Jehofa mo go Pesalema 34. Pesalema eno ke ya ga Dafite. Mme Dafite o ne a tshwantshetsa mang? O ne a tshwantshetsa Morena Jesu Keresete. Boperofeti jo moaposetoloi Johane a neng a bo lebisa thatathata kwa go Jesu bo kwadilwe mo temaneng ya 20 ya pesalema eno. (Johane 19:36) Mo motlheng wa rona, Jesu ke ene yo o re laletsang ka tsela e e tshwanang mo temaneng ya 11: “Ntlong lo ntheetseng bana ke lona, ke tlaa lo ruta poifo ya ga Jehofa.” Seno se supa sentle gore poifo ya bomodimo ke sengwe se se ka ithutiwang, mme Jesu Keresete o tshwanela tota go re ruta. Ke ka ntlha yang fa go le jalo?
7. Ke ka ntlha yang fa Jesu e le ene segolobogolo re ka ithutang poifo ya bomodimo mo go ene?
7 Jesu Keresete o itse botlhokwa jwa poifo ya bomodimo. Bahebere 5:7 e bolela jaana ka ga gagwe: “E bong Jesu, yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a . . . isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; [mme a, NW] utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe.” Poifo ya bomodimo e e ntseng jalo e ne e le nonofo e Jesu Keresete a neng a e bontsha le e leng pele a tshwanelwa ke go swa mo koteng ya tlhokofatso. Gakologelwa gore mo go Diane kgaolo 8, Morwa Modimo o tlhalosiwa e le mothofatso ya botlhale. Mme mo go Diane 9:10, re bolelelwa jaana: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” Ka jalo poifo eno ya bomodimo e ne e le karolo ya konokono ya botho jwa Morwa Modimo pele a tla mo lefatsheng.
8. Ke eng se re se ithutang ka ga go boifa Jehofa mo go Isaia 11:2, 3?
8 Mo godimo ga moo, Isaia 11:2, 3 e bolela jaana malebana le Jesu jaaka Kgosi e e leng Mesia: “Mowa wa ga Jehofa o tlaa nna mo go ene, mowa wa botlhale le wa tlhaloganyo, mowa wa kgakololo le wa nonofo, mowa wa kitso le wa go boifa Jehofa. Go thama ga gagwe go tlaa nna mo go boifeng Jehofa.” A bo e le mafoko a mantle ruri! Go boifa Jehofa ga se sengwe se se seng monate. Go mosola e bile go a thusa. Ke nonofo e e tla anamang mo lefelong lotlhe le Keresete a tla le busang jaaka Kgosi. O a busa gone jaanong, mme o laela batho botlhe ba ba phuthelwang go tla go nna babusiwa ba gagwe gore ba boife Jehofa. Jang?
9. Jesu Keresete o re ruta go boifa Jehofa jang, mme ke eng se a batlang re se ithuta ka gone?
9 A dirisa dipokano tsa rona tsa phuthego, dikopano tse dipotlana, le dikopano tse dikgolo, Jesu, jaaka Tlhogo e e tlhophilweng ya phuthego le jaaka Kgosi e e leng Mesia, o re thusa go tlhaloganya sentle se poifo ya bomodimo e leng sone le gore ke ka ntlha yang e le mosola jaana. Ka gone o leka go dira gore re e anaanele thata gore re tle re itumelele go boifa Jehofa jaaka le ene a go itumelela.
A o Tla Dira Boiteko?
10. Fa re ntse re ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re batla go tlhaloganya go boifa Jehofa?
10 Ke boammaaruri gore go bala Baebele fela kana go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi go ka se re tlhomamisetse gore re tla nna le poifo ya bomodimo. Ela tlhoko se re tlhokang go se dira fa e le gore tota re batla go tlhaloganya go boifa Jehofa. Diane 2:1-5 e bolela jaana: “Morwaaka, fa o ka tshola mafoko a me, wa ba wa ipeela ditaolo tsa me fa go wena, wa sekegela botlhale tsebe, mme wa lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong; ee, fa o tlhaeletsa tlhalemaleje, mme wa tsholeletsa tlhaloganyo lentswe la gago; fa o mmatla jaaka e ka bo e le selefera, fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng; foo o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo.” Ka jalo fa re le kwa dipokanong, re tlhoka go reetsa ka kelotlhoko se se buiwang, re leka thata go tlhoma mogopolo mo go sone le go gakologelwa dintlha tsa konokono, re akanya thata ka gore tsela e re ikutlwang ka yone ka ga Jehofa e tshwanetse go tlhotlheletsa maikutlo a rona jang malebana le kgakololo e e neelwang koo—ee, re bule dipelo tsa rona. Go tswa foo re tla tlhaloganya go boifa Jehofa.
11. Ke eng se re tshwanetseng go se dira ka tlhoafalo le ka metlha gore re tlhagolele poifo ya bomodimo?
11 Pesalema 86:11 e re tlhokomedisa ntlha e nngwe e e botlhokwa, ya go rapela. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago.” Jehofa o ne a amogela thapelo eo, ka gonne o ne a dira gore e kwalwe mo Baebeleng. Le rona re tlhoka go rapela Jehofa gore a re thuse go tlhagolela poifo ya bomodimo, mme re tla solegelwa molemo fa re rapela ka tlhoafalo le ka metlha.—Luke 18:1-8.
Go Amana le Pelo ya Gago
12. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse gore re tlhokomele pelo thata, mme seo se akaretsa eng?
12 Go na le selo se sengwe gape se re tshwanetseng go se ela tlhoko mo go Pesalema 86:11. Mopesalema o ne a sa kope go tshwara go boifa Modimo ka tlhogo fela. O umaka pelo ya gagwe. Go tlhagolela poifo ya bomodimo go amana le pelo ya tshwantshetso, e e tlhokang go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng ka gonne ke motho wa kafa teng jaaka a iponatsha mo ditirong tsotlhe tsa rona tsa botshelo e bile e akaretsa dikgopolo tsa rona, maikutlo a rona, dikeletso tsa rona, maikaelelo a rona, mekgele ya rona.
13. (a) Ke eng se se ka nnang sa bontsha gore pelo ya motho e batla dilo di le dintsi? (b) Re tshwanetse ra leka go fitlhelela mokgele ofe fa re ntse re tlhagolela poifo ya bomodimo?
13 Baebele e re tlhagisa gore pelo ya motho e ka nna ya batla dilo di le dintsi. E ka nna boferefere. (Pesalema 12:2; Jeremia 17:9) E ka nna ya re rotloetsa gore re nne le seabe mo ditirong tse di siameng—go ya kwa dipokanong tsa phuthego le mo bodireding jwa tshimo—mme gape e ka nna ya re dira gore re rate dikarolo tse di rileng tsa botshelo jwa lefatshe leno. Seno se ka nna sa re dira gore re se ka ra dira dilo tse di direlwang Bogosi ka moya otlhe. Go tswa foo pelo e e boferefere e ka nna ya leka go re tlhotlheletsa gore legale, re dira fela jaaka ba bangwe ba le bantsi ba dira. Kana gongwe kwa sekolong kana kwa re berekang teng, pelo e ka nna ya tlhotlhelediwa ke go boifa batho. Seo se ka felela ka gore fa re le mo mafelong a a ntseng jalo re ka nna ra okaoka go ipolela gore re Basupi ba ga Jehofa e bile re ka nna ra dira dilo tse tota di sa tshwanelang Bakeresete. Lefa go ntse jalo, kwa morago ga moo re tshwenngwa ke segakolodi. Ga re batle go nna motho wa mofuta oo. Ka gone, re eletsa go rapela Jehofa jaana jaaka mopesalema: “Kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago.” Re batla motho wa kafa teng a bonale mo ditirong tsotlhe tsa botshelo jwa rona gore a neele bosupi jwa gore re ‘boifa Modimo, e bile re tshegetsa ditaolo tsa one.’—Moreri 12:13.
14, 15. (a) Jehofa o ne a solofetsa go neela batho ba gagwe eng fa a ne a bolelela pele go gololwa ga Iseraele mo botshwarong jwa Babilone? (b) Ke eng se Jehofa a neng a se dira mabapi le go tsenya go boifa Modimo mo dipelong tsa batho ba gagwe? (c) Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba tlogela ditsela tsa ga Jehofa?
14 Jehofa o ne a solofetsa gore o ne a tla naya batho ba gagwe pelo e e ntseng jalo e e boifang Modimo. O ne a bolelela pele ka go tsosolosiwa ga Iseraele mme a bolela jaana, jaaka re bala mo go Jeremia 32:37-39: “Ke tlaa ba ke ba lere felong fa; ke ba agisa mo polokegong; ba tlaa nna batho ba me, le nna ke tlaa nna Modimo wa bone. Ke tlaa ba naya pelo e le nngwe fela, le tsela e le nngwe fela, gore ba mpoife ka bosakhutleng; e le gore go nne molemo mo go bone, le mo baneng ba bone morago ga bone.” Modimo o tlhomamisa tsholofetso eo mo temaneng ya 40 jaana: “Ke tlaa tsenya go mpoifa mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba tloga mo go nna.” Ka 537 B.C.E., Jehofa o ne a ba busetsa kwa Jerusalema fela jaaka a ne a ba solofeditse. Mme re ka reng ka karolo e nngwe ya tsholofetso eno—ya gore o ne a tla ba naya ‘pelo e le nngwe fela gore ba mmoife ka bosakhutleng’? Ke ka ntlha yang fa setšhaba sa Iseraele se ne sa tlogela Jehofa fa a sena go se busa kwa Babilone, mme tempele ya sone ya senngwa ka 70 C.E. e bile e ne e se kitla e agiwa gape?
15 E ne e se ka go bo Jehofa a paletswe ka tsela epe fela. Eleruri, Jehofa o ne a tsaya kgato ya gore a tsenye go boifa Modimo mo dipelong tsa batho ba gagwe. O ne a ba neela bosupi jo bo lekaneng jwa gore ba mo tlotle tota ka go ba tlhomogela pelo fa a ne a ba golola kwa Babilone le go ba busetsa kwa nagagaeng ya bone. Modimo o ne a gatelela seo sotlhe ka go ba gakolola le go ba kgalemela ka baperofeti Hagai, Sekaria, le Malaki; ka Esera yo o neng a romelwa kwa go bone gore a ba rute; ka Mmusi Nehemia; le ka Morwa Modimo tota. Ka dinako tse dingwe batho ba ne ba reetsa. Ba ne ba dira jalo fa ba ne ba tsosolosa tempele ya ga Jehofa ba rotloediwa ke Hagai le Sekaria le fa ba ne ba leleka basadi ba seeng mo metlheng ya ga Esera. (Esera 5:1, 2; 10:1-4) Mme gantsi ba ne ba sa ba ikobele. Ba ne ba sa ba tseye tsia ka metlha; ga ba a ka ba tswelela pele ba reetsa kgakololo; ga ba a ka ba boloka dipelo tsa bone di bulegile. Baiseraele ba ne ba sa tlhagolele poifo ya bomodimo, mme seo se ne sa felela ka gore e se ka ya ba tlhotlheletsa thata mo matshelong a bone.—Malaki 1:6; Mathaio 15:7, 8.
16. Jehofa o ile a tsenya poifo ya bomodimo mo go bo mang?
16 Lefa go ntse jalo, tsholofetso ya ga Jehofa ya go tsenya poifo ya bomodimo mo dipelong tsa batho ba gagwe e ne ya se ka ya palelwa. O ne a dira kgolagano e ntšha le Iseraele wa semoya, Bakeresete bao a neng a ba solofetsa go ya kwa legodimong. (Jeremia 31:33; Bagalatia 6:16) Ka 1919, Modimo o ne a ba golola mo botshwarong jwa Babilone o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. O tsentse go mmoifa ka tsela e e tlhomameng mo dipelong tsa bone. Seno se ile sa ba leretse melemo e megolo mmogo le “boidiidi jo bogolo,” jo bo solofetseng go tshela e le babusiwa ba Bogosi mo lefatsheng. (Jeremia 32:39; Tshenolo 7:9) Le bone go boifa Jehofa go mo dipelong tsa bone.
Kafa Poifo ya Bomodimo e Tsenngwang ka Gone mo Dipelong Tsa Rona
17. Jehofa o tsentse poifo ya bomodimo mo dipelong tsa rona jang?
17 Jehofa o tsentse poifo eno ya bomodimo mo dipelong tsa rona jang? Ka go dirisa moya wa gagwe. Mme ke eng se re nang le sone se se dirilweng ka moya o o boitshepo? Ke Baebele, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16, 17) Mme ka se Jehofa a se dirileng mo nakong e e fetileng, ka go dirisana le batlhanka ba gagwe jaanong a diragatsa Lefoko la gagwe la boperofeti, le ka go bolelela pele ka dilo tse di neng di tla tla, o re neela motheo o o utlwalang rotlhe wa gore re tlhagolele poifo ya bomodimo.—Joshua 24:2-15; Bahebere 10:30, 31.
18, 19. Dikopano tse dikgolo, dikopano tse dipotlana le dipokano tsa phuthego di re thusa go bona poifo ya bomodimo jang?
18 Go botlhokwa thata go bo Jehofa a ne a bolelela Moshe jaana jaaka go kwadilwe mo go Duteronome 4:10: “Mphuthela batho, mme ke tlaa ba utlwisa mafoko a me, gore ba tle ba ithute go mpoifa ka malatsi otlhe a ba tlaa tshelang ka one mo lefatsheng, le gore ba rute bana ba bone.” Ka tsela e e tshwanang gompieno, Jehofa o dirile dilo di le dintsi gore di thuse batho ba gagwe gore ba ithute go mmoifa. Kwa dikopanong tse dikgolo, kwa dikopanong tse dipotlana, le kwa dipokanong tsa phuthego, re bona bosupi jwa bopelonomi jo bo lorato le bomolemo jwa ga Jehofa. Ke se re neng ra se dira fa re ne re ithuta buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Thuto eo e ne ya go ama jang mmogo le tsela e o ikutlwang ka yone ka Jehofa? Jaaka o ne wa bona dikarolo tse di farologaneng tsa botho jo bo molemolemo jwa ga Rraarona wa selegodimo bo bontshiwa mo go Morwawe, a seno ga se a ka sa nonotsha keletso ya gago ya gore o se ka wa bo wa dira dilo tse di sa itumediseng Modimo?—Bakolosa 1:15.
19 Kwa dipokanong tsa rona, gape re ithuta ka dipolelo tsa fa Jehofa a ne a golola batho ba gagwe mo dinakong tse di fetileng. (2 Samuele 7:23) Fa re ntse re ithuta buka ya Baebele ya Tshenolo re thusiwa ke buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, re ithuta ka diponatshegelo tsa boperofeti tse di setseng di diragetse mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga le ka ga ditiragalo di le dintsi tse di boitshegang tse di santseng di tla tla. Pesalema 66:5 e bolela jaana malebana le ditiro tseo tsotlhe tsa Modimo: “Tlang, lo bone ditiro tsa Modimo; o [a boifisa, NW] mo go direng ga one mo baneng ba batho.” Ee, fa ditiro tseno tsa Modimo di lejwa sentle, di tsenya go boifa Jehofa mo dipelong tsa rona, go mo tlotla fela thata. Ka gone re ka tlhaloganya kafa Jehofa Modimo a diragatsang tsholofetso ya gagwe ka gone: “Ke tlaa tsenya go mpoifa mo pelong tsa bone, gore ba se ka ba tloga mo go nna.”—Jeremia 32:40.
20. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore poifo ya bomodimo e tsene mo dipelong tsa rona?
20 Lefa go ntse jalo, go a itshupa gore re ka se nne le poifo ya bomodimo mo dipelong tsa rona fa rona re sa iteke. Diphelelo tsa seno ga di itlele fela. Jehofa o dira seabe sa gagwe. Re tshwanetse go dira seabe sa rona ka go tlhagolela poifo ya bomodimo. (Duteronome 5:29) Iseraele wa tlholego o ne a palelwa go dira jalo. Mme ka go ikanya Jehofa, Baiseraele ba semoya mmogo le ditsala tsa bone ba setse ba bona melemo e mentsi e e tlelang bao ba boifang Modimo. Re tla sekaseka mengwe ya melemo eno mo setlhogong se se latelang.
O ne o Tla Araba Jang?
◻ Poifo ya bomodimo ke eng?
◻ Re rutiwa jang gore re itumelele go boifa Jehofa?
◻ Re tshwanetse ra iteka ka tsela efe gore re tle re nne le poifo ya bomodimo?
◻ Ke ka ntlha yang fa go batla go nna le poifo ya bomodimo go amana le dikarolo tsotlhe tsa pelo ya rona ya tshwantshetso?
[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Go tlhokega gore re ithute ka tlhoafalo gore re tlhaloganye go boifa Jehofa