Go Boifa Modimo—A Go Ka go Solegela Molemo?
“Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.”—MORERI 12:13.
1, 2. (a) Go obamela Modimo ga rona go tshwanetse ga thaiwa mo go eng? (b) Lefa go ntse jalo, ke eng se sengwe se Modimo a se batlang? (Duteronome 10:12)
POLELWANA go “boifa Modimo” ga e a tlwaelega mo go wena? Ba le bantsi ba ka nna ba akanya gore fa ba rata Modimo tota, ga ba a tshwanela gore gape ba mmoife. A tota re tshwanetse go di dira tsoopedi? Fa go ntse jalo, go boifa Modimo go re solegela molemo jang?
2 Dikwalo di bontsha gore go obamela Modimo ga rona le go mo direla di tshwanetse go thaiwa mo loratong. Jesu o ne a phepafatsa seno fa a ne a re bolelela gore re rate Jehofa ka pelo yotlhe ya rona, moya otlhe, mogopolo le maatla a rona. (Mareko 12:30) Mme go gatelelwa ka moo go boifa Modimo go leng botlhokwa ka gone mo Lefokong la gagwe. Ka tlhamalalo, re bolelelwa mo go Moreri 12:13 gore. “Boiha Modimo,u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.” A Jehofa o a ikganetsa fa a re kopa gore re mmoife mme gape re bo re mo rate?
3. Malebana le poifo, ke eng se se tshwanetseng go gakologelwa?
3 Tota ga go a nna jalo—fa re gakologelwa gore go na le meluta e e farologaneng ya poifo. Fa batho ba akanya ka go boifa, gantsi ba akanya ka boikutlo jo bo bosula jo bo tlosang tsholofelo mme bo dira gore re nyeme mooko. Kwantle ga pelaelo, Jehofa a ka seke a batle gore re ikutlwe jalo ka ene! Rraarona wa selegodimo o batla gore re tle kwa go ene fela jaaka ngwana a ka tla kwa go rraagwe, a na le tsholofelo ya gore rraagwe o a mo rata mme lefa go ntse jalo a boifa go mo itomolola. Poifo ya go nna jalo e tla re thusa gore re utlwe Rraarona wa selegodimo fa re raelwa gore re dire bosula. Eno ke “poiho ea Modimo” e e siameng e Bakeresete ba tshwanetseng go nna le wone.—Bahebera 5:7; 11:7.
4. Lorato lo tla tlosa poifo ya mofuta mang?
4 Jehofa ga a tshwane le moatlhodi yo o setlhogo yo o otlhayang batlhanka ba gagwe nako le nako fela fa ba fosa. Mo boemong jwa seo, o a ba rata mme o batla gore ba atlege. Ka gone fa re dira phoso kana re leofa, go boifa Jehofa ga go a tshwanela ga re thibela go buisana le ene kaga gone. (1 Yohane 1:9; 2:1) Go boifa Jehofa ga rona ka tsela ya go mo tlotla ga se go boifa go kgalwa ka bogale kana go ganwa. Jaaka re bala mo go 1 Yohane 4:18 jaana: “Ga go na poihō epè mo loratoñ: me loratō lo lo itekanetseñ lo tlo lo latlhèle poihō kwa ntlè, ka poihō e na le pecō.” Lefa go ntse jalo, “loratō lo lo itekanetseñ” lo ka seke lo tlose tlotlo e e boteng le poifo e e siameng e re tshwanetseng go nna le yone mo go Jehofa jaaka Mmopi wa rona le Monei-Botshelo.—Pesalema 25:14.
Akanya ka Melemo ya Gone
5. (a) Botlhale bo ka bapalwa jang fela? (b) Ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa mongwe yo a kileng a bo a tshwakgotswe ke diokobatsi gore a fetole tsela ya gagwe e eseng botlhale ya botshelo?
5 A ko re seka-sekeng mengwe ya melemo e e nnang gone ka ntlha ya “go boiha Yehofa.” Ka sekai, e gogela kwa goreng re bone botlhale jwa boammaaruri Batho ba lekile ka ditsela tse di farologaneng, ba dirile maiteko otlhe, gore ba bone botlhale jwa go nna jalo, mme ba ile ba palelwa ka ntlha ya gore ba itlhokomolosa molao-motheo ono wa kono-kono: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.” (Pesalema 111:10; Diane 9:10) Bona ka moo poifo ya go nna jalo e ileng ya thusa mongwe yo o neng a tshwakgotswe ke diokobatsi pele ka gone gore a dire ka botlhale. O tlhalosa ka gore: “Fa ke ne ke tlhaloganya kitso ya go itse Modimo, gape ke ne ka nna le poifo ya go mo utlwisa botlhoko kana go mo itumolola. Ke ne ke itse gore o ne a etse tlhoko, mme ke ne ke na le keletso ya go amogelwa mo matlhong a gagwe. Go ne ga ntlhotlheletsa gore ke senye diokobatsi tse ke neng ke na le tsone ka go di tsamaisa le metsi a ntlwana ya boithomelo.” Monna yono o ne a fenya ditiro tsa gagwe tse di maswe, a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa, mme jaanong ke modihedi kwa Gauteng, kwa Afrika Borwa.
6. “Go boiha Yehofa” go tla re sireletsa jang kgatlhanong le dilo tse di maswe, me e tla re gogela mo go eng?
6 A o rata go tila se se maswe? “Go boiha Yehofa ke go ila boshula.” (Diane 8:13) Ee, poifo eno e e tshwanetseng e ka go thibela mo mekgweng e le mentsi e e maswe e Modimo a e kgalang, e e ntseng jaaka go goga, go dirisa diokobatsi kafa go sa tshwanelang, botagwa, le boitsholo jo bomaswe jwa kafa dikobong. Mo godimo ga go itumedisa Jehofa, gape o itshireletsa mo dilong tse di maswe-maswe tse di diragalelang batho, go akareletsa malwetsi a a boifisang ao ba ipayang mo kotsing ya one. (Baroma 1:26, 27; 12:1, 2; 1 Bakorintha 6:9, 10; 1 Bathesalonia 4:3-8) Go boifa Modimo ga go kitla go go thusa fela gore o itise kgatlhanong le se se bosula le se se itshekologileng mme go tla go gogela mo go se se itshekileng se se molemo, ereka re bolelelwa gore “poihō ea ga Yehofa e ntlè.”—Pesalema 19:9.
7, 8. (a) Mosetsana mongwe yo mmotlana o ile a itemogela jang gore “go boiha Yehofa” go gogela kwa boitumelong? (b) Umaka melemo e mengwe eo e tlelang bao ba boifang Jehofa.
7 Boitumelo ke mokgele o mongwe o o batlwang ke batho ba le bantsi. O ka bo bona jang? Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Go segō monna eo o boihañ Yehofa.” (Pesalema 112:1; 128:1) Boitemogelo jwa mosetsanyana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome bo netefatsa seno. O ne a ile a kopanela mo mefuteng yotlhe e e sa siamang ya go tlhakanela dikobo, gammogo le tirisa-badimo le go utswa. Morago ga moo o ne a simolola go ithuta Bibela mme a bona ka moo go reetsa Jehofa le go mmoifa go leng botlhokwa ka gone. O ne a re: “Go itse Jehofa ke sengwe se sentle thata se se ntiragaletseng Jehofa o ne a nthusa thata gore ke bone boammaaruri le boitumelo. Ke ikutlwa ke mo kolota mo gontsi ka ntlha ya gore o butse matlho a me mme a nneela sebaka tota sa gore ke akanye le go mmona. Jaanong ke batla go thusa batho ba bangwe gore ba bone boitumelo jono.”
8 Gape Jehofa o solofetsa gore o tla duela ‘bao ba boifang leina la gagwe.’ (Tshenolō 11:18) Mo godimo ga moo, “go boiha Yehofa go isa botsheloñ: me eo o nañ nagō o tla nna hèla a kgotshe; ga a ketla a lekolwa ke boshula.” (Diane 19:23) Ke boammaaruri, ke “go boiha Yehofa” mo go tla re tlisetsang sotlhe seo re tla se tlhokang. Fa go kopanngwa le boikokobetso, phelelo e nna “khumō, le letlōtlō, le botshelō.”—Diane 22:4; 10:27.
9. Ke eng fa “go boiha Yehofa” go isa tseleng e e leng yone fela ya botshelo e e bontshang tlhaloganyo? (Yobe 28:28; Mika 6:9)
9 A seno ga se re neele kgothatso ka botlalo gore re boife Modimo wa boammaaruri? Ruri, “go boiha Jehofa” go a gogela tota. Go isa kwa dilong tsotlhe tse di tla re tlisetsang kgotsofalo ya boammaaruri-boitemogelo jo bo sa tlwaelegang gompieno. Abo mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a kgothatsa jang ne: “Leha moleohi a diha boshula ga kgolo, a ba a gōlōla metlha ea gagwè, leha go nntse yalo, rure kea itse ha go tla nna molemō mo go ba ba boihañ Modimo, ba boiha ha pele ga ōna: Me ga go ketla go nna molemō mo moikepiñ, le gōna ga a ketla a gōlōla malatsi a gagwè, a a nntseñ yaka moruti; ka a sa boihe ha pele ga Modimo”! (Moreri 8:12, 13) Ke motho ofe yo o sa eletseng gore dilo di ‘nne molemo’ mo go ene? Boitemogelo jono jo bo itumedisang bo tla ipelelwa fela ke bao ba boifang Modimo.—Pesalema 145:19.
10. Mabaka a mangwe a a botlhokwa a a tshwanetseng go re tlhotlheletsa gore re boife Modimo ke afe?
10 A seno ga se a tshwanela go re dira gore re ikemisetse go nna le tlotlo e e boteng mo go Rraarona wa selegodimo ebong Jehofa ee, go mo sisimoga? Ruri, re tshwanetse go nna le poifo e e tshwanetseng ya go mo itumolola. Re anaanela bopelonomi jo bo lorato le molemo tse a re di bontshitseng thata. Sengwe le sengwe se re nang le sone se tswa kwa go ene. (Tshenolō 4:11) Mo godimo ga moo, ke Moatlhodi yo Mogolo, Mothatayotlhe, yo o nang le maatla a go bolaya botlhe ba ba sa mo utlweng. “Lo itiheleñ polokō ka losi, ka poihō le ka thoromō,” moaposetoloi Paulo o kgothatsa jalo.—Bafilipi 2:12; Hosea 3:5; Luke 12:4, 5.
11. (a) Bakeresete ba tshwanetse go tila boikutlo bofe mo metlheng eno ya bofelo? (b) Go tshwanetse ga tlhagolelwa moya ofe?
11 Ga go na sekai sepe fano sa gore re ka bona poloko ka go nna le boikutlo jwa botshwakga, re dira mo go nnyenyane fela mo re ka kgonang ka gone re bo re solofela gore, ka tsela nngwe dilo di tla felela sentle. Jono ga se boikutlo jo Bakeresete ba sa tshwanelang go bo bontsha bao mo metlheng eno ya bofelo ba lekang go boloka kamano ya bone le Ene yo o kgonang go bona le mo dipelong tsa bone le yo o itseng megopolo le maikaelelo a bone a a kwa tengteng. (Yeremia 17:10) Ke bao fela ba amogelang Jehofa ka tshwanelo bao ba tla amogelwang ke ene. A re: “Me motho ke eo, eo ke tla lebañ kwa go èna, eboñ èna eo o humanegileñ, a le mōea o o ñomologileñ, me a roroma ka lehoko ya me.”—Isaia 66:2.
Re Tshwanetse go Ithuta go Boifa Jehofa
12. (a) Morafe wa Iseraele o ne o segofaditswe jang go gasa merafe e mengwe? (b) Jehofa o ne a lebeletse go boelwa ke eng?
12 Fa re sekaseka ka moo Jehofa a neng a dirisana ka gone le Baiseraele go ka gatelela gape mo megopolong ya rona tlhokafalo ya gore re mmoife. Ga go na morafe ope o mongwe o o kileng wa tlhokomelwa le go elwa tlhoko ke Molaodi wa lobopo ka tsela e e ntseng jalo. (Duteronome 4:7, 8, 32-36; 1 Samuele 12:24) Baiseraele ba ne ba iponela ka matlho a bone seo Jehofa a neng a se dira mo Baegepetong, bao, ka ba ne ba sa mmoife ka gope, ba neng ba tsenya batho ba gagwe mo bokgobeng le go ba gatelela. O ne a lebeletse go boelwa ke eng? “Phutha batho, banna le basadi, le banyana, le moeñ oa gago eo o mo teñ ga dikgōrō tsa gago, gore ba utlwè, le gore ba ithutè, ba boihè Yehofa Modimo oa lona, ba tlhōkōmèlè go diha mahoko aotlhe a molaō o; Le gore bana ba bōnè, ba ba e señ ba itse, ba utlwè, ba ithutè go boiha Yehofa Modimo oa lona, ka lobaka lotlhe lo lo tshelañ ka lōna mo lehatshiñ ye lo kgabaganyañ Yoredane lo ea kwa go yeōna go le tna.”—Duteronome 31:12, 13; 14:23.
13. Ke eng se batsadi ba tshwanetseng go amega thata-thata ka sone mabapi le bana ba bone?
13 Fela jaaka Baiseraele, batlhanka ba segompieno ba Modimo ‘ba tshwanetse ba ithuta go boifa Jehofa.’ Abo seno se re rwesa boikarabelo rotlhe jang ne—segolo-bogolo batsadi! Batsadi, ipotseng jaana: ‘Nka thusa bana ba me jang gore ba nne le pelo e e boifang Jehofa?’ Letsatsi lengwe fa ba gola mme ba tlogela legae, ke eng se se tla sireletsang bana ba gago botoka, semoyeng, tlhaloganyong, kana ka dilo tse di bonalang, go gaisa seo? Jehofa ka boene o otlelela botlhokwa jwa seno fa a kopa jaana: “A bo pelo e e nntseñ yalo e ka bo ne ne e le mo go bōnè, gore ba mpoihè, ba tshegetsè ditaolō tsa me cotlhe ka metlha eotlhe, gore go ko go nnè sentlè nabō, le bana ba bōnè ka bosakhutleñ!”—Duteronome 5:29; 4:10.
14. Umaka lebaka le le lengwe leo batsadi ba tshwanetseng go le gakologelwa fa ba ruta bana ba bone gore e nne ba ba boifang Jehofa, mme o tlhalose ka moo seno se tshwanetseng go dirisiwa ka teng.
14 Mokeresete ope fela yo o nang le lelapa o tla dumela ka bofefo gore seno ga se tiro e potlana. Lefa go le jalo, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le tlhokomedisa batsadi dintlha tsa botlhokwa di le mmalwa. Nngwe ya tsone ke go simolola fa bana ba sa le bannye. Ba le bannye go kana kang? Fa Baiseraele ba ne ba kopana gore ba amogele tao e e tswang kwa go Jehofa, “banyana” ba ne ba akarelediwa. (Duteronome 29:10-13; 31:12, 13) Kwantle ga pelaelo, basadi ba Baiseraele ba ne ba tla le masea a bone mo ditiragalong tse di ntseng jalo, ereka go ne go tlhokega gore botlhe ba nne gone. Go tswa fela kwa “bonyaneñ,” bomorwa-bone le barwadiaabo ba ne ba tla ithuta ka moo go tlhokafalang ka gone gore ba didimale le go reetsa mo dikokoanong tseo. (2 Timotheo 3:15) Ka gone tlang le “banyana” ba lona kwa dipokanong. Gape, kopanelang le bone mo tirelong ya tshimo ka bofefo fela fa ba setse ba kgona go arola mo go yone. Basha ba le bantsi ba ile baithuta go neela makasine kana pampitshana le e leng pele ga ba simolola sekolo. Simolola go sa le gale go ruta “banyana” ba lona, ka ditsela tse dinnye, “go boiha Yehofa.”
15. Ntlha ya bobedi ke efe, mme batsadi ba ka e iitlhelela jang?
15 Ntlha e nngwe ke go tlhomama. Seno se ka dirwa fa re ngaparela Lefoko la Modimo ka metlha fa re ruta, re otlhaya, le fa re laya bana ba rona. Le eleng malebana le boikhutso kana boitloso-bodutu, tlhomama mo go letleleleng melao-metheo ya Bibela go laola se se tla letlelelwang mo ditiragalong tse di ntseng jalo. (Baefesia 6:4) Seno se tla batla boiteko, jaaka Lefoko la Modimo le bontsha ka phepafalo fa le re: “Me mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gago: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo ntluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.” (Duteronome 6:4-9; 4:9; 11:18-21) Fa dingwaga di ntse di ya go tlhomama mo go ntseng jalo go tla dira mo gontsi go thusa bana ba gago gore ba nne le pelo e e boifang Jehofa.
16. (a) Ntlha ya boraro ke efe, mme ke eng fa e le botlhokwa jaana? (b) Batsadi ba ka ipotsa dipotso dife ka bobone?
16 Gape batsadi ba tshwanetse go leka go gatelela mo megopolong le mo dipelong tsa bana ba bone gore bone ka bobone, jaaka batsadi, ke ‘ba ba boifang Jehofa.’ (Pesalema 22:23) Tsela e nngwe e ba ka dirang seno ka yone ke ka go dirisa kgakololo ya selegodimo e e malebana le go ruta le go otlhaya bana ba bone. Eno ke ntlha wa boraro e e tshwanetseng go elwa tlhoko. Ipotse gore: ‘A ke nna le thuto ya Bibela le bana ba me ka metlha?’ ‘A ke dirisa dithuso tse di tshwanang le Buka Ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Go Reetsa Morutisi yo Mogolo ka botlalo mo baneng ba me ba babotlana?’ ‘Fa ba ntse ba gola, a ke dirisa buka ya Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone le ditlhogo tsa “Young People Ask” tse di go Awake!’ ‘A ke rulaganyetsa go iphokisa phefo le boitloso-bodutu tse di molemo tse di tla sekeng di nna le matswela a a utlwisang botlhoko mo baneng ba me?’ ‘A ke ile ka amogela se se buiwang ke phuthego ya ga Jehofa malebana le thuto e e kwa godimo?’ ‘A ke laya bana ba me tumalanong le seo?’ ‘A mekgele e ke e tlhometseng bana ba me ke eo e tla ba thusang gore ba nne le “go boiha Modimo”?’—Bahebera 5:7.
17. Fa bana ba ithuta go boifa Jehofa ke mang yo o solegelwang molemo? Tshwantsha.
17 Melemo le maipelo a gone ga a ne a nna fela mo baneng ba gago mme gape a tla tla mo go wena ka ntlha ya go dira gotlhe mo o ka go kgonang fa o ba laya gore ba ‘boife Jehofa.’ Ka sekai, Mosupi mongwe yo kwa bokhutlong jwa letsatsi a ikutlwang, jaaka a bolela, “a topetegile” o tsaya gore sengwe le sengwe se tshwanelwa ke boiteko joo fa a utlwa morwadie yo o nang le dingwaga di supa a rapela Jehofa. Matlho a gagwe a gelela dikeledi le go tlhomoga pelo thata fa a ntse a reeditse thapelo eno ya ga morwadie: “Jehofa yo o lorato, ke lebogela dilo tsotlhe tse di molemo tseo o di ntiretseng gompieno. Ke lebogela gape le dijo tsa me. Thusa bakaulengwe botlhe ba ba mo kgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso gore ba bone dijo, Jehofa, le bakaulengwe botlhe le bokgaitsadi ba ba bopamang mo mafatsheng a mangwe. Ba thuse gore le bone ba bone dijo tse di lekaneng, Jehofa. Le ba ba lwalang, ba thuse gore ba fole gore ba tle ba ye dipokanong. Tswee-tswee dira gore baengele ba ntlhokomele fa ke robetse mo bosigong jono, Jehofa, le mama le papa, le nkgonne, le mmemogolo le ntatemogolo, le bakaulengwe le bokgaitsedi botlhe ba ba mo boammaaruring. Ka Morwa wa gago ebong Jesu, Amen.”
18. Re ama ba bangwe jang mo kgannyeng eno ya go boifa Jehofa?
18 Mo kgannyeng eno ya go boifa Jehofa. Re tshwanetse go gakologelwa gore re ama ba bangwe ka sekao se re se tlhomang. Batsadi ba ama bana ba bone. Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ama diphuthego tsa bone. Balebedi ba ba etang ba ama bao ba ba direlang. Kwantle ga pelaelo, ke gone ka moo dikgosi tsa kwa Iseraele di neng di laetswe gore di bale Molao wa Modimo ka matsatsi otlhe a go tshela ga bone gore ba tle ba “ithutè go boiha Yehofa.” (Duteronome 17:18-20) Sekao se kgosi e neng e tla se tlhoma sa go boifa Jehofa se ne se tla ama morafe otlhe.
19. Histori e supela eng tebang le Baiseraela?
19 Histori e supela lebaka la gore Iseraele, jaaka morafe, e ne ya latlhegelwa ke go boifa Jehofa. Ba ne ba akanya gore ereka ba na le tempele mo Jerusalema go ne go tla direla jaaka tshireletso mo go bone, jaaka mofuta mongwe wa pheko ya ‘lesegō,’ go sa kgathalesege gore ba ikobela melao ya gagwe kana nnyaa. (Yeremia 7:1-4; Mika 3:11, 12) Mme ba ne ba le phoso. Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa. Moragonyana ga moo, fa ba ne ba bopiwa sesha jaaka morafe, gape ba ne ba palelwa ke go bontsha poifo e e tshwanetseng mo go Jehofa. (Malaki 1:6) Go na le mo gontsi moo re ka go ithutang mo boitemogelong jono, mo go tla akarelediwang mo setlhogong se se latelang.
20. Re ka sobokanya jang lebaka la go bo re tshwanetse go boifa Jehofa?
20 Ka gone, gakologelwa gore go boifa Jehofa ga go koafatse lorato lwa rona mo go ene; mo boemong jwa seo, go a le nonotsha le go le tiisa. Go ikobela ditaolo tsotlhe tsa gagwe ga go kitla go supa fela gore re boifa Jehofa mme gape gore re a mo rata. Di botlhokwa tsoopedi. Ga go kgonagale gore o nne le e nngwe o sena e nngwe. Abo go botlhokwa jang ne gore batsadi ba tsenye poifomodimo eno le go rata Jehofa mo baneng ba bone! Mme abo seno se tlisetsa ba ba godileng gammogo le ba ba nnyenyane boipelo jo bogolo jang ne! Ka gone, ekete re ka ikutlwa ka tsela e e tshwanang le e mopesalema a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: “Kitlanya pelo ea me e tlè e boihè leina ya gago.”—Pesalema 86:11.
Dintlha tse di Tshwanetseng go Tlhokomelwa
◻ Re ka rata Jehofa gammogo le go mmoifa jang?
◻ Mengwe ya melemo ya go boifa Jehofa ke efe?
◻ Ke dintlha dife tse tharo tse di ka thusang batsadi gore ba thuse bana ba bone gore ba nne le pelo e e boifang Jehofa?
◻ Re ama ba bangwe jang mo kgannyeng ya go boifa Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Go boifa Jehofa go tla thusa basha gore ba gane dithaelo tsa go dira bosula
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone gore ba tlhagolele poifo e e molemo mo go Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
“Go tla nna molemō mo go ba ba boihañ Modimo.”—Moreri 8:12
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Ka tirisano-mmogo ya ba Hartebeespoort Snake and Animal Park