ITHUTE MO GO JESU
Go Tla Nna le Kagiso mo Lefatsheng Lotlhe
Batho ba eletsa go tshela mo lefatsheng le le nang le kagiso. Go fetile dingwagangwaga baeteledipele ba lefatshe ba leka go fedisa dintwa le go tlisa kagiso. Ka dinako dingwe maiteko a bone a ne a rarabolola bothata ka nakwana mme ka maswabi gantsi dintwa di ne di simolola gape. A go tla tsamaya go nna le kagiso mo lefatsheng? Ee! Go bona gore seno se tla direga jang, akanya ka se Jesu a neng a se dira le se a neng a se ruta.
Se Jesu a tla se dirang
Baebele e tlhalosa gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Jesu o tla tlisa kagiso mo lefatsheng.
“[Jesu] O tla bidiwa . . . Kgosana ya Kagiso. Puso ya gagwe e tla busa gongwe le gongwe, gape go tla nna le kagiso go ya go ile.” (Isaia 9:6, 7) E re ka e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tla dira gore go nne le kagiso e e se kitlang e fela mo lefatsheng lotlhe.
“O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso . . . le ope fela yo o se nang mothusi.” (Pesalema 72:12-14) Jesu o tla dirisa taolo ya gagwe go dira gore go nne le tshiamiso mme o tla fedisa dintwa, thubakanyo le go boga.
“Setšhaba ga se kitla se lwa le setšhaba se sengwe, e bile ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:4) Fa Jesu a busa, batho botlhe ba tla ithuta go tshela ka kagiso go na le go ithuta ntwa.
Go bona gore Jesu o tla tlisa jang kagiso mo lefatsheng le gore seno se ka go ama jang, lebelela bidio e e reng, Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
Se Jesu a neng a se ruta
Dithuto tsa ga Jesu di thusa dimilione tsa batho gompieno go tshela ka kagiso. Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ile a ruta melaometheo e e thusang batho go tshedisana ka kagiso. A re tlotle ka mengwe ya melaometheo eo.
“Go itumela batho ba ba dirang kagiso.” (Mathaio 5:9) Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe go tila ntwa mme gape o ne a ba kgothaletsa go dira kagiso.
“Agisanya le morwarrago pele, go tswa foo o bo o boa o ya go isa mpho ya gago.” (Mathaio 5:23, 24) Jesu o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe go rarabolola dikgotlhang ka bonako. O ile a ruta gore re tlhoka go tshedisana ka kagiso le ba bangwe e le gore re nne le botsala jo bo molemo le Modimo.
“Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” (Mathaio 7:1) Jesu o ile a re tlhagisa gore re se ka atlhola ba bangwe ka gonne seno se ka baka dikgotlhang. Jesu o ile a ruta gore go na le go atlhola ba bangwe, re tlhoka go ‘tswelela re itshwarela’ diphoso tsa bone.—Luke 6:37.
Batho mo lefatsheng lotlhe ba dirisa dithuto tsa ga Jesu. Tota le mo mafelong a a tletseng thubakanyo le dintwa, ba ithuta go rarabolola dikgotlhang ka bonolo, go itshwarela le go bontsha ba bangwe lorato le fa gone ba sa tshwarwe sentle.
Go bona gore dithuto tsa ga Jesu di thusitse jang bangwe go bona kagiso, bala setlhogo se se reng “O ka Nna le Kagiso Le fa Go na Le Dintwa.”