LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 134
  • Thubakanyo ga e Rarabolole Sepe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thubakanyo ga e Rarabolole Sepe
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a ileng a se ruta
  • Se Jesu a neng a se dira le se a tla se dirang
  • Go Tla Nna le Kagiso mo Lefatsheng Lotlhe
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Tswelelang lo Dira Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • Thero e e Tumileng Thata e e Kileng ya Neelwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 134
Jesu o ruta setlhopha sa batho se se nang le banna, basadi le bana.

ITHUTE MO GO JESU

Thubakanyo ga e Rarabolole Sepe

Gompieno batho ba le bantsi ba akanya gore thubakanyo ke yone fela tsela ya go rarabolola dikgotlhang le mathata. Le fa go ntse jalo, seno ga se dumalane le tsela e Jesu Keresete a neng a tshela ka yone le se a neng a se ruta. Ela tlhoko se a neng a se dira le se a neng a se ruta.

Se Jesu a ileng a se ruta

Mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng, Jesu o ile a ruta gore go galefa, go dirisa dikgoka le thubakanyo ga go rarabolole sepe. Ela tlhoko se a ileng a se ruta.

  • “Lo tshwanetse go direla batho dilo tsotlhe tse lo batlang ba di lo direla.” (Mathaio 7:12; Luke 6:31) Molao ono o gantsi o bidiwang Molao wa Sekagouta,a o re kgothaletsa go dirisana le ba bangwe ka tsela e re batlang ba dirisana le rona ka yone. Rotlhe re batla go tshwarwa sentle, ka jalo, go a utlwala go bo re tshwanetse go leka go tshwara batho botlhe ka tlotlo le ka bopelonomi, tota le fa re na le kgotlhang le bone.

  • “Ope fela yo o go fapholang mo lerameng la moja, mo neye le la molema.” (Mathaio 5:38, 39; Luke 6:29) Jesu o ne a sa rute gore siame go sotliwa. Go na le moo, o ne a baakanya kgopolo e e phoso e e ka tswang e ne e rutiwa ke baeteledipele ba bodumedi, ya gore go siame go ipusolosetsa. O ile a bolelela balatedi ba gagwe gore ba se ka ba ipusolosetsa fa mongwe a sa ba tshware sentle, go na le moo ba tshwanetse go nna bonolo.b

  • “Tswelelang lo rata baba ba lona.” (Mathaio 5:43, 44; Luke 6:27) Jesu o ile a ruta gore re tshwanetse go bontsha batho ba ba sa re rateng le ba ba sa re tshwareng sentle bopelonomi. O ne a sa reye gore re tshwanetse go amogela dilo tse di maswe tse ba di dirang.c Le fa go ntse jalo, fa re ba bontsha bopelonomi, ba ka ritibala mme le bone ba re bontsha bopelonomi.

Se Jesu a neng a se dira le se a tla se dirang

Jesu o ne a ruta gore thubakanyo ga e rarabolole sepe mme o ne a tshela go dumalana le se a neng a se ruta. Mo bosigong jo Jesu a neng a tshwarwa ka jone, mongwe wa balatedi ba gagwe o ile a leka go mo lwela mme Jesu o ile a mo raya a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo kgetsaneng ya yone, ka gonne botlhe ba ba dirisang tšhaka ba tla bolawa ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Jesu o ile a bontsha gore o rata baba ba gagwe ka go ba itshwarela le ka go ba rapelela!​—Luke 23:33, 34; 1 Petere 2:23.

Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae, Kgosana ya Kagiso, e bong Jesu, o tla fedisa thubakanyo yotlhe. (Isaia 9:6, 7) Go ithuta mo go oketsegileng ka bokamoso jono jo bo itumedisang, bala setlhogo se se reng “Kafa Dintwa di Tla Felang ka Gone.”

a Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “What Is the Golden Rule?”

b Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Molao o o Reng ‘Leitlho mo Boemong Jwa Leitlho’ o Kayang?”

c Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “What Does It Mean to ‘Love Your Enemies’?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela