LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 136
  • Iphe Nako ya go Itse Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Iphe Nako ya go Itse Modimo
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a neng a se bua
  • “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.”—Mathaio 5:3.
    “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.”—Mathaio 5:3.
  • Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • O ka Kgotsofatsa Keletso ya Gago ya Semoya
    Tsogang!—2009
  • O ka Kgona go Itumela ka Tsela ya Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 136
Ditshwantsho tsa basha ba ba tswang mo mafelo a a farologaneng a lefatshe, ba bala Baebele, ba rulaganya nako ya go ithuta le go rapela.

ITHUTE MO GO JESU

Iphe Nako ya go Itse Modimo

Botshelo jwa gago bo tla tokafala fa o ipha nako ya ithuta ka Modimo. Fa o dira jalo, o tla bo o nonotsha botsala jwa gago le Jehofa. Akanya ka se Jesu a neng a se ruta mo setlhogong seno.

Se Jesu a neng a se bua

“Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.”—Mathaio 5:3.

  • Rotlhe re batla go itse dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Re tshelela eng? Ke eng fa go na le pogo e kana kana? Go diragala eng fa motho a swa? Go itse dikarabo tsa dipotso tseno go ka dira gore re itumele.

“Motho ga a tshwanela go tshela ka senkgwe fela, mme o tshwanetse go tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofaa.”—Mathaio 4:4.

  • Fela jaaka re tlhoka dijo go nonotsha mebele ya rona, gape re tlhoka go nna le kamano e e molemo le Modimo. Jesu o ne a tlhalosa gore re tlhoka go ikaega ka Modimo gore re nne le kamano e e molemo le ene.

“Mafoko a gago a boammaaruri.”—Johane 17:17.

  • Jesu o ne a ruta gore tsela e re ka itseng Modimo ka yone ke ka go ithuta ka ene mo Lefokong la Gagwe e leng Baebele.

Re go kgothaletsa gore o iphe nako ya gore o ithute ka Modimo mme seno se tla go thusa gore o nne le boitumelo jwa mmatota. O ka thusiwa ke go dira dilo tse di latelang:

  • Bala Baebele ga o tlhoke go duela.

  • Kopa thuto ya Baebele ya mahala le mongwe yo o ka go rutang.

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela