LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 4/1 ts. 7-10
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinonofo tse di Fetang tsa Motho
  • Dikgato tse di Isang kwa Kagisong
  • Kgato e e Latelang
  • Lefatshe le le Nang le Kagiso
  • Tsholofelo e e Nonofileng
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Totatota Kagiso e e Tla Nnelang Ruri e Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 4/1 ts. 7-10

Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?

A LEBAKA la go bo batho ba sa kake ba tlisa kagiso le raya gore ga re kitla re nna le kagiso? Nnyaa. Fela jaaka Satane yoo a leng maatla go re feta, e le ene sekgoreletsi se segolo sa kagiso mo lefatsheng, go ntse go na le Yo mongwe gape yo a leng maatla go feta Satane yoo kgabagare a tla isang batho kwa kagisong. Bibela, eo e re bolelelang kaga Satane, e re bolelela gape ka Yono. E bua jaana: “Pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè: me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō.” (Isaia 9:6, 7) Kgosana eno ya Kagiso ke mang? Ga se ope fa e se Jesu Keresete, mme a ka tlisa kagiso ka gonne o nonofile go re gaisa. Ka ditsela dife?

Dinonofo tse di Fetang tsa Motho

Santlha, Jesu ga a swe, loso ga lo na thata mo go ene. Ka boammaaruri, o kile a tshela jaaka motho mme a swa loso lwa go intsha setlhabelo. Morago o ne a tsosediwa kwa botshelong jwa bosasweng jwa selegodimo, mme o nna Kgosana ya Kagiso a le mo boemong jono. Ke ka ntlha ya moo boperofeti bo buang jaana: “Bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo [nna] le bokhutlō.” (Luke 1:32, 33) Go farologana le mmusimogolo wa kwa Botlhaba Aśoka, Jesu o tla tshela ka bosakhutleng go tlhomamisa gore tiro ya gagwe ga e senngwe ke motlhatlhami ope fela yo o sa nonofang.

Mo godimo ga moo, Jesu gaa kgotlelwa ke boleo. Puso ya gagwe e thailwe mo botlhaleng jwa bomodimo le mo melaometheong ya tshiamo. Moperofeti Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Mōea oa ga Yehofa o tla nna mo go èna, mōea oa botlhale le oa tlhaloganyō, mōea oa kgakololō le oa nonohō, mōea oa kicō le oa go boiha Yehofa . . . Ga a ketla a atlhola kaha ponoñ ea matlhō a gagwè, leha e le go kgalema kaha kutloñ ea ditsebe tsa gagwè: Me o tla atlholèla bahumanegi ka tshiamō.” (Isaia 11:2-4) Go farologana le Bayuropa ba motlha o o fetileng, Jesu ga a kitla a boloka kagiso mo legaeng la gagwe mme a bo a ya go lwa kwa dinageng di sele. Mo pusong ya gagwe, kagiso e tla bo e le mo lobopong lotlhe.

Mo godimo ga moo, Jesu o na le maatla a go tlisa kagiso. Boperofeti bo bua jaana: “Mōea oa ga Yehofa . . . , mōea oa kgakololō le oa nonohō,” o mo go ene. Moya ono ke one o o neng wa bopa lobopo lotlhe le o o neng wa dira dilo tse di nonofileng tsa tshiamo tse di begilweng mo Bibeleng. Le eleng moganetsi yo mogolo, Satane, ga a na dibetsa dipe tse di tla atlegang go thibela maatla a moya wa Modimo.

Dikgato tse di Isang kwa Kagisong

Jesu o tla isa batho jang kwa kagisong? O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore o setse a simolotse. Mo bukeng ya boperofeti ya Tshenolō, Jesu o bonwa a dirwa kgosi ya Bogosi jwa selegodimo ke Modimo. (Tshenolō 11:15) Fa re sekaseka boperofeti jwa Bibela ka tlhoafalo mme re bo bapisa le ditiragalo tsa lekgolo leno la rona la dingwaga, re lemoga gore Jesu o ne a tlhomiwa jaaka Kgosi kwa legodimong bogologolo ka 1914. (Mathaio 24:3-42) Seno e ne e le kgato e kgolo ya go tlisa kagiso mo lefatsheng.

Fa e le gore go jalo, he, ke ka ntlhayang fa Ntwa ya Lefatshe I e ile ya tlhagoga ka 1914? Mme ke ka ntlhayang fa go ile ga bonwa dintwa tse di setlhogo mo hisitoring mo lekgolong leno la rona la dingwaga go gaisa a mangwe? Ka gonne kgato ya ntlha ya kgosi ya selegodimo e ne e le go tlosa Satane kwa legodimong le go mo latlhela mo tikologong ya lefatshe. Ga felela jang? Boperofeti bo bolela jaana: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:7-12) Dintwa tse dikgolo tsa lekgolo leno la rona la dingwaga di bakiwa ke bogale jwa ga Satane. Mme tlhokomela: Bogale jwa ga Satane bo tla nna ka ‘lobaka lo lokhutshwane.’ Bothata jono bo tla tloga bo khutla!

Lefa go le jalo, pele go nna jalo, Kgosana ya Kagiso e baakanya dilo dingwe tsa botlhokwa tsa kagiso. Santlha, batho ba tshwanetse go itse ka boikaelelo jwa Modimo jwa go tlisa kagiso ka Keresete. Go dumalana le seo, Jesu o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya rona “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:14) Go diragatsa seno, Basupi ba ga Jehofa ba rera mafoko a a molemo gongwe le gongwe mo kgolokweng gompieno.

He, batho ba ba dipelo di siameng ba tshwanetse go rutiwa ka ditsela tseno tsa kagiso. Bibela e solofetsa jaana: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” (Isaia 54:13) Dimilione tsa batho ba ba dipelo di siameng di amogela thuto eno jaanong.

Kgato e e Latelang

E setse e le nako jaanong ya go tsaya kgato ya makgaolakgang mo go tliseng kagiso. Ke efe? Ke eo bontsi bo e itseng ka leina mme bo sa itse boikaelelo jwa yone jwa mmatota. Bibela e e bitsa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ kana Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14, 16) Bontsi bo akanya gore Hara-Magedona ke ntwa ya nuklea e e tla senyang tlhabologo. Go farologana le seo, ke kgato e e tlhamaletseng ya ga Jesu, Kgosana ya Kagiso, ya go fitlhelela dilo tse di tlhokegang gore go nne kagiso.

La ntlha, Hara-Magedona e tla tlosa batho botlhe ba ba thibelang kagiso. Boperofeti jo bo mo go Pesalema 37:10 bo bua jaana: “E tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō.” Ee, Jesu o tla tlosa “moikepi”—ba ba bakang ntwa, dinokwane, dirukhutlhi, le eleng bao ba ganang go amogela Kgosana e kgolo ya Kagiso—mo lefatsheng. Ga ba kitla ba tlhola ba nna le tshiamelo ya go tswelela ba tshela mo polaneteng eno.—Tshenolō 19:19-21.

Sa bobedi, boperofeti jono jwa ga Daniele bo tla diragadiwa ka Hara-Magedona: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” (Daniele 2:44) Go kgaogana ga merafe goo gantsi go ileng ga baka dintwa go tla rarabololwa. Kgabagare, go tla nna le puso ya lefatshe e mo go yone go tla busang mmusi yo re ka mo ikanyang!

Hara-Magedona e tla tla leng? Bibela ga e bolele. Mme ditiragalo tsa lefatshe tseo di diragatsang boperofeti di bontsha gore e tla tla ka bonako. Bibela e bolelela pele ka phepafalo tiragalo nngwe e e tla diragalang ka bonako fela pele ga yone. Moaposetoloi Paulo o bua jaana: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.” (1 Bathesalonia 5:3) He, ka bonako fela morago ga tshenyego eo ya tshoganetso e e tla felelang ka Hara-Magedona, sekgoreletsi se segolo sa kagiso se tla bo se tlositswe. ‘Lobaka lo lokhutshwane’ lwa ga Satane lo tla bo lo fedile, mme o tla bo a tsentswe mo boemong joo a se kitlang a tlhola a dira bothata mo lefatsheng. (Tshenolō 20:1-3) A kgololesego ruri!

Lefatshe le le Nang le Kagiso

Akanya ka boemo jwa nako eo. Mopesalema o ne a perofesa jaana: “Bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” (Pesalema 37:11) Ba ba pelonomi bano ba tla tswelela ba diragatsa boperofeti jo bo kgatlhisang jono jwa ga Isaia: “[Ba] tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a [bone] dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4.

Kgabagare, batho botlhe ba ba tshelang ba tla ipelela masego a ga Jehofa Modimo e le lantlha fa esale kwa Edena, mme o tla diragatsa tsholofetso eno: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelo, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.

Tsholofelo e e Nonofileng

Ke mang he, yo o tla isang batho kwa kagisong? Ke Jesu Keresete, Kgosana e e tlhomilweng ya Kagiso. A go a utlwala go solofela jalo gompieno? Ebu, fa ditsholofetso tsa Bibela di ne di sa ikanyege, re ne re ka seka ra solofela ka mmatota gore kagiso e tla nna gone. Batho ba ne ba tla tswelela ba lwa le go bolaana mme go sa bonale fa seo se tla fela. Mme Bibela e ka ikanngwa mme Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga ga Keresete bo tla tlisa kagiso. Re go kgothaletsa go reetsa mafoko a a molemo a Bogosi ao Basupi ba ga Jehofa ba tlang ka one kwa legaeng la gago mme o iponele seno ka bowena. He, fa nako e tla, ekete o ka nna gareng ga batho ba ba pelonomi ba ba tla ruang lefatshe mme ba inatefisa mo letlotlong la kagiso.

Tsholofelo eno ya kagiso e go tlotlilweng ka yone mo setlhogong seno e tswa mo Bibeleng. Gompieno, fa batho ba bantsi ba sa tlhole ba dumela Bibela, o ka nna wa belaela gore a ruri tsholofelo eno e tla diragadiwa. Basupi ba ga Jehofa ba dumela tota gore e ntse jalo. Ba amogela Bibela jaaka Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, ka gone e le leo le ka ikanngwang ka botlalo. Ba ne ba gatisa buka ya setlhogo se se reng Bibela—A ke Lefoko la Modimo kana la Batho? ka 1989 eo e ntshang bosupi jo bontsi go supela ntlha eno. Go tla tlotliwa ka nngwe ya tshedimosetso e e mo bukeng eno mo ditlhogong tse pedi tse di latelang, tseo re go laletsang gore o di bale.

Go tla bonwa tshedimosetso e e oketsegileng ka tsholofetso ya Bibela ya kagiso mo setlhogong se se reng “Kagiso ya Lefatshe—E Tla Kaya Eng Tota?” seo se tla gatisiwang mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya April 15, 1990.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Ke Jesu fela yo o nonofileng go isa batho kwa kagisong

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Gompieno, mafoko a a molemo a Bogosi a ntse a rerwa gongwe le gongwe mo kgolokweng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela