Go Bua ka Bodumedi go ka Nna le Mosola Ofe?
BATSADI ba nna ba ntse ba tlhologeletswe go utlwa mafoko a ntlha a ngwana wa bone a tla a buang. Fa ba utlwa a ntse a boelela go bua dikarolo dingwe tsa lefoko, fa a ntse a goloketsa, gongwe a re “Mama” kgotsa a re “Papa,” dipelo tsa bone di tlala ka boitumelo. Ba bolelela ditsala tsa bone le baagisani ba bone ka seno ka bonako. Fa lesea le simolola go bua, ruri ke dikgang tse di molemo tse di itumedisang.
Medumo e ngwana yo monnye a e utlwang, dilo tse a di bonang le menko e tlhaloganyo ya gagwe e kgonang go e lemoga di dira gore a itshware ka tsela nngwe e e rileng. Ee gone, ditsela tse ba itshwarang ka tsone di a farologana. Mme gone, batsadi ba tla bo ba na le lebaka le le utlwalang la go tshwenyega gore tsela e ngwana wa bone a golang ka yone e tla kgoreletsega, fa e ka re morago ga lobaka lo lo rileng ba bo ba bona leseanyana la bone le sa dire sepe sa dilo tseno.
Masea a arabela ka tsela e e molemo thata fa e le gore a itse motho. Gantsi fa mmè a tlamparela lesea, le nyenya ka boitumelo jo bogolo. Mme fa mongwe wa losika yo o etileng a ka re o a le ama, le ka nna la lela, gongwe le e leng go gana ka bogoma gore a le tshole. Batho ka bontsi ba losika ga se gantsi ba itlhoboga fa seno se ba diragalela. Fa ngwana a ntse a ba tlwaela, ba a itumela ka gore ngwana jaanong ga a sa tlhole a ba gana mme o simolola go nyenya ka bonya ka bonya.
Ka tsela e e tshwanang, bagolo ba bantsi ba tshaba go bua ka ditumelo tsa bone ba phuthologile le motho yo mongwe yo ba sa mo tlwaelang thata. Ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya gore ke eng fa motho yo ba sa mo itseng a batla go tlotla ka kgang e e ba amang ka namana—bodumedi. Seno se felela ka gore go nne le molelwane fa gare ga bone le batho ba ba buang ka Mmopi. Ba gana le gone go bua ka se tota e leng mokgwa wa batho wa tlholego, wa go eletsa go obamela.
Tota mme, re tshwanetse go kgatlhegela go ithuta ka Mmopi wa rona mme e bile go bua le ba bangwe go ka nna ga re dira gore re kgone go ithuta. Go ntse jalo ka gore Modimo ga a bolo go nna a bua le batho ka phuthologo. A re boneng gore ka tsela e e ntseng jang.
‘Utlwa O bo O Ithute’
Modimo o ne a simolola go bua le motho fa a ne a bua le Adame kwa tshimong ya Edena. Mme fa Adame le Efa ba sena go leofa, ba ne ba bona go le botoka gore ba iphitlhe fa Modimo a ne a ba bitsa, a batla go tswelela a bua le bone. (Genesise 3:8-13) Lefa go ntse jalo, mo Baebeleng go kwadilwe kaga banna le basadi ba ba neng ba bua le Modimo.
Modimo o ne a bua le Noa malebana le gore o tla senya lefatshe le le bosula la motlha wa gagwe, mme seo sa dira gore Noa a nne “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Noa jaaka e ne e le mmueledi wa Modimo mo bathong ba kokomana ya gagwe, o ne a se ka a supa fela gore o dumela mo tseleng e Modimo a neng a dirisana le batho ka yone mme gape o ne a ipolela phatlalatsa gore o mo letlhakoreng la ga Jehofa. Noa o ne a bona batho ba arabela jang? Se se utlwisang botlhoko ke gore bontsi jwa batho ba ba neng ba tshela ka motlha wa gagwe ba ne ba “[se ka ba tsaya tsia, NW], morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe.” (Mathaio 24:37-39) Mme se se re tswetseng molemo ke gore maloko a le supa a lelapa la ga Noa a ne a reetsa, ba utlwa ditaelo tsa Modimo, mme ba falola Morwalela o o neng o apesitse lefatshe lotlhe. Batho botlhe ba ba tshelang gompieno ba tswa mo go bone.
Moragonyana, Modimo o ne a buisana le morafe wa Iseraele wa bogologolo otlhe. Modimo o ne a ba fa Melao e e Lesome a dirisa Moshe, mmogo le melao e mengwe e e ka nnang 600 e ka go tshwana ba neng ba tshwanetse go e utlwa. Jehofa o ne a batla gore Baiseraele ba e utlwe yotlhe. Moshe o ne a laola gore morago ga ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa, ka Modiro wa Metlaagana, Molao wa Modimo o balelwe kwa godimo. O ne a laola jaana: “Phutha batho, banna le basadi, banyana, le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago.” Ka maikaelelo afe? “Gore ba utlwe, le gore ba ithute, ba boife Jehofa Modimo wa lona, ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o.” Batho botlhe ba ne ba tshwanetse go reetsa le go ithuta. Akanya gore ba ka tswa ba ne ba ipelela go bua ka se ba se utlwileng jang ne!—Duteronome 31:10-12.
Morago ga makgolo a a fetang botlhano a dingwaga, kgosi ya Jutea, Jehoshafate, o ne a phutha dikgosana le Balefi go tsena mo letsholong la go tsosolosa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. Banna bano ba ne ba tsamaya go ralala metse ya Juta ba ruta batho ba ba neng ba nna mo go yone melao ya ga Jehofa. Kgosi e ne e itshupa gore e ne e emela kobamelo ya boammaaruri ka tsela e e tlhomologileng ka go letla gore go buiwe ka melao eno phatlalatsa. Ba a neng a ba busa ba ne ba tshwanetse go reetsa le go ithuta.—2 Ditirafalo 17:1-6, 9.
Go fa Bosupi ka Puisano
Modimo o ne a tlisa Morwawe, Jesu, mo lefatsheng go tla go nna Mmueledi wa Gagwe. (Johane 1:14) Jaaka barutwa ba bararo ba ne ba iponela Jesu a fetoga ponalo fa pele ga bone, ba ne ba utlwa lentswe la Modimo le bolela jaana: “Yo ke morwaake yo rategang, yo ke kgatlhegang thata mo go ene.” (Mathaio 17:5) Ba ne ba setse ba ipaakanyeditse go mo utlwa.
Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe gore ba bolelele ba bangwe maikaelelo a Modimo. Fa Jesu a ne a saletswe ke dikgwedi tse di ka nnang thataro tsa bodiredi mo lefatsheng, o ne a itsise gore tiro ya go rera ka Bogosi jwa magodimo e ne e le kgolo thata mo e leng gore go ne go tla tlhokega barutwa ba ba oketsegileng. O ne a ruta ba le 70 mo go bone go buisana ka Bogosi jwa Modimo le batho ba ba sa ba itseng mme go tswa foo a ba roma go anamisa molaetsa oo phatlalatsa. (Luke 10:1, 2, 9) Ka bokhutshwane pele ga a boela kwa go Rraagwe kwa legodimong, Jesu o ne a kopa balatedi ba gagwe gore e nne bone ba ba simololang go bua le batho ba bangwe ka molaetsa ono, e bile a ba laela jaana: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba diragatsa thomo eo lefatshe ka bophara ka go buisana le baagisani ba bone ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Dipuisano tseno di ba thusa gore ba kgone go supa ka ga boammaaruri ka Mmopi, Jehofa.—Mathaio 24:14.
Dipuisano Tse di Nang le Kagiso Tse di Agang
Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go buisana le batho ba bangwe ka se ba se dumelang ka tsela e e ntseng jang? Ba ne ba sa tshwanela go kgopisa baganetsi le fa e le gone go ngangisana le bone. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go senka ba ba neng ba amogela mafoko a a molemo, mme ba bo ba fa bosupi jo bo tswang mo Dikwalong go a tshegetsa. Ee gone, Modimo o ne a etse tlhoko gore batho ba ba neng ba kopana le barutwa ba Morwawe ba ne ba arabela ka tsela e e ntseng jang, fela jaaka Jesu a ne a bolela jaana: “Yo o tsholang lona o tshola nna le yo o tsholang nna o tshola ene yo o nthomileng.” (Mathaio 10:40) A bo batho ba ba neng ba tshela ka nako ya ga Jesu ba ne ba itshupa ba gana Modimo thata jang ne ka go gana molaetsa wa gagwe!
Moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o ne a gakolola jaana: “Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo; a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.” (2 Timotheo 2:24, 25) Tsela e moaposetoloi Paulo a neng a bolela mafoko a a molemo ka yone mo bathong ba Athena, kwa Gerika, e re fa sekao se se molemo. O ne a fetolana le Bajuta mo sinagogeng ya bone. O ne a bua le “ba o rakanang nabo” malatsi otlhe kwa patlelong ya motse ya borekelo. Lefa gone batho ba bangwe, kwa ntle ga pelaelo, ba ne ba rata fela go reetsa dithuto tse ba iseng ba ko ba di utlwe, Paulo o ne a bua ka tlhamalalo le ka bopelonomi. O ne a buisana le batho ba ba mo reeditseng ka molaetsa wa Modimo, o o neng o ba kgothaletsa go ikwatlhaya. Tsela e ba neng ba arabela ka yone e ne e tshwana le e batho ba arabelang ka yone gompieno. “Bangwe ba sotla; ba bangwe ba re: ‘Re tlaa ba re go utlwa gape ka ga moo.’” Paulo o ne a sa lelefatse puisano. Fa a sena go rera molaetsa wa gagwe, o ne “a tswa mo go bone.”—Ditiro 17:16-34.
Moragonyana, Paulo o ne a bolelela maloko a phuthego ya Bokeresete kwa Efeso gore ga a a ‘boifa go bolela sengwe le sengwe se se molemo a ruta mo ponong le ka go tsamaya le matlo.’ Mo godimo ga moo, o ne a setse a ‘supeditse Bajuta le Bagerika tlhabologelo Modimong le tumelo mo go Jesu Keresete.’—Ditiro 20:20, 21.
Dikai tseno tsa Dikwalo di senola ka fa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo metlheng ya Baebele ba neng ba bua ka bodumedi ka teng. Ka jalo, gompieno Basupi ba ga Jehofa ba bua ka bodumedi ka boikokobetso le baagisani ba bone.
Metlotlo e e Nang le Matswela
‘Utlwa Lefoko la Modimo.’ ‘Reetsa ditaolo tsa gagwe.’ A bo dikgothatso tseo di tlhagelela makgetlho a le mantsi jang ne mo Baebeleng! O ka arabela go kaelwa ka tsela e e ntseng jalo ka Baebele nako e e tlang fa Basupi ba ga Jehofa ba bua le wena. Reetsa molaetsa o o tswang mo Baebeleng o ba o go tlisetsang. Molaetsa ono ga se wa sepolotiki, mme o buelela goromente wa selegodimo wa Modimo, e leng Bogosi jwa gagwe. Ke jone jo Modimo a tla bo dirisang go tlosa dilo tse di bakang dikgotlhang tsa motlha wa gompieno. (Daniele 2:44) Morago ga moo, puso eno ya Modimo e e tla bong e busa go tswa kwa legodimong, e tla rulaganyetsa gore lefatshe lotlhe le fetolwe go nna paradaise e e tshwanang le tshimo ya Edena.
Rre mongwe yo e kileng ya bo e le lepodisi, o ne a tlhola a gana go reetsa Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba bua le ene ka Baebele mo makgetlhong a mantsi. Botshelo bo ne jwa mo swabisa ka ntlha ya koketsego ya bokebekwa jo a neng a bo bona bo diragala. Ka jalo o ne a bolelela Mosupi yo mongwe yo o neng a mo etela gore o ne a tla tlhotlhomisa bosupi jwa molaetsa wa Baebele. Ba ne ba simolola go nna le dipuisano ka metlha. Lefa gone rre yoo wa lepodisi a ne a fuduga makgetlho a le mmalwa, Basupi ba ne ba itumelela go nna ba ntse ba mo senka mo lefelong lengwe le lengwe le a yang kwa go lone gore ba tsweledise dipuisano le ene. Kwa bofelong, modiredi yoo o ne a dumalana ka go bua jaana: “Bosupi jo ke neng ke bo senka bo ne bo ntse bo le teng mo Dikwalong tse di Boitshepo nako e yotlhe. Fa Basupi bale ba ne ba se ka ba tswelela go bua le nna ba sa kgaotse, ke ka bo ke ntse ke le teng kwa ke ipotsa gore mosola wa botshelo ke eng. Jaanong, ke ithutile boammaaruri mme ke tlile go fetsa botshelo jwa me jotlhe ke batla ba bangwe ba ba batlang Modimo fela jaaka ke ne ke mmatla.”
Bareetsi ba ba kgatlhegang ba batla go itse mo go oketsegileng ka mmatota. Ka tshwanelo ba batla go fiwa mabaka a dilo tse ba di bolelelwang gore ba di dumele. (1 Petere 3:15) Fela jaaka ngwana yo monnye a botsa batsadi ba gagwe dipotso tse dintsi tse di sa feleng kgapetsakgapetsa, mme a batla gore ba mo arabe, ka tshwanelo le wena o batla gore Basupi ba go fe dikarabo tse di tiileng. O ka tlhomamisega gore ba tla boa ka go rata go tla go buisana le wena ka mo go oketsegileng ka molaetsa wa Baebele.
Gongwe o ka tswa o setse o itse sengwenyana ka Baebele. O ka nna wa tswa o lemoga gore se Modimo a solofetseng gore o se dire se tla akaretsa gore o dire diphetogo dingwe mo tseleng e o tshelang ka yone. O se ka wa tshaba go tswelela ka ntlha ya go boifa gore dilo tse Modimo a di batlang mo go wena di tla go tlhoka gore o dire mo gontsi. Di tla go tlisetsa boitumelo jwa boammaaruri fela. O tla lemoga seno fa o ntse o tswelela kgato ka kgato.
Sa ntlha, tlhatlhobisa gore Jehofa ke mang, gore o batla gore o dire eng le gore ke eng se a se go solofeditseng. Kopa Basupi gore ba go bontshe gore Baebele ya reng ka seno. Sekaseka se ba se buang ka go ipalela mo Baebeleng ya gago. Fa o lemoga gore Basupi ba tekatekano mo go se ba bolelang gore ke boammaaruri ka bodumedi, kwantle ga pelaelo o tla batla go batlisisa ka kelotlhoko dilo tse dingwe tse dintsi tse di molemo tse ba ka di abalanang le wena go tswa mo Dikwalong.—Diane 27:17.
O amogelwa go tla go bona gore Basupi ba tshwara dipokano tsa bone jang kwa Holong ya bone ya Bogosi e e mo lefelong le le gaufi. O tla utlwa dipuisano tsa Lefoko la Modimo tse di tla go solegelang molemo fa o le koo. O tla bona ka fa bao ba leng teng ba itumelelang go bua mmogo ka maikaelelo a Modimo. Letla Basupi bano gore ba go thuse go ithuta gore Modimo o rata gore re dire eng gompieno. Arabela taletso ya Modimo ya go buisana ka kobamelo ya boammaaruri gore a tle a go amogele, o bo o tshelele ruri mo Paradaiseng.—Malaki 3:16; Johane 17:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Noa o ne a bua phatlalatsa kaga boikaelelo jwa Modimo
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Jaaka Paulo a ne a dira kwa Athena wa bogologolo, Basupi ba ga Jehofa ba ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele