LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/1 ts. 20-24
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi bo Tshwanetswe go Rerwa mo Motlheng wa Rona
  • Ke Mang yo o Tla Rerang Mafoko a a Molemo?
  • ‘Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo’
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Bakeresete ba Boammaaruri Ke Bareri ba Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Jesu o Rera ka Bogosi
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/1 ts. 20-24

‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’

“Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.”—MAREKO 13:10.

1. Ke selo sefe se sengwe fela se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane le ditumelo tsotlhe tsa La-Bodumedi, mme ka ntlhayang?

MO BATHONG botlhe bao ba iphakang gore ke Bakeresete, ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba tsayang go rerwa ga mafoko a a molemo ka masisi. Ba dira setlhopha se se sosi fela seo leloko lengwe le lengwe le ikutlwang le tlamega ka bolone go atamela moagelani wa gagwe ka metlha e le gore a bue le ene ka maikaelelo a Modimo. Ke ka ntlhayang go nt se jalo? Ka ntlha ya gore Mosupi mongwe le mongwe o ikutlwa gore, jaaka Mokeresete, o tshwanetse go nna molatedi yo o tsamayang mo dikgatong tsa ga Keresete. (1 Petere 2:21) Seno se kaya eng?

2. Batho ba le bantsi ba leba Jesu Keresete jang, mme tiro ya gagwe e kgolo mo lefatsheng e ne e le eng?

2 Mo megopolong ya ba le bantsi, Jesu Keresete e ne e le monna fela yo o neng a dira ditiro tse di molemo. O ne a fodisa balwetsi, a fepa bao ba bolailweng ke tlala, a ba a bontsha lorato le bopelonomi go bao ba neng ba tlhoka. Mme Jesu o ne a dira se se fetang seo. Santlha o ne a le moreri yo o tlhagafetseng wa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Dikgwedi di sekae morago ga go kolobediwa ga gagwe mo nokeng ya Joredane, Jesu o ne a simolola go rera phatlalatsa are: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) Pego ya ga Mareko e tlhalosa ka go re: “Yesu a tla mo Galilea, a rèra Mahoko a a Molemō a Modimo, Are, Lobaka lo hitlhile, e bile bogosi yoa Modimo bo atametse: ikwatlhaeeñ, lo dumèlè Mahoko a a Molemō.”—Mareko 1:14, 15.

3, 4. (a) Lemororo Jesu a ne a fodisa mefuta yotlhe ya dipobolo, o ne a otlelela eng mo bodiheding jwa gagwe? (b) Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a romiwa? (c) Jesu o ne a tshwantsha tiro ya gagwe ya go rera le eng, mme o ne a bolelela barutwa ba gagwe go dira eng?

3 Jesu o ne a bitsa Petere, Anderea, Jakobe, le Johane go mo sala morago, re bile re bala jaana: “Me . . . a tsamaea tsamaea le lehatshe yeotlhe ya Galilea, aè tla a ruta mo matluñ a thutō a bōnè, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi, a hodisa malwetse mañwe le mañwe aōtlhe, le dipobolō diñwe le diñwe cotlhe mo bathuñ.” Fa bontsi jwa batho ba Galilea ba leka go mo dia, o ne are: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” Go tswa foo a tsamaya a ruta mo matlung a thuto a Judea.—Mathaio 4:18-23; Luke 4:43, 44.

4 Fa a boela gape kwa Galilea, Jesu “a tsamaea a ea le metse le metsana eotlhe, a rèra, a bolèla Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo.” (Luke 8:1) O ne a tshwantsha tiro ya gagwe ya go rera le go roba mme a re: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō, gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.” (Mathaio 9:35-38) Le eleng fa batho ba bantsi ba ne ba sa mo neele boikhutso, “me a ba chola, a bua nabō kaga bogosi yoa Modimo, a hodisa ba ba tlhōkañ phodishō.”—Luke 9:11.

5. Fa Jesu a ne a roma baaposetoloi ba gagwe le barutwa ba bangwe mo bodiheding, o ne a ba neela ditaelo dife?

5 Ka boammaaruri, Jesu o ne a fodisa balwetsi mme ka dinako tse dingwe a fepa ba ba tshwerweng ke tlala. Mme go feta tse dingwe tsotlhe, o ne a tshwaregile ka go bolelela batho kaga Bogosi jwa Modimo. Mme o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba dire se se tshwanang. Morago ga a sena go thapisa baaposetoloi ba gagwe, o ne a ba romela ka bobedi go ya go rera, a re: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 10:7) Luke o tlhalosa jaana: “Me a ba roma gore ba eè go rèra bogosi yoa Modimo, le go hodisa ba ba bobolañ.” (Luke 9:2) Jesu gape o ne a neela barutwa ba ba 70 taolo ya go ‘hodisa ba ba lwalang le go tsamaya ba ba bolelela gore bogosi jwa Modimo bo atametse.’—Luke 10:9.

6. Pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe ditaelo dife tse di mabapi le bodihedi jwa bone?

6 Pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go tswelets a tiro ya go rera pele le eleng go e atolosa. O ne a ba laela ka go re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Gape, o ne are: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, 10 tla bōna nonohō: me 10 tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Ka gone, Jesu gammogo le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba neela go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo tlhokomelo ya ntlha.

Bogosi bo Tshwanetswe go Rerwa mo Motlheng wa Rona

7. Jesu o ne a reng kaga tiro ya go rera e e neng e tshwanetswe go dirwa kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo’?

7 Mo polelelong pele ya gagwe kaga ditiragalo tse di neng di tshwanetse go diragala mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo,’ Jesu o ne a bolela gore: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:3, 14) Kana, jaaka go tlhalositswe jaana mo go Mareko 13:10: “Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.”—Bona le Tshenolō 14:6, 7.

8. (a) Mafoko a a molemo a ne a akareletsa eng mo motlheng wa baaposetoloi? (b) Gompieno molaetsa wa mafoko a a molemo o akareletsa eng?

8 Mo “metlheñ ea bohèlō,” mafoko a a molemo a Bogosi a kopanyeletsa go feta ka motlha oo Jesu a neng a le mo lefatsheng ka one. Jesu o ne a rera gore Bogosi jwa Modimo bo atametse, a gogela tlhokomelo mo lobakeng lwa gore o ne a le Mesia le Kgosi mo bathong. (2 Timotheo 3:1; Mathaio 4:17; Luke 17:21) Mafoko a a molemo a a neng a rerwa ke Bakeresete ba pele a ne a akaretsa kgang ya go tsosiwa ga ga Jesu le go tlhatlogela kwa legodimong, ebile a ne a kgothaletsa bakgobaladi go dumela mo Bogosing jo bo tlang. (Ditihō 2:22-24, 32; 3:19-21; 17:2, 3; 26:23; 28:23, 31) Jaanong ka re fitlhile mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo,’ go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi go akaretsa molaetsa o o kgatlhisang wa gore Bogosi bo setse bo tlhomilwe kwa magodimong.—Tshenolō 11:15-18; 12:10.

Ke Mang yo o Tla Rerang Mafoko a a Molemo?

9. (a) Bangwe ba ka nna ba ganetsa jang ba re mafoko a a molemo ga a tlame Bakeresete botlhe gompieno? (b) Jehofa o ne a dirisa mang nakong e e fetileng go rera lefoko la gagwe, mme seno se raya eng go rona gompieno?

9 Ke bomang, gompieno, bao ba tshwanetseng go tsaya karolo mo tirong ya go rera? Ka phepafalo, La-Bodumedi le bona fa e se patlafalo ya mongwe le mongwe, mme go boammaaruri gore fa Jesu a ne a re mafoko a a molemo a ne a tla rerwa, o ne a seka a kgetholola gore ke mang yo o neng a tla dira tiro eo. Lefa go le jalo, ke bomang ba sele bao Jehofa a neng a tla ba dirisa mo tirong eno fa e se bao ba dumelang mo Lefokong la gagwe mme ba simolola go le dirisa mo matshelong a bone? Fa Jehofa a ne a ikemisetsa mo motlheng wa ga Noa go tlhagisa lefatshe le le boikepo la setho ka tshenyego e e tlang, o ne a dirisa monna ‘yo o sepelang le Modimo wa boammaaruri.’ (Genesise 6:9, 13, 14; 2 Petere 2:5) Fa a ne a batla gore melaetsa ya boperofeti e isiwe kwa Baiseraeleng, o ne a romela ‘batlhanka ba gagwe, baperofeti.’ (Yeremia 7:25; Amose 3:7, 8) Morafe o o ineetseng wa Iseraele e ne e le mor’afe wa basupi ba gagwe. (Ekesodo 19:5, 6; Isaia 43:10-12) Ee, Jehofa o dirisa batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng jaaka basupi ba gagwe.

10. Go ka bonwa jang mo mafokong a Mathaio 28:19, 20 gore taolo ya go dira barutwa e dira mo Bakereseteng botlhe?

10 Bangwe ba ile ba bolela gore taelo ya go dira barutwa, e e neetsweng mo go Mathaio 28:19, 20, e ne ya neelwa baaposetoloi fela mme ka gone ga e dire mo Bakereseteng ka kakaretso. Mme tlhokomela seo Jesu a neng a se bolela: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” Balatedi ba ne ba tshwanetse go ruta barutwa ba bas ha gore ba tlhokomele dilo tsotlhe tse Jesu a di laotseng. Mme sengwe sa dilo tse a neng a di laotse e ne e le go ‘tsamaya le go dira barutwa.’ Kwantle ga pelaelo, barutwa botlhe ba basha ba ne ba tla tshwanelwa go rutwa go tlhokomela taolo eno le bone.

11. (a) Phuthego ya Bakeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e patelesega go dira eng? (b) Ke eng se se tlhokafalang gore motho a bolokwe, mme seno se akareletsa le eng?

11 Phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e bidiwa ‘tš haba e e ruilweng ke Modimo sebele, gore ba tle ba bonatse go tlotlomala ga yo o ba biditseng a ba bitsa ba le mo lehihing a ba isa mo leseding ja gagwe je le gakgamatsang.’ (1 Petere 2:9) Maloko a yone a ne a neela bosupi kaga Bogosi jwa Modimo ka tlhagafalo. (Ditihō 8:4, 12) “Baitshepi” botlhe, Bakeresete ba ba tloditsweng, mo Roma, ba ne ba bolelelwa gore “boipolèlō bo dihwa ka molomo go isa polokoñ” le gore “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna o tla bolokwa.” (Baroma 1:7; 10:9, 10, 13) Boipolelo jono jwa phatlalatsa jwa poloko, jo bo neng jwa dirwa ka nako ya go kolobediwa ga motho, gape bo akareletsa go rerwa phatlalatsa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa.

12, 13. (a) ‘Boipolelo jwa phatlalatsa jwa tsholofelo ya rona’ jo bo umakwang mo go Bahebera 10:23 bo akareletsa eng? (b) Pesalema 96 e bontsha jang tlhokafalo ya boipolelo jwa phatlalatsa ka kwantle ga phuthego, mme Tshenolō 7:9, 10 e tshegetsa seno jang?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ka go re: “A re tshegetseñ boipolèlō yoa cholohèlō ea rona ka thata, gore bo se reketle; gonne èna eo o boletseñ choloheco, o boikañō.” (Bahebera 10:23) Boipolelo jono jwa phatlalatsa ga bo a lekanyediwa mo dipokanong tsa phuthego fela. (Pesalema 40:9, 10) Mo go Pesalema 96:2, 3, 10 re bona ka phepafalo taolo ya boperofeti ya go rera ka kwantle ga phuthego mo merafeng, ka mafoko ano: “Bolèlèlañ poloka ea gagwè pele ka go tlhomaganya malatsi. Kakanyañ kgalalèlo ea gagwè mo gare ga merahe, ditihō tsa gagwè tse di gakgamatsañmo gare ga dichaba cotlhe. Buañ mo merahiñ, lo re, Yehofa oa busa.” Tota Jesu o ne a laolela Bakeresete go rerela merafe mo go Mathaio 28:19, 20 le Ditihō 1:8.

13 Go rera phatlalatsa mono go buiwa ka gone mo mafokong a mangwe a ga Paulo a a neng a a kwalela Bahebera ba Bakeresete ba ba tloditsweng ka go re: “Yalo a re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ [phatlalatsa] leina ya gagwè.” (Bahebera 13:15) Mo bukeng ya Tshenolō, “boidiidi yo bogolo,” jo bo phuthwa go tswa merafeng yotlhe, bo bonwa bo goeletsa ka modumo o mogolo ka go re: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dut señ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” (Tshenolō 7:9, 10) Ka gone, mo motlheng ono wa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, go rerwa ga mafoko a a molemo go dirwa ke Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa, masalela a barwarraa Keresete ba semoya le bapati ba bone ba seka-dinku ba ba dirang “boidiidi yo bogolo.” Mme ba tshwanetse go dira tiro eno jang?

‘Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo’

14. Jesu o ne a dira thero ya gagwe kae, mme ke molao-motheo ofe o re ka o ithutang mo go seno?

14 Jesu o ne a rerela batho ka tlhamalalo. Ka sekai, re bala gore o ne a rera mo matlong a thuto. Ka ntlhayang? Ka gonne batho ba ne ba phuthegela koo ka Sabata ba reetsa go balwa le go tlotliwa ga Dikwalo. (Mathaio 4:23; Luke 4:15-21) Gape Jesu o ne a rerela batho ba ba fa thoko ga tsela, mo lotshitshing ja lewatle, mo thoko ga thaba, fa sedibeng ka kwantle ga motse, le mo magaeng. Gongwe le gongwe kwa go neng go na le batho gone, Jesu o ne a ba rerela.—Mathaio 5:1, 2; Mareko 1:29-34; 2:1-4, 13; 3:19; 4:1, 2; Luke 5:1-3; 9:57-60; Yohane 4:4-26.

15. (a) Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe ditaelo dife fa a ne a ba roma go ya go rera? (b) Baakgedi bangwe ba Bibela ba tlhalositse seno jang?

15 Fa Jesu a ne a romela barutwa ba gagwe go ya go rera, o ne gape a ba romela ka tlhamalalo kwa bathong. Seno se bonala mo ditaelong tsa gagwe tse di kwadilweng mo go Mathaio 10:1-15, 40-42. Mo temaneng ya 11 o ne a tlhalosa jaana: “Me leha e ka ne e le motse ohe, leha e le motsana o lo tsènañ mo go ōna, lo senkè eo o chwanetseñ gōna; me lo nnè hoñ, go tlo go tsamaeè lo cwè gōna.” The Jerusalem Bible e ranola temana eno jaana: “Bitsang mongwe yo o ikanyegang,” jaaka ekete barutwa ba ne ba tshwanetse go bits a mongwe yo o kwa godimo kana yo o nang le kitso mo motseng gore ba itse yo o nang le leina je le ntle mme ka gone a tshwanetswe ke molaetsa. (Bona le Weymouth le King James Version.) Mme ke gone kafa baakgedi bangwe ba Bibela ba tlhalosang temana ya 11 ka teng.

16. Ke tshekatsheko efe e e utlwalang sentle ya mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:11 eo e bontshang ka moo baaposetoloi ba neng ba tshwanetse go senka ba ba tshwanetseng ka gone?

16 Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe ga gakologelwa gore gantsi, baruti ba La-Bodumedi ga ba tsamaye ka ntlo le ntlo, gape baakgedi ba le bantsi ba Bibela ba na le mokgwa wa go tlhalosa Dikwalo mo motheong wa maitemogelo a bone. Tshekatsheko e e utlwalang sentle ya taelo ya ga Jesu e bontsha gore o ne a bua kaga go senka batho ka bongwe ga barutwa ba gagwe, e ka tswa e le ka ntlo le ntlo kana phatlalatsa, le go ba neela molaetsa wa Bogosi. (Mathaio 10:7) Karabelo ya bone e ne e tla supa gore a e ne e le ba ba tshwanetseng kana nnyaa.—Mathaio 10:12-15.

17. Ke eng se se supang gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa etele batho ba ba tshwanetseng fela ka go bo ba rometswe kwa go bone kana ba rulaganyeditswe go ba etela?

17 Seno se bonwa mo mafokong a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:14: “Me leha e le bomañ ba ba se ketlañ ba lo chola, leha e le go reetsa mahoko a lona, e re lo tswa mo tluñ euō, kgotsa mo motsiñ ouō, lo itlhotlhorè dithole mo dinaoñ tsa lona.” Jesu o ne a raya gore barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go ya go rerela batho lemororo ba sa ba laletsa. Ke boammaaruri, gape ba ne ba tla dumela go lala mo ga mong wa ntlo mongwe yo o amogetseng molaetsa. (Mathaio 10:11) Mme selo se segolo e ne e le tiro ya go rera. Mo go Luke 9:6 go tlhalosiwa jaana: “Me ba tsamaea; me ba ralala metsana ba rèra Mahoko a a Molemō, ba ba ba hodisa babobodi mo ntlheñ cotlhe.” (Bona le Luke 10:8, 9.) Ba ba tshwanetseng ba ba neng ba amogela barutwa mo magaeng a bone jaaka baperofeti, gongwe ba ba neela “metse a a tsididi” kana le eleng marobalo, ba ne ba se kitla ba latlhegelwa ke tuelo ya bone. Ba ne ba tla utlwa molaetsa wa Bogosi.—Mathaio 10:40-42.

18, 19. (a) Go ya ka Ditihō 5:42, Bakeresete ba pele ba ne ba dira tiro ya bone ya go rera jang? (b) Mafoko a ga Paulo mo go Ditihō 20:20, 21 a bontsha jang gore o ne a bua ka bodihedi mo bathong ba ba sa dumeleng, eseng tiro ya bodisa ya mo phuthegong?

18 Morago ga go thaiwa ga phuthego ya Bokeresete, re bala jaana tebang le baaposetoloi: “Me ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le [ka ntlo le ntlo] ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” (Ditihō 5:42; bona mokwalo o o kwa tlase wa Reference Bible.) Tlhaloso ya Segerika e e ranotsweng “ka ntlo le ntlo” ke kat’ oiʹkoñ. Fano ka·taʹ e na le mogopolo wa go aba. Ka gone he, go ka nna ga twe thero ya barutwa e ne e abiwa ka ntlo le ntlo. Ba ne ba sa dire diketelo tsa botsala tse di rulagantsweng go sa le gale fela. Tiriso e e tshwanang ya ka·taʹ e fitlhelwa mo go Luke 8:1 mo tlhalosong “le metse le metsana.”

19 Tlhaloso e e tshwanang mo bontsing, kat’ oiʹkous, e dirisiwa ke moaposetoloi Paulo mo go Ditihō 20:20. Koo o ne a tlhalosa ka go re: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna . . . ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo.” Tlhaloso e e reng “le matlo” e ranolwa “mo matlong a lona” mo dithanolong tse dingwe. Ka gone, baakgedi bangwe ba Bibela ba La-Bodumedi ba re Paulo fano o lebisitse mo diketelong tsa bodisa mo magaeng a badumedi. Mme mafoko a ga Paulo a a latelang a bontsha gore o ne a bua kaga bodihedi mo go ba ba sa dumeleng, ereka a tlhalosa ka go re: “Ke shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.”—Ditihō 20:21.

20. (a) Basupi ba ga Jehofa ba rerile mafoko a a molemo go ya bokgakaleng jo bo kana kang mo motlheng wa rona? (b) Bangwe ba ka leba jang kgang ya go tsweled1sa thero pele?

20 Ka gone mofuta ono wa go fitlhelela batho o tshwanetse go dirisiwa mo motlheng wa rona fa “Mahoko a a Molemō a bogosi” a tshwanetswe go “rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:14) Go feta dingwaga di le 65, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ka tlhagafalo phatlalatsa le ka ntlo le ntlo—jaanong mo mafatsheng a 210. A bo go fitlhelelwa bosupi jo bogolo jang ne! Mme go ntse jalo go sa kgathalesege lebaka la gore bontsi jwa batho gompieno ba utlwa molaetsa ‘kwantle ga go arabela,’ bangwe ba bile ba o tenegela. (Mathaio 13:15) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba nnela go rera mo dikarolong tse batho ba ganang go reetsa kana ba bileng ba ganetsa? Potso eno e tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.

O ne o ka Araba Jang?

◻ Dikwalo di bontsha gore bodihedi jwa ga Jesu e ne e le jwa mofuta ofe?

◻ Baaposetoloi ba ne ba neelwa ditao dife mo bodiheding jwa bone?

◻ Ke tiro efe e e tshwanetsweng go dirwa mo motlheng wa rona, mme ka ntlhayang?

◻ Jehofa o ne a tla dirisa bomang go rera mafoko a a molemo mo motlheng wa rona?

◻ Tiro ya go rera e tshwanetswe go dirwa kae mme jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela