LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 4/1 ts. 3-4
  • Bodumedi—A ke Moila go Bua ka Jone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bodumedi—A ke Moila go Bua ka Jone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bodumedi Bongwe le Bongwe Bo Siame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Tlhotlhomisa Kaga Ditumelo Tse Dingwe?
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 4/1 ts. 3-4

Bodumedi—A ke Moila go Bua ka Jone?

“GO NA le dikgang di le pedi tse ke se keng ke buisana le ope ka tsone: bodumedi le dipolotiki!” Gantsi batho bangwe ba arabela ka tsela eo fa Basupi ba ga Jehofa ba bua le bone ka Baebele. Mme gone, tsela e ba lebang dilo ka yone e a tlhaloganyesega.

Fa batho ba ganetsana ka dipolotiki ba ka nna ba shakgala thata ba bo ba felela ba omana. Batho ba bantsi ba kgona go lemoga ditsholofetso tse di lolea tsa boradipolotiki ba bo ba lemoga gore gantsi ba a bo ba ipatlela fela go busa, go tuma le madi. Se se utlwisang botlhoko ke gore ka dinako tse dingwe, ditlhokakutlwisisano tsa sepolotiki di felela ka tshololo ya madi.

Gongwe o ka nna wa ipotsa gore, ‘A mme gone bodumedi bone ga bo a nna jalo? A mogote wa bodumedi ga se one o kgotleditseng dikgotlhang tse dintsi tsa gompieno?’ Kwa Ireland Bokone, Baroma Katoliki le Baporotesetanta ga ba bolo go ilana. Kwa dinageng tsa Balkan, maloko a Kereke ya Orthodox ya kwa Botlhaba, Baroma Katoliki le ba bangwe ba lwela naga. Diphelelo tsa teng e nnile dife? Bosetlhogo le ditlhoano tse di sa feleng.

Batho ba bantsi ba leka go fitlha se ba se dumelang le se se dumelwang ke ba malapa a bone, fa ba lebane le matshosetsi a gore ba tla bolawa. Mo Afrika, dikilano tsa bodumedi tse di tsereng makgolokgolo a dingwaga fa gare ga batho ba Labokeresete le batho ba ba ngaparetseng ditumelo tse dingwe tse di tswang kwantle ga naga mmogo le tsa setso di dirile gore batsadi ba reye bana ba bone maina a le mabedi gore a ba sireletse ka selekanyo se se rileng, mo e leng gore go santse go dirwa le gompieno. Ka jalo mosimanyana o ka nna a ipolela fa e le leloko la kereke nngwe kana e le wa bodumedi jo bongwe ka go dirisa leina le lengwe mme a tlogela le lengwe. Fa e le gore tumelo ya motho e ka nna ya dira gore a bolawe, ga go gakgamatse go bo a tshaba go tlotla ka bodumedi phatlalatsa.

Ba bangwe ke moila mo go bone go bua ka bodumedi lefa go sena ope yo o ka ba bolayang. Ba tshaba gore go tlotla ka se ba se dumelang le mongwe wa bodumedi jo bo farologaneng le jwa bone go ka felela ka gore go nne le kganetsano e e se nang mosola. Mme batho ba bangwe ba dumela gore bodumedi botlhe bo siame. Ba re fa fela se motho a se dumelang se mo kgotsofatsa, go bua ka dipharologano tsa teng ga go reye sepe.

Le bone baithuti ba ba tlhoafetseng go ithuta ka se bodumedi bo se tshotseng le se e leng sone tota ba a ganetsana ka bobone. Mo setlhogong se se reng: “The Study and Classification of Religions,” The New Encyclopædia Britannica e senola gore: “Bakanoki . . . ga se gantsi ba dumalanang ka seo tota [bodumedi] e leng sone . . . Ka jalo, kgang eno go ralala hisitori ya yone ga e bolo go nna le dikganetsano.”

Dikishinare nngwe e tlhalosa bodumedi jaaka “tsela e motho a supang ka yone gore o dumela mo maatleng mangwe a a fetang a motho e bile o a tlotla jaaka mmopi le molaodi wa lobopo.” Seno se ne se tla raya gore bodumedi bo ne bo tshwanetse go nna karolo ya botlhokwa mo botshelong. Eleruri, bodumedi bo ile jwa nna le seabe se segolo mo go laoleng gore batho ba tla nna jang. Oxford Illustrated Encyclopedia of Peoples and Cultures, e bolela jaana: “Ga go na setlhopha sepe sa batho se se iseng se senke tsela ya go dira gore botshelo bo dumalane e bile bo nne le se bo se rayang ka go dirisa mofuta mongwe wa bodumedi.” Bodumedi totatota bo ka tshwanelwa ke gore go dirwe sengwe se se botoka ka jone go na le go ganetsana ka jone ka go bo bo akaretsa dilo tse di botlhokwa thata tse di tshwanang le “thulaganyo” le se “bo se rayang” mo botshelong. Go na le moo, bo tshwanelwa ke gore go buiwe ka jone—ke gore, bo tlhatlhobiwe ka botlalo—le motho yo mongwe. Mme seno se ka dirwa le mang, mme gone go ka nna le mosola ofe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela