LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 4/1 ts. 9
  • Go Rera mo Nakong ya Matshwenyego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera mo Nakong ya Matshwenyego
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikokelo Fa O Le Molwetsi
    Tsogang!—1991
  • Le Ka Motlha Se Lebale Gore O Mosupi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 4/1 ts. 9

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Rera mo Nakong ya Matshwenyego

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a bolelela pele gore “mo metlheng ya bofelo go [ne go tla] tla dipaka tse di tlhokofatsang.” (2 Timotheo 3:1) A bo mafoko ao a itshupile a le boammaaruri jang ne! Batho ba kwa El Salvador kwa Amerika Bogare ba sale ka ba welwa ke matshwenyego ano a a botlhoko. Mo nakong e e fetang dingwaga di le lesome, naga eo e ne e ntse e aparetswe ke ntwa ya selegae e e neng ya leretse batho ba le diketekete di le dintsi bohutsana le loso. Gone jaanong ntwa e fedile, mme go setse bohutsana. Bokebekwa bo ile jwa oketsega thata fa ntwa e sena go khutla. Mmegadikgang mongwe wa thelebishene wa mo nageng eo o ne a bolela jaana bosheng jaana: “Jaanong thubakanyo le borukhutlhi di diragala letsatsi le letsatsi.”

Basupi ba ga Jehofa le bone ba amilwe ke moya ono wa bokebekwa. Magodu a ile a thuba mo Diholong tsa Bogosi di le dintsi mme a utswa didirisiwa tsa dibuelagodimo. Mo makgetlhong a le mmalwanyana, ditlhopha tsa basha ba ba tlhometseng ba ile ba tlhasela mo Diholong tsa Bogosi fa dipokano tsa Bokeresete di ntse di tsweletse, ba utswela batho ba ba leng gone madi, diwatšhe le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo. Basupi ba le bantsi ba ile ba bo ba bolawa ke magodu, fa ba ntse ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.

Go sa kgathalesege dikgoreletsi tseno, Basupi ba ga Jehofa kwa El Salvador ba tsweletse pele ba dira ka natla mo go rereng mafoko a a molemo. Ba dira jalo ka go bo ba utlwa taelo eno ya Dikwalo: “Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele.” (Mareko 13:10) Go santse go na le batho ba le bantsi mo nageng eno ba ba tlhologeletsweng tsholofelo ya Bogosi e e mo Baebeleng, mme Basupi ba leka go fitlhelela mongwe le mongwe wa bone. Bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo bo itshupa e le mokgwa wa go rera o o nang le matswela.

Fa Mosupi mongwe a ne a alafiwa kwa kokelong nngwe, o ne a dirisa sebaka sengwe le sengwe go bua le balwetse ba bangwe ka ditsholofetso tsa Modimo tsa mo isagweng, tse di fitlhelwang mo Baebeleng. Molwetse mongwe yo o neng a lwala thata o ne a bolela jaana a hutsafetse: “Go ise go ye kae ke tla bo ke swa!” Mme tsela e molwetse yono a neng a lebega a tshwenyegile thata mo maikutlong ka yone e ne ya se ka ya kgoba Mosupi yono marapo mo go abeng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Go na le moo, o ne a balela monna yono kwa godimo mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Malatsi a sekae morago ga moo, Mosupi yono o ne a tswa kwa kokelong, a hutsafetse ka gonne a akanya gore monna yono o ne a tla tloga a swa.

Dingwaga di le nne morago ga moo Mosupi yono o ne a tshwanelwa ke go ya go alafiwa kwa kokelong e nngwe. Fa a ntse a le koo, molwetse mongwe o ne a tla kwa go ene mme a re: “A o a nkgakologelwa?” E ne e le monna yo a neng a kopane le ene mo dingwageng di le nne tse di fetileng, monna yo go neng go akanngwa gore o tla tloga a swa! A bo e ne e le selo se se neng se sa lebelelwa se se itumedisang jang ne fa monna yono a ne a mo tlamparela a bo a oketsa jaana: “Jaanong le nna ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!” Monna yono o ne a amogetse tsholofetso ya Baebele ka isagwe, a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, a bo a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa. E ne e se Mosupi fela mme gape o ne a ntse a na le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng jaaka mmulatsela wa ka metlha mo e ka nnang dingwaga di le pedi.

Mo kgannyeng eno, dipeo tsa boammaaruri tse di neng tsa jalwa ka mokgwa o o seng wa ka tlwaelo di ne tsa tsena mo pelong e e amogelang. Tshiamelo eno ya go thusa batho gore ba itse boammaaruri e tlhotlheletsa Bakeresete ba boammaaruri gore ba tsweledise tiro ya go rera go sa kgathalesege ‘dipaka tseno tse di tlhokofatsang.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela