Melemo ya go Boifa Modimo wa Boammaaruri
“Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.”—ISAIA 48:17.
1. Ke matlhotlhapelo afe a a neng a ka faposiwa ke poifo ya bomodimo?
FA Adame a ka bo a ile a tlhagolela poifo ya bomodimo, seo se ka bo se ile sa mo thibela go dira boleo jo bo neng jwa mo isa kwa losong lo lo sa khutleng le gore ditlogolwana tsa gagwe di hutsafale ka dingwaga tse di diketekete. Fa setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se ka bo se ile sa tlhwaela tsebe kgakololo ya ga Jehofa ya gore se mmoife le go mo rata, setšhaba seo se ka bo se sa ka sa isiwa botshwaro kwa Babilone, le gone se ka bo se sa itatola Morwa Modimo mme sa nna molato wa go tsholola madi a gagwe. Fa e le gore lefatshe gompieno le ne le boifa Modimo, go ka bo go ne go sena ditiro tse di seng kafa molaong mo pusong kana mo kgwebong, go ka bo go sena bokebekwa, go sena ntwa.—Diane 3:7.
2. Go sa kgathalesege maemo a a re dikologileng mo lefatsheng, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhagolela go boifa Jehofa?
2 Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore lefatshe le le re dikologileng le dira eng, rona jaaka motho ka bongwe, jaaka malapa, le jaaka diphuthego tsa batlhanka ba ga Jehofa re ka solegelwa molemo ke go tlhagolela go boifa Modimo wa boammaaruri. Seno se dumalana le kgakololo eno e Moshe a neng a e neela setšhaba sa Iseraele: “Ana Jehofa Modimo wa gago o lopang mo go wena, fa e se gore o boife Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le go mo rata, le go direla Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa otlhe wa gago. Go tshegetsa ditaolo tsa ga Jehofa, . . . gore go nne molemo mo go wena?” (Duteronome 10:12, 13) Re nna le melemo efe e mengwe fa re boifa Jehofa, Modimo wa boammaaruri?
Botlhale—Bo Botlhokwatlhokwa go Gaisa Gouta
3. (a) Ke molemo ofe o o botlhokwa thata o re ka o amogelang? (b) Ke eng se se kaiwang ke Pesalema 111:10?
3 Molemo o o botlhokwa thata ke botlhale jwa boammaaruri. Pesalema 111:10 e bolela jaana: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” Seo se kaya eng? Botlhale bo dira gore re kgone go dirisa kitso gore re rarabolole mathata ka katlego, re thibose kotsi, mme re fitlhelele mekgele mengwe. Bo akaretsa go bona dilo ka tsela e e siameng. Go boifa Jehofa ke gone tshimologo, karolo ya ntlha le motheo wa botlhale jo bo ntseng jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne popo yotlhe e dirilwe ka diatla tsa gagwe. E ikaegile ka ene. O ne a dira gore batho ba kgone go itlhophela se ba se batlang mme a se ka a dira gore ba kgone go kaela dikgato tsa bone ka katlego fa ene a sa ba kaele. (Joshua 24:15; Jeremia 10:23) Re ka atlega ka bosaengkae fa fela re tlhaloganya dintlha tseo tsa motheo ka botshelo re bo re tshela go dumalana le tsone. Fa go itse Jehofa go re dira gore re tlhatswege pelo tota gore go rata ga Modimo go tla re leretse katlego le gore tsholofetso le kgono ya gagwe ya go duela batho ba ba ikanyegang e tlhomame, he poifo ya bomodimo e tla re tlhotlheletsa gore re dire dilo ka tsela e e botlhale.—Diane 3:21-26; Bahebere 11:6.
4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa thuto ya yunibesithi ya lekawana lengwe e ne ya mo tlogela a sena botlhale jwa boammaaruri? (b) Moragonyana monna yono le mosadi wa gagwe ba ne ba bona botlhale jwa mmatota jang, mme seno se ile sa fetola matshelo a bone ka tsela efe?
4 A o ko o sekaseke sekai seno. Mo masomeng a sekaenyana a dingwaga a a fetileng, lekawana lengwe le ne le ithuta kwa Yunibesithing ya Saskatchewan, kwa Canada. Nngwe ya dithuto tse a neng a di dira e ne e le thutotshelo, gape o ne a rutwa thutotlhagelelo. Fa a sena go aloga, o ne a tlhoma mogopolo fela mo go ithuteng fisikisi ya diatomo, a duelelwa dithuto tsa gagwe gore a tswelele pele a ithuta kwa Yunibesithing ya Toronto. Fa a ntse a ithuta, o ne a bona bosupi jo bo gakgamatsang tota jwa thulaganyo le tsela e diatomo di dirilweng ka yone. Mme go ne go sena ope yo o neng a araba dipotso tseno: Ke mang yo o dirileng dilo tseno tsotlhe? Leng? Le gone ka ntlha yang? Fa a sena dikarabo tseo, a tota o ne a ka kgona go dirisa kitso ya gagwe ka tsela e e botlhale mo lefatsheng le le neng le lwa ka nako eo? Ke eng se se neng se tla mo kaela? A ke moya wa bosetšhaba? Go eletsa maduo a dilo tse di bonalang? A eleruri o ne a bone botlhale jwa boammaaruri?
5 Go ne ga se ka ga feta nako e telele fa lekawana leo le sena go aloga, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba simolola go bona dikarabo go tswa mo Lefokong la Modimo tse ba neng ba sa di bone pele. Ba ne ba simolola go itse Mmopi e bong Jehofa Modimo. Ba ne ba ithuta gore go botlhokwa go boifa Modimo mme e seng batho, fa ba ne ba ithuta ka ga Moshe kwa Lewatleng le Lehibidu le ka ga Daniele le ditsala tsa gagwe kwa Babilone. (Ekesodo 14:10-31; Daniele 3:8-30) Ba ne ba simolola go tlhotlhelediwa ke poifo e e ntseng jalo ya bomodimo e na le go rata Jehofa ka tsela ya mmatota. Go ise go ye kae tsela yotlhe ya go tshela ga bone e ne ya fetoga. Kgabagare lekawana leno le ne la itse Ene yo o dirileng dilo tsele tse a neng a di ithuta mo thutotshelong. O ne a simolola go tlhaloganya maikaelelo a Ene yo botlhale jwa gagwe a bo boneng mo thutong ya gagwe ya fisikisi. Mo boemong jwa gore a dirise kitso ya gagwe go dira didirisiwa tse di neng di tla nyeletsa mongwekaene, ene mmogo le mosadi wa gagwe ba ne ba batla go thusa ba bangwe go rata Modimo le go rata baagisani ba bone. Ba ne ba ikwadisetsa tirelo ya nako e e tletseng jaaka baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Moragonyana, ba ne ba tsena Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate mme ba romelwa kwa dinageng tse dingwe jaaka barongwa.
6. Fa e le gore re na le botlhale jo bo itsetsepetseng mo go boifeng Jehofa, ke dilo dife tse di senang mosola tse re tla tilang go di latelela, mme ke eng se re tla se dirang mo boemong jwa tsone?
6 Ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o ka nnang morongwa. Mme rotlhe re ka itumelela botlhale jo bo tswang mo go boifeng Jehofa. Fa re tlhagolela botlhale joo, re tla bo re sa gakalele go bapala difilosofi tsa batho ba tota ba fopholetsang fela ka se botshelo bo leng sone. Re tla bo re dira ka natla gore re ithute Baebele, e e tlhotlheleditsweng ke Motswedi wa botshelo, Jehofa Modimo, ene yo o ka re nayang botshelo jo bo sa khutleng. (Pesalema 36:9; Bakolosa 2:8) Mo boemong jwa gore re nne makgoba a dipapatso tse le tsone di tla tlogang di senngwa, re tla tlhwaela kgakololo ya ga Jehofa tsebe gore re kgotsofalele dijo le diaparo, fa re ntse re dira gore kamano ya rona le Modimo e nne selo se se botlhokwa mo botshelong. (1 Timotheo 6:8-12) Go na le gore re itshware jaaka e kete isagwe ya rona e ikaegile ka go kokoanya dikhumo mo lefatsheng leno, re tla dumela Lefoko la ga Jehofa fa le re bolelela gore lefatshe le a feta mmogo le thato ya lone, mme yo o dirang go rata ga Modimo o nnetse ruri.—1 Johane 2:17.
7. (a) Diane 16:16 e re thusa jang gore re nne le mekgwa e mentle e e lekalekaneng? (b) Ke maduo afe a re a bonang fa re dira go rata ga Modimo gore e nne selo sa konokono mo matshelong a rona?
7 Diane 16:16 e a re kgothatsa ka go bolela jaana ka boammaaruri: “Go molemo jang go bona botlhale [botlhale jo bo simololang ka go boifa Jehofa] bogolo go gouta! Ee, go bapala tlhaloganyo go ka itshenkelwa bogolo go selefera.” Botlhale le go tlhaloganya mo go ntseng jalo go tla re tlhotlheletsa gore go dira go rata ga Modimo ke selo sa konokono mo matshelong a rona. Mme Modimo o neetse Basupi ba gagwe tiro efe mo nakong eno ya hisitori ya motho? Go rera ka Bogosi jwa gagwe le go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba nne barutwa ba mmatota ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Tiro eno ke e e nang le maduo a a kgotsofatsang tota le a a itumedisang thata. Go a utlwala he, go bo Baebele e bolela jaana: “Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale.”—Diane 3:13.
Tshireletso mo go Direng Bosula
8. (a) Bolela molemo wa bobedi o o tswang mo go boifeng Modimo. (b) Ke eng se se bosula se re sirelediwang mo go sone? (c) Poifo ya bomodimo e nna tlhotlheletso e e maatla jang?
8 Molemo wa bobedi o re o bonang fa re boifa Modimo ke wa gore re sirelediwa mo go direng bosula. Batho ba ba tlotlang Modimo thata ga ba itirele ditshwetso ka se se siameng le se se sa siamang. Se Modimo a reng se siame ga ba se lebe se le bosula, le gone ga ba tseye gore dilo tse Modimo a reng di bosula di siame. (Pesalema 37:1, 27; Isaia 5:20, 21) Mo godimo ga moo, motho yo o tlhotlhelediwang ke poifo ya bomodimo ga a felele fela ka go itse se Jehofa a reng se molemo le se a reng se bosula. Motho yo o ntseng jalo o rata se Jehofa a se ratang a bo a ila se Jehofa a se ilang. Seno se felela ka gore a dire go dumalana le ditekanyetso tsa Modimo. Ka gone, jaaka go boletswe mo go Diane 16:6, “batho ba kgaogana le bosula ka go boifa Jehofa.” Poifo e e ntseng jalo ya bomodimo e simolola go nna sengwe se se ba tlhotlheletsang go bona se motho a ka nnang a se ka a se dira ka nonofo ya gagwe fela.
9. Go eletsa thata ga mosadi wa kwa Mexico gore a se ka a dira dilo tse di sa itumediseng Modimo go ne ga mo tlhotlheletsa jang go dira tshwetso, mme matswela e nnile afe?
9 Lefa e le gore poifo ya bomodimo ke gone e simololang go tsena mo mothong, e ka nna ya mo nonotsha gore a tile go dira sengwe se a tla se ikwatlhaelang mo botshelong jwa gagwe jotlhe. Ka sekai, mosadi mongwe yo o neng a imile wa kwa Mexico o ne a botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka ga go senya mpa. Mosupi yono o ne a balela mosadi yono dikwalo di le mmalwanyana mme go tswa foo a bo a tlhalosa jaana: “Mmopi o tsaya botshelo bo le botlhokwa thata, tota le e leng botshelo jwa bao ba iseng ba tsholwe.” (Ekesodo 21:22, 23; Pesalema 139:13-16) Tlhatlhobo ya kalafi e ne ya mo akantsha gore losea lwa gagwe lo ka nna lwa tsholwa lo le segole. Mme jaanong, ka mosadi yono a tlhotlheleditswe ke se a se boneng mo Lefokong la Modimo, o ne a swetsa gore a tshole ngwana wa gagwe fela. Ngaka ya gagwe e ne ya gana go tlhola e mmona gape, mme monna wa gagwe o ne a mo tshosetsa gore o tla mo tlogela, mme o ne a nitame fela. Fa nako e ntse e ya, o ne a tshola ngwana wa mosetsana—a siame sentle, a itekanetse, e bile a le montle. O ne a ya go batla Basupi gore a ba leboge, mme ba ne ba simolola go ithuta Lefoko la Modimo le ene. Ene le monna wa gagwe ba ne ba kolobediwa mo lobakeng lwa ngwaga fela. Dingwaga di sekae moragonyana ba le kwa kopanong ya kgaolo, ba ne ba itumelela go kopana gape le Mosupi yo ba mmoneng la ntlha mme ba mo itsise morwadiabone yo montle yo o neng a na le dingwaga di le nnè. Go tlotla Modimo ka tshwanelo le go eletsa thata gore o se ka wa dira sengwe se se sa mo itumediseng eleruri go tlhotlheletsa thata mo botshelong jwa motho.
10. Poifo ya bomodimo e ka nonotsha batho gore ba tswe mo mefuteng efe ya go dira phoso?
10 Poifo ya bomodimo e a re nonotsha gore re se ka ra dira mefuta e mentsi ya bosula. (2 Bakorinthe 7:1) Fa e tlhagolelwa ka tshwanelo, e ka thusa motho go tlogela maleo a mo sephiring, a a itsiweng ke ene fela le Jehofa. E ka mo thusa gore a tlogele go nna lekgoba la go dirisa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang kana go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Motho mongwe yo pele a neng a tshwakgotswe ke diokobatsi mo Afrika Borwa o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke ntse ke nna le kitso ya Modimo, le nna ke ne ka simolola go boifa go mo utlwisa botlhoko kana go dira sengwe se se tla dirang gore a se ka a itumela. Ke ne ke itse gore o ntebile, mme ke ne ke eletsa gore a nkamogele. Go ne ga ntira gore ke nyeletse diokobatsi tse ke neng ke na le tsone ka go di tsamaisa le metsi a ntlwana ya boithomelo.” Poifo ya bomodimo e thusitse batho ba bangwe ba le diketekete ka ditsela tse di tshwanang.—Diane 5:21; 15:3.
Tshireletso mo go Boifeng Batho
11. Go boifa Jehofa ka tshwanelo go ka re sireletsa mo serung sefe se se tlwaelegileng?
11 Gape go boifa Modimo mo go siameng go re sireletsa mo go boifeng batho. Batho ba le bantsi ba tsenwa ke go boifa batho ka selekanyo se segolwane kana se sennye. Tota le e leng baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba mo tlogela mme ba tshaba fa a ne a tshwarwa ke masole kwa tshimong ya Gethesemane. Moragonyana, kwa lwapeng lwa moperesiti yo mogolo, Petere ka go sa itsetsepele e bile a boifa thata, o ne a itatola gore e ne e le mongwe wa barutwa ba ga Jesu le gore tota o ne a mo itse. (Mareko 14:48-50, 66-72; Johane 18:15-27) Mme lefa go ntse jalo barutwa ba ne ba thusiwa gore ba itsetsepele semoyeng gape. Mo letlhakoreng le lengwe, mo metlheng ya ga Kgosi Jehoiakime, Uria morwa Shemaia o ne a fentswe ke poifo tota mo a neng a tlogela tirelo ya gagwe jaaka moperofeti wa ga Jehofa mme a tshaba a tswa mo nageng, mme legale a fitlha a tshwarwa a bo a bolawa.—Jeremia 26:20-23.
12. (a) Diane 29:25 e re tlhalosetsa gore re ka sireletsega jang kgatlhanong le go boifa batho? (b) Re ka simolola jang go ikanya Modimo?
12 Ke eng se se ka thusang motho gore a fenye go boifa batho? Fa Diane 29:25 e sena go tlhagisa gore “poifo ya motho e tle e lere seru,” e oketsa jaana: “Mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.” Go ikanya mo go Jehofa ke gone go ka re thusang. Go ikanya mo go ntseng jalo go theilwe mo kitsong le mo boitemogelong. Re bona bosupi jwa gore ditsela tsa ga Jehofa di siame ka go ithuta Lefoko la gagwe. Re tlwaelana le dilo tse di supang gore re ka mo ikanya, gore ditsholofetso tsa gagwe ruri di tla diragala (go akaretsa le ya tsogo ya baswi), gore o na le lorato le nonofo jaaka mothatayotlhe. Go tswa foo fa re dira go dumalana le kitso eo, re dira dilo tse Jehofa a re kaelang gore re di dire re bo re gana se a re tlhagisang gore re se ka ra se dira, re a bo re simolola go lemoga go amega ga gagwe mo go lorato ka borona le go bona gore o ka ikanngwa. Re bona bosupi ka namana gore o dirisa nonofo ya gagwe gore a swetse thato ya gagwe. Go mo tshepa ga rona go a oketsega mme go dira gore re mo rate thata le go eletsa gore re tile go dira dilo tse di tla dirang gore a se ka a itumela. Go ikanya moo go agilwe mo motheong o o tiileng. Go direla jaaka dithako tsa phemelo kgatlhanong le go boifa batho.
13. Poifo ya bomodimo e ka re thusa jang kwa ditirong tsa rona tsa boitshediso, kwa gae, le kwa sekolong?
13 Fa re ikanya Jehofa, gape re na le poifo ya bomodimo, seo se tla dira gore re nitame mo go se se siameng fa mohiri a re tshosetsa gore re tla latlhegelwa ke tiro fa re gana go dira ditiro tsa kgwebo tse di sa ikanyegeng. (Bapisa Mika 6:11, 12.) Poifo ya bomodimo e e ntseng jalo e thusa diketekete di le dintsi tsa Bakeresete gore di nnele ruri mo kobamelong ya boammaaruri go sa kgathalesege gore ba ganediwa ke ba malapa a bone ba ba sa dumeleng. Gape e neela basha ba ba tsenang sekolo bopelokgale jwa go ipolela fa e le Basupi ba ga Jehofa, e bile e a ba nonotsha gore ba itshokele go tshegwa ke ba ba tsenang mo tlelaseng le bone ba ba sotlang ditekanyetso tsa Baebele. Ka gone, Mosupi mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome o ne a bolela jaana: “Tota se ba se akanyang ga se botlhokwa. Se Jehofa a se akanyang ke sone se se leng botlhokwa.”
14. Batlhanka ba ga Jehofa ba kgona go fenya jang le fa matshelo a bone a tshosediwa?
14 Go dumela ka tsela yone eo go nonotsha Bakeresete ba boammaaruri gore ba itsetsepele thata mo ditseleng tsa ga Jehofa le e leng fa matshelo a bone a le mo kotsing. Ba itse gore ba tshwanetse go lebelela gore ba bogisiwe mo lefatsheng. Ba lemoga gore baaposetoloi ba ne ba itewa le gore Jesu Keresete ka boene o ne a bediwa a bo a bolawa ke banna ba ba boikepo. (Mareko 14:65; 15:15-39; Ditiro 5:40; bapisa Daniele 3:16-18.) Mme batlhanka ba ga Jehofa ba na le tshepo e e tletseng ya gore o ka ba nonotsha gore ba itshoke; gore ka thuso ya Modimo ba ka fenya; gore Jehofa o tla duela ba ba ikanyegang a sa palelwe ke sepe—fa go tlhokega le e leng go ba tsosetsa mo botshelong mo lefatsheng la gagwe le lesha. Go rata Modimo le go nna le poifo ya bomodimo go ba tlhotlheletsa thata gore ba tile go dira sepe fela se se ka dirang gore a se ka a itumela.
15. Ke eng se se neng sa thusa Basupi ba ga Jehofa go boloka bothokgami jwa bone kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Nazi?
15 Tlhotlheletso eno e ne ya dira gore Basupi ba ga Jehofa ba kgone go itshoka ka bopelokgale mo dipogong tse di neng di tsitlisa marapo kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Nazi mo dingwageng tsa bo1930 le tsa bo1940. Ba ne ba utlwa kgakololo ya ga Jesu e e fitlhelwang mo go Luke 12:4, 5: “Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang. Ke tlaa lo tlhagisa ka ga yo lo tlaa mmoifang; ka re: Boifang ene yo e tlaa reng a sena go bolaya, a bile a na le thata go latlhela mo moleteng, ee, ke a lo raya, boifang ene.” Ka gone Gustav Auschner, Mosupi yo o neng a le kwa kampeng ya pogisetso e e kwa Sachsenhausen, o ne a kwala jaana moragonyana: ‘Masole a SS a ne a hula August Dickmann ba bo ba re tshosetsa gore ba ne ba tla re hula rotlhe fa re ne re sa saene pampiri ya gore re itatole tumelo ya rona. Ga go na ope wa rona yo o neng a saena. Re ne re boifa thata go sa itumedise Jehofa go na le marumo a bone.’ Go boifa batho go dira gore motho a ineele, mme go boifa Modimo go mo dira gore a nitame mo go se se siameng.
Go Boloka Botshelo
16. Ke eng se se neng sa thusa Noa gore a itsetsepele mo tseleng e e siameng mo masomeng a dingwaga ka go latelana ga one go fitlha Morwalela o tla, mme o ne a bona diphelelo dife mmogo le ba lelapa la gagwe?
16 Noa o ne a tshela mo metlheng ya bofelo ya motlha wa pele ga morwalela. Jehofa o ne a iketleeditse go senya lefatshe le le boikepo la motlha oo ka ntlha ya bosula jwa motho. Lefa go ntse jalo, fa go santse go le jalo, Noa o ne a le mo lefatsheng leo le le neng le tletse bothubaki, boitsholo jo bo sa siamang tota, le boikutlo jwa go sa tseye tsia thato ya Modimo. Lefa Noa a ne a rera tshiamo, “[ba ne ba sa tseye tsia, NW] morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe.” (Mathaio 24:39) Lefa go ntse jalo Noa o ne a se ka a kgoreletsega mo go direng tiro e Modimo a neng a mo e neetse. O ne a dira “mo go tsotlhe tse Modimo o di mo laoletseng, a dira fela jalo.” (Genesise 6:22) Ke eng se se neng sa dira gore Noa a tshware tsela e e tshwanetseng ngwaga le ngwaga go fitlha Morwalela o tla? Bahebere 11:7 e araba jaana: “Ka tumelo Noa, e rile a tlhagisitswe ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonale, a sutelediwa ke poifo ya Modimo.” Go ne ga felela ka gore ene le mosadi wa gagwe le barwa ba bone le basadi ba bone ba bolokwe ka nako ya Morwalela.
17. (a) Go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba dira eng, ke eng se re tshwanetseng ra se dira? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba boifang Jehofa e le ba ba itumetseng tota?
17 Re tshela mo motlheng o o tshwanang le motlha wa ga Noa ka ditsela di le dintsi. (Luke 17:26, 27) Le mo motlheng ono go neelwa tlhagiso. Tshenolo 14:6, 7 e re bolelela ka moengele yo o fofang fa gare ga legodimo yo o rotloetsang batho ba tšhaba nngwe le nngwe le lotso le puo go ‘boifa Modimo le go mo naya kgalalelo.’ Go sa kgathalesege se lefatshe le le go dikologileng le se dirang, tlhwaela mafoko ao tsebe, mme go tswa foo o bo o laletsa le ba bangwe. Fela jaaka Noa, dira ka tumelo o bo o bontshe poifo ya bomodimo. Fa o dira jalo o ka boloka botshelo jwa gago le matshelo a ba bangwe ba le bantsi. Fa re ntse re akanya ka melemo e e itumelelwang ke batho ba ba boifang Modimo wa boammaaruri, re ka dumalana fela le mopesalema yo o tlhotlheleditsweng yo o neng a opela jaana: “Go sego monna yo o boifang Jehofa, yo o kgatlhegang thata mo ditaolong tsa gagwe.”—Pesalema 112:1.
O ne o Tla Araba Jang?
◻ Ke melemo efe e mengwe e e tlhomologileng e re e bonang fa re boifa Modimo wa boammaaruri?
◻ Botlhale jo bo itsetsepetseng mo poifong ya bomodimo bo ka re sireletsa jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa poifo ya bomodimo e re thibela go dira bosula?
◻ Poifo ya bomodimo e re sireletsa jang mo go boifeng batho?
◻ Poifo ya bomodimo e ama tsholofelo ya rona ya go tshela mo isagweng jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
“Go sego monna yo o boifang Jehofa, yo o kgatlhegang thata mo ditaolong tsa gagwe.”—Pesalema 112:1