LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 3/15 ts. 21-24
  • Re ka se Tlogele Tiro!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re ka se Tlogele Tiro!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Se se Dirang Gore ba Itumele
  • Go Batla go Fetoga le Seemo
  • Go Itshokela Mathata a Botsogo
  • Go Santse go Tshwenya
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 3/15 ts. 21-24

Re ka se Tlogele Tiro!

“RE KA SE TLOGELE TIRO” ano ke mafoko a o ka akanyang gore batho ba ba nnang kwa legaeng lengwe le le sa tlwaelegang kwa Tokyo kwa Japane ba a a bua. Go nna lelapa la banna le basadi ba le 22 ba mongwe le mongwe wa bone a ka tshwarang dingwaga tse 70. Ga ba utlwane ka go bo e le masika mme ke ka go bo ba kgatlhegela selo se le sengwe fela—tirelo ya borongwa. Palokakaretso ya dingwaga tse ba di feditseng mo tirong ya go rera ba sa kgaotse ke 1 026! Ba bararo ba ba leng bagolo mo go bone botlhe ka dingwaga, ba tshotswe ka 1910. Ba le supa mo go bone ba ne ba simolola tirelo ya bone ya nako e e tletseng ba sa le mo dingwageng tsa bolesome. Ba le robongwe mo go bone ba iponetse ka matlho kgolo ya tiro ya go rera ka Bogosi mo Japane fa e ne e simologa morago ga Ntwa ya Lefatshe II.—Isaia 60:22.

Lefa go ntse jalo, kago eno ya matlhatlaganyane a marataro e e kileng ya bo e le ya lekala la Watch Tower, ke lefelo le le kgothatsang, segolobogolo ka lebaka la mokgwa, tsela e barongwa ba ba nnang koo ba dirang dilo ka yone. Lefa gone bontsi jwa bone ba sa kgone go dira mo gontsi ka lebaka la bogodi le botsogo jo bo seng bontle mo mmeleng, ga go na bape ba batlhabani bano ba semoya ba ba ipaakanyeditseng go tlogela tiro. Basupi ba kwa Japane ba ile ba tlhabolola kago ya bone yotlhe fela, le go ba direla Holo ya Bogosi kwa tlase ga kago le lefiti e e palangwang.

Se se Dirang Gore ba Itumele

Barongwa bano ba ikutlwa ba le kwa gae ka gore ga ba bolo go direla mo kabelong ya bone ka dingwaga tse dintsi thata. Mongwe wa ba bagolo mo go bone ka dingwaga mo legaeng leo o ne a bolela jaana: “Fa ke ne ke ile kopanong ya kgaolo kwa Australia mo selemong se se fetileng, ke ne ke setse ke ikutlwa ke batla go boela gae morago ga dibeke tse pedi!” Ba rata batho ba ba ba direlang mme ba ile ba tlwaela go ba rata fela thata. Barongwa bano botlhe ba anaanela makwalo le go founelwa mo go ba gopotsang ditiragalo tsa malatsi a a fetileng.

Matswela a go direla ka tlhoafalo ke one ao. Ka go bo ba tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa, barongwa bano ba ile ba rera Lefoko la Modimo ka potlako mo maemong a a farologaneng. (Bapisa 2 Timotheo 4:2.) “Re ithutile go ipela fela ka gore re direla Jehofa,” go bolela jalo Vera MacKay, yo o diretseng kwa Japane ka dingwaga tse 37. “Lefa go sena ope yo o tswelang kwantle go re reetsa, re ikemiseditse go neela bosupi ka Jehofa.”

Ba le lesomepedi ba barongwa bano ga ba ise ba ko ba nyalwe mme ba itumelela go bo ba kgona go direla Morena ba sa akgaakgege. (1 Bakorinthe 7:35) Gladys Gregory yo o diretseng jaaka morongwa ka dingwaga tse 43, ke mongwe wa bone. O bolela jaana: “Ke ne ka tsenelela tirelo ya bobulatsela e le gore ke nne le kgololesego e e oketsegileng ya go direla Jehofa mme moragonyana ke ne ka ya kwa Gileate [Sekolo sa Baebele sa Watch Tower sa Gileate] mme go tswa foo ka tsenelela tirelo ya borongwa. Lefa gone ke sa ikana go nna ke sa nyalwa, ke ne ka nna ke sa nyalwa mme le ka motlha ga ke ise ke ko ke ikwatlhaele seo fela jaaka ditsala tse dingwe tsa me.”

Go Batla go Fetoga le Seemo

Lefa batho ba bangwe ba nna dingalo fa ba tsofala, barongwa bone ba ntse ba ikemiseditse go fetoga le seemo. Lois Dyer, Molly Heron, le Lena le Margrit Winteler ba ne ba nna mo legaeng le lebotlana la barongwa mo Tokyo. Ba ne ba nna koo ka dingwaga tse di fetang 20 mme ba tlwaelana thata le batho ba mo lefelong leo. Mo ditshimong tsa bone, bomorwadia Winteler ba ne ba na le batho ba le 40 mo tselaneng ya bone ya dimakasine mme Molly le Lois ba na le ba le 74 mo go ya bone. Mme Mokgatlho o ne wa ba kopa gore ba fudugele kwa legaeng la barongwa le le nang le matlhatlaganyane a marataro mo bogareng jwa Tokyo. Lena o bolela jaana a dumela: “Kwa tshimologong ke ne ke kgobegile marapo e bile ke utlwile botlhoko.” Lefa go ntse jalo, ba ne ba tlwaela kabelo ya bone e ntšha fela jaaka gale. Jaanong ba ikutlwa jang? “Re itumetse fela thata,” Lena o araba jalo. “Jaanong go na le bakaulengwe ba le babedi ba kwa Bethele ba ba re apeelang le go re phepafaletsa legae. Re tlhokometswe sentle.” Botlhe ba dumalana le Lois yo o bolelang jaana: “Tlhokomelo ya lorato e re e fiwang ke phuthego ya ga Jehofa e re thusa gore re se ka ra kgaotsa.”

Norrine Thompson le ene o ne a tlwaela maemo a masha. O bolela jaana: “Ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsamaya le monna wa me [yo o tswang kwa New Zealand] ka dingwaga di le 15 mo tirong ya kgaolo fa Japane yotlhe e ne e le kgaolo e le nngwe fela.” Lefa go ntse jalo, botsogo jwa monna wa gagwe bo ne jwa senyegela pele mme o ne a tshwanela go fenya teko e kgolo go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa gagwe, fa a ne a tlhokafala dingwaga tse 18 tse di fetileng. O bolela jaana: “Ka nako eo, ke ne ka thusiwa ke lorato lo ke lo bontshitsweng ke bakaulengwe go ralala Japane, mmogo le go rapela le go tshwarega mo tirelong gore ke kgone go tswelela mo tirong ya borongwa.”

Go Itshokela Mathata a Botsogo

“Bontsi jwa bone ba na le mathata a a farologaneng a botsogo mme ba itumetse e bile keletso ya bone ya go direla ke nonofo e e tlhomologileng,” go bolela jalo Albert Pastor, molebedi wa legae la barongwa. Go abetswe ngaka le mosadi wa gagwe wa mooki kwa legaeng leo gore ba tlhokomele barongwa.

Letsatsi lengwe dingwaga tse tharo tse di fetileng, Elsie Tanigawa, sealogane sa tlelase ya bo11 sa Sekolo sa Gileate, o ne a foufala mo leitlhong la molema. Morago ga dikgwedi tse nne, leitlho la gagwe le le ka fa mojeng le lone le ne la foufala. Elsie o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke kgobega marapo go le gonnye ka gore ga ke sa tlhole ke kgona go dira jaaka ke ne ke dira pele. Mme ka ditlamelo tsa bopelonomi tsa Mokgatlho le thuso e e lorato ya molekane wa me le ba bangwe, ke tswelela go ipela fa ke ntse ke direla Jehofa.”

Shinichi Tohara le mosadi wa gagwe, Masako, ba ba neng ba tsena le Elsie mo tlelaseng kwa Gileate, ba ile ba lebana le diteko tse di mabapi le botsogo jwa bone mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Shinichi yo e leng sebui se se nang le bokgoni, o lebanye le kgwetlho e kgolo ka gore ga a kgone go bona dintlha tse a di kwadileng ka gore ga a kgone go bona sentle. Lefa gone a ile a arwa dikaro tse dikgolo le tse dinnye mo dingwageng tsa bosheng, matlho a gagwe a tlala ka boitumelo fa a bua ka moithuti mongwe wa Baebele yo o nang le dingwaga tse 90 yo a mo thusang gone jaanong.

Kwantle ga go nna le “mutlwa mo nameng,” barongwa bano ba tsaya makoa a bone jaaka maoposetoloi Paulo, yo o neng a bolela jaana: “Mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.” (2 Bakorinthe 12:7-10) Mme gone a bo ba le thata jang ne! Letsatsi le letsatsi ka nako ya bosupa ba a bo ba le teng kwa thulaganyong ya temana ya letsatsi ya mo mosong. Morago ga sefitlholo, ba ba nang le nonofo ya go ya tirelong ya tshimo ya mo mosong ba a tsamaya.

Richard le Myrtle Shiroma ke bangwe ba ba ba yang tirelong ya tshimo ka metlha. Myrtle o setse a kile a tshwarwa ke setorouku se se neng sa bakiwa ke go bo ditshika tsa gagwe tsa boboko di ne tsa simolola go tsenwa ke bolwetsi jwa go swa ga ditshika ka 1978, mme o ne a tsamaya le monna wa gagwe mo tirong ya go eta go fitlha ka November 1987. Jaanong Richard yo o nang le dingwaga tse 70, o thusa Myrtle go dira sengwe le sengwe. O tsoga ka 5:00 a.m., a bo a mo tsosa, a mo tlhapisa, a mo apesa, a mo tshasa dintlafatsi a bo a mo jesa. Go tswa foo o mo tsamaisa ka setilo sa gagwe sa maotwana ba bo ba ya tirelong ya tshimo moso le moso, ba tsena ka ntlo le ntlo ka selekanyo sa ura ba bo ba rerela batho ba ba mo maemelong a dibase moragonyana. Myrtle ga a sa tlhole a kgona go bua, mme mafoko a a neng a a bua la bofelo e ne e le Dendo, dendo a ka Sejapane a rayang “Go rera, go rera.”

Morwadiabone, Sandra Sumida, o fudugetse kwa legaeng la barongwa go ba thusa. Sandra o sa tswa go tlhokafalelwa ke monna wa gagwe yo o rategang ka ntlha ya bolwetsi jwa pelo. O anaanela se Mokgatlho wa Watch Tower o se mo diretseng ka go mo abela go ya go direla kwa Japane go tswa kwa Guam, kwa a neng a diretse teng e le morongwa le monna wa gagwe. O bolela jaana: “Ke ne ke tlhola ke akanya gore ga ke dire ka selekanyo se segolwane go thusa batsadi ba me ka gore ke ne ke le kwa Guam. Morwadiarre, e bong Joanne, o ne a ba tlhokomela mo legaeng le. Ka jalo fa ke ne ke bulegelwa ke sebaka, ke ne ka itumela. Go ikutlwa ke tlhokega fano, go ne ga nkalafa fa e sa le monna wa me a tlhokafala ka tshoganetso.”

Go Santse go Tshwenya

Lefa gone barongwa ba utlwa manokonoko a botsofe, ba gana go tlogela moya wa bone wa borongwa. (Pesalema 90:10; Baroma 5:12) Jerry le Yoshi Toma ba ba neng ba le gare ga baalogi ba ntlha ba Gileate go tla mo Japane, ba santse ba ya tshimong mo lefelong la kgwebo la Shibuya. Yoshi o bolela jaana: “Fa re ne re tsena fa kagong ya matlhatlaganyane a mabedi e e neng e agilwe fa ka 1949, re ne re tswa mo mogwafatsheng re tsena mo go o mongwe. Jaanong Tokyo o fetogile ke toropo ya segompieno. Re tsofetse mme ka jalo ga re kake ra kgona go dira jaaka pele. Mme fa re tswa go rera, re tla re lapologetswe tota.”

Lillian Samson ga a bolo go nna morongwa ka dingwaga tse 40 kwa Japane, e bile o ipelela bodiredi jwa gagwe fela thata. “Jaanong ke thusa mosadi mongwe yo o nang le dingwaga tse 80 yo o neng a ithuta le modirikanna, Adeline Nako, yo jaanong a boetseng kwa Hawaii go ya go tlhokomela mmaagwe yo o lwalang. Mosadi yoo o sa tswa go nna mmoledi wa Bogosi morago ga go fenya bothata jwa go obamela badimo. O ne a ya kwa tempeleng mme a raya mosadi wa moruti a re: ‘Ke sokologetse mo Bokereseteng!’” Ka go bo Lillian a na le mabaka a go ipela a a tshwanang le ao mo botshelong jwa gagwe, le ka motlha ga a ise a ko a ikwatlhaele nako e a neng a tlogela tiro ya gagwe ya boitshediso fa a ne a na le dingwaga tse 19, mme a bo a simolola go bula tsela.

Ruth Ulrich le Martha Hess ba ba sa leng ba nna badirimmogo ba barongwa ka dingwaga tse di fetang 45, ba diretse mo legaeng le la barongwa ka dingwaga tse 35. Batho ba ba itse sentle mo tshimong. Molebedi wa potologo mongwe letsatsi lengwe o ne a kopa Martha jaana: “A o ka nkadima sefatlhego sa gago gore ke ye ka sone ka ntlo le ntlo?” Batho ba ne ba tlwaetse sefatlhego sa ga Martha mme ba ne ba tsaya dimakasine, fa molebedi wa potologo ene a ne a thatafalelwa ke go simolola metlotlo.

Go na le mosadi mongwe yo o sa kgoneng go bala ka ntlha ya mathata a botsogo mo tselaneng ya ga Ruth ya dimakasine. Gone mme, mosadi yoo o tswelela go amogela dimakasine e bile o amogetse buka ya khabara e e thata ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo. Ruth o ne a ipotsa gore a o ne a tshwanetse go tswelela a isa dimakasine ka gore go ne go sa lebege go na le ope yo o di balang. Letsatsi lengwe monna wa mosadi yoo o ne a atamela Ruth a tshwere buka ya Matsapa, a bolela jaana: “Buka eno e molemo thata! Ke e badile gabedi ka e fetsa.” Ruth o ne a simolola thuto ya Baebele le ene mmogo le mosadi wa gagwe.

Legae leno la barongwa ka bolone le gogela batho ba ba kgatlhegang. Mo maitseboeng mangwe, monna mongwe yo mmotlana o ne a tla kwa legaeng mme a re: “Ke utlwile go twe fa ke ka tla fa, ke ka kgona go bona thuso ya go ithuta Baebele.” Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene. O ne a bereka jaaka moapei mo marekisetsong a dijo a Batšhaena mme o ne a bereka le mosadi mongwe yo o neng a sa bolo go kgaolwa ka dingwaga tse dintsi. Fa mmoledi mongwe a ne a sena go tsamaisa dimakasine kwa marekisetsong ao a dijo, di ne tsa tsewa ke mongwe mo kitsing. Moapei yo mmotlana yoo o ne a di rata mme a simolola go botsa Mosupi yoo wa pele dipotso. Ka gore o ne a palelwa ke go di araba, o ne a mo raya a re a etele kwa legaeng la barongwa. Jaanong o direla jaaka motlhanka wa bodiredi le mmulatsela. Fa nako e ntse e tsamaya, mosadi yo o kgaotsweng yoo o ne a busediwa, mme kwa bofelong le ene a nna mmulatsela wa ka metlha.

Barongwa botlhe mo legaeng ba anaanela se Jehofa a se ba diretseng. Ba ne ba tswa kwa Australia, Canada, Hawaii, Switzerland, le United States, mme ba le 11 ba ne ba tswa mo tlelaseng ya bo 11 kgotsa mo ditlelaseng tsa pele tsa sekolo sa barongwa sa Gileate. Ba iponetse kgatelopele ya tiro ya Bogosi kwa Japane ka matlho mme ba ikutlwa jaaka Kgosi Dafite, yo o neng a re: “Nkile ka ne ke le lekau mme jaana ke tsofetse; le fa go ntse jalo ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe, le fa e le bana ba gagwe ba legalegela dijo.” (Pesalema 37:25) Ka lebaka la go bo ba anaanela tsela e Modimo a ba tlhokometseng ka yone ka lorato, barongwa bano ba ikemiseditse go tswelela ba direla Jehofa ba sa kgaotse.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela