Bagolwane—Tlhokomelang Boikarabelo jwa Lona
“Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna.”—DITIHŌ 20:28.
1. Boikarabelo jwa Bokeresete bo kopanyeletsa eng?
JEHOFA MODIMO o neile bao ba leng mo phuthegong ya gagwe ya selefatshe boikarabelo jo bogolo. Mme tota boikarabelo ke eng? Ke selo sa botlhokwa seo se neetsweng motho yo o tshwanetseng go ikarabelela ka sone. Boikarabelo jwa Bokeresete bo kopanyeletsa sekao sa “mahoko a a tshedileñ,” boammaaruri joo bo neelwang ka Dikwalo mme bo abiwa ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” jaaka “diyō ka dipaka tse e leñ cōna.” (2 Timotheo 1:13, 14; Mathaio 24:45-47) Boikarabelo jono bo kopanyeletsa bodihedi jo bo amanang le boammaaruri, joo bo tshwanetseng go rerwa ka mo teng le ka kwantle ga phuthego. (2 Timotheo 4:1-5) Baboledi ba Bogosi, go kopanyeletsa le bagolwane ba ba tlhophilweng ka moya, ba tshwanetse go tseela boikarabelo jono kwa godimo jaaka jo bo botlhokwa fela thata.
2. Bagolwane ba na le boikarabelo bofe jo bo oketsegileng, mme Petere o ne a bua eng kaga jone?
2 Bagolwane ba Bakeresete ba na le boikarabelo jo bo oketsegileng—boikarabelo jwa go disa letsomane la Modimo. Mabapi le seno, moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Bagolwane ba ba mo go lona kea ba laea, ke le mogolwane ka bōnè, le moshupi oa dipogishō tsa ga Keresete, ke bile ke le eo o nañ le kabèlō mo kgalaleloñ e e tla senolwañ: Ka re, Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le ka mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ. Me e tla re mogañ Modisa eo mogolo o bōnatsiwañ, lo tla bōna serwalō sa kgalalèlō se se sa ōnaleñ.”—1 Petere 5:1-4.
3. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna metswedi ya eng?
3 Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go “nna yaka boipotelecō mo phehoñ, le boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ, yaka moruti oa lehika ye legolo mo nageñ e e lapisañ.” (Isaia 32:1, 2) Seno se raya gore bagolwane ba tshwanetse go nna metswedi ya polokesego, kagiso, le go tlhomama mo letsomaneng la batlhanka ba seka-dinku ba Modimo. Go tla lopiwa “segolo” mo bagolwaneng, kana badisa ba babotlana, ba letsomane ka gonne ba ‘neilwe go le gotona.’ (Luke 12:48) Mme eleruri ba na le boikarabelo jwa botlhokwa jo ba tshwanetseng go bo tlhokomela.
Ke ka Ntlhayang lo bo Neetswe?
4. Ke ka ntlhayang fa go tlhokega bagolwane ba bantsi jaana?
4 Go nna gone ga diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe tse di fetang 60 000 go batla diketekete tsa banna ba ba tshwanelegang mo semoyeng go tlhokomela letsomane la Modimo. Go na le bagolwane ba le bantsi mo nageng nngwe le nngwe, mme seno se a ipedisa. Mo lefatsheng lotlhe go na le palogare ya baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang 60 mo phuthegong nngwe le nngwe. Ka gone, bagolwane ba na le tiro e ntsi go e dira.—1 Bakorintha 15:58.
5. Monna o newa boikarabelo jwa go direla jaaka mogolwane mo motheong ofe?
5 Fa e le gore o mogolwane, ke ka ntlhayang fa o neilwe tshiamelo e e segofaditsweng eno? Ke ka gonne o dirile dilo dingwe tse di rileng, ebile o tshwanelega mo semoyeng. Ka sekai, o tshwanetse wa bo o ithutile Lefoko la Modimo ka tlhagafalo. (Yoshue 1:7, 8) O tshwanetse wa bo o ile wa arola ka tlhagafalo mo bodiheding jwa tshimo, le go thusa ba bangwe go nna baboledi ba Bogosi. Ereka o ile wa ‘lekiwa pele,’ o ne wa direla jaaka motlhanka wa bodihedi ka boikanyego. O ne wa “eletsa,” kana o ne wa batla go tshwanelegela, go nna mogolwane, o lemoga gore go nna molebedi, ke “tihō e e molemō.” (1 Timotheo 3:1, 10) Jaaka Timotheo, o ne wa “bolèlwa ka molemō ke bakauleñwe.” (Ditihō 16:2) Fa go ne go akantshiwa gore o ka nna mogolwane, o tshwanetse wa bo o ne o setse o le mo dingwageng tsa bofelo tsa bo-20 kana o le mogolwane go feta foo o bile o na le boitemogelo mo botshelong. Phuthego e ne e go tlotla jaaka mokaulengwe yo o godileng mo semoyeng, yo o atamelesegang yoo o ka kgonang go naya kgakololo e e thusang ya Dikwalo le go tshola diphiri.—Diane 25:9, 10.
Ka Moo o ka Tlhokomelang Boikarabelo jwa Gago ka Gone
6, 7. Ke kgakololo efe eo 1 Timotheo 4:13-15 e e nayang go thusa monna go tlhokomela boikarabelo jwa gagwe jaaka mogolwane?
6 Ee, fa e le gore o mogolwane, o ne wa neelwa boikarabelo jwa Bokeresete jwa go lebela ka mabaka a a utlwalang. Mme abo o ile wa ikutlwa o le motlotlo jang ne! Mme o ka tlhokomela boikarabelo jwa gago jang?
7 Tsela e nngwe ya go tlhokomela boikarabelo jwa gago jaaka mogolwane ke go dira ditiro tsa gago ka tshepo le ka tlhagafalo. Rotlhe re na le boikarabelo jo bo sa tshwaneng mo phuthegong ya ga Jehofa. Ka gone, dira kabelo ya gago, mme o kgotsofalele go ‘itshwara jaaka yo mmotlana.’ (Luke 9:46-48; bapisa Baatlhodi 7:21.) Rata ditshiamelo tsa gago, mme le ka motlha o seka wa ‘dira ka seatla se se bolea.’ (Diane 10:4) O seka wa ema felo go le gongwe, mme ka thuso ya ga Jehofa, dira botswelelopele mo dikarolong tsotlhe tsa bodihedi. Eleruri, sala morago kgakololo eno e moaposetoloi Paulo a e neileng Timotheo: “U tlhōkōmèlè go bala, le go laea, le go ruta, . . . U se ka ua tlhokomologa nèō e e mo go wèna, e u e neilweñ ka perofeshō e pataganye le peèō ea diatla tsa bagolwane. U tlo u tlhōahalè mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago; gore bocwèlèlō pele yoa gago bo bōnatshègè mo go botlhe.”—1 Timotheo 4:13-15.
8. Ke eng se se tla thusang mogolwane go naya kgakololo e e utlwalang le go naya sengwe seo se nonotshang mo semoyeng kwa dipokanong?
8 Tlhomamisa gore o tshegetsa thulaganyo e e molemo, e e nang le mosola ya thuto ya botho. Jaaka mogolwane, o lebeletswe ka tshwanelo gore o neye kgakololo e e utlwalang ya Dikwalo. Go itlhomelela boikarabelo jono, a o badile Bibela yotlhe ka tlhatlhanyo, ka gongwe ka makgetlo a le mantsi? (Diane 15:28) Go tweng ka dikabelo tsa gago tsa kwa seraleng? Di baakanyetse sentle, o kopa thuso ya ga Jehofa ka thapelo gore o tle o neye bao ba leng gone kwa dipokanong sengwe se se nonotshang mo semoyeng. Bagolwane segolo bogolo ba tshwanetse go ‘bua seo se leng molemo go aga, gore se tle se solegele bareetsi molemo.’—Baefesia 4:29; Baroma 1:11.
9. Go ya ka 2 Timotheo 4:2, ke eng se mogolwane a tshwanetseng go se dira?
9 Jaaka mogolwane, reetsa kgothatso eno ya ga Paulo: “Rèra lehoko; u tlhōahalè go le lobaka le go se lobaka; u tlhotlhomisè, u kgalemèlè, u laeè ka bopelotelele yotlhe le ka go ruta.” (2 Timotheo 4:2) Paulo o ne a amegile ka botenegi ka gonne bangwe mo phuthegong ba ne ba ‘lwa ka ntlha ya mafoko,’ ba ineetse mo ‘dipotsong tsa bonyana,’ ba bile ba ‘sa iteseletse go utlwa boammaaruri.’ (2 Timotheo 2:14-18, 23-25; 3:8-13; 4:3, 4) Lefa go ntse jalo, lefa phuthego e ne e itemogela nako e e nang le mathata kana e e itumedisang, Timotheo o ne a tshwanetse go “rèra lehoko.” Seno se ne se tla nonotsha badumedi-ka-ene go ganana le botenegi. Go ntse fela jalo le gompieno, bagolwane ba tshwanetse go rera Lefoko, kana molaetsa wa Modimo o o tsenelelang, o o fitlhelelang pelo mme ba kgothaletse go kgomarela ditekanyetso tsa ga Jehofa.—Bahebera 4:12.
10. Ke ka ntlhayang fa mogolwane a tshwanetse go direla ka metlha mo bodiheding jwa tshimo le maloko a lelapa la gagwe gammogo le ba bangwe?
10 Gore a kgone go tlhotlheletsa ba bangwe ka go bua, mogolwane o tshwanetse go tshela tumalanong le Lefoko la Modimo. Mme o tla bo a sa tlhokomele boikarabelo jwa gagwe ka botlalo fa a “rèra lehoko” fela kwa seraleng mo teng ga phuthego. Mo go one mafoko ao Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “U dihè tihō ea motsamaisa Mahoko a a Molemō.” Go ‘swetsa bodihedi jwa gago ka botlalo’ jaaka mogolwane, o tshwanetse go rera Lefoko la Modimo ‘mo ponong le ka ntlo le ntlo.’ (2 Timotheo 4:5; Ditihō 20:20, 21) Ka gone, dira bodihedi jwa tshimo le maloko a lelapa la gago. Seno se ka dira gore go nne le kgolagano ya semoya fa gare ga gago le mosadi wa gago mme se tla thusa bana fela thata. Senya nako gape, mo go aroleng le maloko a mangwe a phuthego mo tirong ya go rera. Seno se nonotsha dikgolagano tsa semoya mme se oketsa lorato lwa bokaulengwe. (Yohane 13:34, 35) Legale, mogolwane o tshwanetse go lwela go lekalekanya go kgaoganya ga gagwe nako fa gare ga lelapa la gagwe le phuthego. Go dirisa tlhaloganyo go tla mo kganela go dirisa nako ya gagwe e ntsi mo go e nngwe ya tsone, a tlhokomologa e nngwe, seo se ka nnang kotsi mo go yone.
11. Ke ka ntlhayang fa mogolwane a tshwanetse go dira ka natla go oketsa kgono ya gagwe ya go ruta?
11 Go tlhokomela boikarabelo jwa gago jaaka mogolwane, o tshwanetse gape wa dira ka natla go oketsa nonofo ya gago ya go ruta. “Eo o rutañ, a a ineèlè mo go ruteñ ga gagwè,” go bua jalo Paulo, “kgotsa eo o laeañ, a a ineèlè mo go laeeñ ga gagwè.” (Baroma 12:7, 8) Ereka yo o rutang a ema fa pele ga ba bangwe jaaka mokaedi, ba tshwanetse go lebelela go le gontsi mo go ene. Fa mogolwane a dira phoso e e masisi mo go ruteng mme seno se dira bothata mo badumeding-ka-ene, o tla atlholwa ke Modimo. Ee, bao ba rutang ‘ba tla amogela kotlhao e e bokete bogolo.’ (Yakobe 3:1, 2; Mathaio 12:36, 37) Jalo bagolwane ba tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo mme ba tshwanetse go le dirisa mo botshelong. Jalo go ruta ga bone Dikwalo, go go tshegediwang ke go di dirisa ka bobone, go tla anaanelwa fela thata ke badumedi-ka-bone. Gape go tla sireletsa phuthego mo ditlhotlheletsong tse di sa siamang, go kopanyeletsa le tsa batenegi.
Tila Mamena
12. Ke kgakololo efe e e kileng ya gatisiwa mo lokwalo-pakeng lono eo e tla thusang mogolwane go tila go sa diriseng loleme sentle?
12 O ka tlhokomela boikarabelo jwa gago gape jaaka mogolwane ka go tila mamena. Lengwe la one ke go sa diriseng loleme sentle fa o ruta. Phuthego ya ga Jehofa e ile ya nna ya gatelela gore seno se tlhokomelwe. Ka sekai, lokwalo-paka lono mo tokololong ya lone ya May 15, 1897 ka Seesemane, lo ne lwa tlotla ka Yakobe 3:1-13 mme la bua jaana segolo bogolo ka bagolwane: “Fa ba le ditswerere mo puong seno e ka bo e le tshegofatso e ka yone ba ka tlisang dipalo tse dintsi tsa batho mo Moreneng, mo boammaaruring le mo tseleng ya tshiamo; kana, mo letlhakoreng le lengwe, fa ba bua se se phoso, loleme lo ka gobatsa fela thata—lwa gobatsa tumelo, boitsholo, le ditiro tse di molemo. Eleruri go boammaaruri gore mongwe fela yo o dirisang neo ya go ruta o na le boikarabelo jo bogolo fa pele ga Modimo le batho. . . . Mongwe le mongwe yo o tla nnang motswedi o mo go one go tswang Lefoko la Modimo, leo le nang le tshegofatso le bile le lapolosa le go nonotsha, o tshwanetse go tlhokomela gore metsi a a galakang, dithuto tsa maaka tseo di ka lereng kgobo, kana tsa gobatsa—tseo di sa tlotleng Modimo le tseo di sokamisang Lefoko la one—ga di a tshwanela go tswa mo go ene. Fa go tlhophiwa baeteledipele ga go a tshwanela go tlhokomologiwa gore a ba tshwanelega mo ‘lolemeng,’ jaaka lo tlhalosiwa fano. Mme ba ba nang le loleme lo lo bogale ga ba a tshwanelwa go tlhophiwa, mme go tlhophiwa ba ba boikobo, ba ba lekalekanyeng, bao ba ‘bopang’ maleme a bone e le gore ba ka ‘bua lefoko la Modimo’ ka kelotlhoko.” Abo go le botlhokwa jang ne gore mogolwane a dirise loleme lwa gagwe sentle!
13. Bagolwane ba tshwanetse go nna podimatseba jang mabapi le boitloso-bodutu?
13 Lemena le lengwe le le tshwanetseng go tilwa ke boitloso-bodutu jo bo feteletseng. Boitloso-bodutu bo tshwanetse go lapolosa le go aga, eseng go lapisa le go faposa Mokeresete. Mo godimo ga moo, balebedi ba tshwanetse go nna ‘tekatekano.’ (1 Timotheo 3:2) Fa go lekalekanya go dirisiwa mabapi le boitloso-bodutu, seno se tla go sireletsa le lelapa la gago mme o tla nna sekao se se molemo mo phuthegong. Ga o kake wa bo o baya sekao se se molemo fa e le gore, nako le nako, o a bo o tsamaile fela ka boikaelelo jwa go itlosa-bodutu ka mafelo-beke fa badumedi-ka-wena ba dira ka tlhagafalo mo bodiheding jwa tshimo. Mafoko a a molemo a tshwanetse go rerwa, mme bagolwane ba tshwanetse go etelela pele mo tirong eno jaaka baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi.—Mareko 13:10; Tito 2:14.
14. (a) Ke dikai dife tsa Dikwalo tseo di bontshang botlhokwa jwa gore mogolwane a itise kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo? (b) Bagolwane ga ba a tshwanela go itlhokomolosa kgakololo efe eo e ntseng e buiwa kgapetsa kgapetsa fa ba thusa bokgaitsadi ba bone ba semoya?
14 Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo ke lengwe la mamena a a tshwanetseng go tilwa. Boitsholo jo bo senyegileng jwa lefatshe bo ka tlhotlheletsa le eleng mogolwane fa e le gore ga a ganane le dithaelo tseo Satane a di dirisang mo maitekong a gagwe a go roba bothokgami jwa batho ba Modimo. (Bapisa Mathaio 4:1-11; 6:9, 13.) Gakologelwa gore fa maiteko a moperofeti Balame, a go hutsa Baiseraele a ne a palelwa, o ne a bolela gore Jehofa ka boene o ne a tla ba hutsa fa e le gore ba ne ba ka raelwa gore ba tsene mo kobamelong ya tlhakanelo-dikobo. Jalo Balame o ne a ruta kgosi ya Moaba Balake go “baea sekgopishō ha pele ga bana ba Iseraela, gore ba yè dilō tse di isedicweñ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le go diha kgokahalō.” A ba ne ba tila lemena leno? Nnyaa, ka go bo Baiseraele ba le 24 000 ba ne ba bolawa ke sebetso se se tswang kwa go Jehofa ka gonne ba ne ba nnile le bokopano jwa boitsholo jo bo sa siamang le basadi ba Bamoaba mme ba ne ba obametse medimo ya bone. (Tshenolō 2:14; Dipalō 25:1-9) Gakologelwa gape gore le eleng Dafide, ‘monna yo o neng a ratwa ke pelo ya Modimo,’ o ne a wela mo lemeneng la boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo. (1 Samuele 13:14; 2 Samuele 11:2-4) He, jaaka mogolwane, reetsa kgakololo eno eo e neelwang gangwe le gape ke “molebalebi eo o ikanyègañ” ya gore le ka motlha o seka wa gakolola kgaitsadi wa semoya o le nosi mme o nne le mogolwane yo mongwe fa o dira boikarabelo jono.—Luke 12:42.
15. Lelapa la mogolwane le ka mo thusa jang go tila lemena la dilo tse di bonalang?
15 Dilo tse di bonalang ke lemena le lengwe leo mogolwane a tshwanetseng go le tila. Kgotsofalela seo o nang le sone, o itse gore Jehofa o tla go naya se o se tlhokang. (Mathaio 6:25-33; Bahebera 13:5) Ruta lelapa la gago gore le nne le le somarelang, ka go bo go senya ke legodu leo le utswang nako le dithoto tseo di neng di ka dirisiwa go thusa lelapa, le eleng go tsenela bodihedi jwa tshimo, nonotsha phuthego, o be o beye dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele. Mogolwane a ka iponela molemo fa lelapa la gagwe le dirisana sentle le ene mo go seno mme a ka lebogela gore ga ba mo patelele go ba naya dilo tseo eleruri ba sa di tlhokeng. Ebile-tota, “bonnye, ha bo na le poihō ea ga Yehofa, bo molemō bogolo go khumō e kgolo, ha e na le lechwènyō.”—Diane 15:16.
“Lo Itisè”
16. Ke kgakololo efe e Paulo a neng a e naya balebedi ba kwa Efeso?
16 Fa e le gore bagolwane ba tla tlhokomela boikarabelo jwa bone, ba tshwanetse go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo eo e neng e ya kwa balebeding ba kwa Efeso. O ne a ba raya a re: “Lo itisè, lo bo lo disè locomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna. Kea itse ha e tla re ke sena go tsamaea go tla tsèna mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleñ lecomane; Le mo go lona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō. Me ke gōna disañ, lo nntse lo gakologèlwa ha e kile ea re ka lobaka loa dinyaga di le tharo, ka nna ka lo gakolola lotlhe ka dikeledi bosigo le motshegare.”—Ditihō 20:28-31.
17, 18. Ke kgakololo efe eo e neng ya gatisiwa mo makasineng ono dingwaga tse 80 tse di fetileng eo e santseng e dira mo bagolwaneng ba Bakeresete?
17 Go feta dingwaga tse 80 tse di fetileng, The Watch Tower ya (March 1, 1909) e ne ya tsopola kgakololo e e fa godimo ya ga Paulo eo e neng e ya kwa bagolwaneng-ka-ene mme ya akgela jaana: “Bagolwane gongwe le gongwe ba tshwanetse go tlhokomela seno ka mo go kgethegileng; ka gonne mo tekong nngwe le nngwe ba ba rategang segolo le ba ba kwa godimo ba nna le mathata le diteko tse dikgolo go gaisa. Ka gone [Jakobe] o kgothatsa jaana, ‘Lo seka lwa nna baruti lo le bantsi, bakaulengwe, lo itse gore motho o tla amogela diteko tse di botlhoko go gaisa.’ Le rona, ka mo go tshwanang, re kgothatsa Bagolwane botlhe bao dipelo tsa bone di leng phepa, di seng bogagapa, gore ba seka ba nna le sepe fela fa e se lorato le go eleletsa batho botlhe molemo, le gore ba nne ba tladiwe gangwe le gape ka maungo a masego a Moya o o boitshepo, gape ba reetsa letsomane. Gakologelwang, gore letsomane ke la Morena le gore le ikarabelela mo Moreneng, gammogo le mo go lone. Gakologelwang, gore lo lebeletse meya [dikgatlhego] ya bone jaaka bao lo tla ikarabelelang ka bone fa pele ga Modisa yo Mogolo. Gakologelwang, gore selo se segolo thata ke Lorato, mme mo go tsotlhe; lefa lo sa tlhokomologe dithuto, lo tlhokomeleng ka mo go kgethegileng go dira ga Moya wa Morena mo malokong a a farologaneng a Mmele wa gagwe, e le gore ba ka nna ‘bao ba tshwanelegelang boswa jwa baitshepi mo leseding,’ le, go ya ka go rata ga Modimo, ba seka ba nna ba ba bogetseng go kgotswa mo letsatsing leno le le bosula, mme, fa ba setse ba dirile sotlhe, ba eme ba feletse mo go Keresete, e le Mmele wa gagwe, Maloko a gagwe, Baintsha-setlhabelo mmogo nae, le Barua-boswa mmogo nae.”
18 Mafoko ao a ne a lebisitswe kwa bagolwaneng bao ba tloditsweng ka moya le badumedi mmogo nabo go ya ka go tlhaloganya le maemo a phuthego ya ga Jehofa mo malatsing ao a pele. Lefa go le jalo, abo kgakololo eo e santse e tshwanela jang ne le gompieno! Ekane tsholofelo ya bone e le ya selegodimo kana ya selefatshe, bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go ikelatlhoko, ba tlhokomele boikarabelo jwa bone, mme ka lorato ba tlhokomele dikgatlhego tsa letsomane la Modimo.
O Nna le Boipelo fa O Tlhokomela Boikarabelo Jwa Gago
19, 20. Ke ka ntlhayang fa go ka twe bagolwane ba bona boipelo fa ba tlhokomela boikarabelo jwa bone?
19 Boitumelo—ebile-tota, boipelo jo bo tswang pelong—bo nna gone fa o tlhokomela boikarabelo jwa gago jaaka mogolwane wa Mokeresete. Motho o nna le boitumelo fa a dira boikarabelo jo bo masisi sentle. Jalo nna kelotlhoko, o rapele, o bo o tlhagafale. Tlhokomela boikarabelo jwa gago jaaka mogolwane mme o lebelele pele kwa nakong eo o tla kgonang go bua jaana, jaaka monna yo o tshotsheng kurwana ya inka ya mokwadi: “Ke dihile hèla yaka u ntaotse.”—Esekiele 9:3, 4, 11.
20 Ee, dira ka boikanyegi jaaka mogolwane gore go tle go buiwe ka wena fela jaaka go ne ga buiwa kaga Noa ga twe: “A diha hèla yalo.” (Genesise 6:22) Phuthego e solegelwa molemo ka ditsela tse dintsi ka tirelo e e ntseng jalo ya botlhaga. Mo godimo ga tseo tsotlhe, Jehofa o tlotliwa ke diphuthego tse di nonofileng, tse di dirang ka natla tseo di direlwang ke bagolwane ba ba ikanyegang bao ba tlhokomelang boikarabelo jwa bone. Mme ebile tota go tlhokega go le gontsi fa e le gore o tla tewa go twe: “U dihile sentlè, motlhanka eo o molemō.” (Luke 19:17) Jaaka mogolwane, gape o tshwanetse go tshwara letsomane la Modimo ka bonolo.
O ne O ka Reng?
◻ Ke boikarabelo bofe jo bo oketsegileng joo bagolwane ba Bakeresete ba nang le jone?
◻ Ke dikgato dife tse di siameng tse mogolwane o ka di tsayang go tlhokomela boikarabelo jwa gagwe?
◻ Go tlhokomela boikarabelo jwa gagwe, mogolwane o tshwanetse go tila mamena afe?
◻ Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba ka bona boipelo fa ba tlhokomela boikarabelo jwa bone?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna jaaka “boitekelecō mo ledimoñ”
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jaaka mogolwane, arola ka metlha mo bodiheding jwa tshimo le maloko a lelapa la gago gammogo le ba bangwe
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fa o tlhokomela boikarabelo jwa gago jaaka mogolwane, phuthego e tla solegelwa molemo ka ditsela tse dintsi