LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 2/15 ts. 25-31
  • ‘Gopolang Bao Ba Lo Laolang’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Gopolang Bao Ba Lo Laolang’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo ya Bolegodimo E Ne ya Tsosoloswa
  • “A Itse Go Laola Ntlo Ea Gagwè Sentlè”
  • ‘A Sa Ikgantshe Mme A Le Bonolo’
  • “A Ñaparetse Lehoko Ye Le Ikanyègañ”
  • Bagolwane Ba Ba Ikanyegang le Basadi Ba Bone
  • Rrabana e Bile e le Mogolwane—Go Diragatsa Maikarabelo Oomabedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Bagolwane—Tlhokomelang Boikarabelo jwa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A O Tshwanelegela go Direla?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Banna ba ba Botlhale, ba ba Tlhaloganyang le ba ba Nang le Boitemogelo go Goga Batho ba Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 2/15 ts. 25-31

‘Gopolang Bao Ba Lo Laolang’

“Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo; me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.”​—BAHEBERA 13:7.

1. Ke diphetogo dife tse di neng tsa diragala malebana le kobamelo ya boammaaruri boaphelong jwa lekgolo la dingwaga la bo-19, mme bagolwane ba Bakeresete ba ne ba tlhophiwa jang?

MO KWATARENG ya bofelo ya lekgolo la dingwaga la bo-19 kobamelo ya boammaaruri e ne ya tsosolosiwa ka setlhopha se se botlana sa diithuti tsa Bibela tse di ineetseng tse di neng di kopanela le Charles Taze Russell mo Pittsburgh, mo Pennsylvania. Sa pele ba ne ba batla go tsosolosa thuto ya boammaaruri ya motheo ya Bibela, e e sa kgotlelwang ke ngwao le botlhajana jwa Sebabelona. Lefa go ntse jalo, thulaganyetso ya pele ya tsosoloso e ne ya nna bonya mo karolong ya go rulaganngwa ga phuthego. Lemororo Diithuti tsa Bibela di ne di na le bagolwane le badiakone (batlhanka ba bodihedi), megopolo ya bodumedi ya maaka e ne e sa ntse e ntse e le gone mo dintlheng tse dingwe. Ka gone go tla go fitlha fela mo lekgolong la dingwaga la bo-20 bagolwane ba ne ba tlhophiwa ke diphuthego ka mokgwa wa batho wa go tlhopha, mo go neng go supiwa ka go tsholediwa ga diatla.

2. Lefa go le jalo, ke boemo bofe jo bo kwa godimo jo bo neng jwa tlhomelwa bagolwane gareng ga batho ba ga Jehofa?

2 Lefa go ne go ntse jalo, boemo jo bo kwa godimo bo ne bo tlhokafala, ka go bo Tora ya Tebelo ya November 1, 1909, e ne ya bolela jaana mo tsebeng ya 325: “Mo go tlhophiweng ga Bagolwane ba ba tshwaetsweng ba tshwanetse go gakologelwa gore boikarabelo bo mo magetleng a bone; mme ga go na tlhopho e e tshwanetseng go dirwa kwantle go kakanyetso e e nonofileng ya thato ya Bomodimo, le thapelo ya kaelo ya Bomodimo.” Setlhogo seo se ne sa tswelela go otlelela dinonofo tse tharo tsa mogolwane yo o molemo: (1) O ne a tshwanetse go nna setswerere mo go ruteng; (2) o tshwanetse go ruta boammaaruri mme eseng maaka; mme (3) boikokobetso le poifomodimo di ne di le “ditshwanelego tse di popota le tsa ntlha-ntlha tsa bogolwane.”

Thulaganyo ya Bolegodimo E Ne ya Tsosoloswa

3, 4. Ke diphetogo dife tse di sa lebalesegeng tse di neng tsa diragala malebana le ditlhomo tsa boikarabelo mo phuthegong ka (a) 1919? (b) 1932? (c) 1938? (d) 1971?

3 Ka 1919 kgato ya ntlha e ne ya tsewa go tsosolosa taolelo ya bolegodimo ya ditlhomo. Diphuthego di ne di lalelediwa go hakela mokaulengwe yo o tlhatsagafetseng jaaka “mokaedi” wa tirelo, go etelela pele mo go rereng. O ne a se ketla a nna tlase ga thulaganyo ya go tlhophiwa ngwaga le ngwaga mme o ne a tla tlhomiwa ka tlhamalalo ke Watch Tower Society, moemedi wa semolao wa phuthego e e tloditsweng. Ka jalo ka 1932 bagolwane ba ba neng ba tshwanetse ba bo ba ile ba tshwaragana le “mokaedi” wa tirelo ba ne ba emisediwa ka komiti ya tirelo ya bakaulengwe ba ba godileng ka kitso ba ba neng ba tshwara maemo a a farologaneng a tirelo mo phuthegong mme ba ntse ba tlhophiwa ke phuthego. Lereo “mogolwane” le ne la tlogelwa mme ga tsewa la “motlhanka wa setlhopha,” “motlhanka wa thuto ya Bibela,” le a mangwe jalo.

4 Go kgaogana gotlhelele le ditlhopho go ne ga tswelela go fitlhelela ka 1938, fa go ne ga bontshiwa gore marapo a go tlhoma a ne a ikaegile ka Setlhopha se se Laolang sa phuthego ya lefatshe ka bophara ya Bokeresete. Go tloga nakong eo go ya pele, banna ba ba tshwanelegang ba ne ba tlhomiwa ka tlhamalalo ke Mokgatlho jaaka “batlhanka” go tlhokomela ditiro tse di farologaneng mo phuthegong. Lefa go ntse jalo, mo ditokololong tsa Tora ya Tebelo tsa November 15 le December 15, 1971, kutlwisiso e nngwe e e phepafetseng gape ya maikarabelo a mogolwane le molebeledi e ne ya ntshiwa. Mabaka a a tshwanetseng a ne a ntshiwa a gore ke eng go boelwa kwa lereong la Bibela la monna mogolo, kana mogolwane (presbýteros), le molebedi (epískopos).

5. (a) Ke ka ntlha yang fa tlhokomelo e e kgethegileng e tshwanetswe ya dirwa fa go hakiwa bagolwane? (b) Ke mabaka afe a a tshwanetseng gore a akanyediwe?

5 Gape-gape maemo a a kwa godimo a tlhomilweng ke moya o o boitshepo le a a papamaditsweng mo Lefokong la Modimo a ne a otlelelwa. Mme ka baka lang go ne go ntse jalo? Ka go bo gore a tshwanelwe ke tlotlo mogolwane o tshwanetse ‘a etelela pele’ mo boitshwarong jwa Bokeresete le mo bodiheding pele ga a ka hakiwa le go ka tlhomiwa. (Bahebera 13:7, 17) Ka gone, ditlhopha tsa bagolwane di tshwanetse tsa se itlhaganelele go dira dikhako tsa bagolwane ba basha. (1 Timotheo 3:6; 5:22) Gakologelwang gore, gantsi-ntsi go tsewa nako e ntsi thata le puisano mo go tloseng mogolwane yo o sa tshwanelegeng go na le fa a hakelwa go ka tlhomiwa. Tota, kaelo e e oketsegileng go ka e latela ke gore a phuthego e setse pele ga go tlhomiwa ga gagwe e tsaya mokaulengwe jaaka ekete ke mogolwane. A o setse a ile a gapa tlotlo ya bone ka go diragatsa dipatlafalo tsa Bibela mo go senang lefa e le pelaelo epe kaga khako?

“A Itse Go Laola Ntlo Ea Gagwè Sentlè”

6. Dingwe tsa ditshwanelego tsa mogolwane mabapi le lelapa la gagwe ke dife?

6 A ka bokhutshwane re tlhatlhobiseng dingwe tsa ditshwanelego tsa mogolwane jaaka moaposetoloi Paulo a di tlhalosa mme re bone go re di raya eng ka mareo a a utlwalang gompieno. Paulo o ne a kwala ka gore:

“Ke raea ha u hitlhèla monna e le eo o senañ molato, e le monna eo o mosadi moñwe hèla, a na le bana ba ba dumèlañ, ba ba sa bolelweñ ka molato oa tlhapèlō, kgotsa e le ba ba ganañ taolō.”​—Tito 1:6.

“Ke gōna mookami oa phuthègō o na le go . . . itse go laola ntlo ea gagwè sentlè, bana ba gagwè ba mo utlwa ka tshisimogō eotlhe; Ka ea re ha motho a sa itse go laola ntlo ea gagwè tōta, o tla babalèla yañ phuthègō ea Modimo?”​—1 Timotheo 3:2, 4, 5.

7. Ke tekatekano ya mofuta ofe e e maneneketso e e tlhokafalang magareng ga boikarabelo jwa mogolwane go lelapa la gagwe le phuthego?

7 Patlafalo ya gore motho a tlhokomele ba ntlo ya gagwe sentle e tlisa kgwetlho go bagolwane ba bantsi. Mogolwane o ka etelela pele jang phuthego mme ka nako e e tshwanang a sa tlhokomologe ditlhokafalo tsa semoya le tsa boikutlo tsa mosadi wa gagwe le bana? Ga go motlhofo. Eleruri, go gola ka kitso ya semoya go a tlhokafala go boloka tekatekano e e siameng magareng ga maikarabelo ano. Ka dinako tse dingwe maloko a phuthego a tlhoka nako le tlhokomelo tseo mogolwane ka tshwanelo a neng a tshwanetse go di neela lelapa la gagwe. Ke ka ntlha yang fa kamego ya gagwe ka lelapa la gagwe e le botlhokwa-tlhokwa mo go kalo? Ka go bo fa a tlhokomologa dikamano le lelapa la gagwe kana bana bao a ba tlhokometseng ba ka nna diganana tsa semoya, he, go sa kgathalege dikgono tsotlhe tsa gagwe le tlhagafalo, o tla bo a sa tlhole a tshwanelega jaaka mogolwane. Ka gone, re tshwanetse go gakologelwa gore bodisa bo simolola kwa lapeng! Ee, tekatekano e e kelotlhoko e tshwanetse ya bontshiwa, ke mogolwane le lelapa la gagwe, mme gape le ditlhokafalo tse e leng tsa phuthego.​—Baefesia 5:28-33; 6:4; 1 Timotheo 5:8; 1 Petere 3:7.

‘A Sa Ikgantshe Mme A Le Bonolo’

8, 9. Ke dinonofo dife tse mogolwane a tshwanetseng go di bontsha mo dikamanong tsa gagwe le ba bangwe?

8 Thulagano e nngwe ya dipatlafalo e na le mo gontsi mo e go kayang kafa mogolwane a tshwarang bagolwane ka ene le phuthego ka kakaretso ka teng. Jaaka Paulo a tlhalosa mo makwalong a gagwe go Tito le Timotheo ka gore:

“Gonne mookami oa phuthègō o chwanetse go nna motho eo o senañ molato, yaka molebalebedi oa Modimo; e se eo o ikgantshañ, e se eo o bonakō go galeha, . . . e se moitei, . . . a na le go ikgapa.”​—Tito 1:7, 8.

“A se moitei: me a le bonōlō, a se segagapa.”​—1 Timotheo 3:3.

9 Dipatlafalo tseno di supa gore mogolwane o tshwanetse a nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Seo eleruri ke boemo jo bo kwa godimo. Mme boemo bo tshwanela fela le go Mokeresete mongwe le mongwe! Rotlhe re tshwanetse ra nna baetsi ba ga Keresete, mme seo se raya gore re tshwanetse ra nna kagiso. (1 Bakorintha 11:1) Jaaka mokwadi wa Bibela Jakobe a tlhalosa ka gore: “Botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo simologa bo le boitshèkō, hoñ bo nne kagishō, bo bonōlō, bo rapèlèsègè ka boheho, bo tletse kutlwèlō botlhoko le mauñō a a molemō, . . . Me louñō loa tshiamō lo yalwa mo kagishoñ, lo yalèlwe ba ba ratañ kagishō.”​—Yakobe 3:17, 18.

10, 11. (a) Ke Jang boikutlo jwa mogolwane bo ka amang phuthego? (b) Le eleng fa go na le dipharologano tsa mogopolo, ke maikutlo afe a a tshwanetseng go rena?

10 Jaaka bagolwane, a re ‘dira kagiso’? Ga go mogolwane ope yo o tla batlang go tsosa dikgaruru le dipetapetano. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa tlhoma sekao se se molemo mo ntlheng eno. Ka gone, phuthego ga e ketla e kgopisega ka ntlha ya dikgaruru gareng ga bagolwane. A rotlhe re gakologelweng mafoko a ga Paulo a a reng: “Ke eletsa gore banna ba rapèlè mo heloñ goñwe le goñwe, ba choleditse mabōgō a a itshepileñ, ka mo go senañ bogale le kgañ.”​—1 Timotheo 2:8.

11 Ka dinako tse dingwe, go tla nna le dipharologano tsa mogopolo, Monna yo o bonolo, lefa gongwe a na le botho jo bo nonofileng, ga a ketla a ikgantsha kana a katla tlhogo. O tla ikemisetsa go ineela fa melao-metheo ya Dikwalo e sa kopanyelediwe. Mme fa e le gore e a kopanyelediwa o tla bona botlhale jwa go ikgapa. O tla gakologelwa molao-motheo o o bontshitsweng go 1 Bakorintha 13:4, 5 gore lorato “ga lo ko lo gakatsèga.”​—Bakolosa 3:12-14.

“A Ñaparetse Lehoko Ye Le Ikanyègañ”

12. Ke patlafalo efe e nngwe gape e e botlhokwatlhokwa e Paulo a e tlotlomatsang?

12 Ke eng seo se tla thusang mogolwane go tlhagolela ditshwanelego tse dingwe tseo di tlhokafalang gape? Tota, mo makgetlong a mangwe, o ka dirang go nna a di bolokile? Re na le karabo mo mafokong a ga Paulo:

“A ñaparetse lehoko ye le ikanyègañ ye le leñ kaha thutoñ, gore a tlè a nonohè go laea ka thutō e e itekanetseñ, le go henya baganetsi.”​—Tito 1:9.

“A itse go ruta.”​—1 Timotheo 3:2.

13. Ke jang mogolwane a ka tlhokomelang thata thata botsogo jwa gagwe jwa semoya?

13 Mogolwane o ka dirang ele gore a tle a ‘ngaparele lefokong je le ikanyegang ka go tia’ le gore abo “a itse go ruta”? Sa ntlha, o tshwanetse ka metlha a beele kwa thoko nako ya thuto ya botho ya Bibela. Seno se akareletsa go baakanyetsa ga gagwe dipokano tsa Bokeresete le dikabelo tsa go bua. Ka ntlha ya botsogo jwa gagwe jwa semoya, paakanyetso eno ga e a tshwanela go okola fela fa godimo. Ka sekai, o ka nna a kgona go thalela dikarabo mo setlhogong sa thuto ya Tora ya Tebelo mo nakong e khutshwanyane, a mme seo se raya gore boikitsiso bo ile jwa ithutiwa? A o tlhaloganya tlhaloso e e tletseng ya setlhogo ka botlalo? A dikwalo tse di kailweng tsa Bibela di ile tsa tlhotlhomisiwa go bona gore di dira jang? Ka phepafalo, seo se ka se kgonege mo nakong e khutshwanyane fela ya go thalela. Thuto ya botho le thuto ya lelapa di tlhoka nako.​—Yoshue 1:8; Pesalema 1:2; 77:6, 12.

14. Mogolwane o ka dirang e le gore a tle a tlhokomele kgono ya gagwe ya go ruta?

14 Sa bobedi, ereka thulaganyo e e tlhagafetseng e sa letlelele nako ya sengwe le sengwe, mogolwane o tshwanetse go tlhokomela thata thata dikgatiso le ditlhogo tsa Bokeresete tseo di nang le mo gontsi go go bolela ka ‘kgono ya go ruta, go kgalemela le go laya.’ Thuso e e motlhofo mo ntlheng eno ke go boloka motlobo wa dibuka wa botho o le phepa ebile o le bothakga. Mogolwane segolo bogolo o tlhoka gore a kgone go bona ka bofefo boikitsiso jo bo siameng jwa Dikwalo, mme seo se raya go dirisa ka metlha dikgatiso tsa “indexes” tsa Watch Tower. Ke ka ntlha yang fa seno sotlhe se le botlhokwa mo go kalo? Moaposetoloi Paulo o kwadile ka gore: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.”​—1 Timotheo 4:16.

15. Ke ka ntlha yang fa kgakololo e e seng ya dikwalo e le kotsi?

15 Ee, botshelo le poloko di ka kopanyelediwa mo kgakololong ya mogolwane. Ka sekai, mo dikgannyeng tseo di amang go senya mpa, ditshelo tsa madi le boitlhaodi jwa Bokeresete mogolwane o ka nna le phelelo e e masisi molemong kana bosuleng jwa segakolodi sa gagwe le sa ba bangwe, ga mmogo le mo kamanong ya batho le Jehofa. Ka gone, re ka bona gore ga go botlhale go leka go araba dipotso fa tota re sa tlhomamisege ka botlalo ka melao-metheo ya Bibela e e kopanyelediwang. Kgakololo e e tlhaelang motheo o o utlwalang wa Dikwalo e ka dira tshenyo e e se ketlang e baakanngwa.​—Bafilipi 1:9, 10.

16. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba bagolwane ba ile ba wela mo sebeng se se masisi, a mme seno ke kgetsi e potlana fela?

16 Lebaka le lengwe la go ipona jaaka mogolwane ke tlhokafalo ya go tlhagolela le go boloka kamano e e atamalaneng thata le Jehofa. Ka maswabi bagolwane bangwe ba ile ba tlhokomologa kamano eno go ya ntlheng ya gore ba bo ba wele mo dibeng tse di jaaka kgokafalo. Seno se ka diragala jang? Ga motlhofo fela ka go bo ba ile ba latlhela Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe kafa morago. Pono ya bone ya semoya e ile ya nna looto, mme dikeletso tse di bogagapa tsa nama di ile tsa itelekela. Ka go tlhokomologa go kgoba leina le le boitshepo la ga Jehofa le pogo e e nnang gone go baratiwa ba bone, bagolwane ba sekae ba ile ba ikanyologa mo maikanong a manyalo a bone. Eleruri, banna ba ba ntseng jalo e ile ya nna dikgopi tse di kgolo thata. Sebe sa bone se ka se tsewe ga motlhofo fela kana sa itlhokomolosiwa, fela ka go bo re tshela mo motlheng wa boitaolo jwa kafa dikobong.​—Mathaio 13:41; 18:7-9; Bahebera 13:4.

Bagolwane Ba Ba Ikanyegang le Basadi Ba Bone

17. Ke sekao sefe se se molemo se bontsi jwa bagolwane bo se tlhomang?

17 Mo letlhakoreng je lengwe, go tshwanetswe ga tlhalosiwa gape gore, fa e se fale le fale bagolwane lefatshe ka bophara ba ile ba ema ba tiile mo bothokgaming le mo boammaaruring. Sekao sa bone se se molemo mo diphuthegong tse di fetang 45 000 ke motswedi wa kgothatso go batho ba Modimo. Mo nakong eno ya “dipaka tse di tlhokohatsañ,” bagolwane ba ba tlhoafetseng ba ile ba tshwarega motshegare le bosigo jaaka moaposetoloi Paulo. (2 Timotheo 3:1; Ditihō 20:31) Bagolwane bano ba iketleeleleditse go etela motho yo o lwalang semoeng mo legaeng ja gagwe, go sa kgathalege dilo tse di jaaka dikgala tse di telele kana maemo a loapi. Mme abo go le molemo jang go bona ‘banna bagolo’ bano ba etelela pele mo tirelong ya tshimo ka metlha yotlhe!

18. Ke boikarabelo bofe jo bo molemo jo basadi ba bagolwane ba bo tsayang mo phuthegong?

18 Gape re anaanela mo go golo ditlhabelo tse di intshiwang ke basadi ba bagolwane ka dinako tse dingwe! Ka dinako tse dingwe, basadi ba ba ntseng jalo ba tlogelwa kwa legaeng fa banna ba bone ba ile dipokanong tse di kgethegileng kana ba dira maeto a bodisa. Ka dinako tse dingwe dithulaganyo tsa botho tse di dirilweng ka kelotlhoko di ile tsa beelwa kwa thoko ka ntlha ya bothata bongwe jo bo potlakileng mo phuthegong. Ee, re akgola bokgaitsadi bano ba ba molemo, gape, bao ka matsetseleko ba tilang go gonya banna ba bone ka dikgang tsa sephiri. Ba bontsha bagolwane tlotlo ebile ba mosola mo phuthegong.​—Bapisa Baroma 16:12; Tito 2:3-5.

19. (a) Go nna mogolwane go rayang? (b) Ke potso efe e banna ba ba ineetseng ba eseng bagolwane ba ka e ipotsang ka bobone?

19 Fa re tlhatlhobisa boikarabelo jwa bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete gompieno mme re bona kafa bontsi bo intshitseng setlhabelo ka teng le go etelela pele ka tsela e e siameng, dipelo tsa rona di ya go Jehofa ka malebogo ka go bo a ile a simolodisa thulaganyo eno e e lorato. Banna ba ba nonofileng, bao ba anaanelang melemo ya semoya, ba ba ithebolelang go direla mo phuthegong! Ke ka gone Paulo a neng a ka raya Timotheo a re: “Ha motho a senka boèmō yoa mookami oa phuthègō, o eletsa tihō e e molemō.” “Tihō e e molemō” eo ga e kaye borena, bokokobolo le tlotlego, jaaka mo go La-bodumedi. E raya go tlhoka bogagapa, go intsha setlhabelo le tirelo. Fa e le gore o monna yo o ineetseng le go kolobediwa yo o iseng a nne mogolwane, a o iketleeleditse go fitlhelela boikarabelo jo bo ntseng jalo ka boikutlo jo bo phepa?​—1 Timotheo 3:1; Luke 17:10.

20, 21. (a) Re tshwanetse ra leba jang bagolwane ba ba ikanyegang mo phuthegong? (b) Ka go dira seno, ke eng se sengwe gape se re se bontshang?

20 Bao ka boikanyego ba etelelang pele ba tlotlwa ke phuthego. Ba ba ikanyegang mo phuthegong ba iketleeleditse go arabela sekaong se se lorato sa bone le go latela kgakololo ya ga Paulo: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo: me lo re lo akanya bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè. Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.”​—Bahebera 13:7, 17.

21 A rotlhe re bontsheng boikobo go thulaganyo ya bolegodimo le go tlotla bagolwane bao ka mmaanete ba etelelang pele, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo mme eseng ka bohutsana. Ka go dira seno, re bontsha gape gore re tlotla Molebedi yo Mogolo-gadi, Jehofa, le Mothusa Molebedi wa gagwe ebong Jesu Keresete.​—1 Petere 2:25; Tshenolō 1:1; 2:1–3:22.

A O A Gakologelwa?

□ Ke boemo bofe jo bo kwa godimo jo bo neng bo tlhokafalela “bagolwane ba ba tlhophilweng”?

□ Go tloga ka 1919 go ya go 1938, ke dikgato dife tse di neng tsa tsewa go tsosolosa thulaganyo ya bolegodimo mo phuthegong ya Bokeresete?

□ Go diragatsa maikarabelo a gagwe mo lelapeng la gagwe le mo phuthegong, ke tekatekano efe e mogolwane a tshwanetseng go e boloka?

□ Mo dikamanong tsa bone le ba bangwe, ke dinonofo dife tse di tlhomologileng tse bagolwane ba tshwanetseng go di bontsha?

□ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwatlhokwa gore mogolwane a ‘tshwarelele ka go tia mo lefokong le le boikanyego’?

□ Ke ka ntlha yang re tshwanetse go lebogela thulaganyo ya bogolwane mo phuthegong?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Mogolwane ka botlhale o senya nako le lelapa la gagwe mo bodiheding jwa tshimo

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

O rulaganyetsa nako ya go ipelela boitapoloso jo bo phepa le baratiwa ba gagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela