Bagolwane—Tshwarang Letsomane la Modimo ka Bonolo!
“Re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè.”—1 BATHESALONIA 2:7.
1. Ke ka ntlhayang fa Mosupi mongwe le mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa a ka ikutlwa a sireletsegile?
JEHOFA ke Modisa yo Mogolo. O baakanyetsa batlhanka ba gagwe ba seka-dinku mo gogolo mme o ba tsamaisa mo “ditseleñ tsa tshiamō,” ka ntlha ya leina la gagwe le le boitshepo. Ka gone, bao ba dirang go rata ga gagwe ga ba a tshwanela go boifa sepe se se bosula mme ba ka lebelela kgomotso mo Modimong wa bone o o pelotlhomogi. Eleruri, Mosupi mongwe le mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa o na le lebaka le le utlwalang la go ikutlwa a sireletsegile mo tlhokomelong ya Modimo e e lorato.—Pesalema 23:1-4.
2. E le go bontsha kgalalelo ya Modimo, ke dinonofo dife tseo Jesu a di bontshang?
2 Jesu Keresete ke “marañ a kgalalèlō ya [Modimo] le sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna.” (Bahebera 1:1-4) Jalo Jesu, Modisa yo o Molemo, le ene o bontsha lorato le bopelotlhomogi. (Yohane 10:14, 15) Ka sekai, ka nako nngwe “a hitlhèla bontsi yo bogolo yoa batho, me a ba tlhomogèla pelo, ka ba nntse yaka dinku tse di senañ modisa: me a simolola go ba ruta dilō di le dintsi.”—Mareko 6:34.
3. (a) Fela jaaka Jehofa Modimo le Jesu Keresete, badisa ba babotlana ba Bakeresete ba tshwanetse go bontsha dinonofo dife? (b) Ke kgakololo le tlhagiso dife tseo moaposetoloi Paulo a neng a di naya balebedi?
3 Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ‘etsa Modimo mme ba sepele mo loratong fela jaaka Keresete le ene a ba ratile.’ (Baefesia 5:1, 2) Jalo ba tshwanetse go nna lorato le pelotlhomogi. Segolo bogolo seno se tshwanetse go nna jalo ka badisa ba babotlana ba letsomane la Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lo itisè, lo bo lo disè locomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna. Kea itse ha e tla re ke sena go tsamaea go tla tsèna mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegeleñ lecomane; Le mo go lona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō.”—Ditihō 20:28-30.
4. (a) Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga diragala eng tumalanong le go tshegetsa tlhagiso ya ga Paulo e e mo go Ditihō 20:29, 30? (b) Ke dipotso dife tseo jaanong re tshwanetseng go di tlhatlhoba?
4 Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga nna le “diphiri tse di setlhogo” tsa batenegi mme tsa ‘seka tsa rekegela letsomane.’ Mme abo re itumela jang ne go bo bagolwane ba ba leng gareng ga Basupi ba ga Jehofa ba sa dire jaaka bagateledi! Lefa go le jalo, badumedi-ka-bone ba ka lebelela go tshwarwa jang ke balebedi bano ba ba tlhophilweng ka moya? Mme batlhophiwa bano ba ka nna bonolo jang mo dinkung tsa ga Jehofa?
Eseng ka go Rena mo Godimo ga Letsomane
5. (a) Baeteledipele ba lefatshe gantsi ba tshwara babusiwa ba bone jang? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore kgatelelo ga e a tshwanela go nna gone mo balateding ba gagwe?
5 Re ka lebelela ka tshwanelo gore bagolwane ba Bakeresete ba dirisane le rona ka bopelotlhomogi. Ga ba tshwane le babusi ba selefatshe, bao gantsi ba renang mo godimo ga babusiwa ba bone. Ka sekai, go bolelwa gore kgosi ya Mo-Frank Charlemagne (yo o busitseng ka 768-814 C.E.) “o ne a pateletsa Ba-Saxon, a ba bogisetsa loso, gore ba kolobediwe, a atlhola bao ba neng ba sa tlhokomele melao ya Go Itima Dijo ka katlholo e e botlhoko, mme a dirisa maatla gongwe le gongwe go na le go ba tlhotlheletsa.” (The History of the Christian Church, ka William Jones) Bodipa ga bo a tshwanela go nna gone mo balateding ba ga Jesu, ka go bo o ne a re: “Loa itse ha balaodi ba Badichaba ba bo ba le bogōma mo go bōnè, le bagolo ba bōnè ba gagamatsa taolō mo go bōnè. Ga go ketla go nna yalo mo go lona: me leha e le mañ eo o ratañ go tla a nna mogolo mo go lona, a a nnè modihedi oa lona; le gōna leha e le mañ eo o ratañ go nna oa pele mo go lona, a a nnè motlhanka oa lona: Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshèlō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:25-28.
6. (a) Ke mabaka afe a motheo a a tlhomologang malebana le bagolwane? (b) Phuthego e na le lebaka la go lebelela eng mo bagolwaneng, mme banna bano ba tshwanetse go iteba jang?
6 Monna wa Mokeresete yo o “senka[ng] boèmō yoa mookami oa phuthègō, o eletsa tihō e e molemō.” (1 Timotheo 3:1) Fa re tlhokomela seno le kgakololo ya ga Jesu e e sa tswang go tsopolwa, go tlhomologa mabaka ano a motheo: (1) Bagolwane ba Bakeresete ga ba a tshwanela go gatelela ba bangwe; (2) bao ba nang le boikarabelo fa gare ga balatedi ba ga Jesu e tshwanetse go nna batlhanka ba bone, eseng beng ba bone; le (3) banna bao ba batlang tiro ya bolebedi ba tshwanetse go e leba jaaka “tihō e e molemō,” eseng jaaka maemo a a kwa godimo. (Diane 25:27; 1 Bakorintha 1:31) Lereo “mogolwane” ga le neye monna ope maemo a a kwa godimo mo baobameding ba bangwe ba ga Jehofa. Go na le moo, phuthego e na le tshwanelo ya go lebelela gore bagolwane botlhe ba bo ba godile sentle mo semoyeng, ba na le boitemogelo, le go nna banna ba ba boikokobetso bao ba etelelang pele mo tirelong e e boitshepo. Eleruri, bagolwane ba tshwanetse go iteba jaaka batlhanka ba ba boikokobetso ba ga Jehofa Modimo, Jesu Keresete, le Bakeresete-ka-bone.—Baroma 12:11; Bagalatia 5:13; Bakolosa 3:24.
7. (a) Bagolwane ba tshwanetse go dirisa 2 Bakorintha 1:24 jang fa ba dirisana le ba bangwe? (b) Bagolwane ba tshwanetse go dira eng ka ditaolo tse ba di amogelang go tswa go Setlhopha se se Laolang?
7 Go direla ba bangwe ka boikokobetso ka tlholego fela go thibela mogolwane go leka go ‘rena mo godimo’ ga bone. Mme abo go le molemo jang ne gore balebedi ba rona ba bontshe boikutlo jo bo tshwanang le joo jwa ga Paulo! O ne a raya Bakeresete ba Korintha a re: ‘Ga re barena mo tumelong ya lona, mme re badiri gammogo le lona gore lo ipele.’ (2 Bakorintha 1:24) Ka mo go tshwanelang, bao ba lebelang ka lorato ga ba imetse badumedi-ka-bone ka melao ya batho e e sa tlhokegeng. Go na le moo, bagolwane ba Basupi ba ga Jehofa ba laolwa ke melao-metheo ya Dikwalo mme ba direla ka bopelonomi, le ka go thusa ba bangwe. Ba bontsha gape gore ba amega fela thata ka letsomane la Modimo ka go dirisa ditaelo dipe fela tseo ba di amogelang go tswa go Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ka bofefo.—Ditihō, kgaolo 15.
8. Ke boikutlo bofe joo Paulo a neng a na le jone ka badumedi-ka-ene, mme seno se tshwanetse go ama bagolwane ba lekgolo leno la bo-20 la dingwaga jang?
8 Ereka Paulo a ne a le bonolo mo letsomaneng la Modimo, o ne a ka bolelela Bakeresete ba Thesalonika jaana: “Re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè: Hèla yalo, ereka re ne re lo tlhōahaletse ka loratō, ra bo re itumèla go lo naea, e señ Mahoko a a Molemō a Modimo a le aosi, me le e leñ meōea ea rona, ka lo no lo setse lo ratwa ke rona thata.” (1 Bathesalonia 2:7, 8) Paulo o ne a dira fela jaaka moamusi, yo a ratang bana ba gagwe mo gogolo mo eleng gore o baya dikgatlhego tsa bone kwa pele ga tsa gagwe mme o ba tshwara ka bonolo. Abo seno se tshwanetse go tlhotlheletsa bagolwane mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga jang ne go tshwara letsomane la Modimo ka bonolo!
Metswedi ya Kgololesego le Tapologo
9. Ke maemo afe ao Isaia 32:1, 2 e neng ya a bolelela pele ka batho ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno?
9 Fa a supela kwa letsatsing la go busa ga Bogosi ka Jesu Keresete moperofeti Isaia o ne a bolelela pele gore kgosi e tla “busa ka tshiamō” mme “dikgōsana” di tla busa ka “tshiamishō.” Ka gone, bagolwane mo thulaganyong ya segompieno ya bolegodimo ba direla dikgatlhego tsa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa selegodimo—tirelo ya dikgosana eleruri! Mafoko a a latelang a boperofeti jono jwa ga Isaia a dira mo banneng bano ba ba nang le boikarabelo: “Monna o tla nna yaka boipotelecō mo phehoñ, le boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ, yaka moruti oa lehika ye legolo mo nageñ e e lapisañ.”—Isaia 32:1, 2.
10. Mogolwane mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o tshwanetse go nna motswedi wa eng?
10 Ka go sa tshwane le baeteledipele ba ba gatelelang ba bodumedi ba La-Bodumedi, bagolwane ba Basupi ba ga Jehofa ke metswedi ya kgololesego le tapologo. Jaaka ditlhopha tsa banna ba ba godileng, ba goletsa kagiso, kgotsofalo, le tshireletsego gareng ga batho ba ga Jehofa. Mogolwane mongwe le mongwe, ka bongwe, o ka tlaleletsa mo boemong jono jo bo molemo ka go tshwara letsomane la Modimo ka bonolo.
Ka Tshiamiso le ka Tshiamo
11. (a) Ke seemo sefe seo se neng se le gone ka kakaretso mo diphuthegong tsa lekgolo la ntlha la dingwaga tsa Bakeresete seo se bonalang mo diphuthegong tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno? (b) Bagolwane ba na le boikarabelo bofe mo phuthegong, mme ka ntlhayang?
11 Lefa go ne go na le mathata mo diphuthegong dingwe tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, boemo jwa bone ka kakaretso e ne e le jwa kagiso, kutlwano, le boipelo. (1 Bakorintha 1:10-12; 3:5-9; Baefesia 1:2; Yakobe 2:1-9; 3:2-12; 4:11, 12; 1 Yohane 1:3, 4) Go na le boemo jo bo molemo jwa semoya mo bontsing jwa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo, boeteledipele jwa ga Keresete, le tiro e e ikanyegang ya balebedi ba ba tlhophilweng. Go tlhomamisa gore phuthego e na le kagiso, kutlwano, le boipelo, banna bano ba batla thuso ya bomodimo mme ka tlhagafalo ba leka go boloka phuthego ya Modimo e le phepa, mo boitsholong le mo semoyeng. (Isaia 52:11) Phuthego e e seng phepa ga e kake ya nna le kagiso le boipelo, mme eleruri ga e kake ya bona go amogelwa ke Modimo le go segofadiwa ke ene. O na le “matlhō a a itshekileñ a a sa kakeñ a leba boshula,” go itshokela melato. (Habakuke 1:13) He, gareng ga dilo tse dingwe, bagolwane ba lebeletswe gore ba dirisane le dikgang tsa boatlhodi ka tlhamalalo le go ya ka Dikwalo. Mme ke mabaka afe ao ba tshwanetseng go a gakologelwa fa ba dirisana le dikgetsi tseno?
12. Lefa bagolwane ba sa tshwanela go tsena mo dikgannyeng tsa botho tseo di seng kgatlhanong le melao ya Bibela le melao-metheo ya yone, ke eng seo se tshwanetsweng go dirwa go ya ka Bagalatia 6:1?
12 Ntlha ke gore, mo dikgetsing tseo di kopanyeletsang go sa tshwaneng ga botho, batho ba ka rarabolola mathata ao ka bobone kwa sephiring. (Mathaio 18:15-17) Ereka bagolwane e se ‘barena ba tumelo ya rona,’ ga ba a lebelelwa gore ba ka tlhokomela dikgang tseo ka phepafalo fela e leng tsa botho tseo di sa kopanyeletseng go tlolwa gope go go masisi ga melao kana melao-metheo ya Bibela. Ka tlholego fela, fa go na le bosupi jwa gore motho o ‘dirile sengwe se se phoso a sa lemoge,’ bao ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba tshwanetse go ‘sokolola yo o ntseng jalo ka moya wa bonolo.’—Bagalatia 6:1.
13. Dikwalo di bontsha jang gore bagolwane ba tshwanetse go tsaya kgato fela fa ba na le bosupi jwa molato, eseng magatwe?
13 Bagolwane ba tshwanetse go direla ka “tshiamishō,” ka metlha ba sa tlhaole. Jalo ba tshwanetse go tsaya kgato ba na le bosupi jwa molato, eseng magatwe fela. Paulo o ne a kgalema jaana: “Ha mogolwane a bèwa molato u se ka ua dumèla, ha e se ka molomo oa bashupi ba le babedi, kgotsa ba le bararo.” (1 Timotheo 5:19) Go ya ka ditekanyetso tsa ga Jehofa, kwa Iseraeleng wa bogologolo motho yo a neng a latofadiwa ka boleo jo bo masisi o ne a tshwanetse go bolawa ka ‘molomo wa basupi ba le babedi, kgotsa ba le bararo; eseng a le mongwe fela?’ Mo godimo ga moo, go lebega yo o molato a ne a na le tshono ya go lebagana le bao ba mo latofatsang, mme fa bosupi bo ne bo utlwala, ‘diatla tsa basupi e ne e tla nna tsone tse pele di neng di tla mmolaya.’—Duteronome 17:6, 7.
14. (a) Dioterefese o ne a leka go dira eng se se sa siamang? (b) Ke eng seo Modimo o se lebeletseng mo bagolwaneng fa ba dirisana le dikgang tsa boatlhodi?
14 Go tshwanetse ga nna le motheo o o utlwalang wa Dikwalo wa kgato nngwe le nngwe ya boatlhodi. Abo re itumela jang ne ka go bo balebedi ba phuthego ga ba tshwane le Dioterefese yo o boikgodiso wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.! O ne ka mo go sa siamang a leka go ‘leleka mo phuthegong’ bao ba neng ba eletsa go tshola bakaulengwe ba ba etang. Moaposetoloi Johane ga a ka a leba seno le ditiro tse dingwe tse di sa siamang motlhofo mme o ne a tlhagisa jaana: “Ha ke ka ea koñ, ke tla gakologèlwa ditihō tsa gagwè.” (3 Yohane 9, 10) Ka gone, komiti ya motlha wa segompieno ya katlholelo e tshwanetse go tlhomamisa gore go na le motheo wa Bibela mo kgatong nngwe le nngwe eo ba e tsayang ya go kgaola.a Legale, Modimo o lebeletse gore bagolwane ba Bakeresete ba dirisane ka tshiamo le ba bangwe. Eleruri, bao ba okametseng ditiro tsa ga Jehofa mo phuthegong ya gagwe ya selefatshe e tshwanetse go nna “banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure.”—Ekesodo 18:21.
15. Thapelo e tshwanetse go tsaya karolo efe mo dipuisanong tsa boatlhodi?
15 Komiti nngwe le nngwe ya katlholelo ya Bakeresete e tshwanetse go kopa thuso ya ga Jehofa ka thapelo e e tswang mo pelong. Fa go kopanwa le mokaulengwe kana kgaitsadi yoo a latofadiwang ka molato o o masisi go tshwanetswe ga bulwa ka thapelo. Ebile-tota, go tla bo go tshwanetse go rapelwa ka nako nngwe le nngwe fela fa go ntse go buisanngwa fa ba tlhoka go kopa thuso ya Modimo.—Yakobe 5:13-18.
16. Bagolwane ba tshwanetse go tsamaisa dipuisano tsa boatlhodi ka tsela efe, mme ka ntlhayang?
16 Bagolwane ba a itse gore modumedi-ka-bone yo a latofadiwang ka molato mongwe ke “nku” ya letsomane la Modimo mme o tshwanetse go tshwarwa ka bonolo. (Bapisa Esekiele 34:7-14.) Dinku tsa mmatota di tlhoka go tlhokomelwa ka bonolo, ka go bo e le dibopiwa tse di boi tse di ikaegileng ka modisa wa tsone go bona tshireletsego. Jalo, go tweng ka dinku tsa tshwantshetso mo phuthegong ya lefelo la lona? Ga go belaetse gore ba ikutlwa ba sireletsegile mo tlhokomelong ya Modisa yo Mogolo, Jehofa Modimo, le Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. Mme badisa ba babotlana ba letsomane ba tshwanetse go dira ka ditsela tseo di tlatseletsang mo kagisong e e boteng le boikutlo jwa tshireletsego jwa batlhanka ba seka-dinku ba ga Jehofa. Fa o le modisa yo mmotlana wa Mokeresete, he, a bakaulengwe ba gago le bokgaitsadi ba ikutlwa ba sireletsegile le go ritibala mo tlhokomelong ya gago? Ka boammaaruri, bagolwane ba tshwanetse go goletsa melao le melao-metheo ya Bokeresete eletota. Mme Dikwalo di laola gore ba dirisane le dinku ka tsela e e lorato le go tsamaisa dipuisano tsa boatlhodi ka mokgwa o o ritibetseng, ka thulaganyo, ka bopelonomi, le ka go akanyetsa.
17. Ke dintlha dife tsa Dikwalo tseo bagolwane ba tshwanetseng go nna ba di gakologetswe, segolo bogolo mo dipuisanong tsa boatlhodi?
17 Ka go bo re sa itekanela, “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi” mo go seo re se buang. (Yakobe 3:2) Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka boutlwelo-botlhoko jwa Modimo le “seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona” sa ga Keresete. (1 Yohane 1:8–2:2; Pesalema 130:3) Jalo modisa yo mmotlana wa Mokeresete o tshwanetse go iteba jaaka yo mmotlana. O tshwanetse go gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Hèla yaka lo rata batho ba lo dihèla, le lona lo ba dihèlè hèla yalo.” (Luke 6:31) Kgakololo eno e tshwanetse go dirisiwa segolo bogolo mo dipuisanong tsa boatlhodi. Banna ba ba tshwanelegang bao ba semoya ba tshwanetse go leka go sokolola Mokeresete yo o dirileng phoso ka ‘moya wa bonolo, jaaka mongwe le mongwe wa bone a ntse a ipona, e se re gongwe a raelwa.’—Bagalatia 6:1; 1 Bakorintha 10:12.
18. (a) Go ka felela ka eng fa e le gore bagolwane ba ne ba ka tshwara ba bangwe makgwakgwa mo dipuisanong tsa boatlhodi? (b) Mo ponong ya Mareko 9:42, bagolwane le Bakeresete ba bangwe ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le go dira eng?
18 Fa e le gore bagolwane ba ne ba ka tshwara batho makgwakgwa mo dipuisanong tsa boatlhodi, seno se ne se tla itshupa e le se se kotsi mo bathong bao. Mme le eleng lefa ba sa gobadiwa mo maikutlong kana mo mmeleng, go ka nna ga nna le kgobalo e kgolo mo semoyeng, mme go ka nna ga belaelwa gore a ruri balebedi bao ba a tshwanelega. (Bapisa Yakobe 2:13.) Ka gone, mo dipuisanong tsa boatlhodi le ka dinako tsotlhe, bagolwane ba tshwanetse go nna bonolo mme ba itise gore ba seka ba kgopisa ba bangwe. Legale, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tlhokomela seno, ka go bo Jesu a ne a re: “Leha e le mañ eo o tla kgopañ moñwe oa ba babōtlana ba, ba ba dumelañ mo go nna, go ka nna molemō bogolo mo go èna ha lolwala lo logolo lo ka gokèlèlwa mo thamuñ ea gagwè, me a thabuediwa mo lewatleñ.” (Mareko 9:42) Tshilo e ne e ka nna kgolo mo eleng gore go ne go ka tlhokega phologolo e e nonofileng go e tsholetsa, mme motho ope fela yo o neng a ka latlhelwa mo lewatleng a gokeletswe selo se se bokete mo go kalo mo molaleng wa gagwe o ne a sa kake a falola. Ka gone he, mogolwane o tshwanetse go tlhokomela gore a seka a kgopisa ope seo se ka felelang ka go gobaletsa ruri semoya sa gagwe le sa ope fela yo o kgopisitsweng.—Bafilipi 1:9-11.
Tswelelang Pele go Bontsha Kamego ka Bonolo
19. Ke kgakololo efe eo Petere a neng a e naya bagolwane-ka-ene mme go arabela go yone ka tshwanelo go ama ditebelelo tsa bone jang?
19 Moaposetoloi Petere o ne a bontsha ka moo balebedi-ka-ene ba ka disang letsomane la Modimo ka gone fa a ne a kwala jaana: “Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le ka mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ. Me e tla re mogañ Modisa eo mogolo o bōnatsiwañ, lo tla bōna serwalō sa kgalalèlō se se sa ōnaleñ.” (1 Petere 5:2-4) Ke fela ka go dirisa kgakololo eno le ka go tshwara letsomane la Modimo ka bonolo bagolwane ba ba tloditsweng ba ka bonang tuelo ya bone ya selegodimo jaaka dibopiwa tse di sa sweng tsa semoya le bagolwane ba ba nang le tsholofelo ya selefatshe ba ka iponelang botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng e e tlang ya kgolokwe.
20. (a) Badisa ba babotlana ba Bakeresete ba tshwanetse go dirisana jang le badumedi-ka-bone? (b) O ikutlwa jang ka sekao se sentle sa tirelo le tshwaro e e bonolo tsa bagolwane ba ba lorato?
20 Jehofa Modimo gammogo le Jesu Keresete ke Badisa ba ba lorato, ba ba pelotlhomogi. Jalo lefa badisa ba babotlana ba Bakeresete ba gagamalela go tshegetsa ditekanyetso tsa bomodimo, ba tshwanetse go bontsha lorato le bopelotlhomogi fa ba dirisana le badumedi-ka-bone ba seka-dinku. Eleruri, Basupi botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba anaanela tirelo ya sekao se sentle ya bagolwane bano ba ba intshang setlhabelo bao ba tlhokomelang boikarabelo jwa bone le go tshwara letsomane la Modimo ka bonolo. Re ka bontsha kanaanelo eo, gammogo le tlotlo e e tshwanetseng ka go utlwa ba ba re eteletseng pele.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Motho o ka nna a dira boikuelo mo tshwetsong ya go kgaolwa fa a dumela gore go dirilwe molato o o masisi mo katlholong.
O Akanya Jang?
◻ Jesu Keresete o ne a bontsha jang gore kgatelelo ga e a tshwanela go nna gone fa gare ga balatedi ba gagwe?
◻ Bagolwane ba tshwanetse go dira eng fa ba amogela ditaelo go tswa go Setlhopha se se Laolang?
◻ Go ya ka Isaia 32:1, 2, bagolwane ba tshwanetse go nna metswedi ya eng?
◻ Dikwalo di bontsha jang gore bagolwane ga ba a tshwanela go reetsa magatwe?
◻ Badisa ba babotlana ba Bakeresete ba tshwanetse go tshwara letsomane jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Thapelo e e tswang mo pelong e botlhokwa fa komiti ya katlholelo e kopane le modumedi-ka-bone