Banna ba ba Botlhale, ba ba Tlhaloganyang le ba ba Nang le Boitemogelo go Goga Batho ba Modimo
“Me ke tla lo naea badisa kaha peduñ ea me, ba ba tla lo yesañ ka kicō le tlhaloganyō.”—Yer. 3:15.
1. Ke eng se se gogetseng kwa kgatong ya ga Moshe e e tlhalosiwang go Duteronome 1:12, 13?
ISERAELE o ne a le mo dipoeng tsa Moaba, a setse a tloga a tlola Joredane a ba a tsena mo lefatsheng la Kanana. Molemong wa bone, Moshe o ne a ba bolelela ditirisano tsa bone le Modimo mo dingwageng tsa bone tse di masome a mane mo nageng ya Sinai. Karolo ya ntlha ya nako eo e ne e le maswe, bogolo jang mo go Moshe, ka baka la maikutlo a eseng one a a neng a le teng gareng ga morafe. Jaanong, Moshe a ba gakolola gore, ka a ne a ikutlwa a sa tlhole a kgona go rwala morwalo wa batho ba ba omanang a le nosi, o ne a latetse kgakololo ya ga Jetherwe mme o ne a reile batho a re: “Tsaeañ banna ba ba botlhale, ba ba tlhaloganyō, e le ba ba itsegeñ, kaha dicoñ tsa lona, me ke tla ba diha ditlhōgō tlhōgō mo go lona.”—Dute. 1:3, 12, 13; Ekes. 18:17-26.
2. Ke ka ntlhayang fa tiriso ya banna bao mo go dirisaneng le mathata e ne e se sengwe se sesha gotlhelele le se se farologaneng?
2 Mo go tlhopheng banna ba, Moshe o ne a dirisa se se lebegang e ne e le mokgwa wa bogologolo wa kaelo ya baagi. Ditlhopha kana makgotla a bagolwane a supiwa a ne a dira gareng ga batho ba bogologolo go tswa tshimologong ya ditiragalo tsa batho. Mo boitemogelong jwa bone, Baiseraele, jaaka ditlogolwana tsa ga Jakobe, ba ne ba kile ba kopana le ditlhopha tsa bagolwane tsa Egepeto, Moaba, le Midiana. (Gen. 50:7; Dipa. 22:4, 7) Bo-Sheik ba Arabia le bone e ne e le bagolwane ba lotso, gonne lefoko la Searabia sheikh le raya fela “mogolwane.” (Gen. 36:15) Pele ga Moshe a neelwa taolo ya go etelela batho pele, Iseraele o ne a setse a ntse a na le bagolwane ba, mme ke bone ba Moshe a neng a laelwa go ba neela bosupi jwa tlhopho ya gagwe ya bomodimo. (Ekes. 3:16, 18) Jalo kgato ya ga Moshe ya morago mo Sinai, a ikatametsa thuso ya bagolwane ya go tshwaraganela go dirisana le mathata, e ne e se phetogo e tona.
3. (a) Moshe yo Mogolo o ne a neelana ka eng bakeng sa kaelo ya phuthego? (b) Ditshwanelego di tshwana jang malebana le bagolwane ba Moshe o neng a ba tlhopha le bao ba direlang jaaka bagolwane ba Bakeresete?
3 Mo nakong ya Modimo e e tshwanetseng, phuthego ya Bokeresete e ne ya thaiwa jaaka batho ba semoya, eo e neng ya anama le lefatshe lotlhe. Morwa Modimo, jaaka Moshe yo Mogolo, o ne a dira gore kaelo e neelwe ka ditlhopha tsa bagolwane tsa phuthego. Go a kgatlha go lemoga ditshwanelego tseo Moshe o neng a di batla mo go abeleng bagolwane ba Baiseraele go dira tiro e e nang le boikarabelo le go bapisa tse le ditshwanelego tse di batlwang mo bagolwaneng ba Bakeresete. Go tshwana go bonala mo tšhateng e e latelang.
4. Ke karolo efe e ditlhopha tsa bagolwane ba Iseraele ba neng ba e diragatsa mo Lefatsheng la Tsholofetso, mme bagolwane ba Bakeresete ba dirafatsa karolo efe?
4 Morago ga Iseraele a sena go tlhomiwa mo lefatsheng la Tsholofetso, ba nna mo metseng le metsana, baagi botlhe ba ba farologaneng ba ne ba gogiwa le go thusiwa ke ditlhopha tsa bagolwane. (Yosh. 20:4; Baatlh. 8:14, 16; 1 Sam. 16:4) Ba ne ba tshwanetse go neela kgakololo e e botlhale, go thusa ka mathata, go sireletsa kgatlhanong le botenegi mme ka gone ba direla bakeng sa kagiso, thulaganyo e e molemo le botsogo jwa semoya jwa baagi ba e leng ba bona. Ka dinako tse dingwe ba ne ba bidiwa go tla go diragatsa dikarolo tsa katlholo mo go baakanyeng ditlhoka-kutlwano kana go direla bakeng sa tshireletso ya baagi. (Dute. 16:18-20; 19:12; 31:9; Ruthe 4:1-11) Ba ne ba tshwanetse go nna motswedi wa kgomotso le nonofo mo metlheng ya khuduego. (Isa. 32:1, 2) mme e ne e se bagobeledi ba baagi-ka-bone le gone ba ne ba sa neelwa taolo kana boikarabelo jwa go leka go tshelela ba bangwe matshelo a botho. Mo go itshokeleng maikarabelo a a bokete, bagolwane ba Bakeresete ba direla ka ditsela tse di tshwanang. (Bapisa Ditiho 20:28-35; 1 Bakorintha 3:4, 5, 21-23; 2 Bakorintha 1:24.) Mo godimo ga mo gotlhe, phuthego ya Bokeresete e neetswe taolo ya go itsise batho botlhe mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo.
GO BATLA BANNA BA BA TSHWANELEGANG GOMPIENO
5. Gompieno ke eng se se ka thusang mo go direng tlhopho e e botlhale ya bagolwane?
5 Go sa lebale ditiragalo tsa bogologolo tsa thulaganyo ya bogolwane go ka re thusa go dirisa katlholo e e molemo mo go tlhopheng bagolwane gompieno. Re ka akanya ka phuthego nngwe jaaka ekete e ne e tshwana le motsana o monnye mo Iseraele. Potso e ka bodiwa: Fa go ne go ntse jalo, ke banna bafe mo phuthegong ba ba neng ba ka direla sentle jaaka bagolwane ba motsana, ba kgona go neela kaelo e e botlhale e e utlwalang, ka tekatekano e e molemo le katlholo?
6. Setshwantsho sa lelapa le sone se ka thusa jang mo go lekalekanyeng ditshwanelego tsa banna ba ba ka direlang jaaka bagolwane?
6 Phuthego ya lefatshe lotlhe ya batlhanka ba Modimo go buiwa ka yone go 1 Timotheo 3:15 jaaka ‘ntlo ya Modimo.’ Jalo, gape re ka akanya ka phuthego nngwe jaaka lelapa le le tona. Mo lelapeng, fa tlhogo ya ntlo e seo ka boyone, maloko a lelapa gantsi a leba go bana ba basimane ba ba godileng go emela le go tshegetsa maemo le ditao tsa tlhogo ya lelapa. Ka jalo re ka botsa: Ke bomang mo “ntluñ” ya tumelo ba ba tshwanang le bana ba basimane ba ba godileng mo lelapeng bao maloko a lelapa ka tlholego a ka retologelang go bone bakeng sa kgakololo e e utlwalang le thuso e e nang le tlhaloganyo?—Bapisa 1 Timotheo 5:1, 2.
7. (a) Ka dinako tsotlhe ke eng se se tla supegang ka bao ba fitlhelwang ba tshwanelega jaaka bagolwane? (b) A ke tlhopho e e nayang monna dinonofo tsa mogolwane, mme e kopanyeletsa eng?
7 Totatota, mo mabakeng a mantsi monna yo o hakelwang go direla jaaka mogolwane wa phuthego e tshwanetse go nna yo maloko a phuthego a setseng a simolotse go mo leba jaaka “mogolwane,” ka kgopolo ya gore o setse a gapile tlotlo ya bone le tsholofelo jaaka yo o bontshang tlhaloganyo, tekatekano le katlholo. Ga gona ope tota yo o ka “dirang” mongwe mogolwane, mme ene ka boene o tshwanetse go nna jalo ka kgolo ya semoya, nonofo le boitemogelo. (Dia. 1:2-5; 4:7-9; Yak. 3:1, 13) Fa monna yo o ntseng jalo a tlhophiwa go direla mo boemong jo, tlhophó ya gagwe, tota, ke kitsiso le temogo ya dinonofo tse di eletsegang tsa mogolwane tse a setseng a di bontsha. Iseraeleng wa bogologolo, jaaka mo mafatsheng a mangwe, go bonala e ne e le gore fa monna a ne a lemogiwa ke lekgotla la bagolwane la lefelo leo e le yo o bontshang dinonofo tsa botlhale jwa bomodimo, katlholo le matsetseleko he o ne a lalediwa go nna karolo ya lekgotla le go tlhakanela mo dipuisanong tsa lone le diphetso.—1 Tim. 5:22, 25.
8. Motho o ka bona eng ka go direla ka boikanyegi nako e e rileng jaaka motlhanka wa bodihedi?
8 Ka ‘batlhanka ba bodihedi,’ moaposetoloi o a kwala, “ba ba dihileñ sentlè e le bagolwane ba phuthègō, ba ipōnela boèmō yo bo molemō, le choshologō e e kgolo mo tumeloñ e e mo go Keresete Yesu.” (1 Tim. 3:12, 13) Monna ope a se akanye gore se se raya gore, fela ka go dira tiro nngwe e a e abetsweng, o ka “bona” tshwanelo ya go direla jaaka mogolwane mo phuthegong ya Modimo. Se ka boammaaruri a ka se bonang ke tlotlo Ie kanaanelo ya bakaulengwe ba gagwe ka baka la tirelo ya gagwe ya botswerere le boikanyegi, gammogo le go bona tsholofelo mo Modimong e e mo kgonisang go bua ka “choshologō e kgolo.” Se, ka bosone, ke tuelo e e molemo ya tirelo ya boikanyegi.
BANNA BA BA NANG LE BOITEMOGELO
9. (a) Dikwalo di supa eng malebana le ntlha ya bogolo mo ditshwanelegong tsa mogolwane? (b) Ke boammaaruri bofe jo bo tshwanetseng go lemogiwa kaga mosha mabapi le se?
9 Ga gona tekanyetso ya dingwaga e e tlhomilweng mo Bibeleng ya bao ba direlang jaaka bagolwane. Lefoko “mogolwane” ka bolone le kaya kgolo, lemororo go tshwanetse go lemogiwa gore kgatelelo e mo dinonofong tsa semoya, go na le tsa senama. Dingwaga di le nosi ga se tsone ntlha-kgolo; lefa go ntse jalo, le eleng jaaka Moshe a ne a lemoga, boitemogelo ke nonofo e e nang le mosola mo banneng ba ba tlhokomelang maikarabelo a a masisi. (Dute. 1:13) Diane 20:29 e re: “Kgalalèlō ea makau ke thata ea aōna: me bontlè yoa banna bagolo ke tlhogō e pududu.” Lefa basha ba ka bontsha nonofo e ntsi le kgotelo, se ga se sesupo sa botlhale. Mme dingwaga tsa botshelo, di emelwa ke moriri o mosweu gantsi di fa lebeka la go solofela selekanyo se se oketsegileng sa botlhale, le eleng jaaka Jobe a ne a re: “Botlhale bo na le bacohe, le mo bontsiñ yoa malatsi go na le tlhaloganyō.” (Yobe 12:12; bapisa temana 20; 32:6, 7.) Mosha o ka ne a rata, a bile a le tlhaga go direla, gape a bontsha tsholofetso ya isagwe. Mme go tlhaela boitemogelo mo botshelong go ka mo tlhokisa molemo mo go botlhoko fa go tliwa mo go thuseng ba bagolo mo go ene ka mathata a a masisi a botshelo. Mafoko a gagwe, lefa a kane a a bua ka tlhoafalo e kana kang, ga a kake a solofelwa go nna le moko jaaka a yo o nang le dingwaga tse dintsi.
10. A boikarabelo jo bo neng bo rwesitswe Timotheo bo nyenyafatsa botlhokwa jwa bogolo le boitemogelo gareng ga bagolwane?
10 Timotheo o kane a ne a le mo dingwageng tsa bo-masome a mararo fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala mafoko: “Opè a se ka a nyatsa bokau yoa gago.” (1 Tim. 4:12) Jalo, le eleng mo bogolong joo, batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe ba ne ba santse ba sekamela mo go mo lebeng jaaka “yo mosha.” Go tshwanetswe go elwetlhoko, gape, gore botswelelo-pele jwa ga Timotheo le boikarabelo jo o neng a bo rwesitswe e ne e le tse di kgethegileng, tse di sa tlwaelegang. O ne a itsile dikwalo go tswa bosheng gape o ne a setse a supile botswelelo-pele jo bo molemo pele ga moaposetoloi Paulo a mo tlhopha jaaka moeti-ka-ene. (2 Tim. 1:5; 3:14, 15; Dit. 16:1-3) Morago ga moo dingwaga tse a di sentseng le Paulo le ba bangwe di ne tsa dira letlotlo la boitemogelo jo bo nang le mosola le kitso tseo batho ba sekae ba neng ba ka di bona fa ba le kana ka ene.
11. Bao ba leng bagolwane ba ka thusa ba bangwe go tsaya merwalo e e bokete ya boikarabelo jang?
11 Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo go thusa bagolwane ba bangwe go solegelwa molemo ke seo a neng a se ithutile, ka go re: “Me dilō tse u di utlwileñ, mo go nna mo gare ga bashupi ba le bantsi, cōna tseuō u di nèèlè batho ba ba ikanyègañ, ba ba tla nonohañ le go di ruta ba bañwe.” (2 Tim. 2:2) Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba ka thusa bakaulengwe ba bangwe mo phuthegong go gola semoyeng, ba leka go fetisetsa go bone mosola wa boitemogelo jwa bone le kitso. Ga se fela kgang ya go ba thusa go ithuta tiro nngwe ya bokwadi mo teng ga phuthego mme ke ya go ba thusa go gola mo go atlholeng, tlhaloganyong le go kgona go fetisetsa go ba bangwe melaometheo e e utlwalang ya Lefoko la Modimo. Jaaka Paulo a ne a tsaya Timotheo gore a mo pate fa a diragatsa thomo ya gagwe jaaka moaposetoloi wa baditšhaba le jaaka a direla jaaka modisa mo letsomaneng la Modimo, jalo bagolwane ba ka laletsa banna ba bangwe ba ba golang mo phuthegong go ba pata jaaka ba direla mo ditseleng tse di tshwanang.—Dia. 1:4, 5; 13:20.
12. (a) Boikarabelo bo tsaya karolo efe mo go tshwanelegeng go direla jaaka mogolwane? (b) Ke ka baka lang fa kgakololo ya ga Paulo go 1 Timotheo 3:6 e ne e tlhamaletse bogolo jang mo Efeso?
12 Jaaka dingwaga, selekanyo sa boitemogelo jwa motho jaaka morutwa wa Mokeresete ga se sona ka bosone ntlha-kgolo mo bogolwaneng. Ke ntlha e e yang ka mabaka, botlhokwa jwa yone bo laolwa bogolo ka bontlha-bongwe ke maemo a a leng teng. Paulo o ne a kwalela Timotheo gore, mo go tlhopheng bagolwane ba phuthego ya Efeso, o ne a tshwanetse go elatlhoko go se tlhophe “mosha, e se re goñwe a ikgogomosa.” (1 Tim. 3:6) Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo sa bolo go simololwa mo Efeso mo e ka nnang dingwaga di le lesome ka nako eo mme ka jalo go ne go tla bo go sa tlhamalala bogolo jang koo go tlhopha mongwe wa barutwa ba basha go direla gareng ga bagolwane ba phuthego.
13, 14. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore maemo a ka nna le karolo mo go atlholeng kafa o ka lebang ka teng selekanyo sa boitemogelo jwa motho? (b) Ke dintlha dife lefa go ntse jalo tse di sa tshwanelwang go akanyediwa go le go botlana mo mabakeng otlhe?
13 Mo go kwaleleng Tito mo Kereta, Paulo go bonala a ne a sa bone potlako ya tao e ya tlhagiso mme ga ka a e kopanyeletsa mo dikakgelong tsa gagwe kaga go tlhophiwa ga bagolwane. Ntlha ya gore kobamelo ya boammaaruri e ne e thailwe mo Kereta mo nakong e khutshwane fela e ka nna ya nna lebaka la se. Re elatlhoko gore mo loetong lwa ntlha lwa borongwa lwa ga Paulo ene le Barenabase ba ne ba bolela “mahoko a a molemō” mo metseng e e etsang Lusetera, Ikonio le Antioka wa Pisidia mme morago, mo go lone loeto lo, ba ikgata motlhala ‘ba ba tlhophela bagolwane mo phuthegong.’ (Dit. 13:14, 42-52; 14:1-7, 20-23) Ereka loeto lotlhe lwa borongwa lo kane lo ne lo akaretsa dikarolo tsa ngwaga tse pedi fela, go bonala gore bobotlana bangwe ba banna ba ba ne ba sena dingwaga tse dintsi tsa boitemogelo jaaka barutwa ba Bakeresete. Mme ereka go ne go na le badumedi ba Bajuda mo gare ga bone, kontle ga pelaelo ba le bantsi, fa e se botlhe, ba ba neng ba tlhophilwe ba ne ba na le boikitsiso jo bomolemo jwa kitso ya Bibela le boitemogelomo go diriseng melao-metheo ya dikwalo tsa Sehebera le eleng pele ga go nna Bakeresete ga bona. Ee gone, ba ne ba tla tshwanelwa ke go baakanya go akanya ga bone malebana le boammaaruri mo go tswang mo go goleng mo kobamelong ya boammaaruri moo Bokeresete bo neng bo go lere. Moaposetoloi Paulo ka boene o ne a tlhophiwa ke Keresete Jesu fela ka nako ya go sokologa ga gagwe jaaka yo o neng a tla dirisiwa ka tsela e e kgethegileng mme morago a bontsha dinonofo tse di tlhokegang mo mogolwaneng. (Bagal. 1:15–2:2; Dit. 13:14) Mme mo kgannyeng ya gagwe gape le kitso ya gagwe ya Dikwalo jaaka moobamedi wa Mojuda yo o ineetseng wa ga Jehofa Modimo o ne a dira botswelelo jo bo kgonegang ka pele fela fa a sena go thusiwa go lemoga le go amogela Mesia.—Dit. 9:15-18, 20, 22, 26-30; Bagal. 2:6, 7.
14 Jalo, go na le go leka go tlhoma ditekanyetso tse di tlhomameng, re tshwanetse go laolwa ke botlhale le katlholo e e utlwalang, re lekalekanya maemo malebana le boitemogelo jwa yo o tla nnang mogolwane mo kobamelong ya boammaaruri. Mo phuthegong eo maloko a le mantsi a nnileng mo boammaaruring masome-some a dingwaga, monna yo o nang le dingwaga di le tharo fela kana tse di ka nnang kalo a ntse a kolobeditswe o ka lebega a le “mosha.” Mme mo phuthegong e e thailweng bosheng koo bontsi jwa maloko ka bobone ba amogetseng boammaaruri fela mo bosheng, boitemogelo jwa monna yoo bo ka lebega bo le boleele ka mo go utlwalang fa bo bapisiwa le jwa bone. E kane kgang ke efe, ka dinako tsotlhe go botlhokwa ka metlha go sa timelelwe ke tlhokego ya botlhale, tlhaloganyo le katlholo e e utlwalang go bontshiwa ke monna fa e le gore o tla diragatsa boikarabelo jo bo bokete jo bo kopanyelediwang mo go diseng letsomane la Modimo.
BOTSWELELO-PELE MO GO BONTSHENG BOTLHALE LE TEMOGO
15. Bagolwane ba tshwanetse go bontsha moya ofe malebana le tokafatso ya dinonofo le dikgono tse eleng tsa bone?
15 Timotheo e ne e setse e le mogolwane yo o nang le boitemogelo fa moaposetoloi Paulo a ne a mo kgothaletsa go nwela mo dilong tsa semoya gore ‘botswelelo-pele jwa gagwe bo bonatshege mo go botlhe.’ (1 Tim. 4:15, 16) Motho yo o botlhale ga a imelwe ke tlhogo kana a ikutlwa gore ga a sa tlhole a ka rutwa kana a tokafala. “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona?” ga kwala morutwa Jakobe, a oketsa, “a a ke a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale.” Moya o o ntseng jaana o ka dira kutlwano mo setlhopheng sa bagolwane, o ntsha moya mongwe wa go tlhoka kutlwano, lefufa kana botatalala.—Yak. 3:13-18.
16. (a) Bagolwane ba lekana ka kgopolo efe? (b) Botswelelopele jwa bone bo ka bontshiwa jang ka tsholegelo molemo e kgolo go botlhe mo letsomaneng la Modimo.
16 Lefa bagolwane ba ka ne ba “lekana” mo boikarabelong jwa bone le taolo mo go direleng letsomane, ga ba lekane mo go kalo mo dilong tse dingwe. Ba bangwe ba na le boitemogelo jo bogolo thata, mo botshelong le mo boammaaruring ka bobedi, mme ba dirile botswelelo-pele mo botlhaleng ka baka la go ithuta ka tlhonamo mo lobakeng lwa dingwaga tse dintsi le boiteko. Mongwe le mongwe o na le dinonofo tsa gagwe gammogo le makoa. Faele gore re tla anaanela re ba re solegelwa molemo ke dinonofo tsa ba bangwe rona, le rona, re ka dira gore ‘botswelelo-pele jwa rona bo bonatshege mo go botlhe.’ (Bar. 12:3-10, 16) Ka thuso e e neelwang ka badisa ba ba boikokobetso, ba ba tlhoafetseng, ba ba boifang Modimo ba ba nang le kitso le tlhaloganyo ba, lefoko la boperofeti le tla supega le le boammaaruri mme letsomane la Modimo gompieno ruri le tla ‘ntsifala, mme le tla ata mo lefatsheng,’ gotlhe pakong ya Modimo ka bosakhutleng.—Yer. 3:15, 16.
[Tšhate mo go tsebe 13]
Gareng ga Gareng ga
Bagolwane ba Baiseraele Bagolwane ba Bakeresete
(Ekes. 18:21; Dute 1:13) (1 Tim. 3:1-7; Tito 1:5-9)
Ba nonofile, ba le A itse go ruta, a kgona
Botlhale go kgothatsa le go laya
Ba boifa Modimo A le tshiamo, morati wa mole-
mo, a ngaparetse lefoko le
le ikanyegang mo go ruteng
Ba ikanyega A se na molato, a ikanyega,
a bolelwa ka molemo ke
ba ba kwantle
Ba ila papadi e e sa A sa bolaelwe ke khumo e e
siamang maswe pelo kana morati
wa madi
Ba tlhaloganya A ikgaphile, a le mogopolo o
o lekalekaneng, a le bonolo
Ba na le boitemogelo Ralelapa (mo mabakeng a
mantsi) a se mosha