Ke Ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Boifa Modimo, Eseng Batho?
“POIHŌ ea motho e tle e lere seru: me eo o ikanyañ Yehofa o tla bolokèga.” (Diane 29:25) Ka mafoko ano seane seno sa bogologolo se re tlhokomedisa mofuta wa poifo oo tota e leng botlhole jo bo bolayang tlhaloganyo—go boifa motho. E tshwantshiwa le seru. Ka ntlhayang? Gonne phologotswana e nnye, jaaka mmutla, ga go na sepe se e ka se dirang fa e tshwerwe ke seru. E batla go tshaba, mme seru se e tshwere se sa repise. Tota phologotswana eno e a bo e feletswe ke maatla.
Fa re tshwerwe ke go boifa motho, re tshwana fela le mmutla oo. Re ka nna ra bo re itse seo re tshwanetseng go se dira. Re ka nna ra batla le eleng go se dira. Mme fela poifo e re dirile makgoba. Re feletswe ke maatla mme ga re kgone go dira sepe.
Seru sa go Boifa Motho
Akanya ka dikai dingwe tsa mo metlheng ya Bibela tsa bao ba neng ba tshwarwa ke seru seno sa poifo. Mo metlheng ya ga Joshua, banna bangwe ba le 12 ba ne ba romiwa go ya kwa lefatsheng la Kanana jaaka ditlhodi pele ga ba le tlhasela jaaka Baiseraele ba ne ba rulagantse. Ditlhodi tseno di ne tsa boa mme tsa bega gore lefatshe leo le ne le nonne mme gape le humile, fela jaaka Modimo o ne o boletse. Mme fela ba le lesome ba ditlhodi tseo bone ba ne ba boifisitswe thata ke ka moo baagi ba koo ba neng ba nonofile ka teng. Jalo, ka ba ne ba tshwerwe ke go boifa motho, ba ne ba neela Baiseraele pego e e feteleditsweng kaga ka moo baagi bano ba neng ba nonofile ka teng mme ba ne ba dira gore morafe oo otlhe o welwe ke poifo. Baiseraele ba ne ba gana go utlwa taolo ya Modimo ya gore ba tsene mo Kanana mme ba gape lefatshe leo. Ka ntlha ya seno, banna botlhe bao ba neng ba tshela ka nako eo, kwantle ga ba le mmalwa, ba ne ba swela mo nageng mo dingwageng tse 40 tse di neng tsa latela morago ga moo.—Dipalō 13:21–14:38.
Jona e ne e le yo mongwe yo o neng a tshwarwa ke go boifa motho. Fa a ne a abelwa go ya go rera kwa motseng o mogolo wa Ninefe, o ne a “tshabèla kwa Tareshisha a cwa mo ponoñ ea ga Yehofa.” (Yona 1:3) Ka ntlhayang? Baninife ba ne ba tumile ka gore ke batho ba ba setlhogo le ba ba dikgoka, mme kwantle ga pelaelo Jona o ne a itse seo. Go boifa motho go ne ga mo dira gore a tshabele kwa ntlheng esele kgakala le Ninife. Ke boammaaruri, labofelo o ne a amogela kabelo eno ya gagwe mme se e ne ya nna fela morago ga gore a amogele kotlhao e e sa tlwaelegang go tswa kwa go Jehofa.—Yona 1:4, 17.
Le eleng dikgosi di ka boifa batho. Ka lekgetlo lengwe, Kgosi Saulo ka tlhamalalo o ne a seka a utlwa taolo e e tlhamaletseng e e neng e tswa kwa Modimong. Seipato sa gagwe e ne e le sefe? “Ke tlodile taolō ea ga Yehofa, le mahoko a gago: ka gonne ke tshabile batho, me ka akèla lencwe ya bōnè.” (1 Samuele 15:24) Makgolo a sekae a dingwaga morago ga moo, fa Jerusalema e ne e tlhasetswe ke Bababelona, Jeremia, ebong moperofeti yo o ikanyegang, o ne a gakolola Kgosi Sedekia gore a ineele mme ka go dira jalo go ke go seka ga nna le tshololo e kgolo ya madi mo Jerusalema. Mme Sedekia o ne a gana. Ka ntlhayang? O ne a ipobola jaana mo go Jeremia: “Ke boiha Bayuda ba ba ñwegetseñ kwa Bakaladeeñ, ba ka tla ba ntsenya mo seatleñ sa bōnè, me ba nchotla.”—Yeremia 38:19.
Labofelo, le eleng moaposetoloi mongwe o ne a ka boifa. Mo letsatsing leo Jesu a neng a tshwanetse go swa ka lone, o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe ka go bolela gore botlhe ba ne ba tla mo tlogela. Lefa go ntse jalo, Petere o ne a bolela jaana ka bopelokgale: “Morèna, ha ke na nau ke iketleeditse go ea tluñ ea kgolegèlō, le mo loshuñ.” (Luke 22:33; Mathaio 26:31, 33) Abo mafoko ao a ne a itshupa e le phoso jang ne! Morago ga dioura di sekae fela, Petere ka poifo o ne a latola gore o kile a bo a na le Jesu le gore o a mo itse. O ne a fenngwa ke go boifa motho! Ee, go boifa motho ruri ke botlhole jo bo bolayang tlhaloganyo.
Ke Mang Yo Re Tshwanetseng go Mmoifa?
Re ka fenya jang go boifa motho? Ka gore mo boemong jwa yone re nne le poifo e e molemo thata go e feta. Mofuta ono wa poifo o ne wa kgothalediwa ke ene moaposetoloi yoo, ebong Petere, fa a ne a bolela jaana: “Boihañ Modimo.” (1 Petere 2:17) Moengele yo o neng a bonwa ke Johane mo go Tshenolō o ne a ikuela jaana mo bathong: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō.” (Tshenolō 14:7) Kgosi e e botlhale Solomone le ene o ne a kgothaletsa poifo e e ntseng jalo, fa a ne a bolela jaana: “Bokhutlō yoa mahoko ke yo; go utlwilwe gotlhe: Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; Gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.” (Moreri 12:13) Ee, go boifa Modimo ke tshwanelo.
Go boifa Modimo go na le molemo. Mopesalema mongwe wa bogologolo o ne a opela jaana: “Rure, poloka ea [ga Jehofa] e gauhi le ba ba o boihañ.” (Pesalema 85:9) Seane sengwe sa Bibela le sone se gatelela jaana: “Go boiha Yehofa go oketsa malatsi.” (Diane 10:27) Ee, go boifa Jehofa ke selo se se molemo, se se nang le mosola. O ka nna wa re, ‘Mme ruri, Jehofa ke Modimo o o lorato. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go boifa Modimo o o lorato?’
A Re Tshwanetse go Boifa Modimo O O Lorato?
Gonne go boifa Modimo ga se poifo e e setlhogo, e e remang ditokololo e e tleng e tshware batho ka dinako dingwe. Ke mofuta wa poifo oo ngwana a ka nnang le one mo go rraagwe, lemororo a rata rraagwe ebile a itse gore rraagwe o a mo rata.
Go boifa Modimo ruri ke tlotlo e e boteng go Mmopi e e nnang teng ka ntlha ya go lemoga gore Modimo ke mothofatso e e feletseng ya tshiamo, tshiamiso, botlhale, le lorato. Go kopanyeletsa poifo e e itekanetseng ya go itumolola Modimo ka gonne ke Moatlhodi yo Mogolo yo o nang le thata ya go duela le ya go otlhaya. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke se se boitshègañ go wèla mo diatleñ tsa Modimo o o tshedileñ.” (Bahebera 10:31) Lorato lwa Modimo ga se sengwe seo se tshwanetseng go tsewa motlhofo, le katlholo ya gagwe ga se sengwe se se ka tseelwang kwa tlase. Ke ka ntata eo Bibela e re gakololang jaana: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.”—Diane 9:10.
Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore lefa Jehofa a na le thata ya go otlhaya bao ba sa mo reetseng—mme gantsi a ile a dira jalo—ga a nyorelwa madi kana go nna setlhogo le eseng. Ruri ke Modimo o o lorato, lefa ka dinako dingwe a galefa ka mokgwa o o siameng, jaaka motsadi yo o lorato. (1 Yohane 4:8) Ke ka ntlha eo go mmoifa eleng selo se se molemo ka gone. Go re dira gore re reetse melao ya gagwe, e e tlhometsweng go re solegela molemo. Go reetsa melao ya Modimo go lere boitumelo, fa go sa e reetse gone go tlisa dipholo tse di bosula ka metlha yotlhe. (Bagalatia 6:7, 8) Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa gore a bolele jaana: “A lo ko lo boiheñ Yehofa, lona baitshepi ba gagwe: gonne ga go na go tlhōka mo go ba ba mmoihañ.”—Pesalema 34:9.
Ke Mang Yo O Mmoifang?
Go boifa Modimo go re thusa jang gore re fenye go boifa motho? Ee gone, batho ba ka re sotla kana le eleng go re bogisetsa go dira se se siameng, mme seo se tlisa kgatelelo mo go rona. Mme go boifa Modimo ka ntlha ya go mo tlotla go tla re gatelela gore re ngaparele mo tseleng e e siameng, ereka re sa batle go mo itumolola. Mo godimo ga moo, lorato lwa Modimo lo tla re tlhotlheletsa go dira se se itumedisang pelo ya gagwe. Go feta moo, re gakologelwa gore Modimo o re duela ka botlalo ka ntata ya go dira se se siameng, mme seo se dira gore re mo rate go fetisa mme go re dira gore re batle go dira thato ya gagwe. Ka gone, pono e e lekalekaneng ka Modimo e re thusa go fenya poifo nngwe le nngwe eo re ka bong re na le yone mo bathong.
Ka sekai, batho ba bantsi ba gatelelwa go dira se se sa siamang ka gonne ba boifa seo dithaka tsa bone di se akanyang. Batho ba basha kwa sekolong ba ka goga motsoko, ba dirisa puo e e bosula, ba ikgantsha ka maitemogelo a bone a go tlhakanela dikobo (e ka ne e le a mmatota kana a a ikakanyetswang fela), le eleng go lekeletsa tagi kana diokobatsi. Ka ntlhayang? Eseng ka gonne ba batla go dira jalo ka metlha yotlhe, mme gonne ba boifa seo dithaka tsa bone di ka se bolelang fa ba dira se se farologaneng le seo. Mo mosheng yo o mo dingwageng tsa bolesome, go sotlwa le go jewa ditshego go ka nna bokete go go itshokela fela jaaka go bogisiwa ga mmatota.
Motho yo o godileng le ene a ka ikutlwa a gatelelwa go dira selo se se sa siamang. Gongwe mookamedi kwa mmerekong a ka bolelela mothapiwa gore a tlhatlose molato wa modirelwa kana gore a tlatse foromo ya lekgetho ya setlamo ka boikanyologo go dira gore molato wa lekgetho o nne kwa tlase. Mokeresete a ka nna a ikutlwa gore fa a sa dire seo, o tla latlhegelwa ke tiro ya gagwe. Ka jalo, go boifa motho go ka mo gatelela go dira se se sa siamang.
Mo dikgetseng tse pedi tseno, go boifa Modimo ka tsela e e molemo le go tlotla ditaolo tsa gagwe go tla thibela Mokeresete gore a seka a fenngwa ke go boifa motho. Mme lorato lwa Modimo lo tla mo thibela go tsenelela mo ditirong tseo Modimo o di iletsang. (Diane 8:13) Go feta moo, tumelo ya gagwe go Modimo e tla mo tlhomamisetsa gore fa a ka dira go ya ka segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Bibela, Modimo o tla mo ema nokeng go sa kgathalesege gore diphelelo tsa seo e nna eng. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha tumelo ya gagwe ka mafoko ano: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—Bafilipi 4:13.
Bibela e naya dikai tse dintsi tsa banna le basadi bao ba neng ba ikanyega mo go Jehofa le eleng kafa tlase ga diteko tse di maatla thata. Ba “ne ba lekwa ka dichotlō le ka go seolakwa, . . . ka dikgōlè gapè, le ka go tseñwa mo matluñ a kgolegèlō: Ba kgobotlediwa ka mayè, ba hatogañwa ka shage, ba raèlwa, ba bolawa ka chaka.” (Bahebera 11:36, 37) Mme ga ba a ka ba dumelela poifo ya motho gore e laole megopolo ya bone. Mo boemong jwa seo, ba ne ba latela tsela e e tshwanang e e botlhale eo Jesu a neng a e neela barutwa ba gagwe moragonyana: “Lo se ka loa boiha ba ba bolaeañ mmele, me ba sa nonoha go bolaea mōea: me bogolo lo boihè [Modimo] eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ.”—Mathaio 10:28.
Go latela kgakololo eno ya ga Jesu ya go boifa Modimo bogolo go motho gape go ne ga kgontsha Bakeresete ba pele gore ba itshokele mefuta yotlhe ya mathata, diteko, le dipogiso ka ntlha ya “Mahoko a a Molemō.” (Filemone 13) Moaposetoloi Paulo ke sekai se se tlhomologileng sa seno. Mo lekwalong la gagwe la bobedi le le yang go Bakorintha, o bontsha ka moo go boifa Modimo go neng ga mo dira pelokgale ka gone gore a itshokele dikwebo tsa kgolegelo, go itewa, go kgobotlediwa ka maje, go thubegelwa ke sekepe, dikotsi tse di farologaneng mo ditseleng, go lala masigo a sa robala, tlala, lenyora, serame, le bosaikategang.—2 Bakorintha 11:23-27.
Go boifa Modimo gape go ne ga nonofisa Bakeresete bao ba pele gore ba itshokele pogiso e e maatla ya Mmuso wa Roma, ka nako eo bangwe ba neng ba bo ba latlhelwa mo dibataneng tse di tlhaga kwa lepatlelong ka yone. Mo Dingwageng tsa Bogareng, badumedi ba ba pelokgale ba ne ba fisiwa go fitlhela ba swa mo pepeneneng gonne ba ne ba ka se ineele mme ba latlhe tumelo ya bone. Ka nako ya ntwa ya bofelo ya lefatshe, Bakeresete ba ne ba tlhopha go boga le go swela mo dikampeng tsa pogisetso go na le go dira dilo tse di neng di sa itumedise Modimo. Abo go boifa Modimo go na le maatla a magolo jang ne! Ruri fa e le gore go ne ga nonofisa Bakeresete gore ba fenye go boifa motho mo tlase ga maemo a a lekang jaana, le rona go ka re nonofisa go sa kgathalesege boemo joo re ka iphitlhelang re le mo go jone.
Gompieno, Satane Diabolo o dira sotlhe se a ka se kgonang go re gatelela gore re se itumedise Modimo. Ka jalo Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna le maikaelelo a a tshwanang le ao a neng a bontshiwa ke moaposetoloi Paulo fa a ne a kwala jaana: “Ga re ba bōnè ba ba ikgogonelañ kwa tatlhegoñ; me re ba bōnè ba ba nañ le tumelo e e isañ polokoñ ea mōea.” (Bahebera 10:39) Go boifa Jehofa ke motswedi wa mmatota wa nonofo. Ka thuso ya yone, re “bua ka go inametsa pelo re re, Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?”—Bahebera 13:6.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go boifa Modimo go ne ga dira gore Paulo a nne pelokgale go itshokela dilo tsotlhe, go kopanyeletsa go itewa, go tsenngwa mo kgolegelong, le eleng go thubegelwa ke sekepe.—2 Bakorintha 11:23-27