LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 6/1 ts. 3-4
  • A go Nna le Poifo Ga Go A Siama ka Metlha Yotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Nna le Poifo Ga Go A Siama ka Metlha Yotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Boifa Modimo, Eseng Batho?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Ithuta go Itumelela go Boifa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Boifa Modimo—A Go Ka go Solegela Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Dira Gore Pelo ya Gago e Boife Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 6/1 ts. 3-4

A go Nna le Poifo Ga Go A Siama ka Metlha Yotlhe?

EKA senya boitumelo le go nyeletsa tsholofelo. Go buiwa ka yone jaaka botlhole jo bo bolayang tlhaloganyo, le selo se se senyang tlhaloganyo mme gape go bolelwa gore e senya bogolo go feta bolwetse jwa mmele jo bo maswe go gaisa. Ee, poifo ke boikutlo jo bo nonofileng. Lefa go ntse jalo, a ga e a siama ka metlha yotlhe?

A o ke o akanye ka wena o kgweetsa mo tseleng nngwe eo o sa e tlwaelang. Tsela eno e tlhatloga dithaba mme e simolola go nna motsopodia le go nna e potela. Bosigo bo simolola go itelekela, mme bo tla ka go wa go gosesane ga semathana. Sejanaga sa gago se relela go le gonnye, mme o lemoga gore o fitlheletse kwa godimo ga thaba moo tsela e simololang go nna le metsi a a suleng dikgapetla gone.

Jaanong o tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Jaaka o feta ka tlhokomelo moo tsela e e nang le semathana e itsoketsang teng, o akanya ka moo go neng go ka nna bonolo ka gone go latlhegelwa ke taolo ya sejanaga mo tseleng e e boreledi mme o bo o thabuela mo mokgatsheng o o kwa tlase ga yone. Mo godimo ga moo, ga o itse gore ke dilo dife tse dingwe tse di kotsi tse di leng gone mo lefifing. Jaaka dikakanyo tseno di ntse di tla mo mogopolong wa gago molomo wa gago o a omelela mme pelo ya gago e beletsa ka bonako. O ntshitse matlho dinameng. Lefa o ka tswa o ne o akanya ka eng pele, jaanong o kakilwe ka mo go feletseng ke tiro eo o lebaneng nayo: go boloka sejanaga se le mo tseleng le go tila go dira kotsi.

Labofelo, tsela e fologela kwa tlase. Go na le dipone tsa mo mmileng, mme ga go tlhole go na le metsi a a suleng dikgapetla. Ka bonya letshogo le a fela. O a phuthologa o bo o wela makgwafo. A poifo ele yotlhe e e seng ya sepe!

A mme e ne e se ya sepe? Ga go a nna jalo tota. Go nna le poifo e e lekaneng kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo ke go tsiboga go go tlwaelegileng. Go re dira gore re thanye, re nne kelotlhoko. Poifo e e siameng e ka re thusa go se dire sepe ka mafega, re bo re ikgobatsa. Ee, poifo ga se selo se se senyang tlhaloganyo kana botlhole jwa tlhaloganyo ka metlha yotlhe. Mo maemong a mangwe, e ka nna mosola le go nna mosola mo go rona.

Bibela e bua ka poifo mme e re tlhokomedisa ka mefuta e mmedi ya yone. Mofuta o mongwe wa poifo tota ke botlhole jwa tlhaloganyo. Mme mofuta o mongwe one ga se fela gore o siame le go itekanela mme gape o a tlhokafala gore re bone poloko. Mefuta e mebedi eo ya poifo ke efe? Mme re ka ithuta jang go tlhagolela o mongwe mme re ntse re tila o mongwe? Go tla tlotliwa ka seno mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela