LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/15 ts. 22-24
  • Di ka go Thusa go Rera

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Di ka go Thusa go Rera
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Anamisa Mafoko a a Molemo Gompieno
  • Karolo ya Dimakasine mo go Anamiseng Mafoko a a Molemo
  • Go Rera Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/15 ts. 22-24

Di ka go Thusa go Rera

FA Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe go ya go rera, go lebega ba ne ba sa itse gore seo a neng a ba laela go se dira se ne se le botlhokwa go le kana kang. (Mathaio 10:7) Ba ne ba latela sekao sa gagwe ka boikokobetso, mme ba tsamaya ‘le metse le metsana yotlhe, ba rera ba bolela mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo.’ (Luke 8:1) Eo e ne a le tshimologo fela ya boiteko jwa go rera joo bo ileng jwa gola go fitlha mafoko a a molemo a Bogosi a fitlha mo bathong mo lefatsheng ka bophara.

Mo malatsing a ntlha a phuthego ya Bokeresete, go Tie go rerwa ka molomo fela. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba bua le mongwe le mongwe yo a neng a reetsa. “Ka malatsi aotlhe, mo tempelefi le mo ma ga bbne, ba se ka ba bakele go ruta, le go rera Yesu ha a le Keresete.”—Ditihō 5:42.

Tshegetso ya bomodimo a ne a bonala ka go bo ba ne ba kgona go dira ditshupo. (Ditihō 14:3) Batho ba le bantsi ba ne ba fodisiwa mo mmeleng mme ba ne ba nna ba reetsa mafoko ao a neng a fodisa mo moyeng. Ka baka leo, “badumedi ba oketsegela Morena bogolo.”—Ditihō 5:14-16.

Go Anamisa Mafoko a a Molemo Gompieno

Fa baaposetoloi ba sena go swa, dineo tsa go fodisa le go bua ka diteme di ne tsa khutla. Mme a seno se ne sa fetola thomo eo Jesu a neng a e neetse barutwa ba gagwe ka tsela nngwe? Nnyaa! O ne a ba reile a re ba “dihe merahe eotlhe barutwa,” mme fa ba ntse ba dira jalo, o ne a tla nna le bone “ka metlha eotlhe, le go ea bokhutlofi yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) Gompieno, bosupi jwa Dikwalo bo phepafatsa sentle gore re tshela mo metlheng ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. A Jesu o diragaditse tsholofetso ya gagwe ya gore o tla nna le barutwa ba gagwe mo tirong ya bone ya go dira barutwa? Bosupi bo bontsha gore go ntse jalo!

Go fitlhelela dibilione tsa baagi ba lefatshe ka go bua le bone ka molomo fela a ne a tla nna tiro e e ka sekang ya kgonwa ke motho ope. Ka gone, go dirilwe thuso ya dibuka tsa Bibela tseo batho ba ka di ipelelang mo magaeng a bone. Ka sekai, ka 1879 fa baithuti ba ba tlhaga ba Bibela ba ne ba batla go fetisetsa molaetsa wa Bogosi jwa Modimo mo go ba bangwe, ba ne ba simolola go gatisa dibuka, jaaka makasine ono wa Bibela o jaanong o bidiwang Tora ya Tebelo, gammogo le dipampitshana tse di buang ka dikgang tsa Bibela. Pele ba ne ba dirisa metshine e e gatisang ya bagwebi fela go gatisa dibuka tseno. Ka 1920 ba ne ba setse ba na le motshine oo a leng wa bone o o gatisang mo kagong eo ba neng ba e hirile, mme ka 1927 ba ne ba setse ba agile feketiri e e leng ya bone ya go gatisa Dibibela, dibuka, dibukana, dimakasine, le dipampitshana tseo di neng di ka dirisiwa ke ope fela yo o neng a batla go thusa mo go tswelediseng thomo eo Jesu a neng a e file barutwa ba gagwe.

Ka go bo ba se kile ba tshosiwa ke baganetsi ba ba neng ba re tiro eno ya go gatisa ga a kitla e atlega, jaanong Mokgatlo wa Watch Tower o na le mafelo a a gatisang mo dinageng tse dintsi go dikologa lefatshe. Mo ngwageng o o fetileng fela, ba ile ba gatisa Dibibela, dibuka, le dibukana tse di fetang 63 000 000, le dimakasine tse di fetang 582 000 000 ka dipuo tse di fetang 200.

Dibuka tseo ba ileng ba di gatisa di ile tsa nna le mosola fela thata mo go kgotsofatseng ditlhokafalo tsa semoya tsa batho. Go setse go gatisitswe dibuka tse di kwadilweng ka tsela eo di ka kgonang go fitlhelela batho ba ba nang le dipono le ditumelo tse di rileng. Basha ba bantsi ba He ba anaanela Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa a ile ya nna mosola fela thata mo go nonotsheng dikamano tsa lelapa le go ruta banna le basadi go bontshana lorato to logolo. Go thusa ba basha ba ba batlang go dira boammaaruri selo sa bone go ile ga dirisiwa Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri. Batho ba ba balang buka eno ba ile ba fitlhela gore a ba dira gore ba akanye ka bomasisi ka kamano ya bone le Modimo.

Buka a gantsi a neng a bidiwa ‘bomo a tala,’ Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosahhutleng, a ile ya nna e e mosola fela thata mo matshelong a dimilione tsa batho. Gore ke ba le kae ba ba santseng ba tla tlhotlhelediwa go direla Modimo ka go ithuta boammaaruri jwa Bibela ka buka eno go santse go tla bonwa.

Mo nakong eno, bao ba rerang mafoko a a molemo kafa tlase ga kaelo ya ga Jesu ba thusiwa ke buka O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng La Paradaise. Go tshwarwa dithuto tsa Bibela le dimilione tsa batho, bao bontsi jwa bone bo dumalanyang matshelo a bone le ditekanyetso tsa Bibela.

Ka motlhala, monna mongwe wa dingwaga tse 68 mo Nageng ya New York o ne a kopana le morwarraagwe mo Colorado, yo o neng a mo romelela dikgatiso tsa Watch Tower gore a di bale. Monna yono o ne a bala dibuka tseo tsotlhe tse a neng a di romeletswe ka bofefo mme a itumelela go simolola go ithuta buka ya Tshelela Ruri fa Mosupi mongwe a ne a etetse kwa ga gagwe. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, monna yono o ile a kgobokanya ditlhobolo tsa bogologolo tsa boleng jo bo kwa godimo, mme fa a ne a utlwa gore ba ba direlang Jehofa ga ba kitla ba ithuta tlhabano gope, o ne a rekisa ditlhobolo tsa gagwe ka bofefo ka madi a a kwa tlase fela thata. (Isaia 2:4) Mo godimo ga moo, o ne a tlogela motsoko morago ga go goga ka selekanyo se se kwa godimo ka dingwaga tse 53, fela fa a utlwa gore seno se ne se sa itumedise Jehofa. (2 Bakorintha 7:1) Fa a ne a utlwa fa a ntse a ithuta gore o tshwanetse go abalana le ba bangwe mafoko a a molemo, o ne a ipaakanyetsa ka potlako go etela morwawe le ngwetsi ya gagwe go bua le bone gammogo le ditlogolwana tsa gagwe. Fa a tsena mo ntlong ya borobalo ya baeng o ne a itumelela go bona buka ya Tshelela Ruri mo tafoleng. Ngwetsi ya gagwe a ne e e ithuta mme a sa itse gore a ka mmolelela jang. Boobabedi ba dirile botswelelopele jo bo molemo jwa semoya.

Kwa Spain, lefelo la bokopanelo la Basupi ba ga Jehofa le ne la agiwa fa thoko ga kereke ya Katoliki. Moruti o ne a galefa fela thata. O ne a re fa a ne a itsile gore Basupi ba ne ba tlile go aga lefelo la bokopanelo foo, o ka bo a rekile lefatshe leo go ba thibela go le dirisa. Mo fensetereng ya Holo eno ya Bogosi go beilwe buka ya Tshelela Ruri. Letsatsi lengwe le lengwe leloko lengwe la phuthego le ne le bula tsebe a ntsha. Batho ba lefelo leo ba ne ba ema mme ba bale tsebe a nt§sha e e butsweng. Ka baka leo, batho ba le bantsi ba ne ba bontsha kgatlhego, mme go ne ga simololwa dithuto tsa Bibela. Ee, buka eno a ne ya itshupa a le bosupi jo bo didimetseng mme bo na le matswela.

Karolo ya Dimakasine mo go Anamiseng Mafoko a a Molemo

Fa tokololo ya ntlha ya The Watchtower e ne a gololwa ka July 1879, go ne ga gatisiwa dikaelo di le 6 000 fela. Lefa go le jalo, setlhopha se sennye seo se neng se di bala se ne se bolelela ba bangwe ka tlhagafalo ka seo di se tshotseng. Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 3 500 000 ba dirisa dikaelo tse di fetang 13 000 000 tsa tokololo nngwe le nngwe go bolela Bogosi jwa Modimo jaaka tsholofelo fela ya batho.

Makasine ono o ile wa thusa thata mo go tlhaloseng dikgang tse dintsi tsa Dikwalo. Go na le motseletsele o o tswelelang mo go Tora ya Tebelo o bua ka botshelo le bodihedi tsa ga Jesu. Seno se ne sa thusa dimilione tsa batho go bona le go tlhaloganya ditiragalo tsa diefangele botoka.

Metseletsele e e kgethegileng mo go Tora ya Tebelo le Awake! a diretswe go fitlhelela dipelo tsa basha. Metseletsele ya “Lefoko la Modimo le Tshedile” a ne a ruta melaometheo a mentsi mme a phepafatsa dikgang tse dintsi mo megopolong ya batho. Motseletsele wa “Young People Ask . . .” o ile wa araba dipotso tse di lebaganeng le botshelo tota, mme wa naya dikarabo tse di mosola tse di tshegediwang ke dikwalo go kaela tsela eo basha ba akanyang le go dira dilo ka yone mo malatsing ano a a tletseng mathata. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa ditlhogo tseno fa ba ne ba neelana ka dimakasine, di ne tsa amogelwa.

Mme mo godimo ga ditlhogo tseo di buang ka dikgang tse di kgethegileng, mooko wa Tora ya Tebelo a nnile ditlhogo tsa yone tse dikgolo, tseo di nonotshang tumelo le go tlhatswega pelo ga Bakeresete botlhe ba boammaaruri. Ditlhogo tseno tse di theilweng mo Dikwalong di re naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore re gaufi le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, di tlhalosa go diragadiwa ga dipolelelopele tsa Bibela, mme di naya dikgakololo tse di hukutsang pelo tsa ka moo Bakeresete ba tshwanetseng go tshela matshelo a bone ka gone ba lebile nako a re tshelang mo go yone. Bakeresete ba ikaeletse go dirisa seo ba se ithutileng mo tirong ya bone ya go rera ka ba na le kitso eno.

Go re tiro eno ya go rera a tla tsaya lobaka to to kae pele tsamaiso eno ya dilo a fitlha kwa bokhutlong, ga re itse. Lefa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore dikgatiso tseo di gatisiwang le go anamisiwa ke Basupi ba ga Jehofa di tla tswelela go thusa Bakeresete fela thata jaaka ba diragatsa thomo ya Moeteledipele wa bone, Jesu.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela