Dilo tse Dikgolo tse di Diragalang mo Nageng e Potlana!
AO KGONA go bona Grand Duchy ya Luxembourg mo mmapeng wa gago? Naga eno a nnye a ikgarile fela mo makgabaganelong a melelwane ya Belgium, Fora, le Jeremane. Lefa a le nnye, ga se gore ga a botlhokwa. Motse-mogolo wa yone, Luxembourg City, ke nngwe ya dinaga tsa European Communities. E itsege gape jaaka lefelo la kgwebo, koo go nang le dibanka tse di ka nnang 125. Lefa go le jalo, Grand Duchy ya Luxembourg a bogolo jwa disekwere-kilometara di le 2 586 ka bogolo fela mme a na le baagi ba ka nna fela 372 000!
Go a tlhaloganyesega, he gore seabe sa Basupi ba ga Jehofa mo Luxembourg mo tirong ya go rera ka Bogosi phatlalatsa mo lefatsheng lotlhe se sennye fela thata fa se bapisiwa le sa Basupi mo dinageng tse dikgolo tse di re dikologileng. Lefa go le jalo, go dirwa ga tiro eno ya go rera ka Bogosi mono go re gakolola Sekaria 4:10: “Gonne a man eo o nyaditsen motlha oa dilo tse di potlana?” Jaaka moengele a ne a bolelela moperofeti yoo wa Mohebera, “ga se ka thata, leha a le ka nonoho, ha a se ka moea oa me, go bua Yehofa oa mashomoshomo.” (Sekaria 4:6) Jalo tiro ya rona ya go rera, lefa a le e e kwa tlase eleruri ga e a tshwanelwa go nyadiwa. Ka a kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, a mo leretse pako.
‘Metlha ya Dilo tse di Potlana’
Tiro ya go sups ka Bogosi a simolotse mo Luxembourg fa, Bakeresete ba le mmalwa fela go tswa Strasbourg, kwa Fora, ba ne ba tla go gala dipampitshana, fa gare ga 1922 le 1925. Lefa ba ne ba le babotlana ka palo, molaetsa wa bone o o kwadilweng o ne o nonofile. A o ko o tlhokomele ditlhogo tseno tsa dipampitshana tsa bone: A Challenge to World Leaders, A Warning to All Christians, le Ecclesiastics Indicted. Go anamisa melaetsa eo go ne go tlhoka bopelokgale jo bogolo, ereka baagi ba Grand Duchy ya Luxembourg ba ne ba ka feta 96 lekgolong a le Baroma Katoliki ebile a le ba ba tshwerweng ke bodumedi jwa bone le dingwao.
Ka bo-1930 le 1931, Photo-Drama of Creation a ne ya bontshiwa mo Luxembourg. Ka tsela nngwe, go bontshiwa ga ditshwantsho tseno le diphelelo tsa gone di re gakolola ka bodihedi jwa ga Jesu. Boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne bo kgobokanela Jesu go tla go mo utlwa a bua le go bona kana go itemogela go fodisiwa ke ene, mme ke ba sekae fela ba ba neng ba fetoga barutwa. (Mathaio 4:23-25; 23:37) Fa go ne go bontshiwa Photo-Drama mo Luxembourg City, holo e e neng a hirilwe e ne ya tlala maitseboa mangwe le mangwe ka boidiidi jwa batho ba le 300. Mme ke ba le babotlana fela ba ba neng ba boela gape go tla go reetsa polelo e e latelang le dithuto tsa dipotso le dikarabo mo dibekeng tse di latelang. Kwa tshimologong, go ne go na le batho ba le 20 kana 30 fela, moragonyana ba nna 10, mme kwa bofelong ba ne ba nna 4 fela. Ke ba sekae fela bao ba neng ba anaanela dijo tsa semoya.
Boitshoko bo a Duelwa
Ka 1931 batho ba ntlha ba ba tsaletsweng kwa Luxembourg ba ne ba tsenelela tiro ya go rera. Seo se ne se se motlhofo. Kereke ya Katoliki a ne a bua dilo tse di supang letlhoo kgatlhanong le batho ba Modimo, me ba ne ba tlhotlheletsa mapodisi go kgoreletsa tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ka mo go ka kgonegang ka teng. Mapodisi a ne a tsaya dibuka tsa rona, ba re tshosetsa, kana ba tshwara bakaulengwe nako le nako fela fa ba ya mo tirelong ya tshimo. A jaanong go tswelela pele ga kobamelo ya boammaaruri mo Grand Duchy go ne go tla ema? Legoka! Morago fela ga go kobiwa ga ga August Riedmueller, eleng modihedi wa ntlha wa nako e e tletseng mo nageng eno, go ne ga kolobediwa Ba-Luxembourg ba le 10 ka September 25, 1932. Ba ne ba dira tiro ya go rera ka metlha, go sa kgathalesege mathata a ba neng ba kopana le one le mapodisi.
Mo ngwageng wa pele ga ntwa wa 1934, baboledi ba le 15 ba ne ba gasa dibuka tsa Bibela tse 3 164. Gantsi ba ne ba tsamaya dikilometara di le 80 go ya go tse 100 letsatsi le letsatsi ka dibaesekele! Kgaitsadi mongwe o ne a bega jaana: “Baesekele ya me a ne a le ‘tsala’ ya me ya ka metlha. Go dira motse o mongwe morago ga o mongwe a ne ya nna tiro e ke a ratang thata segolo bogolo ka bo-Sontaga.
Masole a Majeremane a ne a gapa Grand Duchy ya Luxembourg ka 1940, ba pateletsa bakaulengwe ba rona go dira tiro ya go rera ka dingwaga tse tlhano ka go iphitlha. Ba le mmalwa ba ne ba tshwarwa. Morago ga go nna dikgwedi tse dintsi mo kgolegelong, ba ne ba gololwa mme ba laolelwa ka go gagamalediwa gore ba tlogele tiro ya go rera ka phatlalatsa jaaka Basupi ba ga Jehofa. (Bona Ditihō 4:17, 18.) Bakaulengwe ba babedi ba ne ba tseelwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ba setseng ba ne ba dira se ba ka se kgonang, mme go ne go tsamaisiwa dithuto tsa magae tsa Bibela di sekae mme batho ba ba kgatlhegang ba ne ba ntsifala go tswa go 6 ka 1942 go ya go 20 ka 1944. Mme lefa go ne go na le batho ba ba 23 ba ba. neng ba bega tirelo ya bone ya tshimo ka ngwaga wa tirelo wa 1939, go ne ga nna le tlhora a ntsha ya ba ba 39 ka 1946.
Go Segofadiwa ke Jehofa go a Bonala
Mo dingwageng tse di masome fa esale nako eo, Jehofa Modimo o ile a segofatsa tiro ya go rera ka Bogosi fela thata mo Luxembourg ka koketsego. Palo ya Basupi a ne ya fitlhelela tlhora ya ba ba 1 336 ka 1988. Jaanong go na le palogare ya mosupi a le mongwe wa ga Jehofa go baagi bangwe le bangwe ba le 327 mo tshimong ya lekala la rona. Mo a ka nnang batho ba ba fetang 2 900 ba ne ba nna gone mo moletlong wa Sejo sa Morena sa Maitseboa ka April 1, 1988, seo a neng a ka nna motho a le mongwe go baagi bangwe le bangwe ba le 148! Batho ba bantsi ba kgatlhegela le bodihedi jwa nako e e tletseng. Go fitlha ka bo-1955, go ne go na le badihedi ba nako e e tletseng, kana babulatsela ba le 5 fela, mme ka May 1988 ba ne ba nna le palogotlhe ya babulatsela ba le 190 mo tshimong eo!
Koketsego eno a ne ya tlhoka gore lekala la rona le godisiwe. Ofisi ya lekala ya Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya bulwa lantlha mono ka September 12, 1955 mme e ne a le dikamore tse pedi m” ntlong ya motho mongwe. Ka September 12, 1987, go ne ga neelwa ofisi ya lekala le kago ya Legae la Bethele e e nang le dikamore di le 20. Ka nako e e tshwanang, go ne ga neelwa gape le legae, le lentle le lesha la barongwa le le nang le mafelo a bonno a le mararo le Diholo tse pedi tsa Bogosi.
Go Rera ka Dinako Tsotlhe
Luxembourg a na le batho ba merafe yotlhe. Batho ba Luxembourg ka bobone ba bua dipuo di le tharo. Lefa go le jalo, ereka motho a le mongwe mo baaging bangwe le bangwe ba le 4 a tswa kwa nageng nngwe a sele, batho ba bantsi ba bua dipuo tse dintsi.
Batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba tla go direla mo European Communities, mo dibankeng tse dintsi, kana mo dikgwebong tse dintsi. Jalo re na le diphuthego tsa Sefora, Sentadiana, le tsa Sepotokisi go thusa ditlhopha tseno tsa dipuo di sele.
Mongwe wa bokgaitsadi ba rona wa Mopotokisi o bolela seo se neng sa diragala moragonyana jaana fa a le mo loetong ka sefofane: “Ke ne ka tsaya dimakasine di le mmalwa go dira bosupi jo bo sa ikaelelwang. Fa sefofane sa rona se ne se ema lant.lha, go ne ga fitlhelwa gore se tlhoka go baakanngwa. Go ne go se ope yo o neng a letlelelwa go fologa sefofane. Santlha ke ne ke sa itse gore ke ka dira fang se pelo ya me a neng a mpolelela gore ke se dire. Ke ne ka rapela Jehofa kgapetsa kgapetsa gore a nneye nonofo ya go dirisa tshono eno.
“Morago ga go akanya ka nakonyana, ke ne ka ya kwa badiring ba mo sefofaneng mme ka ba botsa gore a ba ka ntetla go naya batho ba ba Too sefofaneng dimakasine tse di kgothatsang le tse di ka ba solegelang molemo. Ba ne ba ntetla go dira jalo, mme ke ne ka itumelela go atamela bapalami ka kgololesego fela, ke ntse ke tsamaya jalo go tswa mo karolong nngwe ya ditilo go ya mo go e e latelang, fela jaaka ekete ke tsamaya ka ntlo le ntlo. Ke ne ka kgona go tsamaisa dimakasine di le 12 le bukana mo bathong ba ba farologaneng mme ke ne ka nna le dipuisano tse di molemo fela thata le bone.
“Motho wa bofelo yo ke neng ka mo atamela o ne a mpolelela ka boikgogomoso fela gore ga a tlhoke thuso epe, ka go bo a le moruti wa Evangelical. Gape, o ne a sa akanye gore go ne go siame gore nka atamela bapalami ka tsela eo ke neng ke dira ka yone. Ka botlhale, ke ne ka tsweledisa puisano eno ka go bua ka seo roobabedi re neng re dumalana mo go Bone eleng tumelo mo Modimong le go anaanela masego otlhe ao a tla a nayang ba ba dumelang mo go ene. Morago ga puisano eno, moruti o ne a nkakgolela go nna le tumelo le bopelokgale mo go bueng le bapalami botlhe.
“Jaanong yo o neng a ntse fa thoko ga me o ne a simolola go botsa dipotso, mme re ne ra bua mo a ka nnang ka dioura tse tharo!”
Bakaulengwe ba rona le bone ba ile ba bontsha botlhaga ka ditsela tse di farologaneng mo tirelong ya bone ya ntlo le ntlo. Molebedi wa potologo o bega jaana ka bao ba neng ba nna teng mo phuthegong nngwe: “Re ne ra fitlha kwa setlhoeng ka Sontaga mo mosong fa re ne re kopanela tirelo ya tshimo. Mo baboleding ba ba 109 ba ba kopanelang le phuthego, go ne go thle ba ba 102 go tla go arola mo tirong ya go rera! Ba ne ba dira boiteko jo bogolo go laleletsa batho ba ba kgatlhegang kwa puong ya phatlalatsa mo maitsiboeng ao, mme Holo a ne ya tlala ka batho ba le 198! Ba bantsi a ne a le lantlha ba kopanela mo pokanong, lemororo go na le mosupi a le mongwe fela go baagi bangwe le bangwe ba le 50 mo tshimong ya phuthego eo!”
Basha le bone ba bontsha boikutlo jo bo molemo mo ditshiamelong tsa bone tsa go rera molaetsa wa Bogosi. Morago ga go bala Tora ya Tebelo ya April 1, 1985 kaga go tshwarwa ga bangwe ba bakaulengwe ba rona kwa Turkey, basha ba babedi ba ne ba swetsa go etela moemedi wa Turkey mo nageng eo. Ba bega jaana:
“Kgato ya ntlha a ne ya nna go baya nako ya go kopana le ene. Kwa tshimologong, mokwaledi wa gagwe o ne a sa re tseye masisi. Go mo tlhatswa pelo gore re ne re tlhagafetse mo maikaelelong a rona, re ne ra mmontsha dikaelo tsa dimakasine ka dipuo tse di farologaneng tseo di neng di bega seo. O ne a kgatlhega, mme a tsaya dimakasine tseo a tsena mo ofising ya moemedi. O ne a boa morago ga metsotso a le lesome, mme a re bolelela gore re tle gape mo lobakeng lwa dibeke tse pedi ka go bo moemedi o tla sekaseka dimakasine tseo go re a tota ditatofatso tseo di boammaaruri. Re ne ra bona seno se solofetsa.
“Fa re ne re boela kwa ntlong ya boemedi ka nako a re a beileng, re ne ra fitlhela moemedi a le bonolo ebile a le botsalano. O ne a re bontsha molaetsa o a neng a o rometse ka mogala kwa pusong ya Turkey go sekaseka dintlha di le mmalwa tseo makasine wa rona o neng o di bega. Di ne tsa bolelwa gore di ntse jalo mme go ne ga nonotsha ngongorego ya rona.
“O ne a kgatlhwa ke gore dintlha tsa setlhogo seo di ne di le boammaaruri, di sa fetelediwa kana go ganetsa babusi bao ba bopolotiki kwantle ga mabaka. Re ne ra kgona go bua le ene mo a ka nnang ka oura le sephatlo kaga bolaodi jwa Modimo, boitlhaodi jwa Bokeresete, le go palelwa ga motho go busa yo mongwe ka katlego. O ne a bolela gore o tlhaloganya seemo sa rona mme a re botsa gore o ka dira eng go re thusa. Re ne ra akantsha gore a bolelele puso ya gaabo ka go kopana ga rona le ene mme a ba bolelele se a se akanyang ka kgang eo yotlhe. O ne a dumela go dira jalo, mme o ne a kopa dikaelo tsa dimakasine tsa rona tse a ka di romelang kwa baemeding ba ba farologaneng ba puso. O ne a bolela gore o tla kwala boikitsiso jotlhe jo re mo fileng jone le gore o tla leka go re thusa ka tsela nngwe le nngwe fela eo a ka kgonang ka yone.”
Dikgwedi di le mmalwa moragonyana ga foo, Tora ya Tebelo a ne ya bega gore Kgotlatshekelo a Kgolo ya Turkey a golotse Basupi mo kgolegelong. Morago ga go utlwa seo fela, makawana ano a ne a boela kwa moemeding yoo mme ba amogelwa ka bothitho.
Mo hisitoring ya tiro ya go rera ka Bogosi mono mo Grand Duchy ya Luxembourg, re bona botlhale jwa go sa nyatse “motlha oa dilo tse di potlana” mme re solofela gore moya wa ga Jehofa o tla naya mongwe le mongwe wa rona nonofo a re a tlhokang go diragatsa go rata ga gagwe go ya kwa bokhutlong. Ka thuso ya ga Jehofa Modimo, dilo tse dikgolo di ntse di diragala mo tshimong ya lefatshe la rona le le botlana la Luxembourg. Re go bitsa ka lentswe le legolo wena yo o iseng o dire seno gore o ‘godise Jehofa’ mme ka gone o ‘leke o bo o bone fa Jehofa a le molemo.’—Pesalema 34:3, 8.
[Dimmapa mo go tsebe 25]
(For fully formatted text, see publication)
North Sea
Netherlands
Federal Republic of Germany
Belgium
France
Luxembourg
150 km
100 mi
Belgium
Luxembourg
Luxembourg
Federal Republic of Germany
Trier
France
Metz
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Lefa a na le dingwaga tse di fetang 80, Victor Bruch, yoo mo nakong Ntwa ya Lefatshe II a neng a le mo kampeng ya pogisetso, o direla jaaka mogolwane wa Mokeresete