LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/15 ts. 21
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto E E Bodileng
  • Tsholofelo ya Maaka
  • “Ga Se Ba Lehatshe”
  • A o Na le Moya O o Sa Sweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Pono ya Gago ya Bonna le Bosadi—e Dira Pharologanyo Efe?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi e Nonofile go le Kanakang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A Moya o Tswelela o Tshela Morago ga Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/15 ts. 21

Go Lemoga Dikgang

Thuto E E Bodileng

Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, koletshe nngwe ya kwa New York State a ntse a tseisa khoso nngwe e e malebana le mokgwa o batho ba kopanelang dikobo ka one eo a ka kgonisang diithuti gore di bone ditumelelo di le tharo tsa koletshe. Baithuti “go batlega gore ba tseye ‘maeto a go ithuta dilo ba di iponela ka matlho’ ba buisana le diaka, ba etela dibara tsa basodoma kana ba ya go tlhola mafelo a boitapoloso kwa losing Iwa lewatle a batho bao ba sa aparang sepe,” go bega jalo mmegadikgang mongwe go New York Post. Buka eo setlhopha se ithutang ka yone go bolelwa gore a neela ditaelo ka botlalo tse di malebana le go kopanela dikobo ka go tsenya serwe sa bonna le bosadi mo molomong wa yo mongwe ebile e kgothaletsa gore go ikgobololwe. Go ya ka Post, baiithuti ba bontshiwa baesekopo, jaaka karolo ya thuto ya mo tlelaseng, eo a bontshang “balekane ba tlhakanetse dikobo,” gammogo le “ditshwantsho tsa dianatomi tsa banna le basadi tseo di tserweng senepe ba atametswe.” Ke eng tota seo se ka nnang kgakalakgakala le ditlwaelo tsa boitshwaro jo bo itshekileng le jo bo molemo go feta seo?—Bafilipi 4:8, 9.

Lemororo basha ba tshwanetse go itse dilo tse di diragalang mo botshelong le gore ba lebe dilo tse di ntseng jalo ka tsela e e tshwanetseng, batsadi ba na le boikarabelo jwa konokono jwa go neela thuto e e ntseng jalo. (Diane 22:6) Khoso epe ya sekolo eo a kgothaletsang gore go kopanelwe dikobo to sa nyalana le eo a batlang gore baithuti ba bogele dibaesekopo tse di fa tse gotweng ke tsa bagolo fela le gore ba ithute ka bosodoma le boaka, kwantle ga pelaelo, le ka motlha baobamedi ba Modimo ba boammaaruri ba ka seke ba a amogele. Bibela a tlhalosa bao ba dirang kgokafalo, boaka, le bosodoma ka phepafalo jaaka batho bao ba nang le’dithato tseo di tlhabisang ditlhong,’ ba kopanela mo go se se “tlhabisan ditlhon.” Malebana le dilo tse di ntseng jalo, Bibela e laela jaana: “Lo ithibe mo boaken.” Go feta moo, a bolela jaana: “Boaka . . . [bo seka jwa] umakwa mo go lona.”—Baroma 1:24-32; 1 Bathesalonia 4:3; Baefesia 5:3, 5; Bagalatia 5:19, 21.

Tsholofelo ya Maaka

Batho bao be batlang go swa “ka tsela e e leng ya bone ka namana” ba furalela mekgwa e e tlwaelegileng ya go fitlhiwa ba latela mokgwa wa bogologolo wa go omeletsa ditopo, go bega jalo The Wall Street Journal. Madi a a kana ka R17 250 go sa balelwe ditshenyegelo tsotlhe “a tla dira gore yo o a ntshitseng a inelwe dikgwedi di le pedi mo beineng, mo ditlameng le mo metswakong ya dikhemikale tse di thibelang go bola, a tshasitswe dioli tse di nkgang monate mo godimo ebile a bofilwe ka mokone wa letsela la Ilene, galase ya toga, polasetiki le go poleisetirwa,” go bolela jalo Journal eno. Mabokoso a baswi a a dirilweng ka koporo e e tswakilweng ao a diretsweng mo setopong a a apesitsweng ka gauta kana ka majana a a benyang a ka nna a ja R230 000 le go feta.

Legale, ga se fela ka go bo go omeletsa ditopo a le selo sa mofuta wa sone fela goo go ngokang bareki. Motho mongwe o He a bolela gore ” fa e le gore ke boammaaruri jaaka Bakeresete bangwe ba bolela gore ka Letsatsi la Katlholo Keresete o tla re bitsa go tswa mo lebitleng, he ke batla gore ke bo ke lebega ka tsela e e molemo go gaisa ka mo nka kgonang ka gone.”

Jaaka Baegepeto ba bogologolo bao ba neng ba dumela gore mmele o tshwanetse wa bolokiwa o sa senyega go direla gore fa moya o boela mo go one ka nako ya botshelo morago ga loso, batho ba ba ntseng jalo gantsi ba thaile tsholofelo ya bone mo thutong ya gore moya ga o swe. Baeteledipele ba bodumedi ba He ba ruta gore ka Letsatsi la Katlholo, mebele ya batho ba ba siameng le ba ba boikepo a tla boela a kopana le mewa ya yone gore a kopanele mo kgalalelong ya selegodimo kana mo tlhokofatsong ya molelo wa dihele.

Lefa go ntse jalo, thuto ya gore re ruile bosasweng ga a rutiwe mo Bibeleng. Mo boemong jwa seo, Bibela e ruta gore moya o a swa. “Moea o o leohan, go tla shwa ona.” (Esekiele 18:4) Ka gone, tsholofelo ya Bibela e e malebana le botshelo jwa isagwe e theilwe, eseng mo go faloleng ga moya o o sa sweng, mme mo go tsosiweng ga motho yoo ke Modimo a na Is mokgwa wa gagwe ka namana wa go tshela le mmele o o mo tshwanetseng a ntse fela jaaka a ne a ntse pele ebile a na le mogopolo o o tshwanang le wa fa a ne a swa. Jesu o ne a bolela jaana ka tshwanelo: “Lobaka loe tla, to botlhe ba ba mo diphupun ba tla utlwan lencwe ya gagwe ka lona, Me ba tla cwa.”—Yohane 5:28, 29.

“Ga Se Ba Lehatshe”

Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., a He ya kopana le New York City Board of Estimate ngogola go kopa tetla ya go aga eo a sa dumelelwang e e malebana le go agiwa ga moago wa bonno wa matlhatlaganyane a le 19. Lemororo bontsi jwa maloko a lekgotla leo ba ne ba le kgatlhanong le tiro eo, ditlhopho di le pedi tseo di tshegetsang gore molawana oo wa go aga o fetolwe di ne tsa dirwa ke rratoropo wa New York City ebong Edward Koch. Mo polelong eo a neng a tlhalosa lebaka la konokono la tshwetso eno ya gagwe, Rratoropo Koch o ne a akgela jaana, “Basupi ba ga Jehofa . . . ba ka tsewa fela jaaka baagelani ba ba molemo . . . ke ba tlotla eletota.” Morago ga moo o ne a oketsa ka go re: “Ke boleletswe gore ga ba boute mo tlhophong epe ka ntlha ya mabaka a bodumedi mme gongwe seo ke lone lengwe la mabaka a go bo go na le mathata ka tiro eno, ka gonne go thata tota gore batho bao ba sa bouteng bafenye mo kgannyeng eo go ganetsanwang ka yone koo borrapuso bao ba tlhophilweng ba tsenngwang legong kafa morago teng ke dipalo tse di kwa godimo tsa batho.”

Rratoropo Koch o tshwanelwa ke go akgolelwa bopelokgale jwa gagwe le go sa tlhaole ope ga gagwe a lebane le batho ba le bantsi jaana bao ba leng kgatlhanong nae. Lemororo dilo di ka bo di ile tsa diragala ka tsela e e farologaneng fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsaya karolo mo ditlhophong tsa sepolotiki, ga ba kake ba latlhisiwa boemo jwa bone jwa boitlhaodi malebana le dikgang tsa sepolotiki—go sa kgathalesege gore ditlamorago tsa seo di ka nna dikgolo go le kana kang. Mo Bakereseteng ba boammaaruri boemo jono bo phepafetse. Jesu o boletse jaana: “Ga se ba lehatshe, hela yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yohane 17:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela