Botshelo le Bodihedi Tsa ga Jesu
Boikarabelo Jwa go Nna Morutwa
MORAGO ga go tloga kwa ntlong ya Mofarasai wa maemo a a kwa godimo, yo go bonalang e le leloko la Sanhedrin, Jesu o tswelela go leba Jerusalema. Boidiidi jo bogolo jwa batho bo mo sala morago. Mme maikaelelo a bone ke afe? Ke eng seo se kopanyelediwang mo go nneng molatedi wa gagwe wa boammaaruri?
Fa ba ntse ba tsamaya, Jesu o retologela kwa boidiiding jwa batho mme ka gongwe o ba gakgamatsa fa a re: “Ha motho, leha a le mañ, a tla kwa go nna, me a sa ile rragwe, le mmagwe, le mosadi oa gagwe, le bana, le bana ba ga rragwe ba basimane, le ba basetsana, E, le yōna botshelo yoa gagwe, ga a kake a nna morutwa oa me.”
Jesu o raya jang? E seng gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go ila bamasika a bone ka mmatota. Go na le moo, ba tshwanetse go ba ila ka tlhaloganyo ya go ba rata go le gonnye go na le ka moo ba mo ratang ka gone. Rremogologolwane wa ga Jesu e bong Jakobe go bolelwa gore o ne a ‘ila’ Lea mme a rata Ragele, seo se neng se raya gore Lea o ne a ratwa go le gonnye go na le kgaitsadie Ragele.
Tlhokomela, gape, gore Jesu o boletse gore morutwa o tshwanetse go ila “[moya wa, NW] gagwe,” kana botshelo. Jesu gape o raya gore morutwa wa boammaaruri o tshwanetse go Mo rata le e leng go feta jaaka a rata botshelo jwa gagwe. Ka jalo Jesu o gatelela gore go nna morutwa wa gagwe ke boikarabelo jo bo masisi. Ga se sengwe se se tshwanetseng go tsewa motho a sa ikakanya sentle.
Mathata le go bogisiwa di a kopanyelediwa mo go nneng morutwa wa ga Jesu, jaaka a tswelela go bontsha jaana: “Leha e le mañ eo o sa sikareñ mokgōrō o e leñ oa gagwe, me a ntshala morago, ga a kake a nna morutwa oa me.” Ka jalo, morutwa wa boammaaruri o tshwanetse go bo a ikemiseditse go rwala mokgweleo wa go sotliwa jaaka oo Jesu a neng a o itshokela, go kopanyeletsa, fa go tlhokega, le e leng go swa a bolawa ke baba ba Modimo, e leng seo Jesu a tla tlogang a se dira.
Ka jalo, go nna morutwa wa ga Keresete, ke kgang eo boidiidi jo bo mo setseng morago bo tlhokang go e sekaseka ka kelotlhoko. Jesu o otlelela ntlha eno ka setshwantsho. “Gonne,” o bua jaana, “ke ohe oa lona eo a ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ, me a se ke a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekanyeñ go e shwetsa. E se re kgotsa a sena go e thaea, a retelèlwe ke go e shwetsa; me botlhe ba ba e bonañ ba simolole go mo shotla, Ba re, Monna eo, o simolotse go aga, me a bo a sa nonoha go shwetsa.”
Jalo Jesu o tshwantshetsa boidiidi jwa batho jo bo mo setseng morago gore pele ga ba ka fetoga barutwa ba gagwe, ba tshwanetse go fetsa mogopolo gore ba tla kgona go fitlhelela se se kopanyelediwang, le eleng fela jaaka monna yo o batlang go aga kago e e godileng a tIhomamisa pele a simolola gore o na le madi a a tla kgonang go e fetsa. Fa a naya setshwantsho se sengwe gape, Jesu o tswelela jaana:
“Kgotsa kgosi ke ehe, e e ka reñ e ea go tlhabana le kgosi e ñwe, e e se keñ e dula pele, a senka kgakololō ea gore, a e nonohile ka e na le ba ba bo thousanda ba le shomè, go ea go kgatlhantsha e e tlañ kwa go eōna e na le ba ba bothousanda ba mashomè mabedi. E tle e re ha go sa nna yalo, e re e ñwe e sa nntse e le kgakala, e rome batho ba èe go lopa mo go ka agisanyañ.”
Jesu jaanong o otlelela ntlha ya setshwantsho sa gagwe, ka go re: “Go nntse hèla yalo, leha e le mañ mo go lona eo o sa tlogeleñ dilō cotlhe tse o nañ nacō, ga a kake a nna morutwa oa me.” Ke seo boidiidi jwa batho ba ba mo setseng morago, ee, le, mongwe le mongwe yo o ithutang kaga Keresete, a tshwanetseng a bo a ikemiseditse go se dira. Ba tshwanetse ba bo ba ikaeletse go ntsha sengwe le sengwe seo ba nang le sone setlhabelo—dilo tsotlhe tsa bone, go akareletsa le botshelo ka bojone—fa ba batla go nna barutwa ba gagwe. A o ikemiseditse go dira seno?
“Le galè lecwai le molemō,” Jesu o a tswelela. Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ke “lecwai ya lehatshe,” a raya gore ba na le tlhotlheletso e e ka bolokang batho, le e leng fela jaaka letswai la mmatota le kgona go boloka dilo mo go senyegeng. “Me ha lecwai le senyegile molodi, lea bo le ka lokwa ka eñ? Ga le na tihō, leha e le mo tshimoñ, leha e le mo thutubuduñ ea bubi,” Jesu o digela jalo. “Batho ba tle ba le latlhèle kwa ntlè. Èna eo o nañ le ditsèbè go utlwa, a a utlwè.”
Jalo Jesu o bontsha gore le e leng bao e neng e ntse e le barutwa ba gagwe ka nako e e rileng ga ba a tshwanela gore ba boele kwa morago mo maikaelelong a bone a go tswelela. Fa ba dira jalo, ba tla nna ba ba se nang mosola, e leng ba ba tla sotliwang ke lefatshe leno mme ba sa siamela Modimo, totatota, ba tlisetsa Modimo kgobo. Ka gone, jaaka letswai le le se nang molodi, le le leswe, ba tla latlhelwa kwa ntle, ee, ba senngwa. Luke 14:25-35; Genesise 29:30-33; Mathaio 5:13.
◆ Go raya eng go “Ila” balosika Iwa gago le go ikila?
◆ Ke ditshwantsho dife tse pedi tseo Jesu a di neelang, mme di raya eng?
◆ Ntlha ya dikakgelo tseo Jesu a konelang ka tsone kaga letswai ke efe?