LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/15 ts. 22-26
  • “Ke Lona Lecwai ya Lehatshe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Lona Lecwai ya Lehatshe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “E Lokilwe Ka Lecwai”
  • “Nnañ Le Lecwai mo go Lona”
  • “Lecwai ya Lehatshe”
  • Letswai le Dibela mo go Boleng
  • Tlhomamang mme Lo Ikanyege
  • “Le Tswa mo Batsading ba ba Itshekileng Thata”
    Tsogang!—2006
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Potso e e Neng e ka Bodiwa Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/15 ts. 22-26

“Ke Lona Lecwai ya Lehatshe”

“Ke lona lecwai ya lehatshe: me ha lecwai le senyegile molodi, ana le ka lokwa ka eñ?”​—MATHAIO 5:13.

1. Letswai le dirilwe ka eng?

LETSWAI ke seela se se gakgamatsang. Dikhemikhale tsa teng tse di tswakaneng, ke sodium, ditlhakanyana tse di sa tlwaelegang tse di phatsimang, le chlorine, kese e e tšhefi. Lebaka la go bo dikarolo tseno tse pedi tse di kotsi di ka tswakana, mme tsa bopa motswako o o mosola ke paakanyetso e e gakgamatsang ya Mmopi mo go baakanyetseng setho molemo.​—Pesalema 104:24.

2. Go ka tshwantshediwa jang gore letswai le sireletsa mo go boleng mme le ka nna sedibelwa?

2 Selo se le sengwe ke gore, letswai le nonofile fela thata mo go thibeleng go bola. Go tshwantsha: Monna mongwe o ne a tsaya matlalo a dinku tse pedi tse di bolailweng a a tsenya mo terankeng ya koloi ya gagwe mme a emelela a tsamaya loeto lo loleele mo mogoteng wa letsatsi mo Aferika. Fa labofelo a ne a bula teranka, go ne go na le monkgo o o maswe mme matlalo a ne a nyeula diboko! Lefa go ntse jalo, diboko tseo di ne tsa tlhatswiwa, mme ga tshasiwa letswai le lentsi. Matswela? A ne a nna diphate tse di alwang fa fatshe tse di boleta tseo di neng tsa dirisiwa dingwaga.

3. Go ka buiwa ga tweng kaga bomosola le bogone jwa letswai?

3 Go phepafetse he, gore letswai ke sedibeIwa se se mosola thata. Le na gape le mosola o mongwe. Tota, mo China wa bogologolo le ne le bapile ka tlhotlhwa le gauda. Lefoko la Selatine la “salt” (letswai) ke sal, ebile mo malatsing a puso ya Roma masole a ne a amogela bontlhanngwe jwa tuelo (salarium) ya bone ka letswai. Lefoko “salary” (tuelo) le tswa mo go lone le. Mo mafelong a mantsi gompieno, tota, letswai ke le le bonwa bonwang fela mme le se turu. Mawatle a tshotse letswai le le ka nnang dimmaele tse di dimilione tse nne le halofo tsa “cubic” (19 million cu km)​—le lekanetse go katela United States yotlhe ka boteng jwa mmaele kwa tlase (1.6 km)! Le e leng fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, letswai le ne le le lentsinyana. Ka motlhala, metsi a Lewatle je le Suleng a ne a na le mokowa o montsi wa lona, ebile go ne go na le dithaba tseo di neng di ungwa letswai gaufi le mo lefelong le mosadi wa ga Lote a neng a nna “motlhōbōlōkō oa lecwai.”​—Genesise 19:26.

4. Ke goreng re ka re letswai le na le bomosola jwa lone malebana le botshelo?

4 Letswai gape le na le mosola wa tsa kalafi. Mebele ya rona e tshotse diounce tse di ka ferang bobedi (230 g) tsa letswai, tse kwantle ga lone re neng re tla swa. Jalo letswai le botlhokwa thata mo botshelong le mo ditirong tsa Bokeresete.

“E Lokilwe Ka Lecwai”

5. Malebana le dijo, letswai le direla boikaelelo bofe?

5 Fa moapei a lebala go dirisa letswai mo go apeeng dijo dingwe, dijo di ka nna matswapo fela thata mo batho ba ka ganang le e leng go di ja. Jaaka Jobe a ne a re: “A selō se se señmoutlwalō se ka yewa se sena lecwae?” (Yobe 6:1, 6) Letswai le tiisa moutlwalo wa dijo. Ka bobedi sedirisiwa seno sa letswai le bomosola jwa sone jaaka sedibelwa di a dirisiwa ka tshwantshetso mo Dikwalong. Letswai le dirisiwa segolo bogolo mo go tlhaloseng mofuta o o siameng wa puo.

6. Bakolosa 4:6 e dira jang mo bodiheding jwa Basupi ba ga Jehofa?

6 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “A puō ea lona e nne ntle ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore lo tle lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.” Thanolo e nngwe e balega ka gore: “A puisano ya lona e nne ntle ka metlha, le ka motlha e sa tswapoge.” (Bakolosa 4:6; The New English Bible) Bakeresete ba boammaaruri ba senya dioura tse dintsi ba buisana le batho kaga Bogosi jwa Modimo. Tota, ga se gore Basupi ba ga Jehofa ke botlhe bao ka tlholego e leng dibui tse di seleta. Lefa go le jalo, fa ba anaanela molaetsa ka go tia mme ba bua ka tlhatswego pelo le ka bothitho, ba ka retolosetsa dipelo tsa batho ba bantsi mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo. A bo go le botlhokwa jang he, gore puo ya batlhanka ba ga Jehofa e nne ntle le go ikuela!

7. Mafoko a a ‘lokilweng’ a Bakeresete a ka nna le matswela afe a a molemo?

7 Go ‘lokiwa ka letswai’ ga mafoko a Mokeresete ga go kgonise fela moutlwalo o o molemo wa molaetsa wa Bibela mme gape go sekamela mo go bolokeng matshelo a bao ba reetsang. Jalo, fela jaaka letswai le le botlhokwa mo botshelong, puo ya batlhanka ba ga Jehofa e ka raya botshelo go bao ba reetsang ka kanaanelo seo ba se buang kaga boikaelelo le Bogosi tsa Modimo.​—Bapisa Yohane 6:63, 68.

8. Ke goreng fa bopelontle bo tshwanetse go tshwaya puo ya rona jaaka badihedi ba Bakeresete

8 Ka mo go tshwanetseng he, bopelontle bo tshwanetse jwa supagala mo puong ya Bakeresete jaaka ba bua le ba ba sa dumeleng. Ka dinako tse dingwe bautlwi ba molaetsa wa Bogosi ba fetola ka bogale kana ka go tlhoka botho. Mme batlhanka ba ga Jehofa le ka motlha ga ba a tshwanela go araba ka tsela e e ntseng jalo. Go na le moo, ba tshwanetse ka metlha ba nna pelontle. Go rayang go nna pelontle? Go raya go nna bonolo, go itumedisa, go nna pelonomi, le boutlwelo botlhoko. Bonolo jwa Mokeresete, tsela ya bopelotelele ya go araba dipotso, dikganetso, dikgalo, le go tlhoka maitseo gantsi go dira pharologanyo e kgolo fela thata. Jaaka seane se re, “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Phetolo e e bopelontle, e e bopelonomi, le e e botlhale mo bodiheding jwa Bokeresete e ka nolofatsa batho bao, lemororo ba kgwaraletse ebile ba le bogalaka, eleruri ba nang le dipelo tse di molemo.​—Diane 25:15.

9. Bakeresete ba tshwanetse go buisana le badumedi ka bone jang, mme ka goreng?

9 Jalo he, Bakeresete ba tshwanetse go buisana jang le badumedi ka bone? Ka botlhaswa? Le eseng! Goreng? Ka go bo batlhanka bano ba ba ineetseng ba ga Jehofa ke karolo ya ‘lecomane ya Modimo,” leo le tshwanetseng go tshwarwa ka tlekeetso.​—Bapisa 1 Petere 5:2-4; Ditihō 20:29.

10. Baefesia 4:29-32 e tshwanetse ya nna le bokao bofe mo puong e e dirisiwang ke batlhanka ba ga Jehofa?

10 A motlhanka wa ga Jehofa o tshwanetse go dirisa puo e e leswe fa a bua le badiri ka ene bao ba ka tswang ba mo tenne? A go tla bo go tshwanela ka Mokeresete yo e leng foromane go dirisa puo e e botlha fa badiri ba mo swabisitse? Fa banna le basadi ba Bakeresete ka dinako tse dingwe ba kgopegile, a ba tshwanetse go goagoana ka matlhapa kana le bana ba bone? Le eseng! Paulo o kwadile ka gore: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, . . . A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe: Lo nnè pelonomi moñwe go eo moñwe, le pelonamagadi, lo ichwarèlanè, hèla yaka Modimo le ōna o ichwaretse lona mo go Keresete.”​—Baefesia 4:29-32.

“Nnañ Le Lecwai mo go Lona”

11, 12. Jesu o ne a lebisitse go “lecwai” la mofuta ofe mo go Mareko 9:50, mme mafoko ao a tla biletsa puo le ditiro tsa mofuta ofe?

11 Ereka re sa itekanela, rotlhe ka dinako tse dingwe re a tle re bue ka mokgwa o o sa tshwanelang Mokeresete. Jaaka morutwa Jakobe a ne a dumela ka papamalo: “Gonne re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ, eo o nonohileñ go kganèla le ōna mmele otlhe.” (Yakobe 3:2, 8-10) Barutwa ba pele ba ga Jesu le bone ba ne ba na le bothata ka seno, mme ba ne ba tshwanelwa ke gore ba kgalemelwe go tlhaela go bua ka bopelontle mongwe go yo mongwe. Ka motlhala, mo pakeng nngwe barutwa ba ne ba ganetsana fela thata ka gore ke mang yo mogolo gareng ga bone. Jesu o ne a neela setlhopha sotlhe kgakololo e e molemo kgatlhanong le go kgopisa ba bangwe mme e re ka gone ba tloga ba “lokwa ka molelō,” kana ba senngwa mo moleteng. Go tswa foo he o ne a feleletsa ka mafoko ano: “Nnañ le lecwai mo go lona, me lo agisanye.”​—Mareko 9:33-50.

12 Go phepafetse, gore Jesu o ne a sa lebisa go letswaana le lennyennyane leo le fitlheIwang mo mebeleng ya barutwa ba gagwe. Go na le moo, o ne a lebisa mo go nneng kakanyetso ga bone, botlhale, phepa, le kagisong ka lefoko le ka boitshwaro​—e nna moutlwalo o o molemo mo go ba bangwe. Seno se botlhokwa e le gore Bakeresete ba boammaaruri ba ka nna mo kagisanong mmogo.

“Lecwai ya Lehatshe”

13. Jesu o ne a raya eng fa a ne a bolelela balatedi ba gagwe gore, “Ke lona lecwai ya lehatshe”?

13 Malebana le balatedi ba gagwe, Jesu gape o ne a re: “Ke lona lecwai ya lehatshe.” (Mathaio 5:13) Ka go bua seno, Jesu o ne a sa reye gore barutwa ba gagwe e ne e le letswai ja sebele. Go na le moo, letswai ke sedibelwa, mme molaetsa o balatedi ba ga Jesu ba o isang kwa bathong o na le go boloka matshelo a bantsi. Eleruri, barutwa ba gagwe ba ne ba na le tlhotlheletso e e bolokang mo go bao ba neng ba reetsa molaetsa wa bone, ba thibela go bola ga semoya le ga boitsholo gareng ga batho ba ba ntseng jalo. Ga go na pelaelo ka ga gore mafoko a a molemo ao a neng a bolelwa ke balatedi ba ga Jesu a ne a tla boloka botshelo.​—Ditihō 5:20; 13:46-48.

Letswai le Dibela mo go Boleng

14. Go ganana le go bola ga selefatshe, ke eng se se tlhokafalang?

14 Go tswa ponong ya ga Jehofa Modimo e e tlotlometseng le e e phepa, tsamaiso e e boikepo e yotlhe ya dilo e tshwanetse ya bonala jaaka matlalo a dinku a a neng a umakiwa go le pele. Pele ga tiro ya phepafatso le tiriso ya letswai, a ne a nkga fela thata ebile a nyeula dibokwana. Tota, go ya bokgakaleng jo bo rileng mongwe le mongwe o amiwa ke maemo a lefatshe leno, mme go ganana le go bola mo go fitlhelelang mo karolong e nngwe le e nngwe ya botshelo, motho o tlhoka bopelokgale mme o tshwanetse go somarela bothokgami jwa gagwe go Modimo. Ke ka tsela eno fela motho ka bongwe a ka ipolokang mo boitsholong jo bo bodileng. O tlhoka eseng puo e e pelontle fela mme gape nonofo e e dibelang eo e mo kgonisang gore a ganane le go bola ka dibopego tsotlhe tsa gone. Mo kgannyeng ya gagwe, go na le tlhokafalo e e potlakileng ya “lecwai.”​—1 Petere 4:1-3.

15. Jesu le Daniele ba ne ba tlhoma dikao dife tse di molemo?

15 Motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa o tshwanetse go itse kafa a ka reng nnyaa mo mekgweng e e bodileng le e e raelang. Gakologelwa gore Jesu o ne a gana makgetlo a le mararo fa a ne a raelwa ke Diabolo Satane mo sekgweng. (Mathaio 4:1-10) Mme akanyetsa gape sekai se se tlhomilweng ke moperofeti Daniele. O ne a ithuta go gana a sa le mmotlanyana fela thata. Fa Daniele a sa le lekawana mo kgotleng tshekelo ya segosi ya Babelona, ene le balekane ba gagwe ba ne ba neelwa “kabèlō ea malatsi otlhe ea diyō tsa kgosi.” Mme Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba gana. Seno e ne e se kgang fela ya go gana bopelotshweu jo ba bo bontshiwang. Go na le moo, Bahebera ba bangwe ba banana ba ne ba ganelela mo go jeng merogo fela le metsi ka go bo ba ne ba gakaletse go tila dijo tseo di neng di ilediwa ke Molao wa ga Jehofa kana tse di leswefaditsweng ka meletlo ya boheitane. Bopelokgale jwa mmatota bo ne bo tlhokafala go tsaya tsela e e ntseng jalo. Matswela e ne e le a a duelang, ka go bo kwa bofelong jwa lobaka lo lo tlhomilweng Iwa teko, ponalo ya bone ya mmele e ne e le botoka fela thata go na le bao ba neng ba amogela dijo tsa segosi. Mme kafa semoyeng Bahebera bao ba ne ba ipelela lesego le kamogelo tsa ga Jehofa.​—Daniele 1:5-17.

16. Ke goreng go ka bolelwa gore Daniele o ne a le motlhanka wa ga Jehofa yo o ‘lokilweng sentle ka letswai’?

16 Jehofa Modimo o ne a tlhomamisega gore Daniele le balekane ba gagwe ba ne ba dibelwa ka go bo ‘ba ne ba na le letswai mo go bone.’ Mme re ka ithuta mo gontsi go tswa go Daniele. O ne a tlhomelwa boemo jo bogolwane fela thata mo pusong ya Babelona. Tlaseng ga maemo a a ntseng jalo o tshwanetse a bo a ile a tshwanelwa ke go gana makgetlo a le mantsi, ka go bo a ne a dikaganyeditswe ke batho ba boheitane, mme kgotla ya tshekelo ya segosi e tshwanetse kwantle ga pelaelo ya bo e ne e tletse boitsholo jo bo maswe, go aka, pipa-molomo, morero wa sepolotiki, le ditiro tse dingwe tse di bodileng. Daniele o ne a le tlaseng ga kgatelelo e kgolo makgetlo a le mantsi. Mme lemororo a ne a le gareng ga “lehatshe” la motlha oo, o ne a se ‘karolo ya lehatshe.’ (Yohane 17:16) Daniele e ne e le motlhanka yo o ikanyegang, yo o ‘lokilweng ka letswai’ wa ga Jehofa. Aitse, baba ba ga Daniele, ka gongwe ba ne ba tennwe ke gore bothokgami le go ikanyega ga gagwe go ne go ba supa jaaka ba ba sa siamang, ba ne ba bo ba leka le e leng go mmolaya! Lefa go le jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go dumela gore “o ne a le boikañō, me go ne go sa hitlhelwe timèlō leha e le molato mo go èna.” (Daniele 6:4, 5) A sekao se se molemo ruri!

17. Ke diteko dife tse di boima tseo di lebaneng le banana ba Bakeresete gompieno?

17 Jaaka lekawana Daniele le ditsala tsa gagwe, banana ba Bakeresete gompieno ba lebane le diteko tse di boima. Segolo bogolo kwa sekolong, ba tshwanetse ba Iwantshana le diokobatsi, motsoko, dino tsa tagi, puo e e leswe, boitsholo jo bo maswe, go tsietsa, moya wa boganana, kobamelo ya maaka, bomorafe, ditsala tse di maswe, dithuto tsa maaka tse di jaaka thuto-tlhagelelo, le ditlhotlheletso tse dingwe tse di maatla. Go tlhoka monana wa Mokeresete yo o ‘lokilweng ka letswai’ go nna mmoloka-bothokgami yo o phepa mo go thulaneng le thaelo eo yotlhe.

18. (a) Ke dipotso dife tse batsadi ba Bakeresete ba tla bong ba dira sentle go di akanyetsa? (b) Batsadi bao ba ka go fitlhelang go le bokete go thusa bana ba bone ba akantshiwa gore ba reng?

18 Ka gone, batsadi ba Bakeresete, akanyetsang ka kelotlhoko boemo jwa lelapa la lona. A maloko otlhe a lone a gatela pele semoyeng? A lo ile lwa thibela go bola ga selefatshe mo go kgotleleng banana ba lona? A lo itse seo ba se dirang le seo tota ba se akantseng le kafa ba ikutlwang ka teng ka kobamelo ya boammaaruri? A ba ferosiwa sebete ke dilo tse di leswe tsa lefatshe leno kana a ba mo kotsing ya go ineela mo go tsone? (Amose 5:14, 15) Fa, jaaka batsadi, le sa atamalana mo go kalo le bana ba lona go ba thusa, kana le bona seno se le bokete, goreng le sa go dire kgang e e tlhoafetseng ya thapelo go Jehofa? Eleruri, go ka thusa go fenya sekgoreletsi seno.​—1 Yohane 5:14.

19. Ke dilo dingwe dife tse batsadi ba Bakeresete ba tshwanetseng gore ba di gane?

19 Jaaka batsadi ba Bakeresete, lo tlhoma sekao sa mofuta ofe? A ka tsepamo le ganana le go ja bobe mo go kotsi le go nwa bobe le dibopego tse dintsi tsa boitsholo jo bo maswe le boleswe tseo di dirwang go le dikologa? A le ganana le pipa-molomo, go utswa go sekaenyana fela le dinywao tseo di botlha le puo ya batho ba selefatshe? Kwa tirong kana kwa tikologong ya lona a le itsiwe jaaka batho ba ba phepa, ba ba ikanyegang, ba ba tsepameng? Go gana selo ka nako e e tshwanetseng go botlhokwa thata mo go reng re nne “lecwai ya lehatshe.”

Tlhomamang mme Lo Ikanyege

20. Letswai le ne le dirisiwa jang malebana le kobamelo ya ga Jehofa mo Iseraele wa bogologolo?

20 Kwantle ga pelaelo ka ntlha ya go bo letswai le ne le supa kgololesego mo go sa boleng, le ne le dirisiwa mo kobamelong ya ga Jehofa mo Iseraela. Ka motlhala, diromololo tsotlhe mo sebesong di ne di tshwanelwa ke go lokiwa letswai. Mo Molaong o o neng wa neelwa ka Moshe, go ne ga tlhalosiwa ka go re: “Le gōna lecwai ya kgōlaganō ea Modimo oa gago u se ka ua le lesa ya tlhōkahala mo chupeloñ ea gago ea boupe: u tlo u ise lecwai le diromololo cotlhe tsa gago.” Mme “kgōlaganō ea lecwai” e ne e tsewa e le e e tlamang.​—Lefitiko 2:13; Dipalō 18:19; 2 Ditihalō 13:4, 5.

21. Jaaka “lecwai ya lehatshe,” ke eng seo se tlhokafalang mo batlhankeng ba ga Jehofa gompieno?

21 Jaaka basupi ba e leng ba ga Jehofa, batlhanka ba gagwe gompieno ke “lecwai ya lehatshe.” Seno se tlhoka gore ba se boduhale, ba ikanyege, ebile ba itshepile. Ba tshwanetse go nna matsetseleko mo go tlhagoleleng loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo​—lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, boikanngo, boingotlo, le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Loungo lwa semoya ke motswedi wa dinonofo tsa semoya, tse di seka-letswai. Mme lebaka la go bo bangwe ba ile ba direla Jehofa dingwaga, ka bolone, ga se tlhomamisetso ya gore ga ba ketla ba wa. (1 Bakorintha 10:12.) Jesu ka boene o ne a re tlhagisa ka ga seno.

22. Bokao jwa karolo ya bofelo ya ga Mathaio 5:13 ke bofe?

22 Gakologelwa fela gore morago ga Jesu a sena go re, “ke lona lecwai ya lehatshe,” o ne a oketsa ka go re: “Me ha lecwai le senyegile molodi, ana le ka lokwa ka eñ? Ga le tlhole le na le gopè, ha e se go latlhèlwa kwa ntlè, le go gatakwa ke batho hèla.” (Mathaio 5:13) Lengwe la letswai le le neng le dirisiwa fa Jesu a ne a le mo lefatsheng le ne le tswakantswe le selo sengwe sa seeng. Ka gone fa ele gore letswai le le phepa le ne la tlhatswiwa ke pula kana ka tsela nngwe, le ne la tlogelwa le ne le tshwanelwa fela gore le latlhelwe ka kwantle, gongwe le latlhelwe mo ditselaneng mme le gatakiwe ke bafeti ka tsela. Kwantle ga fa fela letswai le ne le beilwe mo boemong jo bo siameng, le ne le ka latlhegelwa ke molodi wa lone motlhofo fela.

23. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, pono ya rona e tshwanetse go nna efe ka mafoko a ga Jesu, “Ke lona lecwai ya lehatshe”?

23 Jaaka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa le ba Morwawe Jesu Keresete, he, a re nneng kelotlhoko le ka motlha go se ‘latlhegelwe ke nonofo ya rona,’ kana dinonofo tsa rona tse di phepa tsa seka-letswai. Go na le moo, a re direng boiteko bongwe le bongwe go tlhagolela loungo Iwa moya wa Modimo. Ekete ka metlha yotlhe re ka nna pelontle mo go bueng, re tlhagafaletse go bolela molaetsa wa Bogosi mme ka gone re boloka matshelo a ba bangwe. Ekete le ka motlha re ka se mariwe ke lefatshe leno le le bodileng, me ka metlha ra gakologelwa boteng jwa bokao le tshiamelo ya rona e kgolo tseo di nyalanang le mafoko a ga Jesu: ‘‘Ke lona lecwai ya lehatshe.”

Bona Gore O Gakologelwa Go Le Kae

◻ Re ka dira jang gore ‘dipuo tsa rona e bo e le tseo di lokilweng ka letswai’?

◻ Ke goreng fa go le botlhokwa-tlhokwa ka Bakeresete ‘gore ba nne le letswai mo go bone’?

◻ Balatedi ba ga Jesu ke “lecwai ya lehatshe” jang?

◻ Ke dilo dingwe dife tseo di tilwang ke Bakeresete ba ba ‘lokilweng ka letswai sentle’?

◻ Malebana le Mathaio 5:13, ke pono efe e batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng go nna le yone gompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

A santse a le mmotlanyana thata, Daniele o ne a ithuta go gana dilo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela