“Tumo ea Bōnè e Cwetse Kwa Lehatshiñ Yeotlhe”
MO GO Pesalema 19, Dafide o tumisa kgalalelo ya popo e e bonalang ya Modimo mme o tswelela ka go bontsha kanaanelo e e itumedisang mo molaong, dikgakololong, ditaong, ditaolong, le dikatlholong tsa ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bontsha kanaanelo mo dilong tseno. O ne a tsopola Pesalema eno mme a atolosetsa tiriso ya yone mo tirong e e botlhokwa ya Bakeresete ba boammaaruri. O ne a bua jaana ka bone: “Tumō ea bōnè e cwetse kwa lehatshiñ yeotlhe, le mahoko a bōnè kwa dikhutloñ tsa lehatshe.”—Baroma 10:18.
“Mahoko” ano a raya botshelo le loso mo bathong botlhe gompieno, ka go bo Jehofa o tla tloga a atlhola tsamaiso e e boikepo ya dilo mo lefatsheng. (Sefania 2:2, 3; 3:8) Eleruri batho ba tlhoka go itse mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa. Gongwe le gongwe kwa o lebang gone gompieno, go na le go tlhoka kutlwano, boganana, bokebekwa, boitsholo jo bo sa siamang, malapa a a thubegileng. Ee, go buiwa ka kagiso, mme dipuso tse dikgolo di tswelela go dira ditlhabano tse di raraaneng fela thata, fa maloko a ‘lekgotla la nuklea’ a ntse a nna teng mo merafeng e e oketsegileng. Ka phepafalo maemo mo lefatsheng a tshwanela ‘metlha ya bofelo’ e e tlhalositsweng ke Paulo mo go 2 Timotheo 3:1-5.
Ke bomang ba ba tla bolokiwang mo tlhakatlhakanong eno, mme jang? Paulo o araba ka phepafalo, a tsopola polelelopele e e mo go Yoele 2:32: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa.” (Baroma 10:13) Mme batho ba ba mo lefatsheng ba ka ‘bitsa leina la ga Jehofa jang’? Ebu, ba le bantsi ga ba itse le eleng gore leina la Modimo ke Jehofa! Batho bano ba ka thusiwa jang? Paulo o araba ka gore go tshwanetswe ga romelwa bareri kwa go bone.—Baroma 10:14-16.
Ka mo go itumedisang, Jehofa o rometse Basupi ba gagwe go bolelela batho gore Bogosi jwa Modimo bo gaufi le gore bo tla raya go gololelwa mo botshelong jo bo sa khutleng mo go botlhe bao ba ileng ba itse Modimo le Morwa wa gagwe, Jesu Keresete. (Isaia 43:10, 12; Luke 21:25, 26, 31; Yohane 17:3) Mafoko ano a a molemo a bolelwa mo “lehatshiñ yeotlhe.”
Batho ba le dimilione ba reetsa thero eno, jaaka seno se supiwa ke palogotlhe ya lefatshe ka bophara ya ba ba 9 201 071 bao ba nnileng gone mo pokanong ya segopotso sa loso lwa ga Jesu, ka April 1, 1988. Mo go one ngwaga oo, go ne ga fitlhelelwa tlhora ya baboledi ba Bogosi ba ba 3 592 654 mo tshimong ya lefatshe, mme go ne ga kolobediwa badihedi ba basha ba le 239 268—koketsego ya 3,6 lekgolong go feta ya ngwaga o o fetileng. Barongwa ba ba ikanyegang ba dirile tiro e kgolo gore go bonwe koketsego eno, jaaka go tla tlhalosiwa moragonyana mo makasineng ono. Mme mo dingwageng tsa bosheng, Basupi ba ba makgolo a a dikete ba mafelo a a rileng, bao ba ‘dumetseng mo dilong tse ba di utlwileng,’ ba ile ba nna le moya wa bobulatsela mme ba nna ba ‘bolela mafoko a a molemo a dilo tse di itumedisang’ letsatsi le letsatsi. Palogare ya Basupi ba ba 455 561 e ile ya bega jaaka babulatsela, eleng koketsego ya 4,4 lekgolong mo ngwageng oo. Ka baka leo, go sentswe palogotlhe ya dioura tse 785 521 697 go rerwa, tseo di fetang palogotlhe e e menaganeng gabedi ya dioura tse di dirilweng dingwaga tse 6 tse di fetileng.
Tšhate e e mo ditsebeng tse nnè tse di latelang tsa makasine ono e bontsha ka botlalo ka moo tiro ya go rera a leng kgolo ka gone. Re go laletsa go ithuta pego eno ya 1988 ya tiro ya lefatshe ka bophara ya Bokeresete.
[Tšhate mo go tsebe 4-7]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1988
(Leba bolumo)