LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 11/1 ts. 3-9
  • Kolobetso—Pontsho ya Tumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kolobetso—Pontsho ya Tumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go Tlhokega ga Tumelo
  • Tsela ya Botshelo e e Tlhokang Tumelo
  • Bokao Jwa Kolobetso ya Gago
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Ka moo Kolobetso a ka re Bolokang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • A o Siametse go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 11/1 ts. 3-9

Kolobetso—Pontsho ya Tumelo

“Gonne motho o dumèla ka pelo go isa tshiamoñ; me boipolèlō bo dihwa ka molomo go isa polokoñ.”—Bar. 10:10.

1. Go ya ka Mathaio 28:19, motho o bontsha jang gore e setse e le morutwa wa ga Jesu Keresete?

MORENA Jesu Keresete ke ene yo o re tlhometseng sekaelo mo go kolobetsweng. Botlhe ba ba batlang go nna barutwa ba gagwe ba tshwanetse go inwa fela jalo. Seno se bonala sentle go tswa mo taolong eo Morwa Modimo a e neileng balatedi ba gagwe morago ga go tsosiwa mo baswing. Rea bala: “Lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o boitshèpō.”—Math. 28:19.

2. (a) Kolobetso ya metsi e kaya eng? (b) Gore kolobetso e nne le bokao jwa sebele, go tlhokega eng go mokolobediwa?

2 Tota kolobetso ya metsi e kaya eng? E kaya gore motho o ipontsha pepeneneng gore o iitatotse gore a nne yo o ineetseng ka botlalo go Jehofa Modimo jaaka morutwa wa ga Jesu Keresete. Gore kgato eno e nne le bokao jwa sebele mo matlhong a ga Rraarona wa selegodimo, e tshwanetse go dirwa ka boithatelo ebile go latlhilwe tsotlhe. Eseng kgato ya go kolobetswa ka boyone fela, mme gape le sengwe le sengwe se se amanang le thulaganyo ya kolobetso se a tlhokafala bakeng sa poloko. Motho o tshwanetse go ikotlhaela dibe tsa gagwe, a fetoge, kana a sokologe gotlhelele mo tseleng e e phoso, a latlhe boitaolo jotlhe mo boineelong jo bo tletseng go Jehofa Modimo, a nna motlhanka wa Mogodimodimo le Morwa wa gagwe. (Math. 16:24; Dit. 2:38; 3:19; 1 Bathes. 1:9, 10) Mo tumalanong le Baroma 10:9, mokolobediwa pele a tla mo go inweng mo metsing, o tla lebelelwa go ipolela pepeneneng gore o utlwisisa dintlha tse di botlhokwa tseno sentle. Temana eo ya Dikwalo e balega jaana: “Ha u tla ipolèla ka molomo ha Yesu e le Morèna, u ba u dumèla mo peloñ ea gago ha Modimo o mo cositse mo loshuñ, u tla bolokwa.”

3. Mafoko a ga 1 Petere 3:21 a tlhomamisa eng mabapi le kolobetso?

3 Mafoko a 1 Petere 3:21 a tlhomamisa gore thulaganyo yotlhe ya kolobetso, go akaretsa le pontsho eno ya tumelo mo pepeneneng, ea tlhokega bakeng sa poloko. Moaposetoloi o kwadile: “A le aōna a bolokañ lona gompiyeno kaha secwanoñ sa amarure, eboñ kolobeco, e señ go tlosiwa ga leshwè ya nama, ha e se potsishō ea segakolodi se se siameñ se botsa kaga Modimo, ka go coga ga Yesu Keresete.”

4. Polelo “ka go coga ga Yesu Keresete” e kaya eng?

4 Ka phepafalo, kgato fela ya go inwa ga se yone e e bolokang. Lefa metsi a ka tlhatswa leswe, poloko ga e tle ka ntlha ya “go tlosiwa ga leshwe ya nama” ka go tlhapa mo go masisi ga kafa ntle. Petere o bontshitse gore poloko e tla ka “go coga ga Yesu Keresete.” Seno se kaya gore yo o kolobediwang o tshwanetse go dumela gore poloko e kgonega fela ka gobo Morwa Modimo o sule loso lwa setlhabelo mme morago o ne a tsosiwa mo letsatsing la boraro. Ke ga botlhokwa gape gore o amogela Jesu jaaka Morena kana Mung wa gagwe ka tshwanelo e e tletseng ya go atlhola batshedi le baswi, gonne Petere o tswetsepele: “Eo o nntseñ kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo, ka a tsenye kwa legodimoñ; baengele, le balaodi, le bathata, ba bile ba beilwe mo taoloñ ea gagwè.”—1 Pet. 3:22.

5. Motho o nna le “segakolodi se se siameñ” jang?

5 Mme gape Petere o kopantse kolobetso le “potsishō ea segakolodi se se siameñ.” Go nna le segakolodi se se siameng, botlhe ba ba inwang ba tshwanetse go ikwatlhaela dibe tsa bone, ba sokologe mo tseleng e e phoso mme ba ineele ka botlalo go Modimo ka Keresete. Kolobetso ke lotshwao lwa phatlalatsa lwa boineelo jwa boteng jwa pelo loo jaanong lo diriwang ke motho gammogo le polelo ya tumelo eo a e dirileng ka molomo wa gagwe. Morago ga go dira tsotlhe tseo Jehofa Modimo a di batlang, morutwa yo o kolobeditsweng o nna le segakolodi se se siameng. Fa fela a ntse a na le segakolodi se se siameng o mo boemong jwa go bolokwa. Katlholo ya bomodimo e e nyeletsang ga e ne e dirisiwa mo go ene.

6. (a) Thulaganyo ya kolobetso e tshwana le eng? (b) Tumelo e kopanyelediwa jang?

6 Mme moaposetoloi o ne a kaya eng fa a ne a re, “kaha sechwanoñ sa amarure”? Go ya ka temana e e fetileng, meya e le bofera-bobedi ya batho, go akaretsa le Noa, ba ne ba ‘bolokiwa ka metsi.’ (1 Pet. 3:20) Metsi one ao a nyeleditseng bao ba leng ka kwantle ga areka a bolokile kana a golotse Noa le maloko a le supa a lelapa la gagwe mo kokomaneng e e bosula eo. Lefa go ntse jalo, kwantle ga tumelo Noa o ne a se kitla a itemogelela kgololo eno e kgolo. Bahebera 11:7 e a re bolelela: “Ka tumèlō Noa, e rile a tlhagisicwe ke Modimo kaga dilō tse di e señ di bonale [ke gore, go ne go se dipontsho dipe tse di bonalang mabapi le go tla ga morwalela wa kgolokwe le go senngwa ga botshelo jwa batho le diphologolo], me a shutelediwa ke poihō ea Modimo, a baakanya ntlo e e kokobalañ, gore a tlè a bolokè ba ntlō ea gagwè; ke e o sekisitseñ lehatshe ka eōna, me a cwa morui oa tshiamō e e leñ kaha tumeloñ.” Fela jaaka Noa a ne a tlhoka tumelo go aga areka, botlhe bao ba nnang barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba kolobeditsweng ba tshwanetse go nna le tumelo go emelana le dikgatelelo tseo ba tla di tlisetswang ke lefatshe le le senang tumelo gammogo le modimo wa lone.—Yoh. 12:31; 2 Bakor. 4:4.

Lebaka la go Tlhokega ga Tumelo

7. Go Luke 14:26-33, Jesu Keresete o neetse kgakololo efe, mme ka ntlhayang?

7 Botlhe bao e nnang barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba ka lebelela mathata. Ke ka moo Morwa Modimo a neetseng kgakololo e e latelang:

“Ha motho, leha e le mañ, a tla kwa go nna, me a sa ile rragwè, le mmagwè, le mosadi oa gagwè, le bana, le bana ba ga rragwè ba basimane, le ba basetsana, E, le yōna botshelō yoa gagwè, ga a kake a nna morutwa oa me. Leha e le mañ eo o sa sikareñ mokgōrō o e leñ oa gagwè, me a ntshala moragō, ga a kake a nna morutwa oa me. Gonne ke ohe oa lona eo o ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ, me a se ke a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekanyeñ go e shwetsa. E se re kgotsa a sena go e thaea, a retelèlwe ke go e shwetsa; me botlhe ba ba e bonañ ba simolole go mo shotla, Ba re, Monna eo, o simolotse go aga, me a bo a sa nonoha go shwetsa. Kgotsa kgosi ke ehe, e e ka reñ e ea go tlhabana le kgosi e ñwe, e e se keñ e dula pele, e senka kgakololō ea go re, a e nonohile ka e na le ba ba bothousanda ba le shomè, go ea go kgatlhantsha e e tlañ kwa go eōna e na le ba ba bothousanda ba ba mashomè mabedi. E tle e re ha go sa nna yalo, e re e ñwe e sa nntse e le kgakala, e rome batho ba ee go lōpa mo go ka agisanyañ. Go nntse hèla yalo, leha e le mañ mo go lona eo o sa tlogeleñ dilō cotlhe tse o nañ naco, ga a kake a nna morutwa oa me.”—Luke 14:26-33.

Mo tumalanong le mafoko ano, botlhe ba ba kolobediwang ba tshwanetse go akanyetsa ka thitibalo pele ga nako seo se akarediwang.

8. Boikutlo jwa rona go ba-losika ba ba sa dumeleng bo tshwanetse go nna bofe, mme ka ntlhayang?

8 Legale, Jesu o ne a sa kaye gore barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go ila ba-losika ba bone. Ebu, mo Therong ya mo Thabeng, o laile gore re ‘rate baba ba rona le go rapelela ba ba re bogisang.’ (Math. 5:44) Tota-tota, he, re tshwanetse go bontsha lorato lo lo golwane go ba-losika ba rona ba ba sa dumeleng, re tlhagafaletse ebile re ikitlieleditse go dira sengwe le sengwe se se ka kgonegang go ba thusa go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Bapisa Baroma 9:1-3.) Lefa go ntse jalo, motho yo o nnang morutwa yo o kolobeditsweng o tshwanetse go ba ‘ila’ ka tlhaloganyo ya go rata Jesu Keresete bogolo go bone. Ke ka ntlhayang mo go le botlhokwa? Ba-losika ba gagwe ba kane ba sa itumelele tsela ya gagwe. Ba ka mmontsha gore fa a kolobediwa, ba tla mo itatola. Ka jalo tota go tlhokega tumelo ya go dumela gore go ineela ga gagwe go Jehofa le go kolobediwa ga e ne e nna tatlhegelo mme e tla nna papadi.

9. Barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba ipelela papadi efe?

9 Motho o bapala jang ka go nna morutwa yo o ineetseng le go kolobediwa wa ga Jesu Keresete? Go na le go kgotsofalela gore re dira seo se amogelwang ke Jehofa le Morwa wa gagwe. Go nna le kamogelo ya bone go tlhwatlhwa-kgolo go gaisa selo sepe fela. Ditsala tsa rona kana ba-losika ba rona ga ba kitla ba re neela thuso e e sa palelweng, kgogo e e itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng. Mme Jehofa Modimo o dira gore re bone dilo tseno ka Morwa wa gagwe. Gape re bapala barwarraarona, bokgaitsadi, bommè le bana semoyeng. Jesu Keresete o neetse tlhomamiso e: “Amarure kea lo raea, ga go na motho opè eo o tlogetseñ ntlo, kgotsa bomorwa rragwè, kgotsa bokgantsadiè, kgotsa mmagwè, kgotsa rragwè, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ea me, le ka ntlha ya Mahoko a a Molemō, eo o se ketlañ a bōna ga lekgolo le yana mo lobakeñ lono, eboñ matlo, le bomorwa rragwè, le bokgantsadiè, le bommagwè, le bana, le masimō, di na le dipogishō; me mo lehatshiñ ye le tlañ o tla bōna botshelō yo bo sa khutleñ.” (Mar. 10:29, 30) Tseo di ka re latlhegelang mo matlhong a batho ba lefatshe ke matlakala fela fa di bapisiwa le dilo tseo re di bapalang.—Bafil. 3:8.

10. Gore re nne barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, ke ka ntlhayang go le botlhokwa go rata Jesu Keresete bogolo go matshelo a eleng a rona, mme ke ka ntlhayang seno se biletsa tumelo?

10 Keka ntlhayang Morwa Modimo gape a ile a bontsha gore re tshwanetse go mo rata bogolo go matshelo a eleng a rona? Seno ke ka ntlha ya seo re tshwanetseng go se lebelela go tswa go ba ba sa dumeleng. Timotheo wa bobedi 3:12 e re: “Le botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Yesu ba tla bōna pogishō.” Faele gore re ne re ithata bogolo go Morwa Modimo, re ne re se kitla re ikitlieleletsa go kgobiwa le go bogisiwa kana, fa go tlhokega, go swa ka ntlha ya go nna barutwa ba gagwe. Eleruri go tlhoka tumelo go tswelapele ka kgato ya kolobetso, re lemoga gore mo nakong nngwe e e tlang go ka re amoga matshelo a eleng a rona. Tumelo eno e akaretsa le ikanyo e e sa reketleng mo tsholofelong ya tsogo. (Dit. 24:15) Ee, batho ba ka re bolaya, mme ga ba kgone go tlosa tshiamelo ya rona ya go nna meya e e tshelang. Ke Jehofa Modimo fela yo o ka dirang jalo, a senya tshiamelo ya rona ya go tshela gotlhelele. Ka ntlha ya mo, Jesu o ne a neela kgothatso e e latelang: “Lo se ka loa boiha ba ba bolaeañ mmele, me ba sa nonoha go bolaea mōea: me bogolo lo boihe èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ.”—Math. 10:28.

11. Ke ka ntlhayang fa tumelo e tlhokega fa re lebane le mathata a tsa itsholelo ka ntlha ya go nna barutwa ba ga Jesu Keresete?

11 Fa re sa kaye matshelo a rona a le botlhokwa thata, gape re ka nna re nitame fa re lebane le mathata a tsa itsholelo. Mo metlheng ya segompieno, bangwe ba batlhanka ba Modimo ba latlhegetswe ke ditiro tsa bone ka ntlha ya go ngaparela dipatlafalo tsa bomodimo ka boikanyego. Segolo thata fa re lebane le mathata a tsa botshelo, re tlhoka tumelo go dumela gore rraarona wa selegodimo o tla araba topo e: “Re neè gompiyeno seyō sa rona sa letsatsi.” (Math. 6:11) Botlhe ba ba kolobediwang ba tlhoka go ikanya gore Jehofa Modimo a ka, ebile o tla tlamela batho ba gagwe fa ba tlhoka sengwe.

Tsela ya Botshelo e e Tlhokang Tumelo

12. Motho o tshwanetse go lwela kgatelo-pele efe morago ga go kolobediwa?

12 Lefa tumelo e tlhokega mo go nneng morutwa yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jesu Keresete, seno ke tshimologo fela ya botshelo jwa motho jaaka Mokeresete. Morago ga go kolobediwa, re tla tshwanela ke go tswelapele re gola mo tumelong le go dira kgatelopele mo go bontsheng maungo a mangwe a moya wa Modimo—lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, boingotlo le boikgapo. Re tla batla go nna ba ba tlhagafetseng mo go boleleleng ba bangwe tumelo ya rona. (Bagal. 5:22, 23; 2 Pet. 1:5-8) Barutwa ba basha ba tshwanetse go gakologelwa gore e santse e le masea a semoya mme ba tshwanetse go tsaya kgakololo ya moaposetoloi Petere tsia: “Hèla yaka banyana ba e leñ gōna ba tsalwañ, le tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere, gore lo tlè lo golèlè polokoñ ka aōna; Ke raea ha e rile lo mo lekeletsa lwa hitlhèla Morèna a le pelochweu.”—1 Pet. 2:2, 3.

13. Motho a ka godisa keletso ya dijo tsa semoya jang?

13 Go tlhagolela tlhologelelo ya sebele ya dijo tsa semoya, motho o tshwanetse go ipha nako a akanya ka go anaanela seo Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba se mo diretseng mme morago a letlelele pelo ya gagwe go mo tlhotlheletsa go ikotla ka Dikwalo ka metlha. Mo gontsi go a akarediwa go na le go bala Bibela fela. Motho ka thapelo o tshwanetse go tlhatlhanya kaga se se umakilweng moo le go dirisa kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng. Thuto ya Dikwalo ka thuso ya dithusa-thuto tsa Bibela tse pedi kana e le nngwe ga e a lekana gore motho a itse Lefoko la Modimo ka botlalo. Dikwalo di neela mo gontsi thatathata kgolong le nonotshong ya rona ya semoya.

14. Badumedi ba basha ba tshwanetse go senka go kopanela le bomang, mme ka ntlhayang?

14 Ditsala tse di molemo mo phuthegong ya Bokeresete le tsone ke tse di botlhokwa go rona mo go direng kgatelo-pele ya semoya. Balekane ba ba eletsegang segolo ke badumedi-mmogo ba ba sekametseng semoyeng, batho ba ba ipelelang go tlotla Lefoko la Modimo ebile ba na le kgatlhego e e mahehe mo go thuseng batho-ka-bone. Moaposetoloi Paulo o kwaletse Timotheo, mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete, jaana: “Me yana mo tluñ e kgolo go bo go se diyana tsa gouda le tsa selefera di le cosi; me le gōna go na le tsa logoñ le tsa lecopa; me diñwe ke tsa tlotlō, tse diñwe ke diyana hèla. Me ke gōna, ha motho a itlhapisa mo diloñ tsele, o tla bo a le seyana sa tlotlō, se se itshepisicweñ, se se chwanetseñ go yela ka muñ, se se baakanyedicweñ tihō ñwe le ñwe e e molemō. Me u tshabè dithatō tsa bokau, me u latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō, u na le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ.” (2 Tim. 2:20-22) Ka gone moaposetoloi o bapisitse phuthego jaaka e ne e setse e godile mo motlheng wa gagwe le ntlo e e nang le dijana tsa mefuta-futa. Fa go ne go tlhokega ka mogolwane go itlhapisa mo ‘dijaneng tse di sa tlotlegeng,’ a sa ba dire bankane ba gagwe ba ba gaufi-ufi, seno eleruri ke sa botlhokwa jo bogolo go masea a semoya ao ‘maikutlo a bone a iseng a tlwaediwe go lemoga molemo le bosula.’ (Baheb. 5:14) Ba bobebe thata go tla tlase ga ditlhotlheletso tse di senyang.—Bapisa 2 Petere 2:18.

15. Bankane ba ba molemo ba ka kgethololwa jang?

15 Seno ga se kaye gore re tshwanetse go belaela maloko a phuthego. Ga go thata go kgetholola bankane ba ba molemo. Jesu Keresete o rile: ‘Go bua ga molomo go tswa mo go se se tletseng mo pelong.’ (Luke 6:45) Ka phepafalo, bao dipuo tsa bone eleruri di re tlhotlheletsang mo “loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō” ke ditsala tse di ikanyegang. (Baheb. 10:24) Bokopano le bone bo ka okeletsa mo go goleng ga motho go ya nonofong ya Bokeresete.

16. Re bontsha tumelo ya Bokeresete jang?

16 Ereka tshimologo ya tsela ya rona ya botshelo jaaka Bakeresete e le pontsho ya tumelo, eleruri tsela yotlhe ya rona ya botshelo e tshwanetse go nna e e bontshang tumelo e e sa reketleng mo go Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe. Tumelo eo e bontshiwa ke ditiro tseo di tsamaelanang le yone. Morutwa Jakobe o kwadile: “Lo nnè badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla, lo iphora hèla.” (Yak. 1:22) Go tlhokega mo gontsi go rona go na le go reetsa fela ka tlotlo kwa dipokanong tsa phuthego le go dira dikakgelo tse di anaanelwang kaga dilo tse re di utlwileng. Re tshwanetse go dirisa kgakololo yotlhe ya Modimo, mme seno se biletsa ditiro, tlhagafalo, ikitlieletso ya go arabela go ditlhokafalo tsa ba bangwe tsa semoya, tsa boikutlo le tsa mmele. Go re biletsa gape go arola mo tirong e kgolo ya go rera eo re tshwanetseng go e fitlhelela pele ga fa “bokhutlō” bo tla.—Yak. 1:27; 1 Yoh. 3:16, 17; Math. 24:14, 21, 22.

17. Fa re akanyetsa setshwantsho sa ga Jesu kaga mojadi, ke dipotso dife tse re ka di ipotsang?

17 Mo tumalanong le setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi, rona barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba kolobeditsweng re tshwanetse go batla go itshupa re le ‘mmu o o molemo.’ “Lehoko ya bogosi” le le neng le jadilwe mo dipelong tsa rona le tshwanetse go ungwa. A re phamola paka nngwe le nngwe go neela bosupi, ka gone re ungwa ka mokgwa wa dipolelo kaga bogosi jwa Modimo? (Math. 13:3-9, 18-23) Mo tumalanong le Tshenolo 22:1, 2, moo karolo ya paakanyetso ya ga Jehofa e e neelang botshelo e bapisiwang le ditlhare tse di ntshang maungo kgwedi nngwe le nngwe, a re iteka ka natla gore re se letlelele kgwedi e fete kwantle ga go arola ga rona mo go boleleleng ba bangwe kaga tumelo ya rona? Mo go botlhokwa gape, ke go lwela ga rona go fitlhelela dipelo tsa ba-losika le batlwaelani ba ba sa dumeleng ka bosupi jo bo tshegediwang ke sekao sa rona se se molemo sa botshelo jwa Bokeresete. Lefa lemororo re sa latlhe seo re itseng gore se siame, a go ne go se kitla go nna molemo go tila go ngangisana le bone kaga malatsi a botsalo, malatsi a boikhutso le tse di tshwanang le tseo? A ga go botoka segolo thata go sekamela thata mo go abalaneng nabo dintlha tse di tlhomameng le tse di agang tse di tswang mo Dikwalong jaaka maemo a biletsa go dira se? Bopelonomi, kamego ya sebele le thuso tsa rona gantsi di ka neela bosupi jo bo maatla bogolo go mafoko a mantsi.—Bapisa Baroma 12:17-21.

18. Ke ka ntlhayang fa borutwa jwa Bokeresete bo duela?

18 Borutwa jwa Bokeresete eleruri bo tsamaisana le maikarabelo a a masisi. Mme abo botshelo jwa rona bo duela jang! Le eleng jaanong re itemogelela kagiso ya mogopolo le pelo fa re itse gore re na le kamogelo ya Rraarona wa selegodimo le Morwa wa gagwe. Botshelo jwa rona ka boikaelelo bo sekametse mo go direng maiteko a go tsholetsa katlego ya bagaabo rona ya bosakhutleng. Ka ikanyo, re lebile pele go ‘botshelo jo bo tlaa tlang,’ eleng bosaeng-kae jwa botshelo jo bo itumedisang mo thulaganyong e e siameng e ntšha ya Modimo. (1 Tim. 4:8) Tumelo ya rona, e e tlhokegang jaana mo go nneng barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba ineetseng le go kolobediwa, e ka dira gore re bone isagwe e ntle eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela