LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 1/1 ts. 10
  • ‘Seatla sa ga Jehofa sa Nna Nabo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Seatla sa ga Jehofa sa Nna Nabo’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mo Merahiñ Eotlhe”
  • Barongwa go ya Kwa Merafeng
  • Go Ruta go go Nang le Matswela
  • Moya wa Bobulatsela o a Dira
  • Badihedi ba Nako e e Tletseng ba Goga Tiro ya go Rera kwa Pele
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Bakeresete Botlhe ba Boammaaruri E Tshwanetse ya Nna Baefangele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Dira Barutwa ba Boammaaruri Gompieno
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 1/1 ts. 10

‘Seatla sa ga Jehofa sa Nna Nabo’

“Lehoko ya Modimo ya tota ya henya ka nonohō e e kalo.”—DITIHŌ 19:20.

1. (a) Baba ba Bokeresete ba ne ba ngongoregela eng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.? (b) Ke eng se se neng se latela gongwe le gongwe koo morongwa Paulo a neng a rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo gone, mme Bakeresete bao ba pele ba ne ba na le eng ka metlha?

MO DINGWAGENG tse di fetang 1 900 tse di fetileng, baba ba molaetsa wa Bokeresete le baganetsi ba ga moaposetoloi wa morongwa Paulo ba ne ba ngongorega jaana: “Batho ba, ba ba tshelepantseñ lehatshe, le mono ba tsile; . . . [mme] ba tlola melaō ea ga Kaesare, ka ba re, go na le kgosi e ñwe, ga twe, Yesu.” (Ditihō 17:6, 7) Gongwe le gongwe koo morongwa wa Mokeresete Paulo a neng a itsise mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa gone, batho ba ne ba dira sengwe le go itshwara ka tsela nngwe, mme gantsi ba bogisa. Bakeresete ba bangwe ba pele le bone ba ne ba bogisiwa. Mme gantsi “seatla sa ga Jehofa se ne se nna le bone.”—Ditihō 11:21, NW.

2. Ke mang yo o simolotseng tiro ya Bokeresete ya borongwa, mme jang?

2 Ke mang yo o neng a simolola tiro eno e e botlhokwa ya borongwa jwa Bokeresete? E ne e le Jesu, monna yo o tlhomologileng wa molaetsa o o gwetlhang le mokgwa o o sa tlwaelegang oo a neng a o gasa ka one. Gakologelwa gore Jesu, Morwa Modimo, o ne a tla mo bathong ba Bajuda ka kitsiso e e gakgamatsang ya Bogosi jwa Modimo. Mme ba ne ba kgatlhegela fela go bolokega ga bone ka ditiro tsa Molao.—Mathaio 4:17; Luke 8:1; 11:45, 46.

“Mo Merahiñ Eotlhe”

3. Ke boperofeti bofe jwa ga Jesu jo bo tshwanetseng jwa bo bo ile jwa gakgamatsa balatedi ba gagwe ba Bajuda, mme ka ntlhayang?

3 Ka jalo, re ka akanya ka moo barutwa ba ga Jesu ba Bajuda ba neng ba gakgamala ka gone fa ba ne ba bolelelwa malatsi a le mararo pele ga loso Iwa gagwe go re: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe, hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipotsa gore ba ne ba tla rera jang mafoko a a molemo “mo merahiñ eotlhe.” Setlhopha se sennye seo sa badumedi se ne se ka fitlhelela tiro e kgolo eo jang?—Mathaio 24:14; Mareko 13:10.

4. Jesu yo o tsositsweng o ne a laela barutwa ba gagwe eng?

4 Moragonyana, Jesu yo o tsositsweng o ne a oketsa taolo eo, fa a ne a bua jaana: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhokomela dilo cotlhe tse ke di lo laoletseñ. Jalo ba ne ba romiwa go isa molaetsa wa Morena wa bone kwa ‘bathong ba merafe yotlhe.’—Mathaio 28:18-20.

5, 6. (a) Go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi go ne ga fitlha jang kwa Baditšhabeng, mme ga felela jang? (b) Bagolwane ba ba kwa Jerusalema ba ne ba arabela jang fa Petere a ne a ba bolelela ka maitemogelo a gagwe le Korenelio wa Moditšhaba?

5 Seno se ne se akareletsa go rerela Baditšhaba, seo se neng sa itshupa e le kgwetlho. Maikutlo a ga Petere mo dingwageng tse tharo moragonyana a supela seno. Petere o ne a laelwa gore a je diphologolo tse di sa itshekang, mo ponatshegelong. Fa Modimo a ne a mmontsha gore dilo tseo pele di neng di lebiwa di sa itsheka di ne jaanong di le phepa, Petere o ne a gakgamala thata. Go tswa foo moya wa Modimo o ne wa kaela Petere go etela ntlo ya Moditšhaba Korenelio, molaodi wa masole a Roma. Koo, o ne a lemoga gore e ne e le go rata ga Modimo gore a rerele Korenelio, lefa pele a ne a akanya gore go kopana le batho ba merafe e sele go ne go sa letlelelwe ke molao. Fa Petere a ntse a bua, moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa mo lelapeng leno la Baditšhaba, mme tototota, seno se ne se bontsha gore tshimo ya tiro ya borongwa jwa Bokeresete e ne e tshwanetse go atolosiwa go kopanyeletsa le batho bao e seng Bajuda.—Ditihō 10:9-16, 28, 34, 35, 44.

6 Fa Petere a ne a tlhalosetsa bagolwane kwa Jerusalema ka tiragalo eno, “ba didimala hela, me ba baka Modimo, ba re Yalo Badichaba le bone, Modimo o ba neile boikwatlhao yoa go bona botshelo.” (Ditihō 11:18) Jaanong merafe ya Baditšhaba e ne e ka amogela mafoko a a molemo a ga Keresete gammogo le Bogosi jwa gagwe ka kgololesego fela!

Barongwa go ya Kwa Merafeng

7. Tiro ya Bokeresete ya borongwa e ne ya simolola go atolosediwa kwa mafatsheng a a dikologileng Mediterranean jang, mme Jehofa o ne a leba seno jang?

7 Tiro ya go rera, eo jaanong e neng e dirwa ka lebelo le le gakgamatsang morago ga loso lwa boswelatumelo lwa ga Setefane, jaanong e ne ya tsaya tsela e e farologaneng. Kwantle ga baaposetoloi, phuthego e e mo Jerusalema e ne e phatlaletse. Pele, badumedi bao ba Bajuda ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba rerela fela Bajuda ba ba mo Fenekia, Kupero, le Antioka. “Me, . . . banna ba Kupero le Kurene . . . ba bua le Bagerika le bone, ba ba rerela Morena Yesu.” Jehofa o ne a leba tiro eno ya borongwa jwa go ya kwa merafeng jang? “Seatla sa Morena sa nna nabo: me batho ba le bantsi thata ba ba dumetseñ ba shokologela mo Moreneñ.” Ka baka la bopelokgale jwa Bakeresete bao ba pele, tiro ya borongwa e e nang le matswela e ne ya simolola go anama le dinaga tse di dikologileng Mediterranean. Mme go ne go sa ntse go tla latela mo gontsi.—Ditihō 4:31; 8:1; 11:19-21.

8. Jehofa o ne a bontsha jang gore o ne a batla gore go atolosiwe tiro ya borongwa?

8 Mo e ka nnang ka 47-48 C.E., Modimo o ne wa supa ka moya o o boitshepo gore o batla go atolosa tiro ya borongwa. Re bolelelwa jaana mo go Ditihō 13:2-4: “Moea o o Boitshepo oa re. Ntomololelañ Barenabase le Saulo, gore ba ee tihoñ e ke e ba bileditseñ . . . Yalo bone, ka ba bolodicwe ke Moea o o Boitshepo, ba hologela kwa Seleukia [boemelakepe jwa Antioka wa Siria]: me ba cwa gona ba ea kwa Kupero ka shepa.” Abo Paulo le Barenabase ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela seno jang ne—ba tsamaya ka sekepe go ya kwa tirong ya bone la ntlha kwa mafatsheng a sele! Moaposetoloi Paulo e ne e le ene yo o eteletseng pele tiro eo ya borongwa jwa Bokeresete. Gape o ne a thaya motheo wa tiro eo e neng e tla wediwa mo lekgolong la rona la bo-20 la dingwaga.

9. Ke eng seo moaposetoloi Paulo a neng a se fitlhelela ka maeto a gagwe a borongwa?

9 Paulo o ne a tswelela go dira maeto a le mararo a borongwa a go kwadilweng ka one go kopanyeletsa le loeto lwa gagwe lwa go ya kwa Roma jaaka legolegwa. Fa a ntse a dira seno, o ne a simolola tiro mo metse-megolong e le mokawana ya Yuropa mme a rera molaetsa wa Bogosi mo dinageng le mo ditlhaketlhakeng tseo gompieno di bidiwang Siria, Cyprus, Crete, Turkey, Greece, Malta, le Sicily. O ka tswa a ne a fitlha le eleng kwa Spain. O ne a thusa go tlhoma diphuthego mo metseng e mentsi e megolo. Sephiri sa go atlega ga tiro ya gagwe ya borongwa e ne e le sefe?

Go Ruta go go Nang le Matswela

10. Ke ka ntlhayang fa tiro ya ga Paulo ya borongwa e ne e na le matswela?

10 Paulo o ne a dirisa tsela ya ga Keresete ya go ruta. Ka jalo o ne a itse go dirisana le batho. O ne a itse go ruta le go katisa ba bangwe mo go ruteng. O ne a theile thuto ya gagwe mo Dikwalong. O ne a sa leke go kgatIha batho ka botlhale jwa gagwe, mme, go na le moo, o ne a ba fetola ka Dikwalo. (Ditihō 17:2, 3) Paulo o ne gape a itse go fetola molaetsa wa gagwe go tshwanela bareetsi le go dirisa dilo tsa mo lefelong leo go fetisa molaetsa wa gagwe. Jaaka fa a ne a bua: “Ke ipeile mo botlhankeñ mo go botlhe, gore ke tle ke gape bogolo. Mo Bayudeñ ke ne ke nntse yaka Moyuda . . . Mo go ba ba senañ molao, ke nntse yaka ke sena molao . . . Mo go ba ba bokoa ka nna bokoa, gore ke tle ke gape ba ba bokoa. Ke nntse ka nna dilo cotlhe mo bathuñ botlhe, e tle e re kgotsa ke boloke bañwe ka mokgwa moñwe.”—1 Bakorintha 9:19-23; Ditihō 17:22, 23.

11. Ke eng se se bontshang gore Paulo le bakaulengwe ba gagwe e ne e le barongwa ba ba molemo, mme tiro ya Bokeresete e ne e itsege go le kana kang?

11 Paulo le balekane ba gagwe e ne e le barongwa ba ba molemo. Ka go sa itsape le ka boitshoko ba ne ba tlhoma le go nonotsha diphuthego tsa Bokeresete gongwe le gongwe koo ba neng ba ya gone. (Ditihō 13:14, 43, 48, 49; 14:19-28) Tiro ya pele ya Bokeresete a ne e itsege gotlhe mo e leng gore Paulo o ne kgabagare a ka kwala kaga “[lefoko] ya boamarure yoa Mahoko a a Molemo, Ye le hitlhileñ koñ go Iona; hèla yaka mo lehatshiñ yeotlhe le nntse le uñwa le totahala, . . . [le le] rerecweñ lobopo lotlhe tlhatse ga legodimo.” Ka boammaaruri, tiro ya Bakeresete ba pele ya borongwa e ile ya ama batho.—Bakolosa 1:5, 6, 23.

12. Ke eng se se neng sa dira gore tiro ya kwa tshimologong ya borongwa jwa Bokeresete e eme ka nakwana?

12 Lefa go ntse jalo, fa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. le simolola, go ne ga simologa botenegi mo gare ga phuthego ya Bakeresete, fela jaaka Jesu le baaposetoloi ba ne ba ile ba tlhagisa. (Mathaio 7:15, 21-23; Ditihō 20:29, 30; 1 Yohane 2:18, 19) Mo makgolong a dingwaga tse di neng tsa latela, bodumedi le mekgwa ya boheitane di ne tsa fekeetsa molaetsa wa Bogosi. La-Bodumedi e ne ya romela barongwa ba yone, eseng go rera Bogosi jwa boammaaruri jwa Modimo, mme e le go pateletsa baagi ba ba neng ba sa kgone go iphemela—gantsi ka tshaka—puso ya beng ba bone ba sepolotiki le batshegetsi ba bone. Tiro ya kwa tshimologong ya borongwa jwa Bokeresete a ne ya ema mme eseng goyagoile.

13. Tiro ya borongwa e ne ya simolola jang mo metlheng ya segompieno, mme go ne ga fitlhelelwa eng go ya kwa bofelong jwa 1916?

13 Go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bo-19 la dingwaga, Charles T. Russell, mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a bona go le botlhokwa gore go nne le tiro ya borongwa. Jalo o ne a rulaganya tiro e kgolo ya go rera, mme ene ka boene o ne a etela metse e mentsi e megolo mo United States, le go tsamaya le lefatshe ka sekepe a etela dinaga di le dintsi ka mo a neng a ka kgona ka gone. Mekwalo ya gagwe e e theilweng mo Bibeleng e ne ya gatisiwa ka dipuo di le 35. Go bolelwa gore o ne a tsamaya dikilometara tse di fetang 1 600 000 jaaka moreri wa phatlalatsa mme a rera dithero tse di ka nnang 30 000 pele a tlhokafala ka 1916.

14. Ke eng seo Joseph F. Rutherford a neng a se dira go tsweledisa tiro ya borongwa?

14 Motlhatlhami wa gagwe, Joseph F. Rutherford, le ene o ne a bona botlhokwa jwa tiro ya borongwa. Ka bo-1920, o ne a roma banna ba ba nang le bokgoni mo dinageng tse di farologaneng go thusa go tlhomamisa tiro ya go rera. Barongwa ba ne ba bulela tiro eno ya Bogosi tsela mo Spain, Amerika Borwa, le Afrika Bophirima. Ka 1931 go ne ga ikuelwa go batho gore ba ye go thusa mo tirong eo mo Spain. Makawana a mararo a a tswang Ennyelane ba ne ba arabela mme ba dira koo kafa tlase ga maemo a a thata le a a bokete ka dingwaga di le nnè go fitlha fa Spanish Civil War e tlhagoga ka 1936. Jalo ba ne ba tshwanela go tshaba go boloka matshelo a bone.

15. Go ne ga diragala eng ka bo-1940 se se neng sa atolosa tiro ya borongwa fela thata?

15 Mo dingwageng tse di lesome tsa bo-1940, go ne ga simolola go tokafala mo tirong ya borongwa. Mookamedi wa boraro wa Mokgatlho wa Watch Tower, Nathan H. Knorr, o ne a dira le setlhopha sa banna ba ba tlhaga. Ka phepafalo e le ka kaelo ya moya o o boitshepo, ka 1942 o ne a bona go le botlhokwa go bula sekolo sa barongwa e le go baakanyetsa kgwetlho ya morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Mo gare ga yone ntwa eo ya lefatshe, o ne a etelela pele, mme sekolo sa Watch Tower sa Gileade se ne sa simololwa kwa bokone jwa New York State ka February 1943. Se na le bakaedi ba le banè, se ne sa neela badihedi ba babulatsela ba ba tlhaga ba ba fetang lekgolo ba banna le basadi, katiso e e theilweng mo Bibeleng ka tiro ya borongwa, ka dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro. A tiro ya bone a ile ya nna le matswela?

16. (a) Go ne go na le Basupi ba ba kae ba ba neng ba rera ka 1943 mme ba ka bapisiwa jang le ba gompieno? (b) Barongwa ba ile ba nna le karolo efe mo koketsegong eno? Tlhalosa.

16 Ka 1943 go ne go na le Basupi ba le 126 329 fela ba ba neng ba rera mo dinageng di le 54. Seemo ke sefe gompieno? Jaanong, dingwaga di le 45 morago ga foo, go na le ba palo eo e menagane ga 28, eleng badihedi ba ba tlhaga ba ba fetang dimilione tse tharo le sephatlho mo dinageng di le 212 le ditlhaketlhake tsa mawatle. Karolo e kgolo ya koketsego eno e ne e le ka ntlha ya motheo o o ileng wa theiwa ke barongwa ba ba fetang 6 000 ba ba ileng ba aloga go tswa mo Sekolong sa Gileade. Bano ba ne ba tswa mo dinageng di le 59 mme ba ile ba romelwa kwa dinageng di le 148 tse di farologaneng mo lobakeng lwa dingwaga tse di ka nnang masome a matlhano tse di fetileng. Ka thuso ya bone, go na le go nna Basupi ba ba kwa godimo ga dikete di le lekgolo fela mo lefatsheng lotlhe, jaaka go ne go ntse dingwaga tse 45 tse di fetileng, jaanong go na le dinaga di le lesome tseo nngwe le nngwe ya tsone e nang le badihedi ba ba rerang le go ruta mafoko a a molemo ba ba fetang dikete di le lekgolo. Mo bontsing jwa merafe eno, barongwa ba Gileade ba ile ba nna bone ba ba eteletseng tiro eno ya boefangele pele.

17. Ke mabaka afe a mararo ao a dirileng gore tiro ya borongwa ya Bokeresete ya pele le ya gompieno a nne le matswela?

17 Ekane re bua ka tiro ya borongwa ya Bakeresete ba pele kana ba segompieno, go na le mabaka a motheo a a neng a e dira gore e nne le matswela. Lengwe la one ke go kopana le batho ka tlhamalalo seo e leng ka ntlha ya go dira ka ntlo le ntlo le bosupi jo bo sa ikaelelwang, le ka thulaganyo ya dithuto tsa Bibela tsa magae. (Yohane 4:7-26; Ditihō 20:20) Lebaka le lengwe gape ke ka molaetsa o o tlhamaletseng le o o bonolo o o theilweng mo Bibeleng o o tlotlomatsang Bogosi jwa Modimo jaaka tharabololo e le yosi ya mathata a batho. (Ditihō 19:8; 28:16, 23, 30, 31) Mme ba bantsi ba barongwa ba rona ba direla mo dinageng tse di sa tlhabologang koo go bonalang gore puso ya Modimo ya tshiamo e tlhokega fela thata. Lebaka la boraro ke lorato loo Keresete a neng a ruta ka lone le leo barongwa ba rona ba segompieno ba le bontshang mo ditirisanong tsotlhe tsa bone le batho ba mefuta yotlhe le ditso. Ga go belaetse gore barongwa ba Watch Tower ba ne ba tlaleletsa go le gontsi mo go goleng ga phuthego ya ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng tse 45 tse di fetileng.—Baroma 1:14-17; 1 Bakorintha 3:5, 6.

Moya wa Bobulatsela o a Dira

18. Ke bomang gape ba ba ileng ba nna le moya o o tlhaga wa borongwa jaaka baalogi ba Gileade?

18 Ga go belaetse gore bangwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke sekao sa botlhaga sa baalogi bano ba Gileade go nna le keletso ya go nna badihedi ba nako e e tletseng. Gompieno, go na le basupi ba ga Jehofa ba ba makgolo a dikete ba ba ileng ba nna le moya o o tshwanang wa botlhaga jwa borongwa. Bano le bone ke babulatsela ba mmatota, bao ba latelang dikgato tsa ga Jesu, ebong “mosimolodi oa polokō ea bone.”—Bahebera 2:10; 12:2.

19. Ke eng seo Basupi ba bantsi ba ba nang le moya wa bobulatsela ba ileng ba ithaopela go se dira, mme ba ikutlwa ba duetswe jang?

19 Fa esale ka bo-1960 go ile ga se ka ga nna motlhofo go romela barongwa kwa dinageng dingwe di le mmalwa. Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade se ntse se tsweletse go romela barongwa, ka mo go kgonegang ka gone, go ya ka ditlhokafalo tsa mafatshe a sele. Lefa go ntse jalo, Basupi bao ba nang le moya wa boammaaruri wa bobulatsela ba sa ntse ba na le tshimo e kgolo go e dira. Ba bantsi ba ne ba ithaopela go ithulaganyetsa go ya go direla kwa mafatsheng a a nang le tlhokafalo e kgolo. A le wena o ka dira jalo? Batho bao gantsi ba akgela ka gore mathata le go intsha setlhabelo di nna di ntse di duelwa gangwe le gape ke boipelo jo bogolo jwa go fepa batho ba seka-dinku ka boammaaruri jwa Bogosi mo mafatsheng a a tlhabologang. Ba duelwa ga lekgolo fa ba bona ‘bomorwarraabone ba basha le bokgaitsadi ba bone le bommaabo gammogo le bana’ le ka go abalana le bone tsholofelo e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo “tsamaisong e e tlang ya dilo.”—Mareko 10:28-30, NW.

20. (a) Ke bomang ba ba dirang tiro e kgolo ya go rera gompieno mo mafatsheng a mantsi? (b) Ke ka ntlhayang Japane e bega palogotlhe ya dioura di le dintsi tsa tirelo ya tshimo ngwaga le ngwaga go gaisa mo e ka nnang dinaga tsotlhe tse dingwe? (c) Ke potso efe e re tshwanetseng go e akanyetsa?

20 Go feta moo, go na le batlhanka ba ba dikete tse di makgolo ba ga Jehofa gompieno ba ba ntseng ba bega tirelo ya bone e e boitshepo kgwedi le kgwedi jaaka babulatsela ba ka metlha kana ba ba thusang. Bontsi jwa bano bo dira ka tlhagafalo mo tshimong ya kwa magaeng a bone. Mo dinageng tse dintsi, bano ba dira tiro e kgolo thata ya go rera, mme gantsi ba etela magae a a tshwanang beke le beke. Tsholofelo ya bone ya Bogosi e bontshiwa ke boitumelo jo bo bonalang mo go bone le boikutlo jwa bone jwa boipelo fa ba dira ditsala tse disha le go tlhagolela kgatlhego e ntsi mo ditshimong tsa bone. Go nna le babulatsela ba bantsi go raya go nna le dioura di le dintsi tse di senngwang mo go galaletseng Modimo. Mo e ka nnang go feta dingwaga di le lesome, kwa Japane, koo bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa e neng e le Babuda pele, ba ile ba bega dioura tsa tirelo ya tshimo tse di fetang tsa naga epe fela kwantle ga United States ngwaga le ngwaga. Seo ke ka go bo mo e ka nnang go feta halofo ya baboledi ba bone ba Bogosi ke babulatsela. A le wena o ka baakanya mabaka a gago gore o arole mo tshiamelong eno e e molemolemo, tirelo ya bobulatsela?

21. (a) Basupi ba bangwe ba maemo a bone a sa ba letleng go tsenelela bobulatsela jwa ka metlha ba ka bontsha jang moya wa bobulatsela? (b) Ba bannye ba ka bontsha jang moya wa bobulatsela?

21 Go na le Basupi ba bangwe ba ba “tlhoahaletsen ditiho tse di molemo.” (Tito 2:14) Bano ba akareletsa batho ba ba godileng, bao ba senang botsogo jo bo siameng, ba bantsi ke bao ba nang le maikarabelo a lelapa, le basha ba ba sa ntseng ba tsena sekolo bao maemo a bone a ka tswang a sa ba letle go direla jaaka babulatsela ba ka metlha. Bano le bone ba ka bontsha moya wa bobulatsela ka go tshegetsa babulatsela ka kgothatso, ba arola le bone mo tirelong fa go kgonega, mme ba tshegetsa boikutlo jo bo siameng ka ditshiamelo tsa bone tsa go supa. Basha ba ka dira tirelo ya Bogosi ya nako e e tletseng mokgele wa bone mme, morago ga go kolobediwa, ba ka direla jaaka babulatsela ba ba thusang nako le nako. Fela jaaka Timotheo yo monnye, ba ka nna ba akanya thata ka dilo tseno e le gore ba ka dira botswelelopele jwa semoya gammogo le batho botlhe ba Modimo.—1 Timotheo 4:15-16.

22. Go sa kgathalesege gore maemo a rona a botshelo ke afe, ke eng seo re tshwanetseng go ikaelela go se dira, mme ka matswela afe a a molemo?

22 Go sa kgathalesege gore seemo sa rona sa botshelo ke sefe, a moya wa ga Jehofa o re tlhotlheletse rotlhe go arola ka botlalo mo tirong ya gagwe. A “seatla sa [ga Jehofa, NW]” se tswelele go nna le mongwe le mongwe wa rona gore go buiwe ka maiteko a rona a boikokobetso go twe “lehoko ya Modimo ya tota ya henya ka nonoho e e kalo.”—Ditihō 11:21; 19:20.

Dipotso tsa Poeletso

▫ Tiro ya Bokeresete ya borongwa e simolotse jang, mme e ne e tshwanetse go atologa go le kana kang?

▫ Moaposetoloi Paulo o nnile le seabe sefe mo go atoloseng tiro ya borongwa?

▫ Tiro ya borongwa e ne ya tsosolosiwa jang mo metlheng ya segompieno?

▫ Ke mabaka afe a a dirileng gore tiro ya borongwa le bobulatsela e nne le matswela?

▫ Re ka nna le moya wa bobulatsela jang gompieno?

[Tšhate mo go tsebe 13]

Tiro ya Bogosi mo Dinageng di le Lesome—1988

(Tsotlhe tseno di begile baboledi ba ba fetang 100 000)

Naga Tlhora ya Palogare ya Dioura tsa Palo ya ba ba

Baboledi Babulatsela go Rera Tlileng Segopotsong

U.S.A. 797 104 96 947 161 478 732 1822 607

Mexico 248 822 32 117 58 061 457 1004 062

Brazil 245 610 22 725 44 218 022 718 414

Italy 160 584 25 477 43 354 687 330 461

Nigeria 134 543 14 022 27 800 623 398 555

Japane 128 817 52 183 60 626 840 297 171

Jeremane 125 068 8 416 22 029 942 215 385

Britane 113 412 11 927 22 103 713 211 060

Philippines 107 679 21 320 26 337 621 305 087

Fora 103 734 9 189 21 598 308 205 256

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Paulo le Barenabase ba a tloga go ya go simolola tiro ya Borongwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela